LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 7/1 ts. 4-7
  • Kereke E E Kgaoganeng—A E Ka Itsetsepela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kereke E E Kgaoganeng—A E Ka Itsetsepela?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Monna oa Boleo”
  • Mabele le Mofoka
  • Dikgaogano Tse Disha
  • “Cwañ mo go Èna, Lona Batho Ba Me”
  • Bodumedi bo le Bongwe Fela Jwa Boammaaruri Jwa Bokeresete—Bo Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Go Rla Diragala Eng ka Bokeresete?
    Tsogang!—2007
  • “Basiami ba Tla Phatsima Thata Fela Jaaka Letsatsi”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Setshwantsho sa Korong le Mefero
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 7/1 ts. 4-7

Kereke E E Kgaoganeng—A E Ka Itsetsepela?

“BOTLHE ba ba bolelang kaga boammaaruri jwa ga Keresete jo bo bolokang ke ba Kereke e e bonalang. Dikgaogano tsa Labokeresete—e leng go kgaogana ga Botlhaba le Bophirima, le go kgaogana ga kereke ya Roma le dikereke tsa nako ya Diphetogo—ke dikgaogano tse di dirwang mo Kerekeng e le nngwe fela.” (Christians in Communion) Ke gone ka moo mokwadi mongwe a lebang Bokeresete ka gone—jaaka setlhopha sa ditumelo se se makgaoganyane, botlhe ba bolela gore ba dumela ka tsela e e rileng mo go Jesu Keresete.

Lefa go ntse jalo, ke setlhopha se se kgaoganeng, se na le ditumelo le ditekanyetso tsa boitshwaro tse di sa tshwaneng. “Bokeresete jwa motlha wa segompieno . . . bo tlhomile ditekanyetso tsa go nna leloko la kereke tse di kwa tlase thata go feta tse di tlhokafalang fa o palama bese,” go bolela jalo mmogedi mongwe. He, re tshwanetse go leba jang seemo sa jone sa semoya? Mobishopo mongwe wa Katoliki e bong Basil Butler o konela jaana: “Bokeresete jo bo kgaoganeng bo a lwala eleruri.” (The Church and Unity) Bolwetsi jono bo simologile jang? A go na le tsholofelo ya gore bo ka fola?

“Monna oa Boleo”

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa gore go tlhoka kutlwano go ne go tla simologa. O ne a kwalela Bakeresete ba Thesalonika jaana, bao ba neng ba akanya gore go nna gone ga ga Keresete go setse go le gaufi: “Opè motho a se ka a lo hora ka mokgwa opè; gonne [go tla ga letsatsi la ga Jehofa] ga go ketla go dihala, ha tenègō e sa tle pele, le ha monna oa boleo a sa senolwe, eo e leñ morwa tatlhègō.”—2 Bathesalonia 2:3.

‘Monna yono wa boleo’ o ne a simolola botenegi le botsuolodi mo phuthegong ya Bokeresete. Ke mang? Ga se motho mongwe a le mongwe fela mme go na le moo, ke setlhopha sa baruti ba Labokeresete. Setlhopha seno se ne sa itlotlomatsa mo phuthegong ya botenegi go ise go ye kae fela morago ga loso lwa baaposetoloi ba ga Jesu, mme kgabagare ba ne ba ruta dithuto tsa boheitane, tse di jaaka Tharonngwe le go sa sweng ga moyasebele wa motho. (Ditihō 20:29, 30; 2 Petere 2:1-3) Fela jaaka baerase e e bolayang, bo ne jwa ama phuthego e e neng e ipolela e le ya Bokeresete bo dirisa dikgopolo tse di tlhotlhelediwang ke badimona tse kwantle ga pelaelo di neng di tla dira gore go se ka ga nna le kutlwano.—Bagalatia 5:7-10.

Tlhotlheletso eno e ne e setse e simologile mo motlheng wa ga moaposetoloi Paulo. O ne a kwala jaana: “Gonne bosaitsiweñ yoa boiphèhèrō mo molaoñ bo setse bo diha: me go na le moñwe eo o kganetseñ gompiyeno, go tsamaea a tlosiwa.” (2 Bathesalonia 2:7) Baaposetoloi ba ne ba dira jaaka ba ba kganelang botlhole jwa botenegi. Fa tlhotlheletso e e ba kopanyang e sena go fela, botenegi jo bo neng bo sa kgorelediwe ke sepe bo ne jwa anama jaaka ntho e e kekelang.—1 Timotheo 4:1-3; 2 Timotheo 2:16-18.

Ditiro tsa ‘monna yono wa boleo’ di ntse di tswelela pele di sa fokotsege. Go ya ka pego nngwe ya bosheng jaana e e neng e bolela ka “kereke e e tlhokofadiwang mabapi le tlhakanelodikobo le thutabomodimo,” morutimogolo mongwe wa Church of England o ne a nopolwa a ngongorega jaana: “Dikakantsho tse di kopang baruti gore ba se ka ba tlhakanela dikobo kwa ntle ga lenyalo ga di reediwe. Basodoma ba a tlhomamisiwa. Ba setse ba dirile molemo bosula mme bosula ba bo dirile molemo.”—The Sunday Times Magazine, kwa Lontone, November 22, 1992.

Mabele le Mofoka

Jesu Keresete ka boene o ne a ruta gore Bokeresete jwa boammaaruri bo ne bo tla nyelela ka nakwana. O ne a bolela gore go tlhomiwa ga phuthego ya Bokeresete go ne go tshwana le monna yo o jalang peo e e molemo mo tshimong ya gagwe. Mme lefa go ntse jalo, Jesu o ne a bolela gore, “mmaba oa gagwè a tla a yala mohoka le ōna mo mabeleñ.” Fa batlhanka ba gagwe ba ne ba mmotsa gore a ba ka leka go kumola mofoka, mong wa tshimo o ne a bolela jaana: “Nya; e se tlo ea re kgotsa ka lo phutha mofoka, loa o khumolèla le mabèlè.” Mabele ano le mohoka a ne a tla tswelela pele a gola mmogo ka nako e kana kang? Mong wa tshimo o ne a bolela jaana: “Lesañ, lo mmè go golè mmōgō go ea thoboñ.”—Mathaio 13:25, 29, 30.

Bakeresete ba e seng bone ba ne ba gola mmogo le Bakeresete ba boammaaruri go ya “thoboñ,” kana go ya nakong ya go tlhaola mo metlheng eno ya bofelo ya ‘tsamaiso ya dilo.’ (Mathaio 28:20) Satane Diabolo o ne a dirisa batenegi gore ba age phuthego ya Bakeresete ba e seng bone ba ba boikepo le ba ba kgaoganeng. (Mathaio 13:36-39) Ba ne ba simolola Bokeresete jo bo neng bo itshema gore ke jwa boammaaruri. (2 Bakorintha 11:3, 13-15; Bakolosa 2:8) Fa kereke eno e ne e kgaogana mo makgolokgolong a dingwaga, go ne go setse go nna thata go tlhaola Bakeresete ba boammaaruri.

Dikgaogano Tse Disha

Mo metlheng e e ka kwano thata ya segompieno, The Testing of the Churches—1932-1982 e bolela gore, “go setse go na le dikgaogano tse [disha], segolobogolo mo mokgatlhong wa batho ba ba tshwarwang ke moya, o o otlelelang thata tumelo ya motho ka namana le se a kileng a itemogela sone.” Se se kgatlhang ke gore, ba bangwe ba bona fa mekgatlho ya batho ba ba reng ba tsalwa sesha ba ba tshwarwang ke moya e le ditshupo tsa go tsoga semoyeng go na le dikgaogano tse disha. Ka sekai, Ireland Bokone e ne ya tsosolosiwa ka tsela e e tshwanang mo dingwageng tsa bo1850. Ba ne ba lebeletse go bona dilo tse dikgolo. Pego nngwe e ne ya bolela ka “bokaulengwe . . . gareng ga baruti ba kereke ya Presbyterian, ya Wesleyan, le ya Independent” mme e ne ya bolela gore “letsatsi le letsatsi go ne go tla dipego tse disha tsa go nna mo maibing, mo borokong, mo diponatshegelong, mo ditorong le go bona dikgakgamatso.”—Religious Revivals.

Batho ba le bantsi ba ne ba bona ditshupo tseno tse di gakgamatsang e le bosupi jwa gore moya wa Modimo o a dira go tsosolosa kereke ya gagwe. “Kereke ya Modimo,” go ne ga bolela jalo mmogedi mongwe, “e tsosolositswe ka mo go feletseng tota mo dikgaolong tseno.” Lefa go ntse jalo, lefa gone tsosoloso eno e ne ya bolelwa jaaka “motlha o o galalelang le o o iseng o ko o diragale pele mo hisitoring ya bodumedi mo nageng ya Ulster,” yone mmogo le ditsosoloso tse di tshwanang le yone ga di a ka tsa tlisa kutlwano ya bodumedi mo bathong bao ba iphakang gore ba tsetswe sesha semoyeng.

Batho ba ba ntseng jalo ba ka tatalala ka gore fa go tliwa mo dikgannyeng tsa konokono ga ba farologane. Mme lefa go ntse jalo Labokeresete yotlhe e tatalala ka tsela e e tshwanang, e ntsha seipato sa gore “Bakeresete ba utlwane se setse se le botlhokwa thata go gaisa dikgang tse di santseng di ba kgaoganya.” (The Church and Unity) Labokeresete e iphaka gore: “Tsela e re utlwanang ka yone ya motheo mmogo le e re utlwanang ka yone le Bakeresete ba bangwe botlhe e ikaegile thata ka go kolobediwa ga rona mo leineng la ga Keresete.” (Christians in Communion) Lefa go ntse jalo, go bolela gore dikgaogano ga di re sepe ka go bo rotlhe re dumela mo go Jesu go tshwana le fa o ka bolela gore kankere ga e maswe fa fela pelo ya gago e nonofile.

Boammaaruri ke gore mekgatlho ya ditumelo tse di ntseng jalo tsa segompieno e okeditse tlhakatlhakano mme e tsosa dikhuduego tsa semoya fa baruti ba ba tlhotlheletsang ba ntse ba iphuthela balatedi. Jim Jones le David Koresh ke dikai tsa bosheng jaana tsa baeteledipele ba semoya ba ba neng ba timetsa diketekete tsa batho. (Mathaio 15:14) Moruti mongwe wa kereke ya Baptist ke leloko le le eteletseng pele setlhopha sa Ku Klux Klan. O amanya letsholo la gagwe la go tlotlomatsa basweu le go tsosolosiwa ga bodumedi a bo a bolela gore bao ba tsayang karolo mo go lone ba tla “neelwa maatla a a ka ba kaelang a bomodimo, ba neelwa bopelokgale jo bo tshwanang le jwa Ene yo o swetseng kwa Calvary [e bong Jesu Keresete].”

Re ka reng ka ditiragalo tse go tweng ke dikgakgamatso, ditiro tse di nonofileng, le ditshupo tse di dirwang mo leineng la ga Jesu? Gakologelwa tlhagiso e e nonofileng ya ga Jesu Keresete e e reng, ga se gore ba ba reng fela “Morèna, Morèna” o tla ba amogela, mme fa e se fela, ‘bao ba dirang go rata ga Rraagwe.’ Batho ba le bantsi gompieno ga ba itse le lone leina la ga Rraagwe, e leng Jehofa. Jesu o ne a tlhagisa gore go ne go tla nna le batho ba ba neng ba tla ‘kgoromeletsa badimo kwa ntle ka leina la gagwe, ba bo ba dira ditiro tse di nonofileng ka leina la gagwe’ mme lefa go le jalo e ne e tla bo e ntse e le ‘ba ba dirang tshiamololo.’—Mathaio 7:21-23.

“Cwañ mo go Èna, Lona Batho Ba Me”

A re ka lebelela gore bolwetsi jwa Labokeresete bo tla fola? Bo ntse bo nnela maswe kwa pele. Ka gone, a re tshwanetse go tsaya kgakololo ya mobishopo mongwe wa Katoliki e bong Butler, ya gore re “tsene [kereke] kwantle ga go ngongorega mme re e tshegetse fa e ntse e tswelela pele e ‘phepafadiwa’ go tswa mo teng”? Nnyaa! Labokeresete e e kgaoganeng le e e bakang dikgaogano ga e kitla e falola. (Mareko 3:24, 25) Ke karolo ya mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka o o bidiwang Babelona O Mogolo. (Tshenolō 18:2, 3) Tsamaiso eno ya bodumedi e e nang le molato wa madi e tlile go senngwa ke Modimo mo bogautshwaneng.

Bibela ga e kgothaletse Bakeresete ba boammaaruri gore ba nne mo gare ga mokgatlho ono wa bodumedi o o boikepo ba bo ba re ba leka go o fetola ba le mo teng ga one. Go na le moo, e kgothatsa jaana: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè: Gonne dibe tsa gagwè di ile go hitlha le kwa legodimoñ, me Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè.”—Tshenolō 18:4, 5.

“Cwañ” mme lo ye kae? Gakologelwa gore, Jesu o ne a solofetsa gore mo motlheng wa thobo, Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba tla phuthiwa gape gore ba utlwane lefatshe ka bophara. Moperofeti Mika le ene o ne a bolelela pele ka go phuthiwa go go ntseng jalo ka mafoko ano: “Ke tla ba baea mmōgō yaka dinku tsa Bosera.” (Mika 2:12) A seno se setse se diragetse?

Ee! Bakeresete ba boammaaruri jaanong ba setse ba phuthiwa gore ba nne bakaulengwe ba ba utlwanang mo lefatsheng lotlhe. Ke bomang? Ke phuthego ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa, bao ba bolelang mafoko a a molemo kaga Bogosi jwa Modimo ka kutlwano mo dinageng di le 231. Ba ganne dithuto tsa Labokeresete tse di bakang kgaogano mme ba batla go obamela Modimo go dumelana le boammaaruri jwa Lefoko la gagwe.—Yohane 8:31, 32; 17:17.

O lalediwa ka lorato gore o buisane le bone. Fa e le gore o batla go itse mo go oketsegileng ka Basupi ba ga Jehofa, tsweetswee ikopanye le bone mo lefelong la gaeno kana o dirise aterese e e tshwanetseng mo tsebe 2 ya makasine ono.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

“Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela