Dira Thuto E E Itekanetseng Tsela ya Gago ya Botshelo
“Poihōmodimo e molemō kaga dilō cotlhe.”—1 TIMOTHEO 4:8.
1, 2. Batho ba bontsha go amega ka boitekanelo jwa bone go ya bokgakaleng bofe, mme seno se felela ka eng?
BONTSI jwa batho bo ka dumela motlhofo fela gore botsogo jo bo siameng bo lejwa e le sengwe se se tlhokegang thatathata mo botshelong. Ba dirisa nako e ntsi le madi a mantsi gore ba ipoloke ba itekanetse mo mmeleng le go tlhomamisa gore ba neelwa tlhokomelo e e tshwanetseng ya kalafi ka nako e ba e tlhokang ka yone. Ka sekai, kwa United States madi a tlhokomelo ya botsogo a ngwaga otlhe a a dirisitsweng mo ngwageng mongwe wa bosheng jaana a ne a feta dibilione tse tharo tsa diranta. Monna, mosadi le ngwana mongwe le mongwe ba ka dirisa madi a a fetang R10 000 ka ngwaga mo nageng eo, mme mo ditšhabeng tse di tlhabologang madi a a dirisiwang mo mothong mongwe le mongwe a ka nna a tswa a lekana le one ao.
2 Ke eng se se lerilweng ke go dirisiwa ga nako eno yotlhe, maatla, le madi? Eleruri ga go na ope yo o ka ganetsang gore, ka kakaretso fela, gompieno re na le dikago le didirisiwa tse di tlhokegang tsa kalafi tsa maemo a a kwa godimo thata go gaisa mo nakong epe fela mo hisitoring. Lefa go ntse jalo, seno ga se dire gore batho ba tshele botshelo jo bo itekanetseng ka ponyo ya leitlho fela. E bile tota, mo puong e e neng e akantsha gore go nne le thulaganyo ya tlhokomelo ya botsogo kwa United States, poresidente ya naga eo o ne a tlhalosa gore mo godimo ga “ditlamorago tse di boitshegang tsa bothubaki mo nageng eno,” baagi ba United States “ba na le selekanyo se se kwa godimo sa AIDS, sa go goga motsoko le sa go nwa ka tsela e e feteletseng, sa go ima ga basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome, sa bana ba ba tsholwang ba le bokete jo bo kwa tlase thata” go gaisa setšhaba sepe se sengwe se se tlhabologileng. O ne a fetsa ka go reng? “Re tshwanetse go fetola ditsela tsa rona fa e le gore tota re batla go itekanela jaaka setšhaba.”—Bagalatia 6:7, 8.
Tsela E E Itekanetseng ya Botshelo
3. Paulo o re neetse kgakololo efe ka ntlha ya setso sa Bagerika ba bogologolo?
3 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bagerika ba ne ba itsege e le batho ba ba ineetseng thata mo go tokafatseng boitekanelo jwa bone jwa mmele, mo go ageng mmele, le mo dikgaisanong tsa metshameko. A le mo tikologong eno, moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwalela lekawana Timotheo jaana: “Go tshikinya mmele go molemō mokutshane; me poihōmodimo e molemō kaga dilō cotlhe, ka e na le choloheco kaga botshelō yoa gompiyeno, le kaga yōna yo bo tla tlañ.” (1 Timotheo 4:8) Ka gone, Paulo o ne a tlhalosa se batho gompieno ba setseng ba se lemoga, sa gore, dilo tse di dirisiwang mo kalafing kana mo mmeleng ga di tlhomamise gore motho o tla bona tsela e e itekanetseng tota ya botshelo. Lefa go le jalo, Paulo o re tlhomamisetsa gore se se botlhokwatlhokwa ke go tlhagolela botsogo jwa semoya le poifomodimo.
4. Ke melemo efe e re nnang le yone fa re na le poifomodimo?
4 Tsela e e ntseng jalo e molemo kaga “botshelō yoa gompiyeno” ka gonne e re sireletsa kgatlhanong le dilo tsotlhe tse di kotsi tse batho ba ba senang bomodimo, kana bao ba tshotseng “sechwanchō [kana, ponalo] hèla sa poihōmodimo,” ba itlhokofatsang ka tsone. (2 Timotheo 3:5; Diane 23:29, 30; Luke 15:11-16; 1 Bakorintha 6:18; 1 Timotheo 6:9, 10) Bao ba letlelelang poifomodimo gore e nne yone e bopang matshelo a bone ba tlotla sentle melao ya Modimo le dilo tse a di batlang mo go rona, mme seo se ba tlhotlheletsa gore ba dire thuto ya Modimo e e itekanetseng tsela ya bone ya botshelo. Tsela e e ntseng jalo e ba leretse boitekanelo jwa semoya le jwa mo mmeleng, kgotsofalo, le boitumelo. Mme ba “nntse ba ipeèlèla motlha o o tlañ mothèō o o molemō, gore ba tlè ba chwarè botshelō yo e leñ botshelō rure.”—1 Timotheo 6:19.
5. Paulo o re neetse ditaelo dife mo kgaolong ya bobedi ya lokwalo lwa gagwe fa a ne a kwalela Tito?
5 E re ka botshelo jo bo kaelwang ke thuto e e itekanetseng ya Modimo bo lere masego a a ntseng jalo gone jaanong le mo isagweng, re tlhoka go itse kafa re ka kgonang ka teng go dira thuto e e itekanetseng ya Modimo tsela ya rona ya botshelo, ka tsela e e tla re thusang go dira jalo tota. Moaposetoloi Paulo o ne a araba seno mo lokwalong lwa gagwe fa a ne a kwalela Tito. Re tla ela tlhoko thata kgaolo ya bobedi ya buka eo, e mo go yone a neng a ruta Tito gore a “buè dilō tse di chwanetseñ thutō e e itekanetseñ.” Eleruri rotlhe, bannye le bagolo, banna le basadi, re ka rua molemo go tswa mo ‘thutong e e ntseng jalo e e itekanetseng’ gompieno.—Tito 1:4, 5; 2:1.
Kgakololo E E Yang go Banna Ba Ba Godileng
6. Paulo o neetse “banna bagolo” kgakololo efe, mme ke ka ntlha yang fa go dira jalo go ne go bontsha bopelonomi?
6 Sa ntlha, Paulo o ne a gakolola banna ba ba godileng mo phuthegong. Tsweetswee bala Tito 2:2. “Banna bagolo,” jaaka setlhopha, ba a tlotlwa le go lebelelwa jaaka ba ba tlhomang dikao tsa tumelo le boikanyegi. (Lefitiko 19:32; Diane 16:31) Ka ntlha ya seno, ba bangwe ba ka nna ba okaoka go neela banna ba ba godileng kgakololo le dikakantsho mo dikgannyeng tse di seng masisi thata. (Yobe 32:6, 7; 1 Timotheo 5:1) Ka gone, Paulo o bontsha bopelonomi fa a buisana le banna ba ba godileng la ntlha, mme ba tla bo ba dira sentle fa ba sekegela mafoko a ga Paulo tsebe ba bo ba tlhomamisa gore bone, jaaka Paulo, ba tshwanelwa ke go etsiwa.—1 Bakorintha 11:1; Bafilipi 3:17.
7, 8. (a) Go “ikgapa” go akaretsa eng? (b) Ke ka ntlha yang fa go nna “masisi” go tshwanetse go lekanyediwa ka go nna le “mogopolō o o lekalekanyeñ”?
7 Selo sa ntlha, banna ba Bakeresete ba ba godileng ba tshwanetse “go ikgapa.” Le mororo lefoko la ntlhantlha le ka raya mokgwa wa go nwa (“go ithiba,” Kingdom Interlinear), gape le ka raya go nna o disitse, go tlhaloganya sentle, kana go ikgapa. (2 Timotheo 4:5; 1 Petere 1:13) Ka gone, banna ba ba godileng ba tshwanetse ba ikgapa, e ka tswa e le mo dinong kana mo dilong tse dingwe, ba sa dire dilo bobe kana ka go feteletsa.
8 Gape, ba tshwanetse go nna “masisi” le go nna le “mogopolō o o lekalekanyeñ.” Go nna masisi, kana go nna le seriti, le go tshwanelwa ke tlotlo, gantsi go oketsega le dingwaga tsa motho. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ka nna ba nna masisi ka tsela e e feteletseng, ba sa kgone go itshokela mokgwa wa go nna matlhagatlhaga wa basha. (Diane 20:29) Ke gone ka moo go nna “masisi” go lekanyediwang ka go nna le “mogopolō o o lekalekanyeñ.” Banna ba ba godileng ba tlhoka go nna masisi go dumelana le dingwaga tsa bone, lefa go ntse jalo ba le tekatekanyo, ba kgona go laola maikutlo a bone le dilo tse ba tlhotlheletsegang go di dira.
9. Ke ka ntlha yang fa banna ba ba godileng ba tshwanetse go itekanela mo tumelong le mo loratong mme segolobogolo mo bopeloteleleng?
9 Sa bofelo, banna ba ba godileng ba tshwanetse gore e nne “ba ba itekanetseñ mo tumeloñ, le mo loratoñ, le mo bopeloteleleñ.” Paulo o amanya tumelo le lorato mmogo le tsholofelo ka makgetlo a le mantsi mo dikwalong tsa gagwe. (1 Bakorintha 13:13; 1 Bathesalonia 1:3; 5:8) Mo boemong jwa go dirisa “cholohèlō” fano o dirisa ‘bopelotelele.’ Gongwe ke ka gonne e ka re ba ntse ba gola boikutlo jwa go batla go tlogela bo bo bo ka tlhagelela mo go bone. (Moreri 12:1) Lefa go ntse jalo, jaaka Jesu a ne a tlhalosa, “eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.” (Mathaio 24:13) Mo godimo ga moo, batho ba ba godileng ke dikao tse di tshwanetseng mo go ba bangwe e seng fela ka ntlha ya dingwaga tsa bone kana boitemogelo jwa bone mme ka ntlha ya dinonofo tsa bone tsa semoya tse di itekanetseng—tumelo, lorato, le bopelotelele.
E E Yang go Basadi Ba Ba Godileng
10. Paulo o neela “basadi bagolo” mo phuthegong kgakololo efe?
10 Go tswa foo Paulo o ne a lebisa tlhokomelo ya gagwe mo basading ba ba godileng mo phuthegong. Tsweetswee bala Tito 2:3. “Basadi bagolo” ke batho ba ba godileng ba e leng ba bangwe ba basadi ba mo phuthegong, go akaretsa le basadi ba “banna bagolo” le bommè le bommèmogolo ba maloko a mangwe. Ka jalo, ba ka nna le tlhotlheletso e kgolo, e ka tswa e le molemo kana e le bosula. Ke gone ka moo Paulo a neng a re “le bonè” a raya gore “basadi bagolo” le bone ba na le maikarabelo a a rileng a ba tshwanetseng go a dira gore ba tle ba diragatse seabe sa bone mo phuthegong.
11. Ke eng se se bolelwang ke go nna masisi mo mokgweng?
11 Sa ntlha, “basadi bagolo le bōnè ba nnè masisi mo mokgweñ,” Paulo o ne a bolela jalo. ‘Mokgwa’ ke pontsho ya ka kwantle ya boikutlo jwa motho jo bo mo teng le botho jwa gagwe, jaaka bo ka bonwa mo boitshwarong mmogo le mo tebegong ya gagwe. (Mathaio 12:34, 35) Ka gone he, boikutlo le botho jwa mosadimogolo wa Mokeresete bo tshwanetse jwa nna bofe? Ka lefoko le le lengwe fela, bo tshwanetse jwa nna “masisi.” Le ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika le le kayang “se se tshwanelang ka batho, ditiro kana dilo tse di tlhaotsweng jaaka tse di boitshepo go Modimo.” Eleruri eno ke kgakololo e e tshwanelang ka ntlha ya tlhotlheletso e ba nang le yone mo go ba bangwe, segolobogolo mo basading ba meroba mo phuthegong.—1 Timotheo 2:9, 10.
12. Ke tsela efe ya go sa dirise loleme sentle e rotlhe re tshwanetseng go e tila?
12 Go latela mekgwa e mengwe e mebedi e e sa siamang: “e se bapateletsi, ba sa lemalèla boyalwa.” Go a kgatlha go bo dintlha tseno tse pedi di bapisitswe. “Mo metlheng ya bogologolo, fa bojalwa e ne e le sone fela seno,” go akgela jalo Porofesara nngwe e bong E. F. Scott, “basadibagolo ba ne ba senya baagisani ba bone maina mo meletlong e mennye ya bojalwa.” Ka tlwaelo fela basadi ba amega thata ka batho ba bangwe go gaisa banna, e leng selo se ba se akgolelwang. Lefa go ntse jalo, go amega gono go ka felela e le tshebo tota le e leng go pateletsa, segolobogolo fa ba buisiwa thata ke bojalwa. (Diane 23:33) Eleruri, botlhe ba ba latelang tsela e e itekanetseng ya botshelo, banna le basadi, ba tla bo ba dira sentle go tila lemena leno.
13. Basadi ba ba godileng ba ka ruta ka ditsela dife?
13 Basadi ba ba godileng ba kgothalediwa go nna “ba ba rutañ batho se se molemō,” gore ba dirise nako e ba nang le yone ka tsela e e agang. Mo dikwalong tse dingwe, Paulo o ne a neela ditaelo tse di phepafetseng tsa gore basadi ga ba a tshwanela go ruta mo phuthegong. (1 Bakorintha 14:34; 1 Timotheo 2:12) Lefa go ntse jalo, seno ga se ba kganele gore ba rute kitso e e tlhokegang ya Modimo mo malapeng a bone le mo bathong botlhe. (2 Timotheo 1:5; 3:14, 15) Gape ba ka fitlhelela mo gontsi thata mo go molemo ka go nna dikao tsa Bakeresete mo basading ba meroba mo phuthegong, jaaka ditemana tse di latelang di bontsha.
E E Yang go Basadi Ba Meroba
14. Basadi ba meroba ba Bakeresete ba ka bontsha jang tekatekanyo fa ba dira ditiro tsa bone?
14 Fa a ne a kgothatsa basadi ba ba godileng gore ba nne “ba ba rutañ batho se se molemō,” Paulo o ne a umaka basadi ba meroba segolobogolo. Tsweetswee bala Tito 2:4, 5. Lefa bontsi jwa taelo eno bo remeletse thata mo dikgannyeng tsa lelapa, basadi ba meroba ba Bakeresete ga ba a tshwanela go feteletsa dilo, ba letlelela gore go amega ka dilo tse di bonalang go laole matshelo a bone. Go na le moo, ba tshwanetse ba nna le “mogopolō o o lekalekanyeñ, ba le boitshèkō, . . . ba le pelonomi,” mme mo godimo ga tsotlhe, ba ititeile sehuba go tshegetsa thulaganyo ya botlhogo ya Bokeresete, e le “gore lehoko ya Modimo le se tlhapadiwe.”
15. Ke ka ntlha yang fa basadi ba meroba mo phuthegong ba tshwanelwa ke go akgolwa?
15 Gompieno, boemo jwa lelapa bo fetogile thata mo go jo bo neng bo le teng mo motlheng wa ga Paulo. Malapa a le mantsi a kgaogane ka ditumelo, mme a mangwe a na le motsadi a le mongwe fela. Tota le e leng mo malapeng a go nang le rre le mmè le bana, ga go a tlwaelega thata gore mosadi kana mmè a bo a tlhokomela lelapa ka dinako tsotlhe. Seno sotlhe se dira gore basadi ba Bakeresete ba meroba ba nne le kgatelelo le boikarabelo jo bogolo, mme seno ga se dire gore go se ka ga tlhokega gore ba dire dilo tse di tlhokwang ke Dikwalo. Ka gone, go itumedisa thata go bona basadi ba meroba ba le bantsi ba ba ikanyegang ba dira ka natla go lekalekanya ditiro tsa bone tse dintsi mme ba santse ba kgona go baya dilo tse di amanang le Bogosi kwa pele, ba bangwe ba ntse ba le mo bodiheding jwa nako e e tletseng jaaka babulatsela ba nakwana kana ba ka metlha. (Mathaio 6:33) Eleruri ba tshwanelwa ke go akgolwa!
