LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 6/15 ts. 5-7
  • Baratiwa ba Gago Ba Ba Suleng—A O Tla Ba Bona Gape?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baratiwa ba Gago Ba Ba Suleng—A O Tla Ba Bona Gape?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Bomang Ba Ba Tsosediwang go Ya Legodimong?
  • Go Tsosediwa go Tshela mo Lefatsheng
  • Go Tsosiwa ga Ba Le Bantsi
  • Go Diragalang Ka Batho Ba Ba Suleng Ba Re Neng Re Ba Rata?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Bagologolwane ba Rona ba Tla Tshela Gape
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ke Bomang ba ba Tlileng go Tsosiwa? Ba Tlile go Nna Kae?
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Botshelo Morago ga Loso—Jang, Kae, Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 6/15 ts. 5-7

Baratiwa ba Gago Ba Ba Suleng—A O Tla Ba Bona Gape?

JOHN o ne a na le dingwaga tse robongwe fela fa mmaagwe a ne a tlhokafala. Moragonyana, o ne a gakologelwa se se neng sa diragala kwa mmoshareng: “Ke ne ka mo thalela setshwantsho mme ka mo kwalela mafokonyana a sekae ke mo kopa gore a re emele rotlhe kwa legodimong. Ke ne ka se neela Papa gore a se tsenye mo kesing, mme le fa a ne a sule, ke dumela gore o ne a amogela molaetsa oo wa me wa bofelo.”—How It Feels When a Parent Dies, e e kwadilweng ke Jill Krementz.

Ga go na pelaelo epe ya gore John o ne a rata mmaagwe ka pelo ya gagwe yotlhe. Fa a sena go tlhalosa dinonofo tsa gagwe tse di molemo, o ne a re: “Gongwe ke fela ka gonne ga ke batle go gakologelwa dilo tse di bosula ka ga gagwe, mme ga ke kgone go gopola sepe se se bosula ka ga gagwe. E ne e le ene mosadi yo montle go gaisa botlhe ba nkileng ka ba bona mo botshelong jwa me jotlhe.”

Jaaka John, batho ba le bantsi ba gakologelwa dilo tse di monate ka ga baratiwa ba bone ba ba suleng mme ba dumela gore ba ikutlwa ba batla go ba bona gape. Edith, yo morwawe wa dingwaga tse 26 a neng a tlhokafala a bolawa ke kankere, o ne a re: “Ke ikutlwa ke dumela gore morwaake o teng felo gongwe mme le fa go ntse jalo ga ke itse gore kae. A ke tla mmona gape? Ga ke itse mme ke solofela jalo.”

Kwantle ga pelaelo, Mmopi yo o lorato wa motho ga a itlhokomolose keletso eno ya motho ya tlholego. Ke gone ka moo a solofeditseng gore go tla tla nako e ka yone batho ba le dimilionemilione ba tla kopanang gape le baratiwa ba bone ba ba suleng. Lefoko la Modimo le umaka gantsi tsholofetso eno ya tsogo e e tlang ya baswi.—Isaia 26:19; Daniele 12:2, 13; Hosea 13:14; Yohane 5:28, 29; Tshenolō 20:12, 13.

Ke Bomang Ba Ba Tsosediwang go Ya Legodimong?

A re tlhatlhobeng tsholofelo ya ga John ya gore mmaagwe yo o rategang o mo emetse kwa legodimong. Batho ba le bantsi ba ba tsenang kereke ba na le tsholofelo eno kana tumelo eno. Baruti le badirelaloago bangwe ba leka go tshegetsa megopolo eo ka go sokamisa ditemana tsa Bibela.

Ka sekai, moitse mongwe yo o thusang batho ba ba swetsweng, Dr. Elisabeth Kübler-Ross, o ne a bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya On Children and Death: “Go swa go kaya fela gore re apola mmele wa rona fela jaaka re ka apola jase e kgologolo e e onetseng, kana re tswa mo phaposing e nngwe re tsena mo go e nngwe. Re bala jaana mo go Moreri 12:7: ‘Me lorole lo tla boela mo mmung jaaka lo ne lo nntse; le moya o tla boela kwa Modimong o o o abileng.’ Jesu o ne a re: ‘Ke ya go lo baakanyetsa manno gore kwa ke teng le lona lo nne teng.’ A bo a raya senokwane se se neng se le mo sefapaanong a re: ‘Gompieno o tla nna le nna mo paradaiseng.’”

A ditemana tse di fa godimo tota di kaya gore baratiwa ba rona ba ba suleng ba a tshela gone jaanong e bile ba re emetse kwa legodimong? A re tlhatlhobeng ditemana tseno ka kelotlhoko thata, go simolola ka Moreri 12:7. Go phepafetse gore monna yo o botlhale yo o kwadileng mafoko ao o ne a sa ikaelela go ganetsa mafoko ao a neng a setse a a buile mo go lone lokwalo loo lwa Bibela: “Batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè.” (Moreri 9:5) O ne a bua ka ga loso lwa batho ka kakaretso. A go a utlwala go dumela gore balatolamodimo botlhe le dikebekwa tsotlhe tse di setseng di sule segakolodi di ka boela kwa Modimong fa di swa? Tota nnyaa. E bile tota, ga go na ope wa rona yo go ka bolelwang jalo ka ene, go sa kgathalesege gore re ipona re siame kana re le bosula. E re ka go sena ope wa rona yo o kileng a nna le Modimo kwa legodimong, go ka buiwa jang ga twe re boela kwa go ene?

Mme he, mokwadi wa Bibela o ne a kaya eng fa a ne a re fa motho a swa ‘moya o boela kwa Modimong wa boammaarure’? Fa a ne a dirisa lefoko la Sehebera le le ranotsweng jaaka “mōea,” o ne a sa bue ka sengwe se se tlhomologileng se se tlhaolang motho yo mongwe mo go ba bangwe. Go na le moo, mo go Moreri 3:19, ene mokwadi yoo yo o tlhotlheleditsweng wa Bibela o tlhalosa gore motho le diphologolo “di mōea moñwe hèla cotlhe.” Go bonala sentle gore o ne a kaya gore “mōea” ke maatla a botshelo a a mo diseleng tse di bopang mebele ya senama ya motho le diphologolo. Ga re a fiwa moya ono ka tlhamalalo ke Modimo. O ne wa fetisediwa mo go rona ke batsadi ba rona ba batho fa re ne re imiwa re bo re tla re tsholwa moragonyana. Mo godimo ga moo, moya ono ga o tsamaye ka tsela ya mmatota o ralala lefaufau o boela kwa Modimong fa re swa. Mafoko a a reng, ‘moya o boela kwa Modimong,’ ke puo ya tshwantshetso e e kayang gore tsholofelo ya gore motho yo o suleng a ka tshela gape jaanong e mo thateng ya Modimo. Ke ene a tla dirang tshwetso ya gore o tla gakologelwa mang e bo e re kgabagare a mo tsose. Ela tlhoko ka bowena kafa Bibela e bontshang seno ka phepafalo ka gone mo go Pesalema 104:29, 30.

Jehofa Modimo o ikaeletse gore palonyana ya balatedi ba ba ikanyegang ba ga Keresete, ba ba 144 000 fela, ba tla tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong e le barwa ba Modimo ba semoya. (Tshenolō 14:1, 3) Bano ba bopa goromente wa selegodimo le Keresete gore batho ba ba mo lefatsheng ba bone melemo.

Batho ba ntlha go utlwa ka ga seno e ne e le baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ga Jesu, ba a neng a ba raya a re: “Mo tluñ ea ga Rrè go na le mannō a le mantsi; ha go no go sa nna yalo, nka bo ke lo boleletse; gonne ke ea go lo baakanyetsa bonnō. Me ha ke ea go lo baakanyetsa bonnō, ke tla tla gapè, me ke tla lo icholèla; gore kwa ke gōna le lona lo nnè gōna.” (Yohane 14:2, 3) Baaposetoloi bao le Bakeresete ba bangwe ba pele ba ne ba swa mme ba tshwanelwa ke go leta ba sa ikutlwe ba sule go fitlha Jesu a tla go ba duela ka go ba tsosetsa kwa legodimong. Ke gone ka moo re balang gore moswelatumelo wa ntlha wa Mokeresete, Setefane, o ne “a rōbala.”—Ditihō 7:60; 1 Bathesalonia 4:13.

Go Tsosediwa go Tshela mo Lefatsheng

Mme lefa go ntse jalo go tweng ka se Jesu a se solofeditseng senokwane se se swetseng fa thoko ga gagwe? Jaaka Bajuda ba le bantsi ba motlha oo, monna yo o ne a dumela gore Modimo o ne a tla romela Mesia yo o neng a tla tlhoma bogosi a bo a busetsa kagiso le polokesego mo morafeng wa Bajuda mo lefatsheng. (Bapisa 1 Dikgosi 4:20-25 le Luke 19:11; 24:21 le Ditihō 1:6.) Mo godimo ga moo, modirabosula o ne a dumela gore Jesu e ne e le Ene tota yo o neng a tlhophilwe ke Modimo gore a nne Kgosi. Lefa go ntse jalo, ka nako eo, go swa ga ga Jesu ka bonako jaaka monna yo o nang le molato go ne ga dira gore go lebege e kete seno se ka se ka sa direga. Ke gone ka moo Jesu a neng a tlhomamisetsa senokwane ka go simolola tsholofetso ya Gagwe ka mafoko ano: “Ruri ke a go bolelela gompieno‚ ke a re o tla nna le nna mo Paradaiseng.”—Luke 23:42, 43, NW.

Dithanolo tsa Bibela tse di tsenyang phegelwana pele ga lefoko “gompieno” di direla batho ba ba batlang go tlhaloganya mafoko a ga Jesu bothata. Jesu ga a ka a ya kwa paradaiseng epe ka lone letsatsi leo. Go na le moo, o ne a robala a sa ikutlwe mo losong ka malatsi a le mararo go fitlha Modimo o mo tsosa. Le eleng morago ga gore Jesu a tsosiwe a bo a tlhatlogele kwa legodimong, o ne a tshwanelwa ke gore a lete ka fa letsogong le legolo la ga Rara go fitlha go tla nako ya gore a buse batho jaaka Kgosi. (Bahebera 10:12, 13) Mo bogautshwaneng, puso ya Bogosi jwa ga Jesu e tla golola batho e bo e fetole lefatshe lotlhe go nna paradaise. (Luke 21:10, 11, 25-31) Go tswa foo o tla diragatsa se a se solofeditseng senokwane sele ka go se tsosetsa go tla go tshela mo lefatsheng. Mme Jesu o tla bo a na le monna yoo ka mogopolo wa gore O tla mo thusa ka dilo tsotlhe tse monna yono a di tlhokang, go akaretsa se a neng a tlhoka go se dira e leng go dumalanya tsela eo a tshelang ka yone le melao ya Modimo ya tshiamo.

Go Tsosiwa ga Ba Le Bantsi

Fela jaaka go tla diragala ka senokwane sele se se ikwatlhaileng, bontsi jwa batho bo tla tsosediwa gone mono lefatsheng. Seno se dumelana le boikaelelo jwa Modimo fa a ne a bopa motho. Monna le mosadi ba ntlha ba ne ba bewa mo tshimong ya paradaise mme ba bolelelwa gore ba laole lefatshe. Fa ba ka bo ba ile ba tswelela pele ba utlwa Modimo, ba ka bo ba ile ba se ka ba tsofala le go swa. Mo nakong e e neng e beilwe ke Modimo, Adame le ditlogolwana tsa gagwe tse di itekanetseng ba ka bo ba ile ba laola lefatshe lotlhe, ba le dira paradaise lotlhe fela.—Genesise 1:28; 2:8, 9.

Lefa go ntse jalo, e re ka Adame le Efa ba ne ba leofa ka bomo, ba ne ba itlisetsa loso mmogo le bana ba ba neng ba tla nna le bone. (Genesise 2:16, 17; 3:17-19) Ke gone ka moo Bibela e bolelang jaana: “Yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla [Adame], le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.”—Baroma 5:12.

Go na le motho a le mongwe fela yo o ileng a tsholwa a sa rua boleo bope. E ne e le Morwa yo o itekanetseng wa Modimo, Jesu Keresete, yo botshelo jwa gagwe bo neng jwa hudusiwa go tswa kwa legodimong go ya mo popelong ya lekgarebane la Mojuda, Maria. Jesu o ne a nna a sena boleo mme ka jalo a sa tshwanelwe ke go bolawa. Ka jalo, loso lwa gagwe lo na le maatla a go rekolola batho mo ‘boleong jwa lefatshe.’ (Yohane 1:29; Mathaio 20:28) Ke gone ka moo Jesu a neng a ka re: “Ke nna cogō le botshelō; eo o dumèlañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela.”—Yohane 11:25.

Ka jalo, go ntse fela jalo, o ka solofela go kopana gape le baratiwa ba gago ba ba suleng, mme seno se tlhoka gore o dumele mo go Jesu jaaka Morekolodi wa gago o bo o mo utlwe jaaka Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo. Mo bogautshwaneng Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa bosula jotlhe mo lefatsheng leno. Batho botlhe ba ba ganang go ineela kafa tlase ga taolo ya jone ba tla senngwa. Lefa go ntse jalo, babusiwa ba Bogosi jwa Modimo ba tla falola mme ba tla tshwarega mo tirong ya go fetola lefatshe leno paradaise.—Pesalema 37:10, 11; Tshenolō 21:3-5.

Go tswa foo go tla tla nako e e kgatlhang ya gore tsogo e simologe. A o tla bo o le teng foo gore o amogele baswi? Go ikaegile fela ka gore o dira eng gone jaanong. Botlhe ba gone jaanong ba ineelang kafa tlase ga taolo ya Bogosi jwa ga Jehofa ka Morwawe, Jesu Keresete ba emetswe ke masego a a itumedisang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela