LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 5/15 ts. 26-27
  • O Ne A Sa Tsofala Thata Mo A Ka Palelwang ke go Direla Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Ne A Sa Tsofala Thata Mo A Ka Palelwang ke go Direla Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘O Ne A Sa Kgaotse go ya Tempeleng’
  • Masego A A Sa Lebelelwang
  • Sekao Se Se Molemo sa ga Ana
  • Morutabana Mongwe o Fetola Boikutlo Jwa Gagwe
    Tsogang!—2009
  • Latvia e Amogela Dikgang Tse di Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Tlhogonolofala Semoyeng Mo Botlhogoputsweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Go Direla Jehofa Pele ga Malatsi a Masetlapelo a Goroga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 5/15 ts. 26-27

O Ne A Sa Tsofala Thata Mo A Ka Palelwang ke go Direla Jehofa

BATHO ba le bantsi ba ba godileng ga ba solofele go bona boitumelo mo dingwageng tsa bone tse di setseng. Motshameki mongwe wa mosadi yo o itsegeng thata yo o tsofalang o ne a ba a bolela jaana: “Ke sentse botshelo jwa me, mme ga go sa tlhole go na le nako ya go bo fetola . . . Fa ke tsamaya ke iphokisa phefo ke le nosi, ke akanya ka nako e e fetileng ya botshelo jwa me, mme ga ke itumedisiwe ke tsela e ke neng ke bo tshela ka yone . . . Ke kgobega marapo gongwe le gongwe mme ga ke kgone go iketla.”

Mosadi mongwe yo o godileng thata yo o neng a tshela mo e ka nnang dingwaga tse 2 000 tse di fetileng o ne a sena mathata a mofuta oo. E ne e le motlholagadi wa dingwaga di le 84, mme o ne a le matlhagatlhaga, a itumetse, e bile a ratiwa thata ke Modimo. Leina la gagwe e ne e le Ana, mme o ne a na le lebaka le le kgethegileng la go itumela. E ne e le lefe leo?

‘O Ne A Sa Kgaotse go ya Tempeleng’

Mokwadi wa Efangele e bong Luke o re bolelela kaga Ana. “Me,” o bolela jalo, “ga bo go le moñwe, go twe Ana, moperofeti oa sesadi, morwadia Fanuele, oa locō loa Ashera” kwa Iseraela. Jaaka moperofeti wa sesadi, o ne a na le mpho ya moya o o boitshepo wa Modimo, kana maatla a a dirang, ka tsela e e kgethegileng. Mme Ana o ne a na le sebaka se se molemolemo sa go perofesa mo tiragalong nngwe e e tlhomologileng.

Luke o bolela jaana: “[Mosadi yono] a bo a cohetse thata, me a kile a nna le monna ka dinyaga dishupa go tloga mo bokgarebaneñ yoa gagwè; Me a bo a [le motlholagadi wa, NW] dinyaga e ka ne e le di le mashomè a hèrañ e le mebedi le bonè.” (Luke 2:36, 37) Go bonala Ana a ne a nna motlholagadi a santse a le mosha thata. Basadi ba Bakeresete ba batlholagadi ba dingwaga lefa e ka nna dife ba itse gore go botlhoko jang go swelwa ke monna yo o mo ratang thata. Lefa go ntse jalo, fela jaaka basadi ba le bantsi ba ba ratang Modimo ba motlha wa rona, Ana o ne a se ka a letla gore tiragalo eno e e botlhoko e mo emise go direla Modimo.

Luke o re bolelela gore Ana ‘o ne a sa kgaotse go ya tempeleng’ kwa Jerusalema. (Luke 2:37) O ne a anaanela thata tshegofatso e a neng a e bona ka ntlha ya go direla mo ntlong ya Modimo. Ditiro tsa gagwe di ne di bontsha gore o ne a na le selo se le sengwe go se kopa mo go Jehofa, jaaka kgosi ya mopesalema ya Baiseraele e bong Dafide. Mme seo e ne e le eng? Dafide o ne a opela jaana: “Ke lopile selō señwe mo go Yehofa, ke shōna se ke tla se senkañ; ke gore ke tlè ke agè mo tluñ ea ga Yehofa ka malatsi aotlhe a botshelō yoa me, go leba bontlè yoa ga Yehofa, le go botsa mo tempeleñ ea gagwè.” (Pesalema 27:4) Le mo kgannyeng eno, Ana o tshwana le basadi ba Bakeresete gompieno bao ba itumelelang go nna ka metlha mo lefelong la ga Jehofa la kobamelo.

Ana o ne a neela Jehofa tirelo e e boitshepo bosigo le motshegare. O ne a dira seno “ka go ikitsa go ya, le ka mekokotlèlō,” a bontsha go hutsafala le go tlhologelela ka tlhoafalo. (Luke 2:37) Go nna ka makgolokgolo a dingwaga ga Bajuda kafa tlase ga puso ya Baditšhaba, mmogo le go senyega ga maemo a bodumedi go go neng ga fitlha le kwa tempeleng tota le mo baperesiting ba yone, go ka nna ga bo go ile ga dira gore Ana a itime dijo le go isa mekokotlelo kwa go Jehofa Modimo. Mme le gone o ne a ntse a na le lebaka la go itumela, segolobogolo ka gonne go ne ga diragala sengwe se se sa tlwaelegang mo letsatsing le ruri e neng e le la ditiragalo ka ngwaga wa 2 B.C.E.

Masego A A Sa Lebelelwang

Mo letsatsing leno le le botlhokwa thata, losea e leng Jesu lo ne lwa isiwa kwa tempeleng ya Jerusalema ke mmaagwe, e bong Maria, le rraagwe yo a mo ikgodiseditseng, e bong Josefa. Simeone yo o neng a tsofetse thata o ne a bona ngwana yono yo monnye mme a bolela mafoko a boperofeti ka tiragalo eno. (Luke 2:25-35) Ana o ne a le kwa tempeleng jaaka gale. “A tla hèla ka lobaka louō,” Luke o bega jalo. (Luke 2:38) Ana o tshwanetse a bo a ne a itumetse jang ne fa matlho a gagwe a a tsofetseng a ne a bona Mesia wa mo isagweng!

Malatsi a le 40 pelenyana ga foo, moengele wa Modimo o ne a akabaditse badisa gaufi le Bethelehema ka mafoko ano: “Bōnañ, ke lo lereditse mahoko a a molemō, a boitumèlō yo bogolo, yo bo tla dihalèlañ batho botlhe. Gonne, gompiyeno, mo motsiñ oa ga Dafide, lo tsalecwe Mmoloki, eo e leñ Keresete Morèna.” Bontsintsi jwa lesomosomo la legodimo le ne la baka Jehofa mme la oketsa jaana: “Kgalalèlō e nnè go Modimo kwa bogodimodimoñ, le kagishō e nnè mo lehatshiñ, mo bathuñ ba o kgatlhègañ thata mo go bōnè.” (Luke 2:8-14) Ka mo go tshwanang, Ana jaanong o ne a setse a tlhotlheletsega go neela bosupi ka Ene yo o neng a tla nna Mesia!

Fa Ana a sena go bona loseanyana Jesu, “a leboga Modimo, a bua kaga gagwè le batho botlhe ba ba lebeletseñ thèkololō ea Yerusalema.” (Luke 2:38) Fela jaaka Simeone yo o godileng thata, yo le ene a neng a nna le tshiamelo ya go bona losea Jesu kwa tempeleng, kwantle ga pelaelo o ne a tlhologeletswe Mogolodi yo o solofeditsweng, a rapelela gore a tle, e bile a mo letetse. Mafoko a a molemo a gore Jesu e ne e le Ene yoo, a ne a le molemo thata mo a neng a se ka a itshwara go ka a bolelela ba bangwe.

Le mororo Ana a ne a sa solofela gore o ne a tla bo a ntse a tshela fa Jesu a setse a godile, o ne a dira eng? O ne a neela ba bangwe bosupi ka boipelo kaga kgololo e e tla tlisiwang ke Mesia yono yo o tlang.

Sekao Se Se Molemo sa ga Ana

Ke batho ba bodumedi ba le ba kae ba lefatshe ba ba ka neelang bosupi jo bo ntseng jalo kana ba ba santseng ba ka obamela bosigo le motshegare ba na le dingwaga di le 84? Ba ne ba ka nna ba ikopela penshene ba le mo dingwageng tse di kwa tlasenyana. Ana le Simeone ba ne ba farologane. Ba tlhometse batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba ba godileng sekao se se molemo. Eleruri, ba ne ba rata ntlo ya ga Jehofa ya kobamelo mme ba ne ba mo galaletsa ka dipelo tsa bone tsotlhe.

Ana ke sekao se sentle thata mo go rona sa motlholagadi yo o neng a rata Modimo. Tota e bile, tlhaloso ya ga Luke fa a ne a tlhalosa mosadi yono yo o godileng yo o boikokobetso e dumelana sentle le ditshwanelego tsa motlholagadi yo o tshwanelang go tsewa jaaka motlholagadi tse di kwadilweng mo go 1 Timotheo 5:3-16. Mo go yone moaposetoloi Paulo o bolela gore motlholagadi yo o ntseng jalo “o tla a cwèlèle mo mekokotleloñ le mo merapeloñ bosigo le motshegare,” ke “eo o kileñ a nyalwa ke monna a le moñwe hèla,” mme o “cweleletse pele ka tlhōahalō mo tihoñ ñwe le ñwe e e molemō.” Ana e ne e le mosadi yo o ntseng fela jalo.

Gompieno, re bona batlholagadi ba ba godileng ba ba ikanyegang ba direla Modimo tirelo e e boitshepo bosigo le motshegare mo diphuthegong tse di diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe. A bo re itumela jang ne go bo re na le “boAna” ba motlha wa segompieno fa gare ga rona!

Lefa banna le basadi ba tsofetse ba ka kgona go ineela mo Modimong ba bo ba bontsha seno ka go kolobediwa mo metsing. Batho bano ba ba godileng ga ba a tsofala thata mo ba ka palelwang ke go direla Jehofa le go neela bosupi kaga Bogosi jwa ga Mesia jo jaanong bo setseng bo busa kwa legodimong mme mo bogautshwaneng bo tla bo bo tlisetsa batho ba ba kutlo masego a magolo. Batho ba ba tsofetseng ba ba direlang Modimo tirelo e e boitshepo jaanong ba ka supa gore ba na le masego a ga Jehofa, fela jaaka Ana yo o neng a segofadiwa ka tsela e e kgethegileng makgolokgolo a dingwaga a a fetileng. O ne a sa tsofala thata mo a ka palelwang ke go direla Jehofa le go baka leina la gagwe le le boitshepo—mme le bone fela jalo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela