Re Bolèlèlè go Re, Dilō Tse Di Tla Dihala Leñ?”
“Ke bolèla dilō tse dincha: ke di lo bolèlèla pele di e se di cwele kwa ntlè.”—ISAIA 42:9.
1, 2. (a) Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba mmotsa eng ka isagwe? (b) Karabo ya ga Jesu ya sesupo se se nang le dikarolo tse dintsi e ne ya diragadiwa jang?
THUTO ya bomodimo e tswa go Jehofa Modimo, ‘Yo o bolelang bokhutlo e santse e le tshimologo.’ (Isaia 46:10) Jaaka setlhogo se se fetileng se bontshitse, baaposetoloi ba ne ba batla thuto e e ntseng jalo fa ba ne ba botsa Jesu jaana: “Re bolèlèlè go re, dilō tse di tla dihala leñ? le seshupō e tla nna eñ sa ha dilō cotlhe tse di tloga di dihala?”—Mareko 13:4.
2 Fa Jesu a ba araba, o ne a tlhalosa ka “seshupō” se se nang le dikarolo tse dintsi se se neng se tla supa gore tsamaiso ya Sejuda e ne e tla tloga e fela. Seno se ne sa diragala fa Jerusalema e ne e senngwa ka 70 C.E. Mme lefa go ntse jalo, boperofeti jwa ga Jesu bo ne bo tla diragala ka botlalo mo dingwageng tse dintsi tse di neng di santse di tla tla. Fa “metlha ea Badichaba” e sena go fela ka 1914, go ne go tla nna le sesupo se se neng se tla bonala ka selekanyo se segolo se se neng se tla supa gore tsamaiso e e bosula eno ya dilo e tla tloga e fedisiwa ka “sepitla se segolo.”a (Luke 21:24) Batho ba ba dimilione ba ba santseng ba tshela gompieno ba ka kgona go supa gore tota sesupo seno se ne sa diragadiwa ka nako ya dintwa tsa lefatshe le ka ditiragalo tse dingwe tse di botlhokwa tse di ileng tsa diragadiwa mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga. Dilo tseno gape di supa karolo e e botlhokwatlhokwa ya go diragadiwa ga boperofeti jwa ga Jesu, mo motlheng ono wa rona mme e ne ya tshwantshediwa ke se se neng sa diragala go tloga ka 33 go ya go 70 C.E.
3. Fa Jesu a ne a bua ka sesupo se sengwe gape, o ne a bolelela pele ka ditiragalo dife tse dingwe?
3 Fa Luke a sena go bua ka metlha e e tlhomilweng ya baditšhaba, dipego tse di tshwanang tse di mo go Mathaio, Mareko le mo go Luke di tswelela pele di tlhalosa ditiragalo tse di tlhomaganang tse di akaretsang sesupo se sengwe mo godimo ga ‘sesupo sa bokhutlo jwa lefatshe,’ se se nang le dikarolo tse dintsi. (Mathaio 24:3) (Mo tsebeng ya 15, ntlha eno e supilwe ka go thalelwa kafa tlase ka ditselana tse pedi.) Mathaio e bolela jaana: “Me gauchwane, moragō ga sepitla sa metlha euō, letsatsi le tla hihala, kgwedi le eōna ga e ketla e ntsha lesedi ya eōna, dinaledi di tla wa kwa legodimoñ, le dinonohō tsa magodimo di tla reketlisiwa: Ediha gōna go tla bōnalañ seshupō sa Morwa Motho kwa legodimoñ: hoñ dichaba cotlhe tsa lehatshe di tla hutsahala, me di tla bōna Morwa motho a tla ka maru a legodimo, ka nonohō le ka kgalalèlō e kgolo. Me o tla roma baengele ba gagwè ka tumō e kgolo ea lonaka, me ba tla phutha baitshenkedwi ba gagwè kwa diphehoñ coo nnè, go cwa sekhutloñ se señwe sa legodimo go ea kwa go se señwe.”—Mathaio 24:29-31.
Sepitla le Dikgakgamatso tsa Dipopo tsa Magodimo
4. Go tsoga dipotso dife malebana le dikgakgamatso tsa dipopo tsa magodimo tse Jesu a neng a bua ka tsone?
4 Dilo tseo di ne di tla diragala leng? Dipego tsotlhe tse tharo tsa Efangele di bua ka se re ka se bitsang dikgakgamatso tsa dipopo tsa magodimo—go fifala ga letsatsi le ngwedi le go wa ga dinaledi. Jesu o ne a bolela gore dilo tseno di ne di tla diragala morago ga “sepitla.” A Jesu o ne a akantse ka sepitla se se neng sa diragala ka 70 C.E., kana a o ne a bua ka sepitla se segolo se se santseng se tla diragala kwa pele mo isagweng mo motlheng ono wa rona?—Mathaio 24:29; Mareko 13:24.
5. Ke pono efe e batho ba neng ba na le yone pele kaga sepitla sa motlha wa rona?
5 Batho ba Modimo ba ne ba kgatlhegela thata go itse ka “sepitla se segolo” fa e sa le metlha ya baditšhaba e fela ka 1914. (Tshenolō 7:14) Ba ne ba ntse ba akanya ka dingwaga tse dintsi gore sepitla se segolo sa motlha wa rona se ne se simologile ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, go tswa foo ga se ka ga direga sepe, mme kgabagare go tla diragala karolo ya bofelo, ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.’ Fa e le gore go ne go ntse jalo, ke eng se se neng se tla diragala ka masome a dingwaga a a fa pele ga nako ya “bokhutlō yoa lehatshe”?—Tshenolō 16:14; Mathaio 13:39; 24:3; 28:20.
6. Ke eng seo go neng go akanngwa gore se diragatsa boperofeti jwa ga Jesu ka dikgakgamatso tsa dipopo tsa magodimo?
6 Gone mme, go ne go akanngwa gore mo lobakeng loo lo lo fa gare go ne go tla bonwa sesupo se se dikarolo dintsi, se se tla akaretsang tiro ya go rera e e dirwang ke batho ba Modimo ba ba phuthilweng. Mme gape go bonala gore dikgakgamatso tsa dipopo tsa magodimo tse di neng di boleletswe pele di ne di ka lebelelwa mo lobakeng lo lo fa gare morago ga karolo e e kwa tshimologong ya 1914-18. (Mathaio 24:29; Mareko 13:24, 25; Luke 21:25) Go ne go tlhomilwe mogopolo mo dilong tse di bonalang mo legodimong—disatalaete tsa lefaufau, dirokete, marang a cosmic kana a gamma, le mafelo a go kotama kana diteishane tsa kwa ngweding.
7. Sepitla se segolo se tlhalositswe ka tsela efe e ntšha?
7 Lefa go ntse jalo, Tora ya Tebelo ya February 1, 1971, e ne ya tlhatlhoba boperofeti jwa ga Jesu gape, segolobogolo sepitla se segolo se se tlang. E ne ya bontsha gore ka ntlha ya dilo tse di diragetseng mo lekgolong la ntlha la dingwaga, sepitla sa motlha wa rona ga se kake sa bo se simologile ka 1914-18, mme morago ga moo go nne le lobaka lwa masome a dingwaga fa gare, mme moragonyana se tswelele gape. Makasine oo o ne wa konela jaana: “‘Sepitla se segolo’ se se se kitlang se nna gone gape se santse se tla, ka gore se tla fedisa mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka (go akaretsa le Labokeresete) mme morago go tla latela ‘letsatsi le legolo la ntwa ya Modimo Mothatayotlhe’ kwa Aramagedona.”
8. Mathaio 24:29 e tlhalositswe jang, go ya ka tsela e ntšha e sepitla sa motlha wa rona se tlhaloganngwang ka yone?
8 Mme lefa go ntse jalo, Mathaio 24:29 e bolela gore dipopo tsa magodimo di tla bonala “gauchwane, moragō ga sepitla.” Seo se tla diragala jang? Tora ya Tebelo ya August 1, 1976, e ne ya akantsha gore “sepitla se segolo” se go neng go buiwa ka sone fano se ne sa diragala ka 70 C.E. Mme ke jang go ka tweng dikgakgamatso tsa dipopo tsa magodimo tsa motlha wa rona di ne tsa diragala “gauchwane” morago ga tiragalo ya 70 C.E.? Go ne ga tlhalosiwa gore mo Modimong makgolo a dingwaga a a fa gare a ne a tla nna makhutshwane. (Baroma 16:20; 2 Petere 3:8) Lefa go ntse jalo, fa go sekasekiwa boperofeti jono ka kelotlhoko, segolobogolo jo bo mo go Mathaio 24:29-31, go bonwa tlhaloso e e farologaneng gotlhelele. Seno se bontsha kafa lesedi le ntseng le phatsimela “pele hèla go ea motshegariñ o mogolo” ka teng. (Diane 4:18)b A re ke re boneng gore ke ka ntlha yang fa go siame go bo go na le tlhaloso e ntšha kana e e fetotsweng.
9. Dikwalo tsa Sehebera di tshegetsa jang mafoko a ga Jesu malebana le dilo tse di tla diragalang kwa legodimong?
9 Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ba le bane ka boperofeti jo bo buang ka ‘go fifala ga letsatsi, go sa boneseng lesedi ga ngwedi, le go wa ga dinaledi.’ E re ka e ne e le Bajuda, ba ne ba tla kgona go lemoga mafoko ano go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera, ka sekai jaaka mo go Sefania 1:15, koo nako ya Modimo ya katlholo e neng e bidiwa “letsatsi ya kgakgabalō le chwahalō, letsatsi ya lehihi le letobo, letsatsi ya maru le lehihi ye le kwenneñ.” Baperofeti bangwe ba ba farologaneng ba Bahebera le bone ka mo go tshwanang ba ne ba tlhalosa gore letsatsi le tla fifala, ngwedi o tla tlhoka lesedi, le dinaledi di ka se ka tsa bonesa. O tla fitlhela mafoko a a ntseng jalo mo molaetseng wa Modimo o o kgatlhanong le Babelona, Edoma, Egepeto, le bogosi jwa Iseraele jo bo kwa bokone.—Isaia 13:9, 10; 34:4, 5; Yeremia 4:28; Esekiele 32:2, 6-8; Amose 5:20; 8:2, 9.
10, 11. (a) Joele o ne a bolelela pele eng kaga dikgakgamatso tsa dipopo tsa legodimo? (b) Ke dikarolo dife tsa boperofeti jwa ga Joele tse di neng tsa diragadiwa ka 33 C.E., mme ke dife tse di neng tsa se ka tsa diragadiwa?
10 Fa ba sena go utlwa se Jesu a neng a se bolela, gongwe Petere le ba bangwe ba bararo ba ne ba gakologelwa boperofeti jono jwa ga Joele jo bo mo go Yoele 2:28-31 le 3:15: “Ke tla thèla mōea oa me mo bathuñ botlhe; me bana ba lona ba basimane le ba basetsana ba tla perofesa. . . . Ke tla bōnatsa dikgakgamaco mo magodimoñ le mo lehatshiñ, madi, le molelō, le dithogomosi tsa mosi. Letsatsi le tla hetolwa lehihi, le kgwedi madi, pele motlha o mogolo le o o boitshègañ oa ga Yehofa o e se o tle.” “Letsatsi le hihetse le kgwedi, le dinaledi di gonyetsa go phatsima ga cōna.”
11 Jaaka fa go tlhalositswe mo go Ditihō 2:1-4 le 14-21, Modimo o ne wa tshololela moya o o boitshepo mo barutweng ba le 120, banna mmogo le basadi, ka Pentekosete ya 33 C.E. Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa gore seno ke sone se Joele a neng a se bolelela pele. Lefa go ntse jalo, go tweng ka mafoko a ga Joele a a buang ka ‘go fifala ga letsatsi le go fetoga ga ngwedi madi le go gonyetsa ga dinaledi go phatsima ga tsone’? Ga go na sepe se se supang gore dilo tseno di ne tsa diragala ka 33 C.E. kana mo dingwageng tse 30 tsa bofelo jwa tsamaiso ya dilo ya Sejuda.
12, 13. Polelelopele ya ga Joele malebana le dikgakgamatso tsa dipopo tsa magodimo e ne ya diragadiwa jang?
12 Go bonala sentle gore karolo ya bofelo ya polelelopele ya ga Joele e amana thata le “motlha o mogolo le o o boitshegañ oa ga Yehofa”—go fedisiwa ga Jerusalema. The Watchtower ya November 15, 1966, e ne ya bolela jaana ka sepitla se se neng sa wela Jerusalema ka 70 C.E.: “Eleruri seo e ne e le ‘letsatsi la ga Jehofa’ tota fa go buiwa ka Jerusalema le bana ba gagwe. Mme ka letsatsi leo go ne go na le ‘madi le molelo le mosi o o kubetsang,’ letsatsi le ne le sa bonese motse o o letobo oo motshegare, mme ngwedi e ne e dira gore motho a akanye ka madi a a tsholotsweng, e seng ka lesedi le le ritibatsang, le le galalelang la ngwedi fa go le bosigo.”c
13 Ee, fela jaaka boperofeti jo bongwe jo re setseng re bo umakile, dikgakgamatso tsa dipopo tsa magodimo tse di neng tsa bolelelwa pele ke Joele di ne di tshwanetse go diragadiwa fa Jehofa a diragatsa katlholo ya gagwe. Go na le gore go fifala ga letsatsi, ngwedi, le dinaledi go diragale ka nako yotlhe ya bofelo jwa tsamaiso ya Sejuda, go ne ga diragala ka nako ya fa masole a a bolayang a ne a tlhasela Jerusalema. Ka mo go utlwalang, re ka nna ra lebelela go bona karolo ya boperofeti jwa ga Joele bo diragala ka selekanyo se segolwane ka nako ya fa Modimo o simolola go atlhola tsamaiso eno ya motlha wa rona.
Ke Sepitla Sefe Se Se Tla Diragalang Pele ga Dikgakgamatso tsa Dipopo tsa Magodimo?
14, 15. Boperofeti jwa ga Joele bo re thusa jang go tlhaloganya Mathaio 24:29?
14 Go diragadiwa ga boperofeti jwa ga Joele (jo bo dumelanang le boperofeti jo bongwe jo bo dirisang mafoko a a tshwanang) bo re thusa go tlhaloganya mafoko a a mo go Mathaio 24:29. Tota ruri, fa Jesu a ne a bua ka ‘letsatsi le le fifalang, ngwedi e e sa boneseng, le dinaledi tse di wang’ o ne a sa bue ka dilo tse di tshwanang le dirokete, go kotama mo ngweding le dilo tse dingwe tse di tshwanang le tseo, tse di neng di tla diragala mo dingwageng tse di masomesome tsa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. Nnyaa, o ne a bua ka dilo tse di amanang le “motlha o mogolo le o o boitshègañ oa ga Yehofa,” tshenyego e e santseng e tla.
15 Seno se re thusa go tlhaloganya gore dikgakgamatso tsa dipopo tsa magodimo di ne di tla bonala jang “gauchwane moragō ga sepitla.” Jesu o ne a sa bue ka sepitla se se neng sa simologa ka 70 C.E. Go na le moo, o ne a bua ka go simologa ga sepitla se segolo se se neng se tla wela lefatshe mo isagweng, se se neng se tla khutla ka nako e a e solofeditseng ya “go nna gone ga gagwe.” (Mathaio 24:3, NW) Sepitla seo se santse se tla.
16. Mareko 13:24 e ne e bua ka sepitla sefe, mme ke eng fa o araba jalo?
16 Go tweng ka mafoko ano a a mo go Mareko 13:24 a a bolelang jaana: “E tla re metlheñ euō, moragō ga pitlaganyō euō, letsatsi le tla hihala, kgwedi le eōna ga e ketla e ntsha lesedi ya eōna”? Fano, mafoko “euō” ka bobedi ke mefuta ya lefoko la Segerika e·keiʹnos, e e leng maemedi a a supang selo se se tla diragalang mo isagweng. Lefoko e·keiʹnos le ka dirisediwa go supa selo se se diragetseng mo nakong e e fetileng (kana se se kileng sa umakiwa) kana se se tla diragalang kwa pele thata mo isagweng. (Mathaio 3:1; 7:22; 10:19; 24:38; Mareko 13:11, 17, 32; 14:25; Luke 10:12; 2 Bathesalonia 1:10) Ka jalo, Mareko 13:24 e bua ka “pitlaganyo euō,” e seng sepitla se se neng sa simololwa ke Baroma, go na le moo, eo e leng kgato e e boifisang e Jehofa a tla e tsayang kwa bofelong jwa tsamaiso eno.
17, 18. Tshenolō e neela tlhaloso efe mabapi le gore sepitla se segolo se tla diragala jang?
17 Dikgaolo 17 go ya go 19 tsa Tshenolō di dumelana e bile di gatelela tsela e ntšha e Mathaio 24:29-31, Mareko 13:24-27 le Luke 21:25-28 di tlhaloganngwang ka yone. Ka tsela efe? Diefangele di bontsha gore sepitla seno ga se kitla se simologa se bo se khutla ka nako e le nngwe fela. Fa se sena go simologa go tla bo go santse go na le batho bangwe ba ba sa batleng go utlwa ba ba tla bong ba santse ba tshela ba ba tla bonang “seshupō sa go tla ga Morwa motho” mme ba tla tsiboga—ba hutsafala, jaaka fa go umakilwe mo go Luke 21:26, ba “idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilo tse di tlañ mo lehatshiñ.” Ba tla bo ba boifa thata jalo ka go bo ba bona “seshupō” se se supang gore tshenyego ya bone e gaufi.
18 Pego e e mo go Tshenolō e bontsha gore sepitla se segolo se se tlang se tla simologa fa “dinaka” tse di ipaakanyeditseng ntwa tsa “sebatana” sa ditšhaba tsotlhe se tlhasela “seaka se segolo,” Babelona o Mogolo.d (Tshenolō 17:1, 10-16) Mme lefa go ntse jalo, go tla sala batho ba bantsi ka gore, dikgosi, babapatsi, balaodi ba dikepe, le batho ba bangwe ba tla hutsafala fa bodumedi jwa maaka bo fedisiwa. Ga go belaetse gore batho ba bantsi ba tla lemoga gore le bone ba tla tloga ba atlholwa.—Tshenolō 18:9-19.
Ke Eng Se Se Tla Tlogang Se Diragala?
19. Ke eng se re ka lebelelang go se bona fa sepitla se segolo se simologa?
19 Ditemana tsa dikwalo tsa Efangele tse di mo go Mathaio, Mareko, le Luke mmogo le Tshenolō dikgaolo 17-19 di naya lesedi le lentsi tota ka se se tla tlogang se diragala. Ka nako e Modimo o e beileng, sepitla se segolo se tla simolola ka go tlhasela mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka (Babelona o Mogolo). Seno se tla ama thatathata Labokeresete, e e tshwanang le Jerusalema e e neng e sa ikanyege. “Gauchwane moragō ga” nako eno ya sepitla, “go tla nna dichupō mo letsatsiñ, le mo kgwediñ, le mo dinalediñ; le mo lehatshiñ pitlaganō [e e iseng e ko e diragale] ea merahe.”—Mathaio 24:29; Luke 21:25.
20. Ke dikgakgamatso dife tsa dipopo tsa magodimo tse re santseng re ka lebelela go di bona?
20 Ke ka tsela efe ‘letsatsi le tla fifalang, ke jang ngwedi e tla bong e sa ntshe lesedi la yone, dinaledi di tla wa jang kwa legodimong, le dinonofo tsa legodimo di tla reketlisiwa jang’? Kwantle ga pelaelo, fa sepitla se segolo se simologa, masedi a mantsi—baruti ba maemo a a kwa godimo ba bodumedi—ba tla bo ba senotswe e bile ba fedisitswe ke “dinaka tse shomè” tse di umakiwang mo go Tshenolō 17:16. Ga go belaetse gore mebuso ya sepolotiki le yone e tla bo e tshikintswe. A go tla bo go na le ditiragalo tse di tshosang kwa magodimong a mmatota? Gongwe di tla bo di le teng mme di tla bo di tshosa thata go gaisa tse Josephus a neng a tlhalosa gore di tla diragala fa tsamaiso ya Sejuda e ne e le gaufi le go fedisiwa. Re a itse gore mo nakong e e fetileng ya bogologolo, Modimo o ne o kile wa supa nonofo ya gagwe ka go dira gore go diragale ditiragalo tse di boitshegang, mme a ka dira jalo gape.—Ekesodo 10:21-23; Yoshue 10:12-14; Baatlhodi 5:20; Luke 23:44, 45.
21. “Seshupō” se se santseng se tla se tla diragala jang?
21 Bakwadi ba bararo ba Diefangele ba dirisa toʹte e leng (ediha gona) go tlhalosa tiragalo e e tla latelang. “Ediha gōna go tla bonalañ seshupō sa Morwa Motho kwa legodimoñ.” (Mathaio 24:30; Mareko 13:26; Luke 21:27) Fa e sale ka Ntwa ya Lefatshe I, barutwa ba ga Jesu ba boammaaruri ba ile ba lemoga sesupo se se nang le dikarolo tse dintsi sa gore o teng a sa bonale, mme batho ba bangwe bone ga ba a kgona go se lemoga. Mme lefa go ntse jalo, Mathaio 24:30 e bua ka “seshupō” se sengwe se se tla bonalang mo nakong e e tlang, sesupo sa “Morwa motho” se merafe yotlhe e tla patelesegang go se bona. Fa Jesu a tla a le mo marung a sa bonale, batho ba ba mo ganetsang mo lefatsheng ka bophara ba tla tshwanela gore ba ele tlhoko go “tla” goo (ka Segerika, er·khoʹme·non) ka go bo o tla bo a tla e le kgosi e e nang le maatla a a fetang a motho.—Tshenolō 1:7.
22. Go bona “seshupō” se se mo go Mathaio 24:30 go tla re ama jang?
22 Mathaio 24:30 e dirisa gape lefoko toʹte fa e simolola go bua ka se se tla diragalang morago ga foo. E tla re fa merafe e lemoga se se tla tlogang se e diragalela, e tla hutsafala, gongwe e lemoga gore e gaufi le go senngwa. A bo go farologane jang ne ka batlhanka ba Modimo, ka go bo re tla kgona go tsholetsa ditlhogo tsa rona, ka go bo re itse gore thekololo ya rona e atametse! (Luke 21:28) Tshenolō 19:1-6 le yone e bontsha kafa baobamedi ba boammaaruri ba ba mo lefatsheng le ba ba kwa legodimong ba tla bong ba itumeletse go fedisiwa ga seaka se segolo ka teng.
23. (a) Ke eng se Jesu a tla se direlang baitshenkedwi? (b) Go ka tweng kaga go tseelwa ga masalela kwa legodimong?
23 Boperofeti jwa ga Jesu jo bo mo go Mareko 13:27 bo tswelela pele jaana: “Hoñ [toʹte] o tla roma baengele ba gagwè, me ba tla phutha baitshenkedwi ba gagwè kwa diphehoñ coo nnè, go cwa boheleloñ yoa lehatshe go ea boheleloñ yoa legodimo.” Jesu fano o ne a bua ka masalela a ba ba 144 000 a “baitshenkedwi” ba ba santseng ba tshela mo lefatsheng. Kwa tshimologong ya bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo, barutwa bano ba ba tloditsweng ba ga Jesu ba ne ba dirwa gore ba utlwane mo pusong ya Modimo. Lefa go ntse jalo, go ya ka thulaganyo e e leng fano, Mareko 13:27 le Mathaio 24:31 di tlhalosa sengwe se sele. “Ka tumo e kgolo ea lonaka,” “baitshenkedwi” ba ba setseng ba tla phuthiwa go tswa karolong nngwe le nngwe ya lefatshe. Ba tla phuthiwa jang? Kwantle ga pelaelo, ba tla ‘tshwaiwa’ mme Jehofa o tla ba tlhaola jaaka karolo ya ba ba “bidicweñ, ba itshenkecwe, ba [ba] boikañō.” Mme ka nako e e beilweng ke Modimo, ba tla phuthelwa kwa legodimong gore ba ye go nna dikgosi tsa baperesiti.e Seno se tla ba itumedisa mmogo le balekane ba bone, “boidiidi yo bogolo” bao le bone ba tla bong ba tshwailwe go ‘tswa mo pitlaganong e kgolo’ gore ba tle ba ipelele masego mo lefatsheng la paradaise.—Mathaio 24:22; Tshenolō 7:3, 4, 9-17; 17:14; 20:6; Esekiele 9:4, 6.
24. Mathaio 24:29-31 e supa gore dilo tse di tla diragalang di tla tlhomagana jang?
24 Fa baaposetoloi ba ne ba re, “Re bolèlèlè . . . ,” Jesu o ne a araba ka mafoko a a neng a akaretsa dilo tse dintsi tse dingwe tsa tsone ba neng ba sa di tlhaloganye. Lefa go ntse jalo, fa ba ne ba santse ba tshela ba ne ba itumelela go bona setshwani sa boperofeti jwa ga Jesu se diragadiwa. Thuto ya rona e e malebana le karabo ya ga Jesu e ne e remeletse mo karolong e e tla tlogang e diragadiwa gautshwane jaana. (Mathaio 24:29-31; Mareko 13:24-27; Luke 21:25-28) Re setse re kgona go bona gore thekololo ya rona e gaufi thata. Re ka lebelela pele go bona fa sepitla se segolo se simologa, morago ga moo sesupo sa Morwa motho, mme gautshwane morago ga moo go bona Modimo a phutha baitshenkedwi. Kgabagare, Modiragatsakatlholo wa ga Jehofa ka Haramagedona, Kgosi ya rona ya Motlhabani, e leng Jesu yo o tlhomilweng mo setulong sa bogosi, o tla ‘wetsa phenyo ya gagwe.’ (Tshenolō 6:2) Letsatsi la ga Jehofa, leo a tla ipusolosetsang ka lone, e tla nna bokhutlo jo bogolo jwa tsamaiso eno ya dilo jo bo ileng jwa tshwaya letsatsi la Morena Jesu leo le simologileng ka 1914 go ya kwa pele.
25. Re ka nna jang le seabe mo go diragadiweng ga polelelopele e e mo go Luke 21:28 mo isagweng?
25 E kete lo ka solegelwa molemo ke thuto ya bomodimo, gore lo tle lo kgone go utlwa mafoko a a santseng a tla diragala ano a ga Jesu: “E tla re dilo tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.” (Luke 21:28) A bo baitshenkedwi mmogo le boidiidi jo bogolo ba emetswe ke isagwe e e itumedisang jang ne jaaka fa Jehofa a ntse a itshekisa leina la gagwe le le boitshepo!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go neela bosupi jwa seno, ba bontsha ka moo ditiragalo tsa motlha wa rona di diragatsang boperofeti jwa Bibela ka gone.
b Tshedimosetso e ne ya tlhaga mo go God’s Kingdom of a Thousand Years Has Approached, ditsebe 296-323, e e gatisitsweng ka 1973 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., le mo go Tora ya Tebelo ya March 1, 1983, ditsebe 13-18.
c Josephus o ne a kwala jaana ka se se neng sa diragala ka nako ya fa Baroma ba ne ba tlhasela Jerusalema ka lekgetlo la ntlha (66 C.E.) le ka nako ya fa e ne e senngwa: “Go ne ga na pula ya matlakadibe bosigo; kgwanyape e ne ya tsubutla, le pula e ne ya na ka merwalela, dikgadima di ntse di benya di sa kgaotse, tladi e ne e duma ka modumo o mogolo, lefatshe le roroma ka leratla le le kabang ditsebe. Go phutlhama goo ga thulaganyo yotlhe ya dilo go ne go tshwantshetsa sentle masetlapelo a a neng a tlile go wela batho, mme go ne go sena motho ope yo o neng a ka belaela gore ditiragalo tseo di ne di supa tshenyego e kgolo e le ka motlha e iseng e ko e nne teng.”
d Fa Jesu a ne a bua ka “sepitla se segolo” le “sepitla” se se neng sa diragala la ntlha o ne a bua ka go senngwa ga tsamaiso ya Sejuda. Mme mo ditemaneng tse di buang fela ka metlha ya rona o ne a dirisa lebopitlhopho “the,” a re “sepitla [“the tribulation”].” (Mathaio 24:21, 29; Mareko 13:19, 24) Tshenolō 7:14 e bitsa tiragalo eno ya isagwe “sepitla se segolo,” mme fa e ranolwa fela jaaka e ntse e e bitsa “sepitla se segolo [“the tribulation the great”].”
e Bona “Dipotso Tse Di Tswang go Babadi” go Tora ya Tebelo ya August 15, 1990.
A O A Gakologelwa?
◻ Dikarolo tsa Yoele 2:28-31 le 3:15 di ne tsa diragadiwa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?
◻ Mathaio 24:29 e bua ka sepitla sefe, mme ke ka ntlha yang fa re konela jalo?
◻ Mathaio 24:29 e bua ka dikgakgamatso tsa dipopo dife tsa magodimo, mme seno se tla diragala jang gautshwane morago ga sepitla?
◻ Luke 21:26, 28 e tla diragadiwa jang mo isagweng?
[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Lefelo la tempele
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.