Basha—Lo Tlhwaela Thuto ya ga Mang Tsebe?
“Bañwe ba tla tenèga mo tumeloñ, ba tlhōkōmèla . . . dithutō tsa badimo.”—1 TIMOTHEO 4:1.
1. (a) Ke eng se basha ba ka se itlhophelang? (b) Jehofa o ruta jang?
POTSO e e bodiwang basha fano ke e e reng, Lo tlhwaela thuto ya ga mang tsebe? Seno se bontsha gore lona basha lo ka itlhophela. Lo ka tlhopha fa gare ga go utlwa thuto ya bomodimo le go latela dithuto tsa badimona. Jehofa o ruta ka Lefoko la gagwe, Bibela, le ka bodihedi jwa bao a ba dirisang jaaka baemedi ba gagwe ba ba mo lefatsheng. (Isaia 54:13; Ditihō 8:26-39; Mathaio 24:45-47) A mme o gakgamadiwa ke gore badimona le bone ba a ruta?
2. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go itisa kgatlhanong le dithuto tsa badimona segolobogolo mo motlheng ono?
2 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mo metlheñ ea moragō, bañwe ba tla tenèga mo tumeloñ, ba tlhōkōmèla meōea e e timetsañ, le dithutō tsa badimo.” (1 Timotheo 4:1) E re ka re tshela mo “metlheñ ea bohèlō” e mo go yone Satane le badimona ba gagwe ba tshwaregileng thata, a o tlhaloganya lebaka la go bo re botsa potso e e reng, Lo tlhwaela thuto ya ga mang tsebe? (2 Timotheo 3:1-5; Tshenolō 12:7-12) E re ka Satane le badimona ba gagwe ba le boferefere thata, e bile ba tsietsa ka ditsela tse ba dirang dilo ka tsone, he go botlhokwa gore o sekaseke potso eno ka kelotlhoko.—2 Bakorintha 11:14, 15.
Badimona le Dithuto tsa Bone
3. Badimona ke bomang, boikaelelo jwa bone ke bofe, mme ba batla go bo fitlhelela jang?
3 Badimona ba kile ba bo ba le baengele ba ga Jehofa, mme ba ne ba tsuologela Mmopi wa bone ka go dira jalo ba nna batshegetsi ba ga Satane. (Mathaio 12:24) Boikaelelo jwa bone ke go fetola batho gore ba nne bosula le go ba faposa mo go direleng Modimo. Gore ba fitlhelele seno, badimona ba dirisa barutisi ba batho gore ba rotloetse mokgwa wa go tshela o o kgalwang ke Jehofa, o mo go one go renang bopelotshetlha le boitsholo jo bo sa siamang. (Bapisa 2 Petere 2:1, 12-15.) Go tlhatlhoba tsela e baengele ba ba kileng ba ne ba ikanyega ba nnileng badimona ka yone go tla go thusa go tlhaola dithuto tsa bone le tsela ya botshelo e dithuto tseno di e rotloetsang.
4. (a) Ke ka ntlha yang fa baengele ba ba senang kutlo ba ne ba tla mo lefatsheng mo motlheng wa ga Noa? (b) Ke eng se se neng sa diragalela baengele ba ba bosula le bana ba bone ka nako ya Morwalela?
4 Mo metlheng ya ga Noa, baengele bangwe ba ne ba kgatlhiwa thata ke bomorwadia batho ba bantle mo e leng gore dibopiwa tseno tsa semoya di ne tsa tlogela bonno jwa tsone kwa legodimong tsa tla mo lefatsheng. Go tlhakanela dikobo le basadi bao go ne ga felela ka gore ba nne le bana ba batsadi ba mefuta e e sa tshwaneng ba ba neng ba bidiwa Banefilimo. E re ka e se ga tlholego gore dibopiwa tsa semoya di age le batho, se baengele ba ba senang kutlo ba se dirileng le basadi bao se ne se le phoso fela jaaka ditiro tsa bosodoma tse di neng tsa dirwa ke banna le basimane ba kwa Sodoma moragonyana. (Genesise 6:1-4; 19:4-11; Yude 6, 7) Le mororo basadi ba baengele bano ba ne ba nyelediwa ke morwalela mmogo le bana ba bone ba batsadi ba mefuta e e sa tshwaneng, baengele ba ba bosula ba ne ba ikapola mebele ya bone ya senama mme ba boela kwa legodimong koo ba neng ba nna badimona ba ga Satane Diabolo gone.—2 Petere 2:4.
