LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 2/15 ts. 13-17
  • Go Bolokiwa o Tshela go Ralala Sepitla se Segolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bolokiwa o Tshela go Ralala Sepitla se Segolo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jaaka Metlha ya ga Noa
  • Sekao sa mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga
  • Boidiidi jo Bogolo Jwa Bafalodi
  • Go Nna lo Lebeletse
  • Ba Bangwe ‘ga ba Kitla ba Swa Gope’
  • Tsholofelo e e Tlhomameng
  • A o Tla Bolokwa fa Modimo a Tsaya Kgato?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • A O Atlhola Lefatshe ka Tumelo ya Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Botlhokwa Thata Gore Re nne Re Disitse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • A Lefatshe le Tla Fedisiwa ka Morwalela Gape?
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 2/15 ts. 13-17

Go Bolokiwa o Tshela go Ralala Sepitla se Segolo

“Ba, ke ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, ba tlhatswitse dikobo tsa bone, ba di sweufaditse mo mading a ga Kwana.”—TSHENOLO 7:14.

1. Ke bomang ba ba tlileng go amogela batho ba ba tla tsosediwang mo lefatsheng?

FA DIMILIONE tse di ka se balweng tsa batho di tsosiwa mo ‘tsogong ya basiami le basiamolodi,’ di tla bo di sa tsosediwe go tla go tshela mo lefatsheng le le lolea fela. (Ditiro 24:15) Di tlile go tsogela mo tikologong e e tokafaditsweng e ntle mme di fitlhele gore di baakanyeditswe manno, diaparo le dijo tse dintsi. Ke mang yo o tla baakanyang dilo tseno tsotlhe? Go phepafetse gore go tla bo go na le batho ba ba tshelang mo lefatsheng le lesha pele batho ba simolola go tsosediwa mo lefatsheng. Ke bomang? Baebele e bontsha gore e tla bo e le batho ba ba tla falolang sepitla se segolo se se tlang. Kwantle ga pelaelo eno ke nngwe ya dithuto tse di kgatlhang thata mo dithutong tsotlhe tsa Baebele—e e bontshang gore batho ba bangwe ba ba ikanyegang ba tlile go bolokiwa ba tshela go ralala sepitla se segolo mme ga ba kitla ba a swa ka gope. Tsholofelo eno e tlhomamisiwa sentle mo Dikwalong Tse di Boitshepo.

Jaaka Metlha ya ga Noa

2, 3. (a) Metlha ya ga Noa e tshwantshiwa ka tsela efe le motlha wa rona? (b) Ke eng se se supelwang ke go falola Morwalela ga ga Noa le lelapa la gagwe?

2 Mo go Mathaio 24:37-39, Jesu Keresete o ne a bapisa metlha ya ga Noa le metlha ya bofelo, e re leng mo go yone gone jaanong. O ne a bolela jaana: “Jaaka metlha ya ga Noa e ne e ntse, go tla ga Morwa Motho go tlaa nna fela jalo. Gonne jaaka go ne ga nna mo metlheng eo ya pele ga morwalela, ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba newa nyalong, go tla go fitlha mo tsatsing le Noa o tsenyeng mo ntlong e e kokobalang ka lone. Ba sa itse, morwalela wa ba wa tla wa ba tlosa botlhe; go tla ga Morwa Motho le gone go tlaa nna fela jalo.”

3 Morwalela oo wa lefatshe lotlhe o ne wa gogola batho botlhe ba ba neng ba sa reetse molaetsa wa Modimo wa tlhagiso. Lefa go ntse jalo, ga o a ka wa gogola Noa le lelapa la gagwe. Ba ne ba ‘tsena mo ntlong e e kokobalang,’ Jesu o ne a bolela jalo. Jehofa o ne a baakanya tsela ya go ba falotsa ka gonne ba ne ba ineetse mo Modimong. Petere wa bobedi 2:5, 9 e bolela ka go falola ga ga Noa le lelapa la gagwe fa e re: “Jale [Modimo] ka o tlisa morwalela mo lefatsheng la baikepi, . . . wa boloka Noa, a le moreri wa tshiamo, a na le ba bangwe ba supa. Morena o itse go golola badumedi mo thaelong.” Jesu o ne a bapisa motlha wa ga Noa le metlha ya bofelo e le go bontsha gore batho ka kakaretso ba ne ba se kitla ba tsaya tsia molaetsa wa Modimo wa tlhagiso. Lefa go ntse jalo, gape ka go dira jalo o ne a tlhomamisa gore Noa le lelapa la gagwe ba ne ba utlwa Jehofa Modimo, ba tsena mo ntlong e e kokobalang, mme ba falola Morwalela o mogolo. Go falola ga ga Noa le lelapa la gagwe go supa gore batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba tlile go falola kwa bokhutlong jwa lefatshe leno.

