Opelelang Jehofa Dipako
“Ke tla ōpèlèla Yehofa, gonne o hentsè ka mo go gakgamatsañ.”—EKESODO 15:1.
1. Ke melemo efe le dinonofo tse Jehofa a nang natso tse di dirang gore re mmake?
PESALEMA 150 e laela ka makgetlo a le 13 gore Jehofa kana Jah a bakwe. Temana ya bofelo e bolela jaana: “A dilō cotlhe hèla tse di nañ le mōea di bakè Yehofa. Bakañ Yehofa.” Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re itse gore Jehofa o tshwanelwa ke gore re mmake. Ke ene Molaodi wa Lobopo, Mogodimodimo, Kgosi ya bosakhutleng, Mmopi wa rona, Morenei. Ga a tshwane le ope, a ka se tshwantshiwe le ope, ga a lekane le ope ka ditsela di le dintsi. O itse dilo tsotlhe, o maatla otlhe, o na le tshiamiso e e feletseng, e bile ke mothofatso ya lorato. O molemo go gaisa ba bangwe botlhe; o a ikanyega. (Luke 18:19; Tshenolō 15:3, 4) A o tshwanelwa ke gore re mmake? Eleruri!
2. Re na le mabaka afe a go ka leboga Jehofa?
2 Jehofa ga a tshwanelwa fela ke gore re mo obamele re bo re mmake mme gape o tshwanelwa ke gore re mo itumelele re bo re mo lebogele tsotlhe tse a di re diretseng. Ke ene Monei wa “nèō ñwe le ñwe e e molemō.” (Yakobe 1:17) Ke ene Motswedi wa botshelo jotlhe. (Pesalema 36:9) Dilo tsotlhe tse re di itumelelang jaaka maloko a losika lwa motho di tswa kwa go ene, ka gonne ke ene Mmopi wa rona yo Mogolo. (Isaia 42:5) Gape ke ene Monei wa masego otlhe a semoya a a re tlelang ka moya wa gagwe, ka phuthego ya gagwe, le ka Lefoko la gagwe. Re itshwarelwa dibe ka gonne a ntshitse Morwawe go nna thekololo ya rona. (Yohane 3:16) Re na le tsholofelo ya Bogosi ya ‘magodimo a masha le lefatshe le lesha a go tla agang tshiamo mo go one.’ (2 Petere 3:13) Re na le bokopano jo bo molemo mmogo le Bakeresete ka rona. (Baroma 1:11, 12) Re na le tshiamelo le matlhogonolo a go nna Basupi ba gagwe. (Isaia 43:10-12) Gape re na le tshiamelo e e tlhwatlhwakgolo ya go kgona go mo rapela. (Mathaio 6:9-13) Eleruri re na le mabaka a mantsi a go ka leboga Jehofa!
Ditsela tse Re Ka Bakang Jehofa ka Tsone
3. Re ka baka Jehofa ra ba ra mmontsha tebogo ka ditsela dife tse di farologaneng?
3 Rona jaaka batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa, re ka mmaka jang le go mmontsha gore re a leboga? Re ka dira jalo ka go nna le seabe mo bodiheding jwa Bokeresete— re neela bosupi ka ntlo le ntlo, re dira maeto a go boela, re tshwara dithuto tsa Bibela, le go nna le seabe mo bosuping jwa mmila. Mo godimo ga moo re ka mmaka ka go neela bosupi ka tsela e e seng ya ka tlwaelo nako le nako fa go tlhaga sebaka sa go dira jalo. Kwantle ga moo, re ka baka Jehofa ka go itshwara sentle, le ka go apara le go ipaakanya ka tsela e e botswerere le ka bori. Ke gantsi Basupi ba ga Jehofa ba akgolelwa go tlhoma sekao mo dintlheng tseno. Mo godimo ga moo re ka baka Jehofa le go mo leboga ka go rapela.—Bona 1 Ditihalō 29:10-13.
4. Nngwe ya ditsela tse dintle thata tse re ka bakang Rraarona yo o lorato wa selegodimo ka tsone ke efe?
4 Mme gape, nngwe ya ditsela tse dintle thata tse re ka bakang Rraarona wa selegodimo yo o lorato ka tsone ke ka go mo galaletsa le dinonofo tsa gagwe tse di molemo ka dipina tse di monate tsa Bogosi. Baopedi le batlhami ba le bantsi ba dumelana gore seletswa se se monate go gaisa tsotlhe ke lentswe la motho. Dikgeleke tsa mmino wa tlelaseki di ile tsa eletsa go tlhama metshameko e go opelwang thata mo go yone ka gonne go kgotsofatsa tota go reetsa motho a tsholeditse lentswe a opela.
5. Ke mabaka afe a a dirang gore re tseye dipina tsa Bogosi masisi?
5 A bo Jehofa a tshwanetse a bo a itumela jang ne go reetsa batho ba opela, bogolo jang fa ba opela dipina tsa pako le tebogo! Kwantle ga pelaelo he, re tshwanetse ra tsaya go opela dipina tsa Bogosi masisi kwa dikokoanong tsa rona tse di farologaneng—dipokano tsa phuthego, dikopano tsa potologo, dikopano tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe, dikopano tsa kgaolo le dikopano tsa ditšhabatšhaba. Buka ya rona ya dipina e tletse ka melodi e e monate ruri, e e monate mo e leng gore e ile ya bolelwa gantsi ke batho ba kwa ntle. Fa re ntse re tsenelela mo maikutlong a go opela dipina tsa Bogosi, re itumedisa ba bangwe fela thata le go solegelwa molemo ka borona.
Go Opelela Jehofa Dipako mo Metlheng ya Bibela
6. Baiseraele ba ne ba bontsha jang gore ba anaanela go gololwa ga bone mo Lewatleng le Lehibidu?
6 Lefoko la Modimo le re bolelela gore Moshe le Baiseraele ba bangwe botlhe ba ne ba opela go supa phenyo fa ba ne ba falodisiwa masole a ga Faro kwa Lewatleng le Lehibidu. Pina ya bone e ne e simologa ka mafoko a a reng: “Ke tla ōpèlèla Yehofa, gonne o hentsè ka mo go gakgamatsañ: o latlhetse pitse le mopagami oa eōna mo lewatleñ. Yehofa ke thata ea me le sehela, o bile o dihegile poloka ea me: ōna ke Modimo oa me, ke tla o baka.” (Ekesodo 15:1, 2) Re ka akanya fela kafa Baiseraele ba neng ba le matlhagatlhaga e bile ba itumetse ka gone fa ba ntse ba opela mafoko ao morago ga go gololwa ka kgakgamatso!
7. Dikwalo tsa Sehebera di re bolelela ka ditiragalo dife tse dingwe tse di tlhomologileng tse mo go tsone Baiseraele ba neng ba baka Jehofa ka go opela?
7 Fa re bala mo go 1 Ditihalō 16:1, 4-36, re utlwa gore Jehofa o ne a bakwa ka go opela le ka go lediwa ga diletswa tsa mmino fa Dafide a ne a lere Letlole kwa Jerusalema. Eleruri eo e ne e le nako e e monate. Gape go ne go opelelwa Jehofa pako go dirisiwa diletswa tsa mmino ka nako ya fa Kgosi Solomone a ne a neela tempele kwa Jerusalema. Re bala jaana mo go 2 Ditihalō 5:13, 14: “Ga dihala hèla ea re baletsi ba dinaka le baopedi ba nntse yaka motho a le moñwe hèla, ba diha gore go utlwalè modumō o le moñwe hèla mo go bakeñ le mo go lebogeñ Yehofa; me ea re ba choletsa lencwe ya bōnè ka dinaka, le disemebala, le dilō tsa kōpèlō, me ba baka Yehofa, ba re, Gonne o molemō; gonne boutlwèlō botlhoko yoa gagwè bo eme ka bosakhutleñ: hoñ ntlo ea tlala leru, eboñ ntlo ea ga Yehofa.” Seo se bontsha eng? Gore Jehofa o ne a reeditse pako eno e e molotsana e bile a e itumelela, mme seo se ne sa supelwa ke leru leo le e seng la tlholego. Moragonyana, ditlhopha tse pedi tsa baopedi di ne tsa opela ka nako ya moletlo wa neelo ya dipota tsa Jerusalema mo metlheng ya ga Nehemia.—Nehemia 12:27-42.
8. Ke eng se se bontshang gore Baiseraele ba ne ba tsaya go opela masisi?
8 E bile tota, go opela e ne e le karolo ya botlhokwa thata ya go obamela kwa tempeleng mo eleng gore go ne go seegetswe kwa thoko Balefi ba le 4 000 gore ba dire tirelo ya mmino. (1 Ditihalō 23:4, 5) Bano ba ne ba tla dira mmogo le baopedi. Mmino, bogolo segolo baopedi, o ne o na le seabe sa botlhokwa mo kobamelong, eseng fela gore o gatelele dintlha tsa botlhokwa tsa Molao, mme e ne e le gore o dire gore go obamelwe ka maikutlo a a tshwanetseng. O ne o thusa Baiseraele gore ba obamele Jehofa ka tlhagafalo. Ela tlhoko kafa ntlha eno e neng e baakanyediwa ka gone e bile e tlhokomelwa mo dikarolong tsotlhe tsa yone: “Palō ea bōnè, ba na le bomorwa rra bōnè ba ba rutilweñ go ōpèlèla Yehofa, eboñ botlhe ba ba dicwiriri, e ne e le makgolo mabedi, le mashomè a a hèrañ e le mebedi le bonè.” (1 Ditihalō 25:7) Ela tlhoko kafa ba neng ba tsaya go opelela Jehofa dipako go le masisi ka gone. Ba ne ba rutilwe go opela e bile e le ditswerere!
9. Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di gatelela go opela jang?
9 Fa re tla mo lekgolong la ntlha la dingwaga la motlha wa rona o o tlwaelegileng, re fitlhela go ntse jang? Mo bosigong jo Jesu a okilweng ka jone, le mororo a ne a ntse a akantse ka dilo tse dintsi tse di masisi, o ne a santse a bona go tlhokega gore a konele moletlo wa Tlolaganyo le tshimologo ya Segopotso sa loso lwa gagwe ka go opelela Jehofa dipako. (Mathaio 26:30) Mo godimo ga moo, fa re bala re utlwa gore e ne ya re “bosigo gare,” fa Paulo le Silase ba sena go itewa ba bo ba golegwa, ba ne “ba rapèla, ba ōpèlèla Modimo dihela, me bagolegwi ba ba reeditse.”—Ditihō 16:25.
Go Opela Dipako—Karolo ya Botlhokwa ya Kobamelo ya Rona
10. Lefoko la Modimo le neela ditaolo dife malebana le go mmaka ka go opela?
10 A o ka tswa o akanya gore go opela dipina tsa Bogosi ga go botlhokwa mo go kalo mo pelo ya gago e ka go tsayang tsia? Fa e le gore go ntse jalo, a ga o a tshwanela go tlhatlhoba kgang eno gape, fa o akanya kafa Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba lebang go opela dipako go le botlhokwa ka gone? Kana gone, Lefoko la Modimo le tletse ka ditaolo tsa gore re bake Jehofa re bo re mo opelele dipako! Ka sekai, re bala jaana mo go Isaia 42:10: “Ōpèlèlañ Yehofa sehela se sesha, le pakō ea gagwè go cwa bokhutloñ yoa lehatshe; lona ba lo hologèlañ mo lewatleñ, le cotlhe tse di mo go yeōna; le ditlhake le banni ba cōna.”—Bona gape le Pesalema 96:1; 98:1.
11. Moaposetoloi Paulo o ne a neela kgakololo efe malebana le go opela?
11 Moaposetoloi Paulo o ne a itse gore go opela go ka itumedisa, ka jalo o ne a re gakolola gabedi mo kgannyeng eno. Re bala jaana mo go Baefesia 5:18, 19: “Lo tladiwè ka Mōea; Lo buisanyè ka dipesalema, le dihela, le dipina tsa semōea, lo bina, lo ōpèla lo kotekeletsa Morèna ka dipelo tsa lona.” Mme mo go Bakolosa 3:16, re bala jaana: “A lehoko ya ga Keresete le agè mo go lona ka botlalō mo botlhaleñ yotlhe; lo nntse lo rutana, lo laana ka dipesalema, le ka dihela, le ka dipina tsa semōea, lo ōpèlèla Modimo ka tshegōhalō mo peduñ tsa lona.”
12. Ke dikao dife tse re nang natso tse di bontshang gore dipina tsa rona di re thusa go rutana le go kgothatsana?
12 Ela tlhoko gore mo lekgetlong lengwe le lengwe Paulo o bua gantsi kaga go opela, fa a umaka ‘dipesalema, difela, dipina tsa semoya, go opela ka dipelo tsa lona.’ Gape, o simolola mafoko a gagwe go Bakolosa ka go bolela gore ka go dira jalo ba tla ‘bo ba rutana, ba laana.’ Mme re dira sone fela seo, jaaka le tsone ditlhogo tsa dipina tsa rona tota di bontsha—“A Popo Yotlhe, E Bake Jehofa!” (ya bo5), “Nitamang, Lo Tlhomame!” (ya bo10), “Ipelele Tsholofelo ya Bogosi!” (ya bo16), “Lo Se Boifeng!” (ya bo27), “Bakang Jehofa Modimo wa Rona!” (ya bo100), fa re neela dikai di se kae fela.
13. “Motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o ile a bontsha jang kafa go opela go leng botlhokwa ka gone mo kobamelong ya rona?
13 Go dumelana le ditaolo tseno, “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o rulagantse gore dikokoano tsa rona—dipokano tsa phuthego, dikopano tsa potologo, dikopano tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe, dikopano tsa kgaolo, le dikopano tsa ditšhabatšhaba—di simololwe di bo di konelwe ka go opelwa ga dipina tsa Bogosi. (Mathaio 24:45) Mo godimo ga moo, go rulaganngwa gore go opelwe dipina ka dinako tse dingwe gape mo dikokoanong tseno. E re ka dipokano tsa rona gantsi di simololwa ka go opelwa ga pina ya Bogosi, a ga re a tshwanela go leka go goroga ka nako, nako e santse e letla gore re kgone go nna le seabe mo karolong eno ya kobamelo ya rona? Mme e re ka dipokano di konelwa ka go opela, a ga re a tshwanela go nna go fitlha pina e e konelang e opelwa go bo go rapelwa morago fela ga yone?
14. Re na le dikai dife tse di bontshang kafa go tlhophiwang dipina tse di tshwanelang ka gone mo dithulaganyong tsa rona?
14 Dipina kwa dipokanong tsa rona di tlhophiwa ka kelotlhoko gore di dumelane le thulaganyo. Ka sekai, kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa 1993 tsa “Thuto ya Bomodimo,” pina ya bo191, “O Nne mo Nneteng,” eo e kgothaletsang Bakeresete gore ba emelane le Satane, lefatshe, le nama e e leofang, e ne ya tla morago fela ga dipuo tse tharo tse di neng di bua ka dira tseno. Ka tsela e e tshwanang, pina ya bo164, “Bana—Dineo tse di Rategang go Tswa go Modimo,” e e tletseng ka kgakololo e e yang go batsadi, e ne ya tla morago fela ga puo e e neng e gatelela kafa batsadi ba tlamegang ka gone gore ba thapise bana ba bone. Pina ya bo70, “Tshwana le Jeremia,” e ne ya tla pele ga motseletsele wa dipuo tse di neng di theilwe mo boperofeting jwa ga Jeremia. Mme morago ga simphosiamo e e neng e ama dikarolo tse di farologaneng tsa bodihedi jwa rona jwa Bogosi go ne ga tla pina ya bo156, “Kea Rata,” pina e e amanang thata le tirelo. Go dirwa ka kelotlhoko fela jalo fa go tlhophiwa dipina tsa Thuto ya Tora ya Tebelo, Pokano ya Tirelo, le Sekolo sa Bodihedi sa Puso ya Modimo. Go matshwanedi he gore fa bagolwane ba neela dipuo tsa phatlalatsa mme ba ntsha pina e e tla dirisiwang go bula thulaganyo, ba tlhophe pina e e tsamaisanang le molaetsa wa puo ya bone.
15. Modulasetulo wa pokano a ka godisa kanaanelo ya pina e e tla opelwang jang?
15 Fa modulasetulo a itsise pina e e tla opelwang, a ka nna a dira gore pina eno e anaanelwe ka tsela e kgolwane ka go bolela setlhogo kana molaetsa wa yone. Ga re opele dinomoro mme re opela melaetsa e e mo Dikwalong. Gape go ka thusa phuthego gore e anaanele pina botoka fa lokwalo lo lo kwadilweng kafa tlase ga setlhogo lo ka bolelwa. Gape, go ka nna ga tshwanela gore go buiwe dikakgelo di sekae, tse di jaaka gore botlhe ba tshwanetse ba opela pina ka maikutlo a a tshwanetseng.
Bontsha Go Anaanela Bomolemo jwa ga Jehofa ka Go Opela
16. Re ka opela dipina tsa rona ka maikutlo a a di tshwanetseng jang?
16 E re ka mafoko a dipina tsa rona tsa Bogosi a na le bokao jo bogolo, re tshwanetse ra akanya thata ka mafoko a tsone fa re ntse re di opela. Re batla go opela pina nngwe le nngwe ka maikutlo a yone. Dipina tse dingwe, jaaka tse di amanang le lorato, loungo lwa moya, di tswa mo pelong. (Bagalatia 5:22) Tseno re di opela ka go gatelela le ka go bontsha maikutlo. Tse dingwe ke tsa boipelo, mme re tshwanetse go leka go di opela ka boitumelo. Mme tse dingwe tsone ke dipina tsa matlhagatlhaga, tsa go gwanta, mme tsone di tshwanetse go opelwa ka matlhagatlhaga le ka go ititaya sehuba tota. Mo Sekolong sa rona sa Bodihedi sa Puso ya Modimo, re gakololwa gore re bontshe lorato le boikutlo mmogo le tlhagafalo fa re fa dipuo. Mme go botlhokwa le go feta moo gore re bontshe lorato, boikutlo, le tlhagafalo fa re opela.
17. (a) Baiseraele ba ba sa ikanyegeng ba ne ba kgalemelwa ka tsela efe e re sa batleng go kgalemelwa ka yone malebana le tsela e re opelang ka yone? (b) Fa re tsaya kgakololo e e mo dipineng tsa rona masisi seno se felela ka eng?
17 Fa re ne re ka opela dipina tsa rona tsa Bogosi megopolo ya rona e akantse dilo di sele, re sa utlwe bokao jwa mafoko sentle, a re ne re tla bo re sa tshwane le Baiseraele ka tsela nngwe ba ba neng ba sa ikanyege mme ba kgalemelwa ka gonne, lefa ba ne ba baka Modimo ka melomo ya bone, dipelo tsa bone di ne di le kgakala thata le ene? (Mathaio 15:8) Ga re batle gore kotlhao e e ntseng jalo e tle mo go rona ka ntlha ya tsela e re opelang dipina tsa Bogosi ka yone, a ga go jalo? Fa re opela dipina tsa rona tsa Bogosi ka tsela e e bontshang gore re a di anaanela jaaka go tshwanetse, ga re kitla re itlhagafatsa ka borona fela mme re tla tlhagafatsa le ba ba gaufi le rona, go akaretsa le ba babotlana. Ee, fa botlhe ba ba opelang kwa Diholong tsa rona tsa Bogosi ba ne ba ka tsaya kgakololo e e mo dipineng tseno masisi, seno se ne se tla re kgothatsa thata gore re tlhagafale mo bodiheding le gore re tile dirai tsa go dira bosula.
18. Go opelwa ga dipina tsa Bogosi go ne ga ama mosadi mongwe jang?
18 Gangwe le gape, batho ba ba tswang kwantle ba kgatlhwa ke tsela e re opelang dipina tsa rona tsa Bogosi ka yone. Tora ya Tebelo e kile ya gatisa seno: “Gore go opela ga [rona] gape go ka direla mo go direng gore batho ba itse Jehofa Modimo go bontshwa ka boitemogelo jwa mosadi yo o ileng a kolobediwa kwa Kopanong ya ‘Phenyo ya Modimo’ ya 1973, Yankee Stadium, motseng wa New York. O ne a ile a etela Holo ya Bogosi ya lefelo leo ka boene mme a dulela dipokano tse pedi. Jaaka ha phuthego e ne e opela . . . ‘Boloka Matlho a Gago mo Tuelong!,’ o ile a kgatlhiwa ka bobedi ke mafoko le ke tsela eo e opetsweng ka yone a bo a dira phetso ya gore ke moo a neng a batla go nna teng. Morago ga go atamela mongwe wa Basupi le go kopa thuto ya Bibela, a tswelapele go fetoga mosupi wa ga Jehofa wa Mokeresete.”
19. Go neelwa kgothatso efe ya bofelo malebana le go opela dipina tsa Bogosi ka pelo yotlhe?
19 Kwa dipokanong tsa rona tse dintsi, go na le dibaka di sekae fela thata tse bareetsi ba ka supang mo go tsone kafa ba ikutlwang ka gone le kafa ba anaanelang ka gone. Mme lefa go ntse jalo rotlhe re ka bontsha kafa re ikutlwang ka gone ka bomolemo jwa ga Jehofa ka go opela mmogo dipina tsa Bogosi ka pelo yotlhe. Kwantle ga moo, fa re kopana mmogo, a re a bo re sa itumela? Ka jalo re tshwanetse ra ikutlwa re batla go opela! (Yakobe 5:13) Totatota, ka selekanyo se re anaanelang bomolemo jwa ga Jehofa le bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang ka sone, re tla mo opelela dipako tse di tswang mo pelong ka selekanyo sone seo.
O Tla Araba Jang?
◻ Go na le mabaka afe a mabedi a konokono a go bo re baka Jehofa?
◻ Re ka baka Jehofa ka ditsela dife tse di farologaneng?
◻ Nngwe ya ditsela tse dintle thata tse re ka bakang Jehofa ka tsone ke efe?
◻ Re na le dikao dife tse di mo Dikwalong tsa batho ba ba neng ba baka Jehofa ka go opela?
◻ Re ka opela dipina tsa Bogosi ka tsela e e tshwanetseng jang?
[Lebokoso mo go tsebe 11]
Itumeleleng Dipina Tseo!
Go bonala gore bangwe ba ile ba nna le bothatanyana fa ba ithuta dipina di le mmalwa tse disha. Lefa go ntse jalo, diphuthego dingwe ga di a ka tsa nna le bothata bope jo bo kalo fa di opela bontsi jwa dipina tseno. Gongwe go ka tlhokega boiteko jo bo oketsegileng fela go ithuta se la ntlha se lebegang se sa tlwaelega. Fa phuthego e setse e tlwaetse dipina tse di ntseng jalo, gantsi e simolola go di rata thata go feta tse e di ithutileng motlhofo fela. Go tswa foo botlhe mo phuthegong ba ka di opela ka bopelokgale. Ee, ba ka itumelela dipina tseo!
[Lebokoso mo go tsebe 12]
Opelang Dipina tsa Bogosi Fa Lo Kokoane Jaaka Ditsala
Ga go tlhokege gore re opele dipina tsa Bogosi fela fa re le kwa Holong ya Bogosi. Paulo le Silase ba ne ba opelela Jehofa dipako ba le mo kgolegelong. (Ditihō 16:25) Mme morutwa Jakobe o ne a re: “A moñwe oa itumèla? a a ōpèlè pakō.” (Yakobe 5:13, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Fa lo kokoane jaaka ditsala mongwe le mongwe o a bo a itumetse. Ka jalo ke ka ntlha yang fa lo sa opele dipina tsa Bogosi? Seno se ka nna monate thata segolobogolo fa go lediwa le piano kana katara. Kwantle ga moo, go na le ditheipi tsa piano tsa dipina tsa rona tsa Bogosi; malapa a le mantsi a Basupi a na le alebamo ya ditheipi tseno. Ga di molemo fela go opela mmogo le tsone mme gape di monate fa di lelela kwa tlase e le mmino fela o o natetshang.
[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Fa Baiseraele ba sena go falodisiwa kwa Lewatleng le Lehibidu, ba ne ba bontsha boipelo jwa bone ka go opela
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Go opela ka boipelo ke karolo ya kobamelo ya Bokeresete gompieno