5. Badimona ke dibopiwa tsa mofuta ofe, mme ba leka go sokamisa melao ya Modimo jang?
5 Ka ntlha ya ditiragalo tseno tsa mo hisitoring, a o a tlhaloganya gore tota badimona ke dibopiwa tsa mofuta ofe? Ke ba ba dirisang mekgwa e e fapogileng ya tlhakanelodikobo ba tlhotlheletsa lefatshe leno le le tletseng ka tlhakanelodikobo e e sa laolesegeng ba sa bonwe ke batho. Le mororo ba dirilwe gore ba se tlhole ba kgona go ikapesa mebele ya senama gape, ba ijesa monate ka mekgwa e e fapogileng ya tlhakanelodikobo e e dirisiwang ke bao ba kgonang go ba dirisa bosula mo lefatsheng. (Baefesia 6:11, 12) Badimona ba leka go sokamisa melao ya ga Jehofa e e malebana le go itshwara sentle le ya boitsholo ka go e dira gore e lebege e gagametse thata go sa tlhokege. Baengele ba ba bosula bano ba buelela boitshwaro jo bo sa siamang jwa kafa dikobong gore ke tsela ya botshelo e e tlwaelegileng, e e monate.
Go Rotloetsa Dithuto tsa Badimona
6. Ke ka ntlha yang re sa tshwanela go gakgamadiwa ke go bo badimona ba rotloetsa dithuto tsa bone ka tsela e e boferefere?
6 Ga re a tshwanela go gakgamala go bo badimona ba rotloetsa dithuto tsa bone ka tsela e e boferefere jaana, e re ka e le yone tsela e moeteledipele wa bone, Satane Diabolo, a neng a e dirisa go tsietsa Efa. Gakologelwa gore o ne a bua le ene jaaka e kete o ne a batla go mo thusa. “Kana, eu! A Modimo o rile, lo se ka loa ya ditlhare tsa tshimo?” Satane o ne a botsa jalo. Morago ga moo o ne a leka go nyatsa thuto ya Modimo ka boferefere ka go bolelela Efa gore o ne a tla solegelwa molemo ke go ja setlhare se a se ileditsweng. “Mo letsatsiñ ye lo lo yañ,” Diabolo o ne a solofetsa jalo, “hoñ matlhō a lona a tla buduloga, me lo tla nna yaka Modimo, lo itse molemō le boshula.” (Genesise 3:1-5) Ka gone Efa o ne a hepisiwa, ee a faposiwa, gore a se ka a utlwa Modimo.—2 Bakorintha 11:3; 1 Timotheo 2:13, 14.
7. Ke eng se se bakilweng ke dithuto tsa badimona tse di boferefere, mme seno se re tlhagisa ka eng?
7 Mo metlheng ya bosheng jaana le gone batho ba le bantsi ba ile ba faposiwa. Badimona ba ile ba rotloetsa boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong ka boferefere mo e bileng bo amogelwa ke batho ba le bantsi ba ba kileng ba ne ba bo kgala. Ka sekai, fa mokwadi mongwe yo o itsegeng thata yo o neelang dikgakololo mo lokwalopakeng kwa United States a ne a araba lokwalo longwe lo lo neng lo le malebana le batho ba ba sa nyalanang mme ba ntse ba tlhakanela dikobo, o ne a kwala jaana: “Ke ne ke sa akanye gore ke ka fetoga mo kgannyeng eno, mme jaanong ke dumela gore baratani ba ba batlang go nyalana ba tlhoafetse ba tshwanetse go tsaya maeto ka mafelobeke a sekaenyana mmogo go bona gore a ba a tshwanelana.” Go tswa foo o ne a oketsa jaana: “Ga ke dumele gore ke nna ke kwadileng seo!” Le ene tota o ne a sa dumele gore o rotloetsa gore go dirwe kgokafalo, mme gone o ne a dirile jalo! Go phepafetse gore re tshwanetse go ela tlhoko gore dithuto tsa badimona ga di ame tsela e re lebang dilo tse Modimo o di kgalang ka yone.—Baroma 1:26, 27; Baefesia 5:5, 10-12.
8. (a) Lefoko “lehatshe” le dirisiwa jang mo Bibeleng? (b) Ke mang yo o busang lefatshe, mme balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go leba lefatshe jang?
8 Le ka motlha ga re a tshwanela go lebala gore Satane ke “kgōsana ea lehatshe yeno.” Tota e bile, moaposetoloi Johane o ne a bolela gore “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (Yohane 12:31; 1 Yohane 5:19) Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe Jesu o ne a dirisa lefoko “lehatshe” go kaya batho botlhe. (Mathaio 26:13; Yohane 3:16; 12:46) Lefa go ntse jalo, gantsinyana o ne a dirisa lefoko “lehatshe” go kaya batho botlhe ba ba seng mo phuthegong ya Bokeresete ya boammaaruri. Ka sekai, Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ga ba a tshwanela go nna “ba lehatshe” (setšhaba sa batho ba ba sa siamang) le gore e re ka ba se karolo ya lefatshe, lefatshe le ne le tla ba ila. (Yohane 15:19; 17:14-16) Bibela e ne ya tswelela pele e tlhagisa gore re tshwanetse go tila go itsalanya le lefatshe leno le le busiwang ke Satane.—Yakobe 4:4.
9, 10. (a) Ke dilo dife tsa lefatshe tse di tlhotlheletsang keletso ya tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang? (b) Re ka kgona jang go tlhaola motho yo o ikarabelelang mo go se boitlosobodutu jwa lefatshe bo se rutang?
9 Moaposetoloi Johane o ne a kgothatsa jaana: “Se rateñ lehatshe, leha e le dilō tse di mo lehatshiñ.” O ne a bolela jaana gape: “Cotlhe tse di mo lehatshiñ, eboñ thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō, ga se ga Rara.” (1 Yohane 2:15, 16) Akanya ka seno. Ke eng se se mo lefatsheng gompieno se se tlhotlheletsang keletso e e phoso, ka sekai ya go eletsa tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang? (1 Bathesalonia 4:3-5) Re ka reng ka bontsi jwa mmino wa lefatshe? Lepodise lengwe la kwa California le le tlhokomelang badiramolato gore ba itshwara sentle o ne a bolela jaana: “Totatota, mmino o ruta gore ga o a tshwanela go reetsa batsadi ba gago, le gore o tshwanetse wa tshela ka tsela e wena o e batlang.” A o lemoga motswedi wa thuto e e rutiwang ke mmino o o ntseng jalo?
10 Gakologelwa gore se tota Satane a neng a se bolelela Efa e ne e le gore: ‘O fetiwa ke monate. Tshela ka tsela e wena o e batlang. Itirele ditshwetso ka se se molemo le se se bosula. Ga go tlhokege gore o reetse Modimo.’ (Genesise 3:1-5) A seo ga se mofuta wa molaetsa o o tshwanang le o o fitlhelwang mo bontsing jwa mmino wa lefatshe? Mme badimona ga ba dirise mmino fela go ruta. Ba ruta le ka dithulaganyo tsa thelebishene tsa kgwebo, dibaesekopo, le dibidio. Ka tsela e e ntseng jang? Ebu, metswedi ya ditlhaeletsanyo ya lefatshe leno e bontsha boitlosobodutu jo bo dirang gore dithuto tsa Modimo tsa boitsholo di lebege di gatelela. Ba buelela kgokafalo ka go e tlhalosa le go e bontsha e le e e eletsegang.
11. Mabapi le boitsholo, gantsi thelebishene e re ruta eng?
11 Makasine wa U.S.News & World Report o ne wa bolela jaana: “Ka 1991, diteishene di le tharo tsa thelebishene [U.S.] di ne tsa bontsha tlhakanelodikobo ka makgetlo a a fetang 10 000 maitseboa; diteishene tseno di ne tsa bontsha ditshwantsho dingwe tsa tlhakanelodikobo gareng ga banyalani, mme sengwe le sengwe sa ditshwantsho tseo se ne se na le tse dingwe tse 14 tsa tlhakanelodikobo gareng ga batho ba ba sa nyalang.” O ka re thelebishene e ruta eng fa e bontsha boitsholo jo bo sa tshwanelang ka makgetlo a a fetang 9 000 bosigo mo ngwageng o le mongwe fela? Barry S. Sapolsky, yo o neng a nna le seabe fa go kwalwa pego e e reng “Tlhakanelodikobo mo Thelebisheneng Maitseboa: Fa 1979 E Bapisiwa le 1989,” o bolela jaana: “Fa mosha yo o mo dingwageng tsa bolesome a fetsa ngwaga a lebelela thelebishene e e bontshang batho ba tshameka ka maikutlo a lorato kana boitshwaro jo bo sa tshwanelang, ditshwantsho tseno tse di diketekete tse a di bonang ka dingwagangwaga di tla mo ruta gore tlhakanelodikobo ke selo se se monate—le gore ga e na ditlamorago dipe.” Seno ga se belaetse: Boitlosobodutu jwa lefatshe leno bo ruta basha gore ga go na melao, gore kgokafalo e a amogelwa, le gore ga go na ditlamorago tse di bosula lefa o ka tshela ka tsela e Modimo o e kgalang.—1 Bakorintha 6:18; Baefesia 5:3-5.
12. Ke ka ntlha yang fa boitlosobodutu jwa lefatshe leno bo gatelela basha ba Bakeresete thata jaana?
12 Mmino wa lefatshe, dibaesekopo, dibidio, le thelebishene ya lone di diretswe go gogela basha. Di anamisa dithuto tse di bosula tsa badimona! A mme seno se tshwanetse sa re gakgamatsa? A o ko o akanye fela. Fa e le gore bodumedi jwa maaka le bopolotiki ke karolo ya lefatshe la ga Satane—mme go phepafetse gore ke karolo ya lone—a go a utlwala go dumela gore boitlosobodutu jo bo rotloediwang ke lefatshe leno bo ka tlhoka tlhotlheletso ya bodimona? Segolobogolo lona basha lo tlhoka go itisa gore lo se ka lwa “letla lefatshe le lo mo go lone gore le lo bope gore lo tshwane le lone.”—Baroma 12:2, The New Testament in Modern English, ka J. B. Phillips.
Itlhatlhobe ka Bowena
13. Motho o tshwanetse a itlhatlhoba ka tsela efe?
13 Kgang ya gore ke dithuto tsa ga mang tse o di tlhwaelang tsebe ga e a ikaega fela ka puo ya gago mme gape go ikaegile le ka ditiro tsa gago. (Baroma 6:16) Ka jalo ipotse, ‘A tsela e ke ikutlwang ka yone le e ke tshelang ka yone di ka tswa di amilwe ka tsela e e sa siamang ke se ke se ithutang mo diteisheneng tse di anamisang tshedimosetso ya lefatshe? A e ka tswa e le gore dithuto tsa badimona di senya botshelo jwa me?’ Go go thusa go araba dipotso tse di ntseng jalo, ke ka ntlha yang o sa tseye nako e o e dirisang le boiteko jo o bo dirang go ithuta Bibela, go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, le go bua le ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo o bo o di bapisa le nako le boiteko jo o bo dirang o lebelela thelebishene, go reetsa mmino, go tsaya karolo mo motshamekong o o o ratang thata, kana o dira ditiro tse di tshwanang le tseo? E re ka dilo tse dintsi jaana di le mo kotsing—tota e bile jone botshelo jwa gago—itlhatlhobe ka boikanyegi.—2 Bakorintha 13:5.
14. Ke eng se se tla amang botsogo jwa rona jwa semoya, mme ke ntlha efe e e masisi e re tshwanetseng go nna re e gakologetswe?
14 O itse sentle gore dijo tse o di jang di tla ama boitekanelo jwa gago jwa mo mmeleng. Ka mo go tshwanang, botsogo jwa gago jwa semoya bo amiwa ke seo o fepang mogopolo le pelo ya gago ka sone. (1 Petere 2:1, 2) Lefa o ka nna wa itsietsa malebana le gore tota dikgatlhego tsa gago ke dife, o ka se tsietse Moatlhodi wa rona, Jesu Keresete. (Yohane 5:30) Ka jalo ipotse, ‘Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, a ke ne ke tla tlhabiwa ke ditlhong gore fa a tsena mo ntlong ya me a bo a utlwa mmino wa me kana a bona se ke se lebeletseng?’ Ntlha e e masisi ke gore Jesu o re lebeletse e bile o itse ditiro tsa rona.—Tshenolō 3:15.
Gana Dithuto tsa Badimona
15. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go lwa ka natla go gana dithuto tsa badimona?
15 Badimona ba gatelela basha thata gore ba tlhwaele dithuto tsa bone tsebe. Go lebega meya eno e e bosula e batla gore batho ba tshele botshelo jwa go ikgotsofatsa ka bonako—jwa go tshameka le go ijesa monate. Moshe wa bogologolo o ne a gana go “ya monate oa dikgatlhègō tsa boleo ka lobaka” jaaka leloko la maemo a a kwa godimo la ntlo ya ga Farwe, e le gore a tle a itumedise Modimo. (Bahebera 11:24-27) Ga go motlhofo go gana se badimona ba se re neelang, ka gone he, o tshwanetse wa lwa ka natla gore o dire se se siameng. Seno se boammaaruri thata ka gonne re ruile sebe le dipelo tsa rona gantsi di eletsa go dira se se bosula. (Genesise 8:21; Baroma 5:12) E re ka jaana re sekametse mo go direng boleo, tota le moaposetoloi Paulo o ne a tshwanelwa ke go ikgoba mmele le gore a se ka a letlelela dikeletso tsa nama go mo laola.—1 Bakorintha 9:27; Baroma 7:21-23.
16. Basha ba ka kgona jang go gana dikgatelelo tsa go tsenelela mo boitshwarong jo bo sa siamang?
16 Le mororo o ka nna wa raelesega go “sala bontsi moragō mo go diheñ boshula,” Modimo o ka go thusa go gana kgatelelo ya ditsala tsa gago ya gore o latele tsela ya bone e e phoso. (Ekesodo 23:2; 1 Bakorintha 10:13) Mme o tshwanetse wa reetsa dikaelo tsa Modimo, o boloka se a se bolelang mo pelong ya gago. (Pesalema 119:9, 11) O tshwanetse wa lemoga gore fa basha ba le bosi, ba ka nna le keletso ya tlhakanelodikobo e bo e dira gore ba robe molao wa Modimo. “Fa ke na le tsala ya me ya mosimane re le babedi fela, mmele wa me o batla go dira selo sengwe mme boboko jwa me bo mpolelela gore ke dire se sele,” mosha mongwe o ne a dumela jalo. Ka jalo itse fa o tshwanetseng go ema teng o bo o lemoge le gore pelo ya gago e boferefere. (Yeremia 17:9) Lo se ka lwa dira gore lo nne lo le babedi fela. (Diane 18:1) Itlhomeleng ditekanyetso tsa gore lo tla bontshana lorato go fitlha kae. Mme sengwe se se botlhokwa thata ke gore o itsalanye fela le batho ba ba ratang Jehofa e bile ba tlotla melao ya gagwe thata.—Pesalema 119:63; Diane 13:20; 1 Bakorintha 15:33.
17. Ke eng se se ka thusang basha ba Bakeresete go nna le nonofo ya go gana dithuto tsa badimona?
17 Go ithuta ka kelotlhoko dikgatiso tsa Bokeresete tse di diretsweng go go nonotsha semoyeng go tla go thusa. Ka sekai, akanya ka buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo le kgaolo e e reng “Ntwa ya Go Dira Tshiamo” mo bukeng ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Letla thuto e o e neetsweng ya Dikwalo e nwelelele mo mogopolong wa gago le mo pelong, mme e tla go nonotsha. Ntlha e le ka motlha o sa tshwanelang go e lebala ke gore ga go motlhofo go dira se se siameng mo lefatsheng leno le le laolwang ke badimona. Ka jalo lwa ka natla. (Luke 13:24) Inonotshe semoyeng. O se ka wa etsa batho ba ba bokoa, le ba ba boboi ba ba salang bontsi jwa batho morago.
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Bomodimo
18. Melemo mengwe ya go tlhwaela thuto ya bomodimo tsebe ke efe?
18 Gape gakologelwa gore o ka se latlhegelwe ke sepe se se botlhokwa fa o tlhwaela thuto ya ga Jehofa tsebe. Eleruri o a go rata, mme ke gone ka moo a go “rutañ go itemohalèla.” (Isaia 48:17) Ka jalo tlhwaela thuto ya ga Jehofa tsebe, mme o tile go tshwenngwa ke segakolodi se se gobaditsweng, go tlhoka boitlotlo, go ithwala go go sa batlegeng, malwetsi a a tshelanwang a tlhakanelodikobo, kana matlhotlhapelo a a tshwanang le ao. Jehofa o a ipela fa batlhanka ba gagwe ba araba kgwetlho ya ga Satane ya gore batho ba ka se ikanyege mo Modimong fa ba lekwa. (Yobe 1:6-12) Fa o itumedisa pelo ya ga Jehofa ka go ikanyega mo go ene, o tla falola fa a tlisa katlholo e e botlhoko kgatlhanong le lefatshe leno, fa botlhe ba ba buang melao ya gagwe leswe ba nyelediwa.—Diane 27:11; 1 Bakorintha 6:9, 10; 1 Yohane 2:17.
19. Ke eng go le botlhokwa go itsalanya le bao ba anaanelang melemo ya thuto ya ga Jehofa?
19 Fa o itsalanya thata le bao ba anaanelang se Jehofa a se ba diretseng, o ka ithuta go tswa mo maitemogelong a bone. Motho mongwe yo pele a neng a tshwakgotswe ke diokobatsi e bile a tseneletse mo boitsholong jo bo sa siamang o ne a tlhalosa jaana: “Fa ke ka bo ke sa reetsa Jehofa, ke ka bo ke sule. Motho yo o neng a tshwanetse go nnyala o bolailwe ke bolwetsi jwa AIDS. Ditsala tsa me tsotlhe tsa pele tsa lefatshe di bolailwe ke bolwetsi jwa AIDS kana di santse di tla swa. Ke di bona thata mo diterateng, mme ke leboga Jehofa letsatsi le letsatsi ka melao ya gagwe e e kaelang batho ba gagwe le gore e tla re boloka re le boitshepo fa fela re e dirisa. Gone jaanong ke itumetse, ke kgotsofetse le go babalesega mo botshelong jwa me go gaisa lefa e le leng pele.” Eleruri, go tlhwaela thuto ya ga Jehofa tsebe go re solegela molemo ka metlha!
Dirang Tlhopho E E Siameng
20, 21. (a) Ke dilo dife tse pedi tse basha ba tshwanetseng go tlhopha mo go tsone? (b) Go tlhwaela thuto ya bomodimo tsebe go tla nna le molemo ofe wa goyagoile?
20 Re lo rotloetsa jaana lona basha: Dirang tlhopho e e siameng ka go direla Jehofa. Go tswa foo lo bo lo ititaya sehuba go ngaparela tshwetso eo. (Yoshue 24:15) Totatota, o ka kgona go dira tlhopho e le nngwe fela mo go tse pedi. Jesu o ne a bolela gore go na le tsela e e atlhameng—e mo go yone go leng motlhofo go ka dira se o se ratang. Tsela eo e isa kwa lefeleleng, kwa tshenyegong. Tsela e nngwe e pitlagane. Ke tsela e e thata go tsamaya mo go yone mo lefatsheng leno le le nang le boitsholo jo bo maswe, le le laolwang ke badimona. Mme kgabagare tsela eo e tla isa ba ba tsamayang mo go yone kwa lefatsheng le lesha la Modimo le le itumedisang. (Mathaio 7:13, 14) O tla tsaya tsela efe? O tla tlhwaela thuto ya ga mang tsebe?
21 Jehofa o batla o itlhophela. Ga a leke go go patelela gore o mo direle. “Ke beile botshelō le losho ha pele ga gago,” go ne ga bolela jalo moperofeti wa Modimo e bong Moshe, a kgothatsa jaana: “Itshenkèlè botshelō.” Tlhopho eno e dirwa ka “gore u ratè Yehofa Modimo oa gago, go inèla go utlwa lencwe ya gagwè, le go mo ñaparèla.” (Duteronome 29:2; 30:19, 20) E kete o ka tlhopha ka botlhale go tlhwaela thuto ya bomodimo tsebe mme o itumelele botshelo ka bosakhutleng mo lefatsheng le lesha le le galalelang la Modimo.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Badimona ke bomang, mme ba ruta eng?
◻ Badimona ba rotloetsa dithuto tsa bone jang gompieno?
◻ Re ka kgona jang go gana dithuto tsa badimona?
◻ Re tla bona melemo efe fa re tlhwaela thuto ya ga Jehofa tsebe?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Pele ga Morwalela, baengele ba ba senang kutlo mmogo le bana ba bone ba ne ba rotloetsa bothubaki le boitlhapediso
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
A o ne o tla tlhabiwa ke ditlhong fa Jesu a ne a ka utlwa mmino wa gago o o o ratang thata?