LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/09 ts. 21
  • Morutabana Mongwe o Fetola Boikutlo Jwa Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Morutabana Mongwe o Fetola Boikutlo Jwa Gagwe
  • Tsogang!—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Ne A Sa Tsofala Thata Mo A Ka Palelwang ke go Direla Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Latvia e Amogela Dikgang Tse di Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ke Ka Dirisana Sentle Jang le Morutabana wa Me?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Nka Dira Eng Gore ke Utlwane le Morutabana wa Me?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 3/09 ts. 21

Morutabana Mongwe o Fetola Boikutlo Jwa Gagwe

◼ Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, morutabana mongwe kwa Batumi kwa nageng nngwe ya Georgia, o ne a kopa baithuti ba tlelase ya gagwe gore ba bue Melao e e Lesome. Morutabana o ne a gakgamala fa mongwe wa baithuti e bong Anna, a e bua sentle yotlhe ka tlhogo. O ne gape a araba dipotso tse dingwe tsa Baebele ka tsela e e kgatlhang. Morutabana yo o neng a kgatlhegile, o ne a mmotsa gore go tla jang gore a bo a itse dilo tse dintsi jaana. Fa Anna a araba ka gore o ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, morutabana o ne a mo didimatsa a bo a bolela gore o akanya fa Basupi ba feteletsa dilo.

Mo lekgetlhong lengwe, morutabana o ne a kopa baithuti gore ba kwale tlhamo e e malebana le botshelo kwa Georgia le mathata a a farologaneng a batho ba naga eo ba lebaneng le one. Anna o ne a kwala jaana kwa bofelong jwa tlhamo ya gagwe: “Maiteko ape a batho ba a dirang go fetola setšhaba ka tsela e kgolo a ka se ka a atlega ka gonne, jaaka Jeremia 10:23 e bolela: ‘Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.’ Mathata otlhe a tla fedisiwa fela ke Bogosi jwa Modimo.”

Ka letsatsi le le latelang morutabana o ne a akgolela Anna tlhamo ya gagwe mo tlelaseng mme a re: “Ke itumeletse tlhamo e e tlhomologileng e Anna a e kwadileng ka mafoko a gagwe. Mo go yone o tlhalositse kafa go ka kgonegang ka teng gore maemo a lefatshe a fetoge.” Gape morutabana o ne a kgatlhilwe ke boitshwaro jwa ga Anna, a mo akgola mo pele ga tlelase yotlhe ka ntlha ya maitseo a gagwe a mantle le ka go bo a apara sentle.

Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba etela morutabana yono kwa legaeng la gagwe, o ne a ba bolelela gore mo nakong e e fetileng o ne a tsaya gore ba feteletsa dilo mme o ne a fetola boikutlo jwa gagwe ka ntlha ya moithuti wa gagwe e bong Anna. Ka 2007, morutabana yono o ne a nna teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu Keresete mmogo le Basupi ba ga Jehofa mme a reetsa thulaganyo ka kelotlhoko.

Morago ga Segopotso, morutabana wa ga Anna o ne a dumela gore o kgatlhilwe thata ke tsela e Basupi ba ga Jehofa ba itseng Baebele sentle ka yone. Gone jaanong Basupi ba ithuta Baebele ka metlha le ene. Ga go na pelaelo gore, le wena o ipha nako gore o tle o sekaseke gore batho ba bangwe ba dumela eng le gore ba itshwara jang. Ke eng o sa kope mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore a ithute Baebele le wena mahala?

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Anna a kwala tlhamo ya gagwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela