LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 6/15 ts. 12-17
  • Go Lwa le Boleo Jo Bo Ngaparetseng Nama ya Rona E E Bokoa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lwa le Boleo Jo Bo Ngaparetseng Nama ya Rona E E Bokoa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boleo Jo Bo Ngaparetseng Nama ya Rona E E Bokoa
  • Maikutlo a Nama
  • Maikutlo a Moya
  • Go Solofediwa Botshelo le Kagiso
  • Tlhoma Mogopolo mo Moyeng Mme o Tshele!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Bona Botshelo le Kagiso, Tsamaya Tumalanong le Moya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Re Tlhoka Boikgapo
    Opelelang Jehofa
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 6/15 ts. 12-17

Go Lwa le Boleo Jo Bo Ngaparetseng Nama ya Rona E E Bokoa

“Maikutlō a nama ke losho; me maikutlō a mōea ke botshelō le kagishō.”—BAROMA 8:6.

1. Batho ba bopilwe ka boikaelelo bofe?

“MODIMO oa tlhōla motho mo chwanoñ ea ōna tōta, oa mo tlhōla mo chwanoñ ea Modimo; oa ba tlhōla nona le tshadi.” (Genesise 1:27) Setshwano ke sengwe se se bontshang go tshwana le selo sengwe kana motswedi mongwe. Ka gone, batho ba bopetswe gore ba bontshe kgalalelo ya Modimo. Fa ba leka ka natla go bontsha dinonofo tsa bomodimo—tse di jaaka lorato, bomolemo, tshiamiso, le bomoya—ba galaletsa le go tlotla Mmopi, e bile ba tla itumela ba bo ba kgotsofala.—1 Bakorintha 11:7; 1 Petere 2:12.

2. Batho ba ntlha ba babedi ba ne ba palelwa jang ke go fitlhelela ditekanyetso?

2 Batho ba ntlha ba babedi, ba ba neng ba bopilwe ba itekanetse, ba ne ba tshwanela seabe seno sentle. Fela jaaka diipone tse di phatsimisitsweng thata, ba ne ba ka kgona go bontsha kgalalelo ya Modimo ka go tsabakela le ka go ikanyega. Lefa go ntse jalo, ba ne ba tlogela seipone seno se se phatsimisitsweng sentle gore se nne leswe fa ba ne ba itlhophela go sa utlwe Mmopi le Modimo wa bone ka boomo. (Genesise 3:6) Morago ga moo, ba ne ba sa tlhole ba kgona go bontsha kgalalelo ya Modimo ka tshwanelo. Ba ne ba tlhaela kgalalelo ya Modimo, ba bo ba sa tlhole ba fitlhelela tekanyetso ya go bo ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo. Ka mafoko a mangwe, ba ne ba leofa.a

3. Boleo tota ke eng?

3 Seno se re thusa go tlhaloganya se tota boleo bo leng sone, jo bo senyang tsela e motho a tshwanang le Modimo ka yone le tsela e e bontshang kgalalelo ya gagwe ka yone. Boleo bo dira gore motho a se ka a nna boitshepo, ke gore, a se ka a nna phepa mme a nne leswe semoyeng le mo boitsholong. Batho botlhe, bao e leng ditlogolwana tsa ga Adame le Efa, ba tsholelwa mo seemong seo se se leswe le se se seng phepa, ba palelwa ke go fitlhelela se Modimo a neng a se lebeletse mo go bone jaaka bana ba gagwe. Mme go fela jang? Bibela e tlhalosa jaana: “Yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.”—Baroma 5:12; bapisa Isaia 64:6.

Boleo Jo Bo Ngaparetseng Nama ya Rona E E Bokoa

4-6. (a) Bontsi jwa batho gompieno bo leba boleo jang? (b) Ke diphelelo dife tse di nnang gone mabapi le dikgopolo tsa boleo tsa segompieno?

4 Bontsi jwa batho gompieno ga ba akanye gore ba ka tswa ba se phepa, ba le leswe, kana ba na le boleo. Tota e bile, batho ba le bantsi ga ba sa tlhole ba dirisa lefoko le le reng boleo mo puong ya bone. Gongwe ba ka bua kaga diphoso, go sa nne botlhale, le go sa leba dilo sentle. A mme ba bua ka boleo? Ga go buiwe ka jone le e seng! Tota le bao ba santseng ba iphaka gore ba dumela mo Modimong, “ba akanya gore dithuto tsa gagwe ke setlhopha sa dilo tse di dumelwang malebana le boitsholo e seng molao wa boitsholo, e le ‘dikakantsho tse 10’ e seng melao e e 10,” go akgela jalo Alan Wolfe, moporofesara mongwe wa thutoloago.

5 Go akanya ka tsela eno go felela ka eng? Ka go latola, kana gone go itlhokomolosa gore boleo bo teng. Seno se bakile gore go nne le kokomana ya batho ba ba lebang tshiamo le phoso ka tsela e e sokameng thata, ba ba ikutlwang ba gololesegile go itlhomela ditekanyetso tsa bone tsa boitshwaro e bile ba dumela gore ga go na motho ope yo ba ikarabelelang mo go ene malebana le se ba itlhophelang go se dira. Mo bathong ba ba ntseng jalo, go sa ipone molato ke one fela molao wa go atlhola gore a kgato e ba e tsereng ke e e siameng kana nnyaa.—Diane 30:12, 13; bapisa Duteronome 32:5, 20.

6 Ka sekai, mo thulaganyong nngwe ya thelebishene e go botsolodiwang batho mo go yone, basha ba ne ba kopiwa go tlhalosa kafa ba ikutlwang ka teng ka se go tweng ke dibe tse supa tse di bolayang.b “Boikgodiso ga se boleo,” go ne ga bolela jalo mongwe yo o neng a tseneletse mo thulaganyong eno. “O tshwanetse wa ikutlwa o le motlotlo ka se o leng sone.” Yo mongwe o ne a bolela jaana malebana le botshwakga: “Go siame go nna jalo ka dinako tse dingwe. . . . Ka dinako tse dingwe go monate go thuba kobo segole mme o iphe nako ya gago ka namana.” Tota le ene moanedi o ne a neela kakgelo eno e khutshwane: ‘Maleo a a supa a a bolayang ga se ditiro tse di bosula, mme go na le moo, ke maikutlo a batho botlhe a go batla go dira dilo tse di ka kgopisang mme gape di le monate thata.’ Ee, fela jaaka go akanya ka boleo go setse go nyeletse, fela jalo le go ipona molato ga go sa tlhole go le teng, e re ka jaana go ipona molato e le phaapang ya go sa ipone molato.—Baefesia 4:17-19.

7. Go ya ka se Bibela e se bolelang, batho ba amiwa jang ke boleo?

7 Go farologana gotlhelele le seno sotlhe, Bibela e bolela jaana ka phepafalo: “Botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo.” (Baroma 3:23) Tota le e leng moaposetoloi Paulo o ne a dumela jaana: “Kea itse ha go sa aga sepè se se molemō mo go nna, ke go re, mo nameñ ea me: gonne go rata go bo go le mo go nna, me go diha se se molemō ga goeō. Gonne molemō o ke o ratañ, ga ke o dihe: me boshula yo ke sa bo rateñ, ke yōna ke bo dihañ.” (Baroma 7:18, 19) Paulo fano o ne a sa itlhomogele pelo. Go na le moo, e re ka a lemoga sentlentle gore motho o tlhaetse kgalalelo ya Modimo go ya bokgakaleng bofe, o ne a utlwa botlhoko thata ka ntlha ya boleo jo bo ngaparetseng nama ya gagwe e e bokoa. “A motho oa mogolo nna!” o ne a bolela jalo, “e mañ eo o tla nkgololañ mo mmediñ oa losho lo?”—Baroma 7:24.

8. Ke dipotso dife tse re tshwanetseng go ipotsa tsone? Ka ntlha yang?

8 O leba kgang eno jang? O ka nna wa dumela gore jaaka setlogolwana sa ga Adame ga o a itekanela, fela jaaka mongwe le mongwe. Mme go itse seo fela go ama jang tsela e o akanyang ka yone le tsela e o tshelang ka yone? A o e tsaya jaaka sengwe se se tshwanetseng sa nna teng mme o bo o tswelela fela o dira se o tlwaetseng go se dira fela ka tlholego? Kana a o leka ka metlha gore o lwe le boleo jo bo ngaparetseng nama ya gago e e bokoa, o ntse o gagamalela go bontsha kgalalelo ya Modimo ka phatsimo e kgolo thata mo go sengwe le sengwe se o se dirang? Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a akanyetsa seno ka masisi ka ntlha ya se Paulo a se bolelang fano: “Ba ba leñ kaha nameñ ba tlhokometse dilō tsa nama; me ba ba leñ kaha moeeñ ba tlhokometse dilō tsa mōea. Gonne maikutlō a nama ke losho; me maikutlō a mōea ke botshelō le kagishō.”—Baroma 8:5, 6.

Maikutlo a Nama

9. Ke ka ntlha yang fa “maikutlō a nama [e le] losho”?

9 Paulo o ne a raya jang fa a bolela gore “maikutlō a nama ke losho”? Lereo le le reng “nama” gantsi le dirisiwa mo Bibeleng go kaya motho a le mo seemong sa gagwe sa go sa itekanela, ‘a ithwaletswe mo boleong’ e le setlogolwana sa ga Adame wa motsuolodi. (Pesalema 51:5; Yobe 14:4) Ka gone, Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete gore ba se ka ba tlhoma megopolo ya bone mo ditirong tsa boleo, mo maikutlong a a tlhotlheletsang, le mo dikeletsong tsa nama e e sa itekanelang, e e bokoa. Mme ka ntlha yang? Mo ditemaneng tse dingwe Paulo o ne a re bolelela gore ditiro tsa nama ke dife mme go tswa foo a oketsa ka tlhagiso eno: “Ba ba dihañ dilō tse di nntseñ yalo, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.”—Bagalatia 5:19-21.

10. Ke eng se se bolelwang ka “maikutlō”?

10 A mme ga gona pharologanyo e kgolo fa gare ga go tlhoma mogopolo mo sengweng le go se dira? Ke boammaaruri gore, fa o akanya ka selo sengwe ga go reye gore o tla se dira. Lefa go ntse jalo, go tlhoma mogopolo ga se fela go akanya sengwe ka nako e khutshwane. Lefoko la Segerika le le dirisitsweng ke Paulo ke phroʹne·ma, mme le kaya “tsela ya go akanya, (go tlhoma) mogopolo, . . . go ikaelela sengwe, go se eletsa, go gagamalela go se dira.” Ka gone, “maikutlō a nama” a raya go laolwa, go ruiwa, go fenngwa, le go tlhotlhelediwa ke dikeletso tsa nama ya rona e e bokoa.—1 Yohane 2:16.

11. Kaine o ne a na le maikutlo a nama jang, mme go ne ga felela ka eng?

11 Ntlha eno e tlhalosiwa sentle ke tsela e Kaine a neng a e latela. Fa pelo ya ga Kaine e ne e tlala lefufa le kgakalo, Jehofa Modimo o ne a mo tlhagisa jaana: “Ana, u galehetseñ? le sehatlhōgō sa gago se behetseñ? A e ka re ha u diha sentlè a ga u ketla u cholwa? Me ha u sa dihe sentlè, boleo bo ipobile ha moyakoñ: [e bile bo a go eletsa; a mme wena o tla kgona go bo laola?, NW].” (Genesise 4:6, 7) Kaine o ne a ka kgona go itlhophela. A o ne a tla “diha sentlè,” ke gore, a o ne a tla akanya, go ikaelela, le go eletsa go dira sengwe se se siameng? Kana a o ne a tla tswelela ka maikutlo a nama a bo a tlhoma mogopolo mo ditirong tse di bosula tse di fitlhegileng mo pelong ya gagwe? Jaaka Jehofa a ne a tlhalosa, boleo bo ne bo “ipobile ha moyakoñ,” go setse fela gore bo tlhasele Kaine le go mo kometsa fa a bo letlelela. Mo boemong jwa go lwa le ‘go laola’ keletso ya gagwe ya nama, Kaine o ne a e letlelela gore e mo fenye—ga felela ka matlhotlhapelo.

12. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re se ka ra tsamaya ka “tsela ea ga Kaine”?

12 Go tweng ka rona gompieno? Eleruri ga re batle go tsamaya ka “tsela ea ga Kaine,” jaaka Jude a ne a hutsafalela bangwe ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. (Yude 11) Le ka motlha ga re a tshwanela gore re mpampetse dilo re bo re akanya gore fa re kgotsofatsa dikeletso tsa rona go le gonnye fela kana re roba melao go le gonnye fela nako le nako ga go kotsi. Se se fapaaneng le seo, re tshwanetse go nna podimatseba gore re lemoge tlhotlheletso e e seng ya bomodimo le e e senyang e e ka tswang e tsene mo dipelong le mo megopolong ya rona mme re bo re e ntsha ka bonako pele e nna le medi ya go itsetsepela. Go lwa le boleo jo bo ngaparetseng nama ya rona e e bokoa go simologa mo teng.—Mareko 7:21.

13. Motho o ka ‘hepisiwa jang ke thato e e leng ya gagwe’?

13 Ka sekai, o ka gaodisa tiragalo e e tshosang kana e e maswe thata kana setshwantsho se tota se tlisang megopolo e e seng phepa kana se se tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. E ka nna setshwantsho fela mo bukeng kana mo makasineng mongwe, e ka nna tiragalo nngwe mo baesekopong kana mo thelebisheneng, e ka nna papatso mo lemating la papatso, kana ya nna fela selo se se diragalang ka tsela ya mmatota. Seno ka bosone ga se a tshwanela go re tshosa, e re ka se ka diragala—e bile tota se a diragala. Lefa go ntse jalo, setshwantsho seno kana tiragalo eno, le mororo e ka tswa o e gaodisitse metsotswana e se kae fela, e ka nnela go tla mo mogopolong o bo o nna o bona tiragalo eo kgapetsakgapetsa. O dira jang fa seo se go diragalela? A o tsaya kgato ka bonako gore o lwe le kgopolo eo mme o e ntshe mo mogopolong wa gago? Kana a o e tlogela fela gore e nne mo mogopolong wa gago, gongwe o nnela go ikgakolola ka tiragalo eo nako le nako fa e tla mo mogopolong? Fa o dira se se fa godimo o a bo o ipaya mo kotsing ya go simolola motseletsele ono wa ditiragalo tse di tlhalositsweng ke Jakobe: “Motho moñwe le moñwe oa raèlwa ha a haposiwa ke e e leñ thatō ea gagwè, me a hepisiwa. Hoñ thatō, e re e sena go èmèra, e tsale boleo: me boleo yo, bo re bo sena go gola, bo tsale losho.” Ke gone ka moo Paulo a neng a re: “Maikutlō a nama ke losho.”—Yakobe 1:14, 15; Baroma 8:6.

14. Ke eng se re thulanang le sone letsatsi le letsatsi, mme re tshwanetse ra itshwara jang?

14 E re ka re tshela mo lefatsheng le mo go lone go galalediwang boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong, bothubaki, le go rata dilo tse di bonalang—di papamadiwa le go bontshiwa ka botlalo mo dibukeng, mo dimakasineng, mo dibaesekopong, mo dithulaganyong tsa thelebishene, le mo mminong o o ratiwang thata—tota re tlhaselwa ke dikakanyo le dikgopolo tse di phoso letsatsi le letsatsi. O itshwara jang? A o ikutlwa o kgatlhiwa le go itumedisiwa ke seno sotlhe? Kana o ikutlwa jaaka Lote yo o tshiamo a ne a ikutlwa, ‘yo o neng a le mo pitlaganong e e botlhoko ka go tshela le baikepi, moya wa gagwe o o siameng o nna o tshwenyega ke ditiro tsa bone tsa boiphefero mo molaong’? (2 Petere 2:7, 8) Gore re tle re atlege mo go lweng le boleo jo bo ngaparetseng nama ya rona e e bokoa, re tlhoka go ititaya sehuba gore re dire jaaka mopesalema a ne a dira: “Ga nketla ke baea sepè se se mashwè ha pele ga matlhō a me: ke ila tihō ea ba ba hapogañ; ga e ketla e nñaparèla.”—Pesalema 101:3.

Maikutlo a Moya

15. Ke eng se se ka re thusang go lwa le boleo jo bo re ngaparetseng?

15 Sengwe se se ka re thusang go lwa le boleo jo bo ngaparetseng nama ya rona e e bokoa ke se Paulo a neng a tswelela pele ka go se bolela: “Maikutlō a mōea ke botshelō le kagishō.” (Baroma 8:6) Ka gone, mo boemong jwa gore re laolwe ke nama, re tshwanetse ra letla mogopolo wa rona gore o tlhotlhelediwe ke moya o bo o nne mo dilong tsa semoya. Tsone ke dife? Mo go Bafilipi 4:8, Paulo o re neela lenaane la tsone: ‘Sa bofelo ba gaetsho, dilo tsotlhe tse di boammaaruri, dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go tlotlwa, dilo tsotlhe tse di siameng, dilo tsotlhe tse di itshekileng, dilo tsotlhe tse di rategang, dilo tsotlhe tse di bolelwang ka molemo, sengwe le sengwe se se moyamontle, sengwe le sengwe se se tshwanelwang ke pako, tswelelang pele lo gopola dilo tse.’ A re tlhatlhobiseng seno thata mme re tlhaloganye botoka gore ke eng se re tshwanetseng ra tswelela pele re se gopola.

16. Paulo o ne a re kgothaletsa gore re ‘tswelele pele re gopola’ dinonofo dife, mme nngwe le nngwe ya tsone e akaretsa eng?

16 Selo sa ntlha, Paulo o kwadile lenaane la dinonofo tsa boitsholo di robabobedi. Legale, re itse gore Bakeresete ga ba patelelwe go akanya ka metlha ka dikgang tse di amanang le Dikwalo kana le dithuto tse di rileng tsa motheo. Go na le dikgang di le dintsi kana ditlhogo tse re ka nnang ra tlhoma mogopolo mo go tsone. Mme lefa go ntse jalo selo sa botlhokwa ke gore di tshwanetse tsa fitlhelela tekanyetso ya dinonofo tsa boitsholo tse di tlhomolotsweng ke Paulo. Setlhopha sengwe le sengwe sa “dilō” tse di nopotsweng ke Paulo se tlhoka gore re se ele tlhoko. A re ko re di sekasekeng ka go latelana ga tsone.

◻ Go nna “boamarure” ga go akaretse fela go bua boammaaruri kana maaka. Go raya go tlwaela go bua boammaaruri, go tlhomama, le go ikanyega, go nna jalo tota, e seng go itira fela jaaka e kete o ntse jalo.—1 Timotheo 6:20.

◻ “Tse di chwanetseñ go tlotlwa” go tewa dilo tse di nang le seriti le tse di tlotlegang. Go tsosa boikutlo jwa go bontsha tlotlo, sengwe se se kwa godimo, se se tlhomologileng, le se se tlotlegang go na le se se seng phepa e bile e se sa maitsholo a mantle.

◻ ‘Go siama’ go raya gore di fitlhelela tekanyetso ya Modimo, e seng ya motho. Batho ba lefatshe ba akanya thata ka maano a a sa siamang, mme re tshwanetse go akanya re bo re kgatlhegela dilo tse di siameng mo matlhong a Modimo.—Bapisa Pesalema 26:4; Amose 8:4-6.

◻ ‘Go itsheka’ go raya bophepa le boitshepo e seng fela mo boitshwarong (jwa tlhakanelodikobo kana mo maemong a mangwe) mme gape le mo mogopolong le mo maikutlong. “Botlhale yo bo cwañ kwa godimo bo simologa bo le boitshèkō,” go bolela jalo Jakobe. Jesu, yo o “boitshèkō,” ke Sekao sa rona se se molemolemo se re tshwanetseng go se tsaya tsia.—Yakobe 3:17; 1 Yohane 3:3.

◻ “Tse di ratègañ” ke tse di tsosang le go tlhotlheletsa lorato mo go ba bangwe. Re tshwanetse go ‘gopolana le go tlhotlheletsana mo loratong le mo ditirong tse di molemo,’ go na le gore re akanye ka dilo tse di tsosang letlhoo, bogale, le kgang.—Bahebera 10:24.

◻ ‘Go bolelwa ka molemo’ ga go kaye fela go “tlotlega” kana “go buiwa molemo” mme gape, ka tsela e e dirang, go kaya go agelela le go akgola. Re tshwanetse go tlhoma megopolo ya rona mo dilong tse di siameng le tse di agang go na le go tlhoma megopolo ya rona mo dilong tse di tlhabisang ditlhong le tse di kgopisang.—Baefesia 4:29.

◻ Go nna ‘moyamontle’ totatota go kaya “bomolemo” kana “go itshwara ka tsela e e molemo thata,” mme go ka raya sengwe sa mofuta ope fela se se molemo thata. Ka gone, re ka anaanela dinonofo tse di tlhwatlhwakgolo, tse di ka akgolelwang, le dilo tse di fitlheletsweng ke ba bangwe go dumelana le tekanyetso ya Modimo.

◻ Dilo ‘tse di tshwanelwang ke pako’ eleruri di tshwanelwa ke yone fa e le gore pako e tswa kwa Modimong kana kwa babusing ba a ba letleletseng gore ba buse.—1 Bakorintha 4:5; 1 Petere 2:14.

Go Solofediwa Botshelo le Kagiso

17. Ke masego afe a re a bonang ka ntlha ya go nna le “maikutlō a mōea”?

17 Fa re latela tlhagiso ya ga Paulo le go ‘tswelela pele re gopola dilo tseno,’ re tla atlega gore re nne le “maikutlō a mōea.” Diphelelo tsa teng ga se go segofadiwa ka botshelo fela, ke gore, botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng, mme gape re tla nna le kagiso. (Baroma 8:6) Ka ntlha yang? Ka gonne megopolo ya rona e sireleditswe mo tlhotlheletsong e e bosula ya dilo tsa nama, mme ga re sa tlhole re amiwa thata ke ntwa e e botlhoko gareng ga nama le moya jaaka e tlhalositswe ke Paulo. Fa re gana tlhotlheletso ya nama, gape re tla nna le kagiso le Modimo “ka maikutlō a nama e le go nna bobaba le Modimo.”—Baroma 7:21-24; 8:7.

18. Satane o lwa ntwa ya eng, mme re ka fenya jang?

18 Satane le barongwa ba gagwe ba dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang gore ba phimole kgalalelo ya Modimo eo re e bontshang. Ba leka go laola megopolo ya rona ka go e tlhasela ka dikeletso tsa nama, e re ka ba itse gore kgabagare seno se tla dira gore re nne baba ba Modimo mme re bo re swa. Mme lefa go ntse jalo re ka nna ra fenya mo ntweng eno. Fela jaaka Paulo, le rona re ka bolela jaana: “[Re] leboga Modimo ka Yesu Keresete Morèna oa rona” ka go bo a re neetse dibetsa tsa go lwa le boleo jo bo ngaparetseng nama ya rona e e bokoa.—Baroma 7:25.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Gantsi Bibela e dirisa lediri la Sehebera cha·taʼʹ le lediri la Segerika ha·mar·taʹno go kaya “boleo.” Mafoko ano ka bobedi a raya “go tlhaela,” ka tsela ya go tlhaela sengwe kana go palelwa ke go fitlhelela mokgele mongwe, tekanyetso, kana boikaelelo bongwe.

b Go tlwaelegile gore maleo a a supa a a bolayang ke boikgodiso, bopelotshetlha, keletso e e feteletseng, lefufa, go ja bobe, kgakalo, le botshwakga.

A O Ka Tlhalosa?

◻ Boleo ke eng, mme bo ka simolola jang go ngaparela nama ya rona e e bokoa?

◻ Re ka lwa jang le “maikutlō a nama”?

◻ Ke eng se re ka se dirang gore re rotloetse “maikutlō a mōea”?

◻ “Maikutlō a mōea” a ka lere jang botshelo le kagiso?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Kaine o ne a letlelela ditlwaelo tsa nama gore di mo laole mme ga felela ka gore a swe

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Maikutlo a moya a kaya botshelo le kagiso

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela