‘O Gane Ditlhamane tsa Maaka’
BIBELA e tletse ka maitemogelo a le mantsi le ditlhamane ka ga batho. Ga re itumelele fela go di bala mme gape di re solegela molemo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela phuthego ya Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè, di kwadilwe gore di re rutè, gore re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō.”—Baroma 15:4.
Paulo ka boene o ne a nna le seabe mo go tlhaloseng ka maitemogelo a gagwe. Bibela e bolela jaana ka ga Paulo le Barenabase ka nako ya fa ba wetsa loeto lwa bone lwa ntlha lwa borongwa: “Me e rile ba sena go hitlha [kwa Antioka wa Siria], me ba phuthile phuthègō, ba bolèla dilō cotlhe tse Modimo o di dihileñ nabō.” (Ditihō 14:27) Kwantle ga pelaelo maitemogelo ano a ne a kgothatsa bakaulengwe thata.
Le gale, ga se gore ke maitemogelo otlhe a a agang. Paulo o ne a tlhagisa Timotheo jaana a bua a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo: “U gane ditlhamane [tsa maaka, NW] le tsa sesadi segolo.” (1 Timotheo 4:7) Mme o ne a kwalela Tito ka go re Bakeresete ba ba ikanyegang ga ba a tshwanela go tlhokomela “mainane a Seyuda, le ditaolō tsa batho ba ba hapogañ boamarure.”—Tito 1:14.
Ditlhamane tseno tsa maaka kana mainane e ne e le eng? Mafoko ano a mabedi a tswa mo lefokong la Segerika myʹthos (“leinane”). The International Standard Bible Encyclopaedia e bolela gore lefoko leno le kaya “tlhamane ya (sedumedi) e e sa amaneng ka gope le dilo tsa mmatota.”
Lefatshe la motlha wa ga Paulo le ne le tletse ka ditlhamane tse di ntseng jalo. Sekai sa seno ke buka ya mainane ya ga Tobit, e ka gongwe e neng ya kwalwa dingwaga tse di fetang makgolo a mabedi pele ga motlha wa ga Paulo. Tlhamane eno e bua kaga Tobit, Mojuda yo o ineetseng, yo o neng a foufala fa a welwa ke maswe a nonyane mo matlhong. Morago ga foo o roma morwawe, Tobias, go ya go tsaya molato mongwe. Mo tseleng, Tobias o tsaya pelo, sebete, le santlhoko ya tlhapi jaaka fa a laetswe ke moengele. Morago ga moo o kopana le motlholagadi yo o santseng a le lekgarebane lefa gone a kile a nyalwa ga supa, ka gonne monna mongwe le mongwe yo o neng a mo nyala o ne a bolawa ke moya o o bosula mo bosigong jwa letsatsi la lenyalo. Tobias o nyala motlholagadi yono a bo a leleka ledimona ka go fisa pelo le sebete sa tlhapi a kgothaditswe ke moengele gore a dire jalo. Moragonyana Tobias o foufolola rraagwe a dirisa santlhoko ya tlhapi.
Go itshupa sentle gore tlhamane eno ga e boammaaruri. Kwantle ga mokgwa wa yone wa go natetsha puo le tumelabotlhoding ya yone, e na le diphoso. Ka sekai, pego eno e bolela gore Tobit o ne a iponela ka matlho fa merafe ya kwa bokone e ne e tsuologa le fa Baiseraele ba ne ba fudusediwa kwa Ninife, e leng ditiragalo tsa hisitori ya Baiseraele tse di neng di katologane ka dingwaga di le 257. Lefa go ntse jalo, leinane lone la re Tobit o tlhokafetse a le dingwaga di le 112.—Tobit 1:4, 11; 14:1, The Jerusalem Bible.
Mainane a a ntseng jalo a farologane thata le ‘sekao sa mafoko a a tshedileng’ a a bolelwang ke batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang. (2 Timotheo 1:13) Ke dilo tse di itlhamelwang, tse di sa dumelaneng le dilo tse di diragetseng mo hisitoring, ke dilo tse di bolelwang ke basadibagolo ba ba sa obameleng Modimo. Tseno e ne e le ditlhamane tse di neng di tshwanetse go ganwa ke Bakeresete.
Go Leka Mafoko a Boammaaruri
Ditlhamane tse di tshwanang le tseno di tletsetletse le gompieno. Paulo o ne a kwala jaana: “Motlha o tla tla o batho ba se ketlañ ba iteseletsa go utlwa thutō e e itekanetseñ ka ōna; me . . . ba tla icubula mo boamarureñ, ba hapogèla kwa mainaneñ.” (2 Timotheo 4:3, 4) Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, mainaane ka ga maatla a a fetang a motho a tletsetletse e bile a tumile. Ka jalo, Bakeresete ka botlhale ba ‘leka mafoko’ a ditlhamane tsa ditumelo go bona gore a di dumelana le Bibela.—Yobe 12:11.
Go itshupa sentle gore, bontsi jwa tsone ga bo dumelane le Bibela. Ka sekai, mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, go tlwaelegile go utlwa ka ditlhamane tse di tshegetsang kgang ya gore moyasebele wa motho ga o swe. Ditlhamane tseno di tlhalosa kafa motho a swang ka gone, e bo e re go tswa foo a bo a tlhaga gape a le mo mmeleng wa lesea le le sa tswang go tsholwa, kana e le moya, kana e le phologolo, kana e le motho kwa lefelong lengwe le sele.
Lefa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le bontsha gore meyasebele ya batho ga e tswelele e ntse e tshela; meyasebele e a swa. (Esekiele 18:4) Mo godimo ga moo, Bibela e bolela gore baswi ga ba tshele mo mabitleng, ga ba kgone go akanya, go bua, kana go dira lefa e le eng. (Moreri 9:5, 10; Baroma 6:23) Ka jalo, bao ba tsieditsweng ke ditlhamane tsa maaka tseo di rotloetsang mogopolo wa gore moyasebele ga o swe ba ‘hapogile’ ‘thuto e e itekanetseng’ ya Bibela fela jaaka Paulo a ne a bolela.
Ditlhamane tsa Maatla A A Fetang a Motho
Ditlhamane tse dingwe di bua thata ka dilo tse di dirwang ke baloi le baitseanape. Ka sekai, mo dikarolong dingwe tsa Afrika, batho bano ba ba bosula go bolelwa fa ba na le maatla a a gakgamatsang, ba kgona go iphetola kana go fetola ba bangwe digagabi, dikgabo, le dinonyane; ba kgona go fofa mo moyeng go diragatsa mekgape ya bone; ba kgona go tlhaga le go nyelela; ba kgona go phunyeletsa mo maboteng; ba kgona le go bona dilo tse di katetsweng ka fa tlase ga mmu.
Lebaka la go bo ditlhamane tseno di le dintsintsi jaana, e bile di dumelwa ke batho ba le bantsi thata jaana le ka nna la tlhotlheletsa bangwe mo phuthegong ya Bokeresete gore le bone ba dumele gore di boammaaruri. Ba ka nna ba ntsha mabaka a gore lefa batho fela ba ka se ka ba kgona go dira dilo tse di ntseng jalo, batho ba ba newang maatla a a fetang a motho ke dibopiwa tsa semoya, ebong badimona, bone ba ka kgona go di dira. Go lebega fa ba dirile tshwetso eno ka go utlwa 2 Bathesalonia 2:9, 10, e e reng: “Èna eo go tla ga gagwè go leñ kaha go diheñ ga Satane ka thata eotlhe le ka dichupō, le ka dikgakgamaco tsa maaka, le ka tsieco eotlhe ea tshiamololō mo go bōnè ba ba nyèlèlañ, ka ba se ka ba amogèla loratō loa go rata boamarure, gore ba bolokwè.”
Lefa go le boammaaruri gore lokwalo lo bontsha gore Satane o kgona go dira ditiro tse di nonofileng, lo bolela gore Satane gape ke mosimolodi wa ‘ditshupo le dikgakgamatso tsa maaka’ mmogo le “tsieco eotlhe ea tshiamololō.” Kgapetsakgapetsa, Bibela e bontsha fa Satane e le mankge mo go tsietseng yo o ‘tsietsang lefatshe lotlhe.’ (Tshenolō 12:9) Ke setswerere mo go direng gore batho ba dumele dilo tse di seng boammaaruri.
Ka ntlha ya seno, le tsone dilo tse batho ba ba dirisanang le tirisabadimo le boloi ba reng ba di bone le tse ba di bolelang, gantsi ga di ikanyege. Batho bano ba ka nna ba dumela ka pelo yotlhe gore ba bone, ba utlwile, kana le gore ba diragaletswe ke dilo dingwe; lefa gone tota go sa nna jalo. Ka sekai, go na le bao ba akanyang gore ba buile le meya ya batho ba ba suleng. Mme lefa go ntse jalo, ke batho ba ba akeditsweng le go tsiediwa ke maano a ga Satane. Bibela e bolela gore baswi ba ‘fologela mo tuulalong.’—Pesalema 115:17.
Ka ntlha ya kgang e Diabolo a itsegeng ka yone ya go tsietsa, tota go tshwanetse ga belaetsa thata gore ditlhamane tsa maatla a fetang a motho di boammaaruri. Bontsi jwa tsone ke dilo tsa tumelabotlhoding tse di ikakanyetswang fela, tseo di nnang di okediwa ka go nna go buiwa kgapetsakgapetsa ka tsone.
Go nna o ntse o bua kgapetsakgapetsa ka mainane ano ke go ema nokeng dithato tsa ga rraone maaka, Satane Diabolo. (Johane 8:44) Di rotloetsa motho gore a kgatlhegele go dirisana le meya e e bosula e leng selo se se makgapha mo go Jehofa. (Duteronome 18:10-12) Di tswalela batho mo bobing jwa poifo le tumelabotlhodi. Ga go gakgamatse go bo Paulo a ile a gakolola Bakeresete gore ba “se ka ba . . . tlhōkōmèla mainane.”—1 Timotheo 1:3, 4.
Go Gana Bosupi Jo Bo Tlang ka Badimona
Lefa go ntse jalo, go ka tweng fa ditlhamane di lebega di le boammaaruri? Go a tle go buiwe ka maitemogelo ao mo go one meya e e bosula kana ba ba dirisanang le yone ba bolelang gore Jehofa o mogolo ka gone le kafa Basupi ba gagwe ba leng boammaaruri ka gone. A Bakeresete ba tswanetse go tsamaya ba bolela ditlhamane tseo?
Nnyaa, ga ba a tshwanela. Bibela e bolela gore fa meya e e bosula e ne e goa e re Jesu ke Morwa Modimo, o ne a “e laea thata, a re, e se ka ea mo utlwatsa.” (Mareko 3:12) Ka tsela e e tshwanang, fa ledimona le le bonelang dilo pele le ne le tlhotlheletsa mosetsana mongwe gore a kaye fa Paulo le Barenabase e le “batlhanka ba Modimo oa Mogodimodimo” le bareri ba “tsela ea polokō,” Paulo o ne a leleka moya o o bosula mo go ene. (Ditihō 16:16-18) Jesu, Paulo kana lefa e le ope wa bakwadi ba Bibela ga ba ise ba ko ba letlelele badimona gore ba supe ka ga maikaelelo a Modimo kana a batlhanka ba gagwe ba ba tlhophilweng.
Ke ga botlhokwa gape gore Jesu Keresete o ne a kile a nna kwa lefelong la semoya pele ga a tla mo lefatsheng. O ne a itse Satane ka namana. Lefa go ntse jalo, Jesu ga a ise a ko a tlose barutwa ba gagwe bodutu ka ditlhamane tsa ditiro tse Satane a neng a di dira, kana le eleng go tlhalosa ka boteng seo Diabolo a ka kgonang go se dira le seo a ka se se kgoneng. Satane le badimona ba gagwe e ne e se ditsala tsa ga Jesu. Ba ne ba kobilwe, e le ditsuolodi, ba tlhoile dilo tse di boitshepo, e bile e le baba ba Modimo.
Bibela e re bolelela seo re tlhokang go se itse. E tlhalosa gore badimona ke bomang, gore ba timetsa batho jang, le gore re ka ba tila jang. E bontsha gore Jehofa le Jesu ba maatla thata go feta badimona. Gape e re ruta gore fa re direla Jehofa ka boikanyegi, meya e e bosula e ka se re bogise go ya goile.—Yakobe 4:7.
Jalo hee, ka mabaka a a utlwalang, Bakeresete ba gana ditlhamane tsa maaka, ditlhamane tseo diphelelo tsa tsone fela e leng go rotloetsa dikgatlhego tsa bao ba leng kgatlhanong le Modimo. Fela jaaka Jesu a ne a ‘supa kaga boammaaruri,’ balatedi ba gagwe le bone ba dira fela jalo gompieno. (Yohane 18:37) Ka botlhale ba reetsa kgakololo ya Bibela e e reng: “Dilo cotlhe tsa boamarure . . . lo gopolè dilō tse.”—Bafilipi 4:8.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go tila ka gotlhe dilo tsotlhe tse di amanang le meya e e bosula