Sekao sa mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga

4. Ke ditiragalo dife tse di neng tsa gogela mo go reng Jerusalema a senngwe ka 70 C.E., go dumalana le mafoko a ga Jesu?

4 Gape Jesu o ne a bolela ka dilo tse di neng di tla diragala kwa bokhutlong jwa lefatshe leno mo go Mathaio 24:21, 22, re bala jaana: “Go tlaa nna sepitla se segolo mo metlheng eo, se se iseng se ke se nne, e sa le ka tshimologo ya lefatshe go tla nakong eno; nnyaa, le gone go se ketla go tlhola go nna jalo gope. Mme fa e ka bo metlha eo e se ka ya khutshwafadiwa, e ka bo ne ne fano motho ope a se nka a bolokwa; mme e tlaa re ka ntlha ya baitshenkedwi metlha eo e tlaa khutshwafadiwa.” Mafoko ano a ne a diragadiwa la ntlha mo lekgolong la ntlha la dingwaga mo Motlheng wa rona o o Tlwaelegileng. Ka 66 C.E., motse wa Jerusalema o ne wa dikaganyediwa ke masole a Roma a eteletswe pele ke Cestius Gallus. Masole a Roma a ne a fitlha mo go reng a thube lebota la tempele, mme Bajuta ba le bantsi ba ne ba iketleeditse go ineela. Lefa go ntse jalo, Cestius Gallus o ne a ntsha masole a gagwe go sa lebelelwa e bile go sa lebege go na le lebaka lepe la go dira jalo. Fa Bakeresete ba bona Baroma ba boela kwa morago, ba ne ba latela mafoko ano a ga Jesu, a a neng a builwe dingwaga di le dintsi pele ga moo: “E tlaa re lo bona Jerusalema o dikilwe ke dintwa, lo bo lo itse fa tshwafalo ya one e le gaufi. Foo, ba ba mo Jutea a ba tshabele kwa dithabeng; le ba ba mo gare ga one a ba tswe; le ba ba kwa nageng, a ba se ye go tsena mo go one.” (Luke 21:20, 21) Bajuta ba ba neng ba fetogile Bakeresete, baitshenkedwi, ba ne ba tswa ka bonako mo motseng wa Jerusalema o o neng o lebanwe ke matlhotlhapelo mme ka go dira jalo ba ne ba falola tshenyego e e maswe e e neng ya tloga ya o wela moragonyana ga moo. Ka 70 C.E., masole a Roma a ne a boa a eteletswe pele ke Mojenerale Titus. Ba ne ba thibelela go dikologa Jerusalema, ba dikaganyeditse motse, ba bo ba o senya.

5. Sepitla se se neng sa wela Jerusalema ka 70 C.E. se ne sa khutshwafadiwa ka tsela efe?

5 Raditiragalo mongwe wa Mojuta e bong Josephus o bolela gore go ne ga swa Bajuta ba le 1 100 000, ga falola ba le 97 000 mme ba ne ba isiwa botshwaro. Eleruri Bajuta bao ba e neng e se Bakeresete ba ba neng ba falola e ne e se “Baitshenkedwi” ba ba neng ba perofetilwe ke Jesu. Jesu o ne a kile a bolela jaana ka setšhaba sa batsuolodi sa Bajuta: “Bonang, ntlo ya lona lo e tlogeletswe e ropefetse fela. Gonne ke a lo raya: Ga lo ketla lo tlhola lo mpona, go tle go tsamaye lo re: ‘A go bakwe ene yo o tlang mo leineng la Morena.’” (Mathaio 23:38, 39) Ga go na rekoto epe ya gore Bajuta bao ba ba neng ba kganeletswe mo Jerusalema ba ne ba amogela Jesu jaaka Mesia ka motsotso wa bofelo, ba fetoga Bakeresete, mme Jehofa a bo a ba amogela. Lefa go ntse jalo, sepitla se se neng sa wela Jerusalema ka 70 C.E. se ne sa khutshwafadiwa. Masole a Roma ga a ka a o dikaganyetsa la bofelo ka lobaka lo loleele. Seno se ne sa dira gore Bajuta ba bangwe ba falole, fa fela ba ne ba ka romelwa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa Mmusomogolo wa Roma e le makgoba.

Boidiidi jo Bogolo Jwa Bafalodi

6, 7. (a) Ke motse ofe o mogolo wa bodumedi o o santseng o tlile go senngwa, e le karolo ya sepitla se segolo sefe se se iseng se ko se nne? (b) Ke eng se Johane a neng a se perofeta malebana le sepitla se se tlang mo lefatsheng leno?

6 Lefa gone go senngwa ga Jerusalema ka 70 C.E. eleruri go ne ga lere “sepitla se segolo” mo motseng oo wa bodumedi, mafoko a ga Jesu a santse a tla diragadiwa ka tsela e kgolwane. Motse o mogolwane wa bodumedi, Babilone o Mogolo, e leng mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, o tla welwa ke sepitla se segolo se se bolayang se ka bonako fela morago ga moo se tla latelwang ke sepitla se se iseng se ko se nne se se tla welang tsamaiso yotlhe ya dilo ya ga Satane. (Mathaio 24:29, 30; Tshenolo 18:21) Mo e ka nnang dingwaga di le 26 morago ga go senngwa ga Jerusalema, moaposetoloi Johane o ne a kwala ka sepitla seno se segolo se se neng se tla akaretsa lefatshe mo go Tshenolo 7:9-14. O ne a bontsha gore boidiidi jo bogolo jwa batho bo ne bo tla se falola.

7 Bafalodi bano, ba ba bidiwang “boidiidi jo bogolo,” ba tlhaolwa ka dikgato dingwe tse di tlhomameng tse ba di tsayang. Go ya ka Tshenolo 7:14, mongwe wa bagolwane ba ba 24 ba ba kwa legodimong o ne a bolelela Johane jaana: “Ba, ke ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, ba tlhatswitse dikobo tsa bone, ba di sweufaditse mo mading a ga Kwana.” Ee, boidiidi jo bogolo bo galaletsa Jehofa jaaka yo o tla bo bolokang. Ba dumela mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu mme ba eme ba siame fa pele ga Mmopi wa bone le Kgosi ya gagwe e a e tlhophileng, Jesu Keresete.

8. “Boidiidi jo bogolo” bo na le kamano efe e e molemo le masalela a bomonnaa Jesu ba ba tloditsweng?

8 Gompieno, maloko a boidiidi jo bogolo a a ka nnang dimilione di le tlhano a eteletswe pele ke Kgosi e e tlhagafetseng ya selegodimo e bong Jesu Keresete. Ba ikobela Keresete e bile ba kopanela le bomonnawe ba ba tloditsweng ba ba santseng ba le mo lefatsheng. Jesu o bolela jaana mabapi le tsela e boidiidi jo bogolo bo tshwarang batlodiwa bano ka yone: “Ammaaruri ke a lo raya: E re ka lo go diretse mongwe wa bonnake ba babotlana ba, lo go diretse nna.” (Mathaio 25:40) Boidiidi jo bogolo bo bolelwa gore bo diretse Jesu molemo ka go bo ba thusa bomonnaa Keresete ba ba tloditsweng ka bopelotshweu. Seno se ba thusa gore ba nne le kamano e e bolokesegileng le Jesu Keresete le Jehofa Modimo. Ba ile ba bona tshiamelo ya go dira le masalela a batlodiwa ka go nna Basupi ba Modimo le ba ba buelelang leina la gagwe.—Isaia 43:10, 11; Joele 2:31, 32.

Go Nna lo Lebeletse

9, 10. (a) Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re nne re eme re siame fa pele ga Morwa motho? (b) Re tshwanetse go itshwara jang e le gore re ‘nne re lebeletse’?

9 Boidiidi jo bogolo bo tshwanetse go nna bo ntse bo siame fa pele ga Morwa motho, mme seno se tlhoka gore bo nne bo disitse go fitlha kwa bokhutlong. Jesu o ne a bolela seno ka phepafalo fa a ne a re: “Lo itlhokomele, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imelelwa ke go kgora bobe, le go tagwa, le ke ditlhodiego tsa botshelo jono, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganetso jaaka seru; gonne le tlaa wela jalo botlhe ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe fela. Lona lebelelang ka metlha yotlhe, lo rapele gore lo kaiwe fa lo tshwanetse go falola mo dilong tse tsotlhe tse di tlaa diralang, le go ema fa pele ga Morwa Motho.”—Luke 21:34-36.

10 Morwa motho o tshwanetse go re amogela pele gore re tle re kgone go ema fa pele ga gagwe, mme a ka se ka a re amogela fa re iteseletsa gore re tlhotlhelediwe ke tsela e lefatshe leno le akanyang ka yone. Tsela e lefatshe le akanyang ka yone e a raela e bile e ka tlhotlheletsa motho gore a ijese menate ya nama ka tsela e e feteletseng kana a fekeediwe ke mathata a botshelo mo a sa tlholeng a baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele. (Mathaio 6:33) Tsela e e ntseng jalo e koafatsa motho semoyeng mme e ka dira gore a se ka a amega ka gope ka maikarabelo a a nang le one mo Modimong le mo go ba bangwe. A ka nna a tsidifala kana a baya boemo jwa gagwe mo phuthegong mo kotsing ka gore a dire boleo bongwe jo bo masisi, gongwe e bile a bo a sa ikwatlhaye. Motho mongwe le mongwe mo boidiiding jo bogolo o tshwanetse go ikela tlhoko. O tshwanetse go nna a ikgaogantse le lefatshe leno le le sa reng sepe ka Modimo le ditiro tsa lone.—Johane 17:16.

11. Re ka dirisa melaometheo efe ya Dikwalo e e tla re thusang gore re falole Haremagetone?

11 Gore re kgone go dira jalo, Jehofa o re neile se re se tlhokang ka Lefoko la gagwe, ka moya wa gagwe o o boitshepo le ka phuthego ya gagwe e e bonalang. Re tshwanetse go dirisa dilo tseno ka botlalo. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go rapela Modimo re bo re mo ikobele fa re batla gore a re amogele. Selo sa botlhokwa ke gore re tshwanetse go ila bosula thata. Mopesalema o ne a bolela jaana: “Ke ntse ke sa dule le batho ba boithamako; le gone ga nketla ke tsenatsena le baitimokanyi. Ke ila phuthego ya badira dibe, ke gana go dula le baikepi. O se ka wa gogobela mowa wa me le baleofi, le fa e le botshelo jwa me le batsholodi ba madi.” (Pesalema 26:4, 5, 9) Bannye le bagolo ka mo go tshwanang ba ba mo phuthegong ya Bokeresete ba tshwanetse go tila go kopana le batho ba ba sa ineelang mo go Jehofa. Re tshwanetse go leka thata gore re tlhoke molato le selabe mo lefatsheng leno gore Modimo o tle o re amogele. (Pesalema 26:1-5; Jakobe 1:27; 4:4) Fa re dira jalo, re tla tlhomamisa gore Jehofa ga a kitla a re gogola le ba ba sa rateng Modimo fa a ba bolaya ka Haremagetone.

Ba Bangwe ‘ga ba Kitla ba Swa Gope’

12, 13. (a) Pele Jesu a tsosa Lasaro mo losong, o ne a bolela mafoko afe a Maretha a neng a sa a tlhaloganye ka botlalo? (b) Mafoko a ga Jesu malebana le gore batho ba bangwe ‘ga ba kitla ba swa gope’ a ne a sa kaye eng?

12 Go kgatlha tota go akanya ka go falola bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo le go lebelela nako ya fa re tla bo re se kitla re swa gope. Jesu o re solofeditse seno. Jesu o ne a raya Maretha kgaitsadia Lasaro jaana pele fela fa a tsosa tsala ya gagwe e e neng e sule Lasaro: “Ke nna tsogo le botshelo; yo o dumelang mo go nna, le fa a a swa, le fa go ntse jalo o tlaa tshela; le fa e le mang yo o tshelang, a ba a dumela mo go nna, ga a ketla a swa gope. A mo o a go dumela?” Maretha o ne a dumela mo tsogong, mme o ne a sa tlhaloganye dilo tsotlhe tse Jesu a neng a di bua.—Johane 11:25, 26.

13 Jesu o ne a sa reye gore baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ne ba tla nnela ruri mo nameng e bile ba sa swe ka gope. Se se farologaneng le seo, moragonyana o ne a bontsha gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla swa. (Johane 21:16-23) Eleruri fa ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E. go ne go raya gore ba ne ba tshwanetse go swa e le gore ba tle ba rue boswa jwa selegodimo jaaka dikgosi le baperisiti. (Tshenolo 20:4, 6) Ka gone, fa nako e ntse e tsamaya, Bakeresete botlhe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne swa. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a bua mafoko ao ka maikaelelo. Mafoko a gagwe a gore batho ba tla tshelela ruri ba sa swe a tla diragadiwa.

14, 15. (a) Mafoko a ga Jesu a gore batho ba bangwe ‘ga ba kitla ba swa gope’ a tla diragadiwa jang? (b) Maemo a lefatshe leno a ntseng jang, mme ke eng se basiami ba se solofetseng?

14 Selo sa botlhokwa ke gore, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ga ba kitla ba swa ka bosakhutleng. (Tshenolo 20:6) Gape, Jesu o ne a bua ka dilo tse di neng di tla diragala mo nakong e e rileng fa Modimo a tla bo a tsena dikgang tsa batho ka bogare mme a tlosa boikepo jotlhe mo lefatsheng, jaaka a ne a dira mo motlheng wa ga Noa. Batho ba ba ikanyegang ba ba tla fitlhelwang ba dira go rata ga Modimo ka nako eo ga ba kitla ba bolawa ke dikatlholo tsa Modimo. Go na le moo, ba tla bona sebaka sa go falola fela jaaka Noa le lelapa la gagwe, fa lefatshe le senngwa. Tsholofelo e e ntseng jalo e tlhomame, e theilwe mo dithutong le mo dikaing tsa Baebele. (Bapisa Bahebere 6:19; 2 Petere 2:4-9.) Go diragadiwa ga boperofeti jwa Baebele go bontsha gore lefatshe la gone jaanong la batho ba ba sa siamang le tla tloga le senngwa. Maemo a gone jaanong ga a ka ke a fetoga, ka gonne lefatshe le bosula fela thata. Lefatshe la gompieno le ntse fela jaaka Modimo a ne a tlhalosa lefatshe la motlha wa ga Noa. Dipelo tsa batho ba le bantsintsi di tletse boikepo, le megopolo ya bone e bosula ka dinako tsotlhe.—Genesise 6:5.

15 Jehofa o letleletse batho go busa lefatshe ka makgolokgolo a dingwaga Modimo o sa ba kgoreletse, mme jaanong nako ya bone e ya bofelong. Jehofa o tla tloga a senya baikepi botlhe mo lefatsheng, fela jaaka Baebele e bolela. (Pesalema 145:20; Diane 2:21, 22) Lefa go ntse jalo, ga a kitla a bolaya basiami le ba ba bosula. Modimo ga o ise o ko o dire selo se se ntseng jalo! (Bapisa Genesise 18:22, 23, 26.) O tla bo a bolaelang ba ba lekang go mo direla ka boikanyegi, ka poifo ya bomodimo? Go a utlwala gore Jehofa o tla amogela baobamedi ba ba ikanyegang ba ba tla bong ba tshela fa sepitla se segolo se simolola fela mme ga ba kitla ba bolawa, fela jaaka Noa le lelapa la gagwe ba ne ba se ka ba bolawa fa lefatshe le le bosula la motlha wa gagwe le ne le senngwa ka morwalela. (Genesise 7:23) Modimo o tla ba sireletsa mme ba tla falola bokhutlo jwa lefatshe leno.

16. Ke dilo dife tse di gakgamatsang tse di tla diragalang mo lefatsheng le lesha, mme di bolela eng ka ba ba tla falolang?

16 Ke eng se se tla diragalang go tswa foo? Mo lefatsheng le lesha, batho ba tla segofadiwa ka go fodisiwa fa melemo ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu e dirisiwa ka botlalo. Baebele e bolela ka “noka [ya tshwantshetso] ya metsi a botshelo, e galalela jaaka legakwa, e tswa mo setulong sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana, e le mo gare ga mmila wa motse. Moseja ono ga noka, le moseja ole, ga bo go le setlhare sa botshelo, se se ungwang maungo a mehuta e le l2, se ungwa ka kgwedi nngwe le nngwe; makakaba a setlhare e ne e le a a fodisang merafe.” (Tshenolo 22:1, 2) Go itumedisa tota go bolela gore ‘go fodisa’ moo go akaretsa go fenya loso lo lo bakilweng ke Adame! “O komeditse loso ka bosakhutleng; Morena Modimo o tlaa phimola dikeledi mo matlhong otlhe.” (Isaia 25:8) Ka gone, batho ba ba tla falolang sepitla se segolo ba bo ba tsena mo lefatsheng le lesha ga ba kitla ba swa le ka motlha!

Tsholofelo e e Tlhomameng

17. Re tlhomamisega go le kana kang ka tsholofelo ya gore batho ba bangwe ba tla falola Haremagetone e bile ‘ga ba kitla ba swa gope’?

17 A re ka tshepa tsholofelo eno e e gakgamatsang ka botlalo? Ee ruri! Jesu o ne a bolelela Maretha gore go ne go tla tla nako ya fa batho ba tla bo ba tshela fela ba sa swe. (Johane 11:26) Mo godimo ga moo, mo kgaolong ya 7 ya Tshenolo eo Jesu a neng a e neela Johane, go ne ga senolwa gore boidiidi jo bogolo bo tla tswa mo sepitleng se segolo, bo se falola. A re ka dumela Jesu Keresete le polelo ya Morwalela wa motlha wa ga Noa? Kwantle ga pelaelo! Mo godimo ga moo, Baebele e kwadile dipolelo tse dingwe tse di diragetseng fa Modimo o ne o boloka batlhanka ba gagwe ba tshela go ralala dinako tsa katlholo le go senngwa ga ditšhaba. A ga re a tshwanela go lebelela gore a dire se se fetang seo mo motlheng ono wa bofelo? A go na le sengwe se se ka palelang Mmopi?—Bapisa Mathaio 19:26.

18. Re ka tlhomamisa jang gore re tla tshela mo lefatsheng le lesha le le siameng la ga Jehofa?

18 Re ka tlhomamisa gore re tla tshelela ruri mo lefatsheng la ga Jehofa le lesha ka go mo direla ka boikanyegi gone jaanong. Dimilionemilione tse di senang palo di tla tshela mo lefatsheng le lesha ka go tsosiwa mo losong. Lefa go ntse jalo, mo motlheng wa rona, dimilione tsa batho ba ga Jehofa—ee, boidiidi jo go seng motho ope yo o ka bo balang kana jo bo sa lekanyediwang—bo tla nna le tshiamelo e e sa tshwaneng le epe ya go bolokwa ba ntse ba tshela go ralala sepitla se segolo. Mme ga ba kitla ba swa gope.

Tsweetswee Tlhalosa

◻ Go falola Haremagetone go ne go bolelelwa pele jang mo motlheng wa ga Noa?

◻ Ke eng se re tshwanetseng go se dira e le gore re nne re eme fa Jesu a tla go diragatsa dikatlholo tsa ga Jehofa?

◻ Ke ka ntlha yang fa re ka re batho ba ba tlileng go falola Haremagetone ‘ga ba kitla ba swa gope’?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Bakeresete ba ne ba falola sepitla sa kwa Jerusalema

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela