BOTSHELO JWA BOKERESETE
Bakang Jehofa Ka go Mo Opelela
Paulo le Silase ba ne ba baka Jehofa ka go mo opelela fa ba ne ba le kwa kgolegelong. (Dit 16:25) Go opela go ne go ba thusa gore ba itshoke. Le rona re kgothadiwa ke dipina tse re di opelang kwa dipokanong le tsa Broadcasting, e bile di re thusa go nna re ikanyega le fa re lebana le diteko. Sa botlhokwa le go feta di dira gore Jehofa a galalediwe. (Pes 28:7) Re kgothalediwa gore re tshwarelele mafoko a dipina dingwe ka tlhogo. A o kile wa leka go dira jalo? Re ka ithuta mafoko a dipina tseno ka nako ya kobamelo ya lelapa.
LEBA BIDIO YA BANA BA BA BAKANG JEHOFA KA GO MO OPELELA, O BO O ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Go opela dipina tsa Bogosi go ka re solegela molemo jang?
Mafapha a go Rekota a ipaakanyetsa jang go rekota dipina?
Bana le ba malapa a bone ba ipaakanyetsa jang go rekota dipina?
Ke dipina dife tsa Bogosi tse o di ratang, mme goreng o di rata?