LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 7/1 ts. 14-17
  • Go Diragetse Eng ka Taolo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Diragetse Eng ka Taolo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Taolo E mo Masetlapelong
  • Motho O Sale A Batla Taolo E E Tshwanelegang Kafa Molaong
  • “Dipuso Tse Pedi,” “Ditšhaka Tse Pedi”
  • Tlhamane ya Bolaodi jwa Batho Botlhe
  • Tlhamane ya Bolaodi jwa Setšhaba
  • Maiteko a Batho A Paletswe
  • Tsela E Mokeresete A Lebang Taolo ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Tlotla Taolo—Ke Eng Fa go Le Botlhokwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Bolaodi Jwa ga Jehofa le Bogosi Jwa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Tlotla Taolo?
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 7/1 ts. 14-17

Go Diragetse Eng ka Taolo?

BATHO ba ba akanyang sentle ba itse sentle kafa taolo e tlhokafalang ka teng. Fa go ne go sena tsela nngwe ya go laola dilo, batho ba ne ba tla akofa ba tsena mo nthagarageng. Jalo he, buka nngwe ya Sefora e e buang ka tsamaiso ya molaotheo e tlhalosa jaana: “Mo setšhabeng sengwe le sengwe sa batho, go nna le mefuta e le mebedi ya batho: ba ba laolang le ba ba utlwang taolo, ba ba ntshang ditaelo le ba ba di utlwang, baeteledipele le maloko, balaodi le ba ba laolwang. . . . Taolo e fitlhelwa mo setšhabeng sengwe le sengwe.”a

Lefa go ntse jalo, fa e sale ka Ntwa ya Lefatshe II mme thatathata go tloga ka bo1960, batho ba ile ba nna le maikutlo a a farologaneng malebana le taolo. Fa e ne e akgela, Encyclopædia Universalis ya Fora e ne ya re lobaka loo e ne e le lwa “masetlapelo a go lwantsha bagogi le go lwantsha taolo.” Baithuti ba Bibela ga ba gakgamadiwe ke masetlapelo ao. Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele jaana: “Gakologelwa gore, motlha wa bofelo wa lefatshe leno e tla nna nako ya khuduego! Batho ga ba na go rata sepe fela fa e se go ithata ka bobone le madi; ba tla ikgantsha, ba tla ikgogomosa, le go tlhapatsa; ba tla se ke ba utlwe batsadi . . . ; letlhoo la bone e tla nna le le sa kokobeleng, . . . ba tla nna batho ba ba sa laolesegeng e bile e le ba ba thubakanyang, . . . ba tla ipona ba le botoka thata. Ba tla rata menate ya bone go feta Modimo wa bone.”—2 Timotheo 3:1-4, The Revised English Bible.

Taolo E mo Masetlapelong

Boporofeti jono bo tlhalosa letsatsi le motlha o re tshelang mo go one sentle. Batho ba maemo otlhe ba nyatsa taolo—mo lelapeng, mo sekolong, mo yunibesithing, mo kgwebong, mo pusong ya selegae le ya setšhaba sotlhe. Maikutlo a a fetogileng ka tlhakanelodikobo, mmino wa repe o o mabifi, dipopelelo tsa baithuti, diseteraeke tse di sa letlelesegeng, go sa utlwe babusi, le ditiro tsa borukutlhi, tsotlhe ke ditshupo tse di bontshang gore go tlotla taolo ga go sa tlhole go le teng.

Mo simphosiamong nngwe e e neng e rulagantswe kwa Paris ke Mokgatlho wa Saense ya Dipolotiki wa Fora le Le Monde ya letsatsi le letsatsi ya Paris, Porofesa Yves Mény o ne a tlhalosa jaana: “Taolo e ka nna teng fela fa e le gore e tshegediwa ke tshwanelego ya kafa molaong.” Lebaka le lengwe le le bakang masetlapelo a a teng gompieno ka taolo ke ka go bo batho ba le bantsi ba nyatsa tshwanelego ya kafa molaong ya ba ba busang. Ke gore, ba leba puso ya bone jaaka ya batho ba ba ipagololetseng mogodu. Tseodipalo nngwe e e neng ya dirwa ka bo1980, e ne ya supa gore 9 lekgolong ya batho ba ba kwa United States, 10 lekgolong ya ba ba kwa Australia, 24 lekgolong ya ba ba kwa Borithane, 26 lekgolong ya ba ba kwa Fora, le 41 lekgolong ya ba ba kwa India, ba ne ba kaya gore mebuso e e ba busang e ne e sena tshwanelego ya kafa molaong.

Motho O Sale A Batla Taolo E E Tshwanelegang Kafa Molaong

Kafa Bibela e tlhalosang ka teng, motho kwa tshimologong o ne a laolwa ke Modimo ka tlhamalalo. (Genesise 1:27, 28; 2:16, 17) Lefa go ntse jalo, go tswa fela kwa tshimologong, batho ba ile ba itshomola mo taolong ya Mmopi wa bone. (Genesise 3:1-6) Fa ba sena go gana puso ya Modimo, ba ne ba tshwanelwa ke gore ba batle ditsamaiso tse dingwe gape tsa taolo. (Moreri 8:9) Bangwe ba ne ba supa taolo ya bone ka kgatelelo. Ba ne ba tsaya gore maatla a ba neng ba na le one a ne a ba fa tshwanelo ya go busa. Ba ne ba nonofile ka mo go lekaneng gore ba patelele batho go dira thato ya bone. Lefa go ntse jalo, ba le bantsi ba ne ba ikutlwa gore ba ne ba patelesega go dira gore puso ya bone e tshwanelege kafa molaong.

Go tswa fela kwa metlheng ya bogologolo, babusi ba le bantsi ba ile ba dira seno ka go bolelela batho gore ke medimo kana gore medimo ke yone e ba fileng maatla. Ono ke mogopolo wa ditlhamane o o buang ka “bogosi jo bo boitshepo,” o o neng o dumelwa ke babusi ba bogologolo ba Mesopotamia le Bofaro ba Egepeto wa bogologolo.

Alexander the Great, dikgosi tsa Bagerika tse di neng tsa busa morago ga gagwe, le bontsintsi jwa babusibagolo ba Roma ba ba neng ba ipolela gore ke medimo e bile ba patelela batho gore ba ba obamele. Ditsamaiso tsa babusi bao di ne di bidiwa “kobamelo ya mmusi,” mme maikaelelo a tsone e le go nonotsha taolo ya mmusi mo bathong ba ba fentsweng ba mefuta e e farologaneng. Fa motho a ne a ka gana go obamela mmusi o ne a tsewa jaaka motsuolodi kgatlhanong le Puso ya Naga. Mo bukeng ya The Legacy of Rome, Porofesa Ernest Barker o ne a kwala jaana: “Go bo mmusimogolo [wa Roma] a fetotswe modimo, le go bo a ikobelwa ke batho ka ntlha ya go bo e le modimo, ke tsone tse ruri e leng motheo, kana sebofo sa mmusomogolo.”

Selo seno se ne sa nna fela jalo le e leng morago ga gore “Bokeresete” bo amogelwe semolao ke Mmusimogolo Constantine (yo o busitseng go tloga ka 306-337 C.E.) mme moragonyana jwa amogelwa jaaka bodumedi jwa Puso ya Naga ya Mmusomogolo wa Roma ke Mmusimogolo Theodosius I (yo o busitseng go tloga ka 379-395 C.E.). Bangwe ba babusibagolo ba “Bakeresete” ba ne ba obamelwa jaaka medimo go ya go fitlha le e leng mo lekgolong la botlhano C.E.

“Dipuso Tse Pedi,” “Ditšhaka Tse Pedi”

Jaaka puso ya bomopapa e ntse e nonofa, mathata a Kereke le Puso ya Naga a ne a gakala le go feta. Ka jalo, kwa bofelong jwa lekgolo la botlhano C.E., Mopapa Gelasius I o ne a tlhoma molaomotheo wa “dipuso tse pedi”: taolo e e boitshepo ya bomopapa e e dirisanang mmogo le puso ya segosi ya dikgosi—mme dikgosi tsone di le kafa tlase ga bomopapa. Moragonyana molaomotheo ono o ne wa fetoga thuto ya motheo ya “ditšhaka tse pedi”: “Bomopapa ka bobone ba ne ba tshotse tšhaka ya semoya, mme ba fa babusi ba e seng baruti tšhaka ya selefatshe, lefa go ntse jalo bano ba ne ba tshwanetse go dirisa tšhaka eno ya selefatshe go ya kafa ba laetsweng ka gone ke bomopapa.” (The New Encyclopædia Britannica) Ka ntlha ya tumelo eno ya motheo, mo Metlheng ya Bogare, Kereke ya Katoliki e ne ya ikaya e na le tshwanelo ya go tlhoma babusibagolo le dikgosi mo setulong sa bogosi gore ba tle ba tshwanelegise taolo ya bone kafa molaong, mme jalo ba tsweledisa pele tlhamane ya bogologolo ya “bogosi jo bo boitshepo.”

Lefa go ntse jalo, seno ga se a tshwanela go kopakopanngwa le se go tweng ke tshwanelo ya bomodimo ya dikgosi, ebong sengwe se se neng sa tlisiwa moragonyana ka maiteko a go namola dikgosi mo go laolweng ke bomopapa. Kgopolo ya tshwanelo ya bomodimo ke e e kayang gore dikgosi di amogela thata ya tsone go tswa kwa Modimong ka tlhamalalo, e seng ka mopapa wa Roma. New Catholic Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Ka nako ya fa mopapa a ne a busa babusi botlhe ba mebuso ya naga ka tsela ya semoya mme le e leng ka ya selefatshe, mogopolo wa gore dikgosi di ne di na le tshwanelo ya bomodimo o ne wa dira gore di ikutlwe gore di filwe taolo ya tsone ke modimo ka go lekana fela le mopapa.”b

Tlhamane ya Bolaodi jwa Batho Botlhe

Fa nako e ntse e tsamaya, batho ba ne ba akantsha gore go nne le mefuta e mengwe gape ya taolo. O mongwe e ne e le wa bolaodi jwa batho. Batho ba le bantsi ba dumela gore mogopolo ono o simologile kwa Gerika. Lefa go ntse jalo, puso ya batho ka batho ya Gerika wa bogologolo, e ne e dirisiwa fela mo dipusong tsa naga tsa motse di sekae fela, mme le mo go tsone banna ke bone fela ba ba neng ba kgona go tlhopha. Basadi, makgoba, le baeng ba dinaga di sele—ba go neng go fopholediwa gore ba ne ba ka tshwara nnetlhanong ya baagi—ba ne ba iteelwa kwantle. Seno ruri e ne e se bolaodi jwa batho botlhe!

Ke mang yo o neng a tla ka mogopolo wa gore bolaodi e nne jwa batho botlhe? Ka mo go gakgamatsang, o ne wa tlisiwa mo Metlheng ya Bogare ke baruti ba Kereke ya Roma. Mo lekgolong la bo13 la dingwaga, Thomas Aquinas o ne a tlhalosa gore le mororo bolaodi e le jwa Modimo, bo beilwe mo magetleng a batho. Mogopolo ono o ne wa ratwa thata ke batho. New Catholic Encyclopedia ya re: “Mogopolo ono wa gore batho e nne bone ba laolang o ne wa tshegediwa ke bontsintsi jwa baruti ba Katoliki ba lekgolo la dingwaga la bo17.”

Ke ka ntlha yang fa baruti ba kereke bao batho ba dikereke tsa bone ba neng ba sena thata epe ya go tlhopha mopapa, bishopo, kana mopirisiti ba ile ba tshegetsa mogopolo wa gore go nne le bolaodi jwa batho? Ka gonne dikgosi dingwe tsa Yuropa di ne di sa kgotsofadiwe ke go laolwa ke bomopapa. Kgopolo ya bolaodi jwa batho botlhe e ne e fa mopapa dinonofo tsa go ntsha mmusimogolo mo setulong kana kgosikgolo fa a ka bona go tlhokafala jalo. Boraditiragalo Will le Ariel Durant ba ne ba kwala jaana: “Batho ba ba neng ba tshegetsa bolaodi jwa batho botlhe ba ne ba akaretsa le Bajesuiti ba le bantsi, ba ba neng ba bona gore mogopolo ono o ka thusa mo go koafatseng taolo ya magosi go na le go koafatsa ya bomopapa. Mokadinale Bellarmine o ne a re, fa e le gore dikgosi di bona taolo ya tsone mo bathong, mme jalo di le kafa tlase ga bone, go phepafetse sentle gore di tla bo di le kafa tlase ga taolo ya bomopapa . . . Mojesuiti wa Mopanishe, ebong Luis Molina, o ne a bolela gore fa e le gore batho ke bone ba nang le taolo mo mmusong—ba ka ntsha kgosi e e sa siamang mo setulong—ba dira jalo kafa tshwanelong e bile ba latela tsela e e itekanetseng ya go dira dilo.”

Lefa go ntse jalo, “tsela e e itekanetseng ya go dira dilo” e ne e tla bo e le e e gogwang kwa pele ke mopapa. Fa e ne e tiisetsa seno, Histoire Universelle de l’Eglise Catholique ya Katoliki ya Fora e ne ya nopola Biographie universelle, e e tlhalosang ka gore: “Bellarmine . . . o ruta gore tumelo ya motheo e e tlwaelegileng ya Katoliki ke ya gore dikgosana di bona thata ya tsone go ya ka se se batlwang ke batho, le gore batho ba ka dirisa tshwanelo eno go ya fela kafa mopapa a laelang ka teng.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Jalo he, bolaodi jwa batho botlhe bo ne jwa nna sedirisiwa se mopapa a neng a ka se dirisa go tlhotlheletsa batho go tlhopha babusi, mme, fa go tlhokega, a ba ntshe mo setulong. Mo bosheng jaana, bo ile jwa dira gore bagogi ba Katoliki ba tlhotlheletse batlhophi ba Katoliki mo dipusong tsa batho ka batho.

Mo dipusong tsa batho ka batho tsa bosheng jaana, go tshwanelega ga puso kafa molaong go tshegeditswe ka se go tweng ke “tumalano ya babusiwa.” Lefa go ntse jalo, gone re ka re seno ke “tumalano ya batho ka bontsi,” mme ka ntlha ya pelo e e sa rateng ya batlhophi le maretshwa a sepolotiki, “bontsi” jono gantsi totatota e a bo e le batho ba sekae fela. Gompieno, “tumalano ya babusiwa” gantsi e a bo e se sepe fela fa e se “go ineela, kana go itlhoboga ga babusiwa.”

Tlhamane ya Bolaodi jwa Setšhaba

Tlhamane ya boitshepo jwa dikgosi e e neng ya rotloediwa ke bomopapa ba bogologolo e ne ya nna kotsi mo go bomopapa fa e sena go fetogela mo go nneng ya gore dikgosi di na le tshwanelo ya bomodimo. Kgopolo ya bolaodi jwa batho botlhe le yone e ne ya tlhasela Kereke ya Katoliki. Mo lekgolong la bo17 le la bo18 la dingwaga, boramatlhajana ba lefatshe, ba ba jaaka Thomas Hobbes le John Locke ba Baesemane le monna wa Mofora ebong Jean-Jacques Rousseau, ba ne ba akanyetsa mogopolo wa bolaodi jwa batho botlhe. Ba ne ba tlhagisa mefuta e mengwe ya kgopolo ya “tumalano ya bommogo” fa gare ga babusi le babusiwa. Melaometheo ya bone e ne e sa theiwa mo thutobomodimong mme e leng mo “molaong wa tlholego,” mme mogopolo oo o ne wa felela ka dikgopolo tse di neng tsa gobatsa Kereke ya Katoliki fela thata le bomopapa.

Ka bokhutshwanyane fela morago ga loso lwa ga Rousseau, Diphetogo tsa Fora di ne tsa tlhagoga. Diphetogo tseno di ne tsa senya megopolo mengwe ya tshwanelego ya kafa molaong, mme di ne tsa tsala o mongwe gape o mosha, mogopolo wa bolaodi jwa setšhaba. The New Encyclopædia Britannica e akgela jaana: “Bafora ba ne ba ganana le gore dikgosi di na le tshwanelo ya bomodimo, go busa ga batlotlegi, ditshiamelo tsa Kereke ya Roma Katoliki.” Mme Britannica, e bolela jaana, “Diphetogo di ne tsa dira gore selo se sesha, puso ya naga ya setšhaba, se nonofe.” Batlisadiphetogo ba ne ba tlhoka “selo se sesha” seno. Ka ntlha yang?

Ka go bo mo tsamaisong e Rousseau a neng a e buelela, baagi botlhe ba ne ba tla ntsha maikutlo a bone ka go lekalekana gore ba batla babusi bafe. Seno se ka bo se feletse ka puso ya batho ka batho e e neng e tla bo e thailwe mo goreng mongwe le mongwe a nne le tshwanelo ya go tlhopha—sengwe se baeteledipele ba Diphetogo tsa Fora ba neng ba sa se rate. Porofesa Duverger o tlhalosa jaana: “E ne e le gone go tila phelelo eno, e go neng go tsewa gore ga e batlege, go bo e rile, go tloga ka 1789 go ya go 1791, setlhopha sa maemo a a kwa godimo sa Kokoano ya Theomolao se ne sa tlhagisa kgopolo ya bolaodi jwa setšhaba. Ba ne ba leba batho jaaka ‘Setšhaba,’ seo ba neng ba se leba jaaka selo se se ikemetseng, se se neng se se sengwefela le dikarolo tsa sone. Setšhaba ka bosone, se dirisa baemedi ba sone, se na le tshwanelo ya go diragatsa bolaodi . . . Lefa e lebega e le puso ya batho ka batho, tumelo ya motheo ya bolaodi jwa setšhaba totatota ga se puso ya batho ka batho ka go bo bo ka dirisiwa go tshegetsa puso lefa e ka nna efe, bogolo jang ya bobusaesi.” (Mokwalo o o sekameng ke wa gagwe.)

Maiteko a Batho A Paletswe

Go tsaya gore Puso ya Naga ya Setšhaba ke yone taolo e e tshwanelegang kafa molaong, go ne ga gogela mo bosetšhabeng. The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Gantsi go akanngwa gore bosetšhaba ke selo sa bogologolo tota; fa gongwe ka phoso go tsewa gore ke karolo e e nnetseng ruri ya boitshwaro jwa sepolotiki. Totatota, diphetogo tsa kwa Amerika le Fora di ka tsewa jaaka go iponatsa ga jone ga ntlha ka tsela e e maatla.” Fa e sale ka diphetogo tseo, bosetšhaba bo ile jwa anama le Amerika yotlhe, Yuropa, Afrika, le Asia. Dintwa tse di matlhomahibidu di ile tsa tsewa e le tse di tshwanelegang kafa molaong ka ntlha ya bosetšhaba.

Rahisitori wa Borithane ebong Arnold Toynbee o ne a kwala jaana: “Moya wa Bosetšhaba ke letlhabego le le botšarara la beine e ntšha ya Puso ya batho ka batho mo mabotlolong a magologolo a Bomorafe. . . . Kamano eno e e sa tlwaelegang e e fa gare ga Puso ya batho ka batho le Bomorafe e ile ya nna le maatla fela thata mo dipolotiking tsa motlha wa segompieno tsa Kgaolo ya Bophirima go gaisa Puso ya batho ka batho ka boyone.” Bosetšhaba ga bo a tlhagisa lefatshe le le nang le kagiso. Toynbee o ne a re: “Morago ga go kgaotsa ka nakonyana fela, Dintwa tsa Bodumedi di ile tsa latelwa ke Dintwa tsa Bosetšhaba; mme mo Kgaolong ya Bophirima ya motlha wa segompieno moya wa bogogotlo jwa sedumedi le moya wa bogogotlo jwa bosetšhaba ke maikutlo a a bosula a a tshwanang.”

Babusi ba ile ba leka go dira gore taolo ya bone mo godimo ga bangwekabone e amogelege ba dirisa ditlhamane tsa “bogosi jo bo boitshepo,” “tshwanelo ya bomodimo ya dikgosi,” “bolaodi jwa batho botlhe,” le “bolaodi jwa setšhaba.” Lefa go ntse jalo, morago ga go akanyetsa rekoto ya babusi ba batho, Mokeresete o kgona go ikutlwa fela jaaka Solomone a tlhalositse: ‘Go na le motlha o motho o nang le thata mo go yo mongwe ka one go mo utlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9.

Go na le gore ba obamele Puso ya Naga ya sepolotiki, Bakeresete ba obamela Modimo le go leba ene jaaka yo o nang le taolo e e tshwanelegang kafa molaong. Ba dumalana le mopesalema Dafide yo o neng a re: “Bogolo ke yoa gago, Yehofa, le thata, le kgalalèlō, le phenyo, le borèna: gonne cotlhe tse di kwa legodimoñ le tse di mo lehatshiñ ke tsa gago; bogosi ke yoa gago, Yehofa, me u goledicwe u le tlhōgō mo godimo ga cotlhe.” (1 Ditihalō 29:11) Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go bo ba tlotla Modimo, ba bontsha tlotlo e e tshwanetseng mo bathong ba ba laolang, mo go tsa selefatshe le mo go tsa semoya. Tota gore ba dira seno jang le gore ke ka ntlha yang ba kgona go dira seno ka boitumelo go tla tlhalosiwa mo ditlhogong tse pedi tse di latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Droit constitutionnel et institutions politiques, ka Maurice Duverger.

b The Catholic Encyclopedia e tlhalosa jaana: “‘Tshwanelo eno ya bomodimo ya dikgosi’ (e e farologaneng thata le tumelo ya motheo ya gore thata yotlhe, a e ka ne e le ya kgosi kana ya repaboliki, e tswa kwa Modimong), ga e ise e ko e amogelwe ke Kereke ya Katoliki. Ka nako ya Diphetogo e ne ya fetoga go nna sera se segolo thatathata sa Bokatoliki, babusi ba naga ba ba jaaka Henry VIII, le James I, ba Enyelane, ba ikaya gore ba na le taolo e e tletseng ya semoya le ya naga.”

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Kereke ya Katoliki e ne ya ikaya fa e na le taolo ya go tlhoma babusibagolo le dikgosi mo setulong sa bogosi

[Motswedi wa Setshwantsho]

Consecration of Charlemagne: Bibliothèque Nationale, Paris

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela