Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ Mo go Baroma 8:27 New World Translation e ranotse lefoko la Segerika phroʹne·ma jaaka “bokao,” mme mo ditemaneng 6 le 7 e le ranotse jaaka “maikutlo.” Ke ka ntlha yang fa lefoko le le lengwe la Segerika le ranotswe ka go farologana?
Se go buiwang ka sone foo se batla gore go dirisiwe ditsela tse pedi tse di tlhophilweng tseo.
Ketapele ya New World Translation of the Christian Greek Scriptures (1950) e ne ya bolela jaana: “Lefoko lengwe le lengwe le legolo re le neile bokao bo le bongwe mme re ile ra dirisa bokao joo gongwe le gongwe kwa seo go buiwang ka sone se re letlang go bo dirisa gone.” Batho ba bangwe ga ba kake ba leba phroʹne·ma jaaka lefoko le legolo, ereka le tlhaga ka makgetlo a le manè fela. Lefa go le jalo le amana thata le mafoko mangwe a a dirisiwang thata. Lengwe la one ke phro·neʹo, leo le kayang “go akanya, go nna le mogopolo o rileng.” (Mathaio 16:23; Mareko 8:33; Baroma 8:5; 12:3; 15:5) Mafoko a mangwe a Segerika a a amanang le lone a re naya kgopolo ya go dirisa botlhale, tlhaloganyo, kana kafa o bonang dilo ka gone.—Luke 1:17; 12:42; 16:8; Baroma 11:25; Baefesia 1:8)
The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures e bontsha gore phroʹne·ma e tlhaga makgetlo a le manè mo go Baroma 8:6, 7, 27 le gore bokao jwa lone tota gotlhe ke “maikutlo.” Bakanoki ba Segerika Bauer, Arndt, le Gingrich ba tlhalosa phroʹne·ma jaaka: ‘tsela ya go akanya, kakanyo, boikaelelo, keletso, go gwalalela.’—A Greek-English Lexicon of the New Testament and Other Early Christian Literature.
Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete mo go Baroma kgaolo 8 gore ba se ka ba tshela go ya ka mmele ya bone ya batho e e sa itekanelang. Go atlega mo go seno, ba ne ba tshwanetse gore ba itise kgatlhanong le seo nama ya bone e sekametseng mo go se direng kana e ka ba tlhotlheletsang go se dira, mmogo le kafa dipelo tsa bone tse di sa itekanelang di ka ba bolelelang ka gone. ‘Go tlhokomela’ dilo tse di dumalanang le moya wa Modimo go tla thusa mo go seno.—Baroma 8:1-5.
Paulo o ne a bua ka pharologano eno: “Gonne maikutlō a nama ke losho; me maikutlō a mōea ke botshelō le kagishō. Ka maikutlō a nama e le go nna bobaba le Modimo; gonne ga a laolwe ke molaō oa Modimo.” (Baroma 8:6, 7) Go buiwa ka batho mo ditemaneng tse pedi tseno. Batho, segolobogolo Bakeresete, ga ba a tshwanela go tlhoma megopolo ya bone, kana go “akanya,” mo dilong tsa nama e e oleng. Go na le moo, ba tshwanetse go tlhoma megopolo ya bone, kana ba “akanye,” dilo tse di leng tumalanong le moya le tseo di tlhotlhelediwang ke one.
Go farologana le seo, temana ya 27 e bua ka Modimo ka boone. Re bala jaana: “Le èna [Jehofa] eo o hukutsañ dipelo o itse o e leñ mogopolō [bokao] oa Mōea, ka o rapèlèla baitshepi kaha go rateñ ga Modimo.” Ee, “èna” fano ke Jehofa, Moutlwi wa thapelo.
Lefoko phroʹne·ma le ka nna la bo le ranotswe jaaka “go akanya” mo temaneng ya 27. Mme moya o o boitshepo ga se motho yoo a akanyang kana yo a nang le mogopolo wa gagwe. Moya ke maatla a a dirang a Modimo, yoo o itseng kafa maatla ano a gagwe a dirang ka gone go fitlhelela boikaelelo jwa gagwe. Mo godimo ga moo, bokao jwa temana eno bo farologana le jwa Baroma 8:6, 7. Ditemana tseo tsa pele di ne di otlelela botlhokwa jwa gore batho ba tshwanetse go laola dikakanyo tsa bone le ditiro tsa bone. Mme ga go tlhokege gore Jehofa a dire ka natla, kana a kgaratlhe, gore a ke a itaole. O itse seo se neng se kwadilwe ka tlhotlheletso mo Bibeleng, jaaka dipolelo tsa Bibela tseo di supang seo a se batlang mo batlhankeng ba gagwe ba mo lefatsheng. Dr. Heinrich Meyer o akgela jaana ka Baroma 8:27: “Modimo lefa go ka nna jang o itse boikaelelo jwa Moya.”
Ka gone, go ranola seo jaaka “bokao” go dumalana le seo go buiwang ka sone foo kana mooko wa Baroma 8:27, mme go a dumelelwa mo Segerikeng. The Translator’s New Testament e e ranola jaana: “Ene yo o hukutsang dipelo o itse seo Moya o se kayang.”
◼ Ke ka ntlha yang fa New World Translation ka dinako dingwe e ranola lefoko la Segerika pi·steuʹo jaaka “go dumela” (jaaka go ntse ka dithanolo tse dintsi) mme ka dinako tse dingwe e le ranola jaaka “go supa [kana go nna le] tumelo go”?
Seno se dirwa go bontsha dikarolo tse di farologaneng tsa bokao jwa lefoko leno la Segerika pi·steuʹo.
Ka sekai, A Grammar of New Testament Greek, e e kwadilweng ke James Moulton, e akgela ka gore Bakeresete ba pele ba ne ba lemoga “botlhokwa jwa go farologanya fa gare ga go dumela fela . . . le go ikanya selo ka namana.” Dikgopolo tseno ka bobedi di ka tlhalosiwa ka go dirisa lefoko la Segerika pi·steuʹo.
Gantsi, bokao jo bo farologaneng jwa pi·steuʹo bo tshwanetse go bonwa go tswa go seo go buiwang ka sone. Lefa go le jalo, ka dinako dingwe, ditsela tse di farologaneng tsa thutapuo tsa go kwala mela di kgona go re thusa go bona gore mokwadi o ne a akantse eng. Ka sekai, fa e le gore pi·steuʹo e latelwa ke leina fela la lerui, New World Translation gantsi e le ranola fela jaaka “go dumela”—kwantle ga fa se go buiwang ka sone se supa sengwe se sele. (Mathaio 21:25, 32; mme bona Baroma 4:3.) Fa pi·steuʹo e latelwa ke lefoko e·piʹ, “mo,” ka kakaretso le ranolwa jaaka “dumela mo.” (Mathaio 27:42; Ditihō 16:31) Fa le latelwa ke eis, “go,” gantsi le ranolwa jaaka “go supa tumelo go.”—Yohane 12:36, NW; 14:1, NW.
Tsela eno ya moragonyana e le ranolwang ka yone (e e re gakololang gore pi·steuʹo e tswa mo lefokong la Segerika piʹstis, “tumelo”) e dumalana le kakgelo ya An Introductory Grammar of New Testament Greek, e e kwadilweng ke Paul Kaufman. Buka eno e bolela jaana: “Mokgwa o mongwe o o tlwaelegileng wa go kwala seno mo Tesetamenteng e Ntšha (segolobogolo mo Efangeleng ya ga Johane) ke πιστεύω [pi·steuʹo] le εἰς [eis] le fa lediri le supa sedirwa ka tlhamalalo . . . Mola otlhe wa εἰς mmogo le lediri le le supang sedirwa ka tlhamalalo o tshwanetse wa ranolwa go na le gore go lekwe go ranola leemedi εἰς jaaka lefoko le le emeng le le nosi. Tumelo e akanngwa jaaka tiro, sengwe seo batho ba se dirang, ke gore go nna le tumelo mo go mongwe.”