A Masada—E Ne E le Bosupi jwa Gore Mesia O Ne A Tlile?
MADI a a tshololwang ka leina la bodumedi e ile ya nna sebetso se se ileng sa nna sa ipoapoeletsa mo hisitoring. Masada le yone e ne e tshwana fela, ka go bo ba ba neng ba lwa go e sireletsa ba ne ba tlhotlhelediwa ke tumelo ya bone. Fa o ka etela kwa go neng go epololwa gone kwa Masada, o ka bona matlotla a sinagoge eo boramarumo ba neng ba kokoanela gone go rapela le dibata tse ba neng ba tlhapela mo go tsone go latela ngwao ya sedumedi.
Go ile ga fitlhelwa le dikarolwana tsa Bibela kwa Masada. O ka nna wa ipotsa gore a molaetsa wa Bibela o o neng o balwa ke boramarumo bao o tshwana le oo re o balang mo Bibeleng gompieno? Dr. Yigael Yadin, o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe Masada, kaga dilo tseo di neng tsa bonwa la ntlha koo jaana:
“Fa re ne re tlhatlhoba lefelo leo re ne ra bona ka bonako fela gore go ne go na le karolwana ya Buka ya Dipesalema, ebile re ne re kgona le go bona gore dikgaolo tseo ke dife: karolo eo e ne e simolola ka Pesalema 81 e felela ka Pesalema 85. . . . Re ne re kgona go bolela gore ke ya letlha lefe re sa belaele sepe. E ne e ka se ka ya nna ya morago ga ngwaga wa 73 AD, eleng ngwaga oo Masada e neng ya ripitlwa ka one. . . . Karolo eno ya Buka ya Dipesalema, fela jaaka memeno e mengwe ya Bibela e re neng ra e bona moragonyana, e batlile e tshwana fela ka tlhomamo . . . le ditemana tsa dibuka tsa Bibela tseo re di dirisang gompieno.”
Go bonala gore boramarumo bao ba ne ba dumela gore Mokwadi wa Bomodimo wa Dikwalo tsa Sehebera o ne a tla segofatsa go tsuologela ga bone Roma. Jaaka The Universal Jewish Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Botlhaga jo bo feteletseng jwa Bajuda mo Ntweng e Kgolo eo kgatlhanong le Roma (66-73 C.E.) bo ne jwa nonotshiwa ke go dumela ga bone gore motlha wa go tla ga Mesia o ne o atametse thata. Go latlhegelwa ga bone ke tempele go ne ga nonotsha tebelelo ya bone ya go tla ga Mesia.”
Go Tla ga Mesia
“Bajuda ba ba neng ba tlhagafaletse Mesia bao,” go bolela jalo The Encyclopedia of Religion, “gantsi ba ne ba bala dipalo tsa bone ba ikaegile ka Buka ya Daniele.” Go boammaaruri gore moperofeti wa Mohebera ebong Daniele o ne a bolelela pele go tla ga “Eo o tloditsweñ eboñ kgōsana.” (Daniele 9:25) Mo dipegong tse dingwe tse pedi, Daniele o ne a bolela gore Mesia o ne a tla nna Kgosi ya lefatshe le gore Bogosi jwa Gagwe bo ne bo tla senya dipuso tsotlhe tsa batho tse di mo ganetsang.—Daniele 2:44; 7:13, 14.
Balweladiphetogo ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba Bajuda ba ne ba akanya gore nako ya go diragadiwa ga diponatshegelo tseno tsa seperofeti e ne e setse e gorogile. “Abo e ne e ka nna eng gape seo se neng se ka ba tlhotlheletsa go lwa,” go bua jalo Josephus, “fa e se [tumelo] ya gore ka nako eo go ne go tla tla mongwe mo nageng ya bone yo a neng a tlile go busa lefatshe lotlhe.” Mme Daniele o ne a boleletse pele gore Mesia o ne a tshwanetse go “kgaolwa” pele le gore fa a sena go swa Jerusalema le tempele ya yone di ne di tla senngwa ke ‘batho ba kgosana e e tla tlang.’—Daniele 9:25, 26.
Ditsela Tseo Bajuda Ba Neng Ba Leba go Busiwa Ke Baditšhaba ka Gone
Judea wa lekgolo la ntlha la dingwaga o ne a kgaogantswe ka palonyana e potlana ya bahumi le bontsi jwa ba ba humanegileng. Bangwe ba Bajuda ba ba humileng, segolobogolo bao e neng e le Basadukai le Bafarisai, ba ne ba itumelela thata eo Roma e neng e ba neile yone mo nageng eo, mme ba ne ba sotla batho ba bangwe. Ka gone ba ne ba le kgatlhanong le kgopolo ya go lwela diphetogo, mme go na le gore ba dire jalo ba ne ba lwela go nna le kagiso le Roma.—Luke 16:14; 19:45, 46; Yohane 2:14; 7:47-49; 11:47, 48.
Kafa letlhakoreng le lengwe batho ba bangwe ba Judea ba ne ba sotlega ka ntlha ya lekgetho le lentsi leo ba neng ba le duela Roma mmogo le go gatelelwa ke batho ba naga ya bone. Ba ne ba sa gomodiwe ke go nna mo go seo se neng se bidiwa Pax Romana (Kagiso ya Roma) mme ba ne ba batla phetogo. Go kgatlhegela dilo tse di sa tshwaneng gono go ne ga tlisa kgogakgogano e e maswe ya semorafe. “Setlhopha se sengwe se ne se ikemiseditse go dirisa thata,” go ne ga kwala Josephus jalo, “fa se sengwe sone se ne se ikemiseditse go dirisa thubakanyo le go thukhutha bahumi.”
Ka sekai, boramarumo, ba ne ba thukhutha le go bolaya Bajuda ka bone ba bo ba bolela gore ba dira ditiro tseno tsa borukhutli go otlhaya Bajuda ba go neng go akanngwa gore ba ne ba dirisana le Baroma. Moruti mongwe wa lekgolo la bobedi la dingwaga, ebong Johanan ben Torta o ne a re lebaka la go bo masetlapelo ano a ne a wela Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ke go re: “Ba ne ba rata madi thata mme ba ilana.”
Ga go gakgamatse go bo Bajuda bao ka boammaaruri ba neng ba boifa Modimo ba ne ba eletsa gore Mesia a tle, ene yoo ba neng ba solofetse gore o tla diga puso ya Roma mme a tlhome Bogosi jo bo siameng jwa Modimo. Mme banna ba ba sa ikanyegeng ba ne ba dirisa ditsholofelo tseno.
Bomesia Ba Eseng Bone
Mo e ka nnang ka ngwaga wa 33 C.E., moeteledipele wa Mojuda Gamaliele o ne a gakolola babusi ka ene ba kwa Jerusalema jaana: “Gonne e rile ka motlha moñwe . . . ga coga Yudase oa Galilea, mo motlheñ oa go kwalwa maina, me a itatedisa batho bañwe; le èna a shwa; le batho ba ba inetseñ mo go èna ba halalediwa koñ.”—Ditihō 5:36, 37.
“Go kwalwa Maina” goo go neng ga dira gore Judase a tsuologe go ne ga rulaganngwa ka 6 C.E. ka boikaelelo jwa go kgobokanyetsa Baroma makgetho. Josephus o re bolela gore Judase o ne a bolela gore Bajuda e ne e tla bo e le “magatlapa fa ba ne ba ka ineela go ntshetsa Roma lekgetho.” Leina Judase le tswa mo leineng Juda, leo le akantshang gore e ne e le wa lotso loo Mesia a neng a lebeletswe go tswa mo go lone. (Genesise 49:10) “Dipuo tsa gagwe tse di nonofileng le tse di tlhotlheletsang le go itsege ga dithuto tsa gagwe di ne tsa mo ngokela batho ba bantsi, bao bontsi jwa bone bo neng bo mo leba jaaka Mesia,” go bolela jalo Cyclopœdia ya ga McClintock le Strong.
Tlhokomela gore Ditihō 5:37 e bega gore balatedi ba ga Judase yono ga ba a ka ba swa le ene. Mokgatlho wa gagwe, go ya ka mokanoki wa Mojuda Gaalya Cornfeld, “o ne wa medisetsa medi kwa teng mmogo le go solofela mesia.” Ebile tota, baeteledipele ba babedi ba boramarumo, ebong Menahem le Eleazar, ba ne ba tswa mo go Judase yoo wa Galilea. Menahem o ne a naya balatedi ba gagwe ditlhabano tseo di neng di bolokilwe kwa Masada fa Bajuda ba simolola go tsuolola ka 66 C.E. Morago, “o ne a boela Jerusalema jaaka kgosi” mme a nna “moeteledipele wa balweladiphetogo.” “Go batla go tlhomamisega gore,” Encyclopaedia Judaica e oketsa jalo, “Menahem [morwa] Juda o ne a tsewa jaaka Mesia.”
Lefa go ntse jalo, Menahem o ne a bolawa mo go one ngwaga oo ke maloko a setlhopha sa Bajuda se se neng se le kgatlhanong le mokgatlho oo wa balweladiphetogo. Balatedi ba gagwe ba ne ba tshabela gape kwa Masada, koo Eleazar a neng a etelela boramarumo bao pele go fitlha ka 73 C.E. Puo eno ya boipolao ya ga Eleazar e supa dithuto tse di phoso tsa ga rraagwemogolo Judase ka a ne a re: “Fa esale go tloga bogologolo, lona ditsala tsa me tse di pelokgale, re ikemiseditse go direla Modimo fela mme eseng Baroma.”
Boitlhaodi jwa Bakeresete Ba kwa Judea
Pele Bajuda ba tsuologa ka 66 C.E., phuthego ya Bokeresete e ne e setse e tlhomilwe mo Judea, go akaretsa le phuthego ya kwa Jerusalema. (Ditihō 9:31) Di ne di dirilwe ke Bajuda ba ba neng ba dumela gore Jesu wa Nasaretha e ne e le Mesia yoo go neng go boleletswe pele gore o tla swa a bo a tsoge. (Ditihō 2:22-36) Bakeresete ba Bajuda ba ne ba itsise ba bangwe tumelo ya bone ka botlhaga, ba ntse ka kagiso ba emetse gore Mesia a tle labobedi, jaaka mmusi wa lefatshe. Jesu o ne a bontshitse gore o ne a tla boa “moragō, go sena go heta lobaka lo lolele.”—Mathaio 25:19, 31; 28:19, 20; Ditihō 1:8-11.
Mme fa Bajuda ba sena go tsuologa ka 66 C.E. Bakeresete ba Judea ba ne ba sirelediwa ke eng gore ba seka ba tsiediwa ke go atlega ga jone ga ntlha? Ga go belaetse gore ba ne ba gakologelwa tlhagiso eno ya Mong wa bone: “Botlhe ba ba tsaeañ chaka ba tla nyèlèla ka chaka.” (Mathaio 26:52) Jesu gape o ne a ba neile pono e e lekalekaneng kaga taolo ya puso ya Baditšhaba. “Ntshetsañ Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare, le Modimo tse e leñ tsa Modimo.” (Mareko 12:17) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a boleletse pele gore go tla tla bangwe bao ba neng ba tla bolela gore ke bomesia, ba re, “Ke nna èna; ba ba ba re, Motlha o atametse; ka re, Lo se ka loa ba sala moragō.”—Luke 21:8.
Jesu gape o ne a boleletse pele kafa botsuolodi jwa Bajuda bo neng bo tla felela ka gone a re: “Me e tla re lo bōna Yerusalema o dikilwe ke dintwa, lo bo lo itse ha chwahalō ea ōna e le gauhi. Hoñ, ba ba mo Yudea a ba tshabèlè kwa dithabeñ; le ba ba mo gare ga ōna, a ba cwè; le ba ba kwa nageñ a ba se ee go tsèna mo go ōna. . . . Gonne go tla nna pitlaganō e kgolo mo lehatshiñ, le bogale yo bogolo mo se[tš]habeñ se. Me ba tla wa ka bogale yoa chaka, ba tla isiwa e le dichwarwa mo merahiñ eotlhe.”—Luke 21:20-24.
Tshenyego e kgolo e e neng ya latela fa Bajuda ba sena go tsuologa e ne e diragatsa boperofeti jwa ga Jesu tota ka botlalo! Lefa go le jalo, Bakeresete ba Bajuda ba ne ba falola ka go nna kutlo mme ba ‘tshabela kwa dithabeng.’ “Pele Titus a dikaganyetsa Jerusalema [ka 70 C.E.],” go bolela jalo Encyclopaedia Judaica, “Bakeresete ba koo ba ne ba fudugela kwa Pella.” Se se kgatlhang ke gore Pella e ne e le kwa bokone, kwa tlase ga mokoloko wa dithaba tse di potileng Noka ya Joredane ka kwa mme ka gone e ne e kgaogantswe gotlhelele le Judea ke Mokgatsha wa Joredane. “Ga go motlhofo go bolela lebaka le le ba dirileng gore ba kgone go falola fa e le gore boperofeti [jwa ga Jesu] bo ne bo kwadilwe morago ga tiragalo eno,” go bolela jalo G. A. Williamson mo ketapeleng ya Josephus—The Jewish War.
Eleruri, go kgona ga Bakeresete bao ba Judea go falola ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore e ne e le balatedi ba Mesia wa boammaaruri. Seno se tsosa dipotso tsa botlhokwa. Boikaelelo jwa go tla lwa ntlha ga ga Mesia e ne e le bofe? Mme go felela ka masetlapelo ga botsuolodi jwa Bajuda go re tlhagisa jang gompieno, segolobogolo karolo ya batho e e bidiwang “Bakeresete”? Dipotso tseno di tlile go arabiwa fa makasine wa rona o ntse o tswelela.