E E Yang go Makau
16. Ke kgakololo efe e Paulo a neng a e neela makau mme ke ka ntlha yang fa e le mo nakong?
16 Go tswa foo Paulo o ne a bolela ka makau, go akaretsa le Tito. Tsweetswee bala Tito 2:6-8. Ka ntlha ya mekgwa ya go tlhoka maikarabelo le go senya ya basha ba le bantsi gompieno—go goga, go sa dirise diokobatsi le dino tsa tagi ka tshwanelo, tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang, le go latela dilo tse dingwe tsa lefatshe, tse di jaaka metshameko e e sa laolesegeng le mmino le boitlosobodutu jo bo leswe—eleruri eno ke kgakololo e e mo nakong ya basha ba Bakeresete ba ba batlang go latela tsela e e itekanetseng le e e kgotsofatsang ya botshelo.
17. Makau a ka nna le “mogopolō o o lekalekanyeñ” jang le gone ba ka nna jang “sekaō sa ditihō tse di molemō”?
17 Lekau la Mokeresete le tshwanetse go nna le “mogopolō o o lekalekanyeñ” e bile e le “sekaō sa ditihō tse di molemō,” gore le farologane le basha ba lefatshe. Paulo o ne a tlhalosa gore go nna le mogopolo o o lekalekaneng le o o godileng, ga go bonwe ke bao ba ithutang fela, mme ke ba “ea reñ ka ba nntse ba diha, maikutlō a bōnè a tlwaediwe go lemoga molemō le boshula.” (Bahebera 5:14) A bo go le molemolemo jang ne go bona batho ba basha ba dirisa nako le maatla a bone gore ba nne le seabe ka botlalo mo ditirong di le dintsi mo phuthegong ya Bokeresete, go na le gore ba senye maatla a bone a bosha ba latela dilo tsa bogagapa! Fela jaaka Tito, ka go dira jalo ba ka nna dikao tsa “ditihō tse di molemō” mo phuthegong ya Bokeresete.—1 Timotheo 4:12.
18. Ke eng se se bolelwang ke go sa leswefala mo thutong, go nna masisi, le go nna puo e e tlhomameng?
18 Makau a gakololwa gore a tshwanetse gore “le mo thutoñ ea [bone ba] ichupè [ba sa leswefala, NW], [ba] le masisi. [Ba] le puō ea tlhōmamō, e e sa kakeñ ea nyadiwa.” Thuto e e ‘sa leswefalang’ e tshwanetse ya bo e theilwe thata mo Lefokong la Modimo; ka jalo, makau a tshwanetse gore a nne baithuti ba ba tlhagafetseng ba Bibela. Fela jaaka banna ba ba godileng, makau le one a tshwanetse gore a nne masisi. Ba tlhoka go lemoga gore go nna modihedi wa Lefoko la Modimo ke boikarabelo jo bo masisi, mme ka gone “mokgwa oa [bone] oa botshelō e nnè o o chwanetseñ Mahoko a a Molemō.” (Bafilipi 1:27) Ka mo go tshwanang puo ya bone e tshwanetse ya nna ‘e e tlhomameng’ mo e leng gore ke e e “sa kakeñ ea nyadiwa” e le gore baganetsi ba se ka ba ba tshwaya phoso ka sepe.—2 Bakorintha 6:3; 1 Petere 2:12, 15.
E E Yang go Makgoba le Batlhanka
19, 20. Bao ba hirilweng ke batho ba bangwe ba ka ‘kgabisa jang thuto ya Modimo wa rona Moreboloki’?
19 La bofelo, Paulo o ne a buisana le bao ba hirilweng ke batho ba bangwe. Tsweetswee bala Tito 2:9, 10. Ga se batho ba le bantsi mo go rona gompieno ba e leng makgoba kana batlhanka, mme ba le bantsi ke bahiriwa le bao ba berekelang ba bangwe. Ka gone, melaometheo e e thathamisitsweng ke Paulo e santse e dira le gompieno.
20 Gore “ba ineèlè go utlwa ba e leñ beñ ba bōnè . . . mo diloñ cotlhe” go raya gore bahiriwa ba Bakeresete ba tshwanetse go tlotla bahiri le bakaedi ba bone tota. (Bakolosa 3:22) Gape ba tshwanetse ba nna le leina le lentle la go nna badiri ba ba ikanyegang, ba bereka tiro ya letsatsi lotlhe ka botlalo jaaka e e tshwanelang bahiri ba bone. Mme ba tshwanetse go tswelela ka boitshwaro jo bontle jwa Bokeresete kwa mafelong a ba berekelang kwa go one go sa kgathalesege boitshwaro jwa ba bangwe koo. Ba dire tseno tsotlhe “gore ba kgabisè thutō ea Modimo Moreboloki mo diloñ cotlhe.” Ke gantsi thata re utlwa ka diphelelo tse di itumedisang fa babogedi ba ba peloephepa ba amogela boammaaruri ka ntlha ya boitshwaro jo bo siameng jwa Basupi ba ba berekang le bone kana bahiriwa ba bone! Eno ke tuelo e Jehofa a e neelang bao ba latelang thuto ya gagwe e e itekanetseng tota le kwa mafelong a ba berekelang kwa go one.—Baefesia 6:7, 8.
Batho Ba Ba Phepafaditsweng
21. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a re neetse thuto e e itekanetseng, mme re tshwanetse go e amogela jang?
21 Thuto e e itekanetseng e Paulo a neng a e tlhalosa ga se molao mongwe fela o o amang melaometheo ya boitsholo e re ka nnang ra e dirisa fa re rata. Paulo o ne a tswelela pele a tlhalosa boikaelelo jwa yone. Tsweetswee bala Tito 2:11, 12. Jehofa Modimo o re neetse thuto e e itekanetseng e le gore re ka ithuta go tshela botshelo jo bo nang le boikaelelo le jo bo kgotsofatsang mo metlheng eno e e tlhokofatsang le e e kotsi ka go bo a re rata le ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo sa tshwanelang mo go rona. A o rata go amogela le go dira thuto e e itekanetseng tsela ya gago ya botshelo? Fa o dira jalo o tla bolokwa.
22, 23. Re bona masego afe fa re dira thuto e e itekanetseng tsela ya rona ya botshelo?
22 Se se fetang seo, fa re dira thuto e e itekanetseng tsela ya rona ya botshelo re tla nna le tshiamelo e e kgethegileng gone jaanong le tsholofelo e e itumedisang ka isagwe. Tsweetswee bala Tito 2:13, 14. Eleruri, fa re dira thuto e e itekanetseng tsela ya rona ya botshelo re tla kgaogana le lefatshe leno le le boikepo le le nyelelang re le setšhaba se se phepafaditsweng. Mafoko a ga Paulo a tshwana le se Moshe a neng a se gakolola bana ba Iseraele kwa Sinai jaana: “Me Yehofa, . . . o tla gu godisa mo pakoñ, le mo leineñ, le mo tlotloñ, godimo ga merahe eotlhe e o e dihileñ; a re, u tlo u nnè seshaba se se itshepetseñ Yehofa Modimo oa gago, yaka a buile.”—Duteronome 26:18, 19.
23 E kete re ka somarela tshiamelo ya rona ya go nna batho ba ga Jehofa ba ba phepafaditsweng ka metlha ka go dira thuto e e itekanetseng tsela ya rona ya botshelo! Nna podimatseba ka metlha go gana mofuta ope fela wa dikeletso tse e seng tsa bomodimo le tsa lefatshe, ka go dira jalo o tla nna o le phepa e bile o tshwanela go ka dirisiwa ke Jehofa mo tirong e kgolo e a ntseng a kaela gore e dirwe gompieno.—Bakolosa 1:10.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa poifomodimo e le molemo kaga dilo tsotlhe?
◻ Banna le basadi ba ba godileng ba Bakeresete ba ka latela jang thuto e e itekanetseng jaaka tsela ya botshelo?
◻ Paulo o ne a neela makau le basadi ba meroba mo phuthegong thuto efe e e itekanetseng?
◻ Re ka nna le tshiamelo le masego afe fa re dira thuto e e itekanetseng tsela ya rona ya botshelo?
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Batho ba le bantsi gompieno ba dirisa kgakololo e e mo go Tito 2:2-4