LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 8/1 ts. 2-5
  • Matshosetsi a Nuklea—A Mme A Setse A Fedile?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Matshosetsi a Nuklea—A Mme A Setse A Fedile?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Diphatsa tsa go Ntsifala
  • Go Rekisiwa ga Dibomo
  • “Dibomo Tse Di Laolwang ke Nako” Mme Di Le Mosola le “Dirai Tse Di Bolayang”
  • Ba Tshwanetse go Latlhela Matlakala Kae?
  • Ntwa ya Nuklea—Ke Bomang ba ba Bakang Matshosetsi?
    Tsogang!—2004
  • Matshosetsi a Nuklea—A Kgakala le go Fela
    Tsogang!—1999
  • Baebele e a Reng ka Ntwa ya Nuklea?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • A go Fedile ka Matshosetsi a Nuklea?
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 8/1 ts. 2-5

Matshosetsi a Nuklea—A Mme A Setse A Fedile?

“GO BONALA e kete jaanong go tla nna le kagiso mo Lefatsheng go gaisa mo nakong epe fela fa e sale ka Ntwa ya Lefatshe II.” Kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa bo1980 mokwaladikgang mongwe o ne a ela seno tlhoko a na le tsholofelo e e neng e theilwe mo lebakeng la go bo ditumelano tse di botlhokwa tsa go fokotsa dibetsa le diphetogo tsa dipolotiki tse di neng di sa lebelelwa kgabagare di ile tsa khutlisa Ntwa ya Molomo. A mme matshosetsi a nuklea, ao a neng a tshosa thata ka nako e e fetileng ya fa mebusomegolo e sa utlwane, le one a ne a fedile? A tota kagiso ya boammaaruri le polokesego tse di tla nnelang ruri di ne di le gaufi?

Diphatsa tsa go Ntsifala

Ka nako ya Ntwa ya Molomo, fa mebusomegolo e ne e ikantse gore go tla lekalekanngwa sesole gore go nne le kagiso, mebusomegolo e ne ya dumelana go letlelela gore kitso ka nuklea e tlhabololwe go thusa mo dilong tse di tla lereng kagiso mme e lekanyetse palo ya merafe e e neng e tla dirisa kitso eo go dira dibetsa tsa nuklea. Ka 1970 Tumalano ya go Fokotsa Dibetsa tsa Nuklea e ne ya simolola go dira; moragonyana e ne ya dumelanwa ke merafe e le 140. Lefa go ntse jalo, dinaga tse di kgonang go dira dibetsa tsa nuklea, tse di jaaka Argentina, Brazil, India, le Israel, di ile tsa gana go saena, nakokgolo ke eno.

Lefa go ntse jalo, ka 1985, naga e nngwe e e kgonang go dira dibetsa tsa nuklea e ne ya saena, e leng Korea Bokone. Ka jalo fa e ne e itsise gore ga e sa tlhole e tshegetsa tumalano eno ka March 12, 1993, kwantle ga pelaelo lefatshe le ne la tsenwa ke tsebetsebe. Makasine wa dikgang wa kwa Jeremane e leng Der Spiegel o ne wa bolela jaana: “Go itsise fela gore ga e ne e tshegetsa Tumalano ya go Fokotsa Dibetsa tsa Nuklea go tlhomela tse dingwe sekao: Jaanong go na le matshosetsi a go gaisana ka dibetsa tsa nuklea, go simolola kwa Asia, mo go ka nnang diphatsa thata go gaisa kgogakgogano e e malebana le dibomo tsa ntwa e e neng e le teng fa gare ga mebusomegolo.”

Gongwe palo ya dinaga tse di dirang dibetsa tsa nuklea e tla oketsega, fa bosetšhaba le jone bo ntse bo dira gore go nne le ditšhaba tse disha tse di oketsegileng ka lobelo lo logolo. (Bona lebokoso.) Mmegadikgang mongwe e bong Charles Krauthammer o tlhagisa jaana: “Lebaka la go bo matshosetsi a Soviet Union a fedile ga go reye gore bodiphatsa jwa dibetsa tsa nuklea le jone bo fedile. Tota bodiphatsa ke jwa go oketsega ga palo ya dinaga tse di dirang dibetsa tsa nuklea, mme koketsego eo ke gone e sa tswang go simologa.”

Go Rekisiwa ga Dibomo

Dinaga tse di eletsang go dira dibetsa tsa nuklea di tlhagafaletse go bona tlotla le nonofo e e tlisiwang ke dibetsa tseno. Go bolelwa gore naga nngwe e ne ya reka bobotlana dibetsa tsa nuklea di le pedi kwa Kazakhstan. Repaboliki eno ya pele ya Soviet Union e itsise semolao gore dibetsa tseno di “latlhegile.”

Ka October 1992 banna ba le bantsinyana ba ne ba tshwarwa kwa Frankfurt, kwa Jeremane, ba tshotse digerama di le 200 tsa cesium e e nang le marang a magolo a a bolayang, e e ka kgonang go dira gore metsi otlhe a a mo toropokgolong a nne botlhole. Beke moragonyana ga foo, go ne ga tshwarwa magodu a dithoto a le supa kwa Munich ba tshotse dikilogerama di le 2,2 tsa yureniamo. Go bonwa ga ditlhopha tse pedi tsa batho ba ba utswang dibetsa tsa nuklea mo dibekeng tse pedi go ne ga gakgamatsa badiredi, e re ka go ne go begilwe dikgetsi tsa mofuta oo di le tlhano fela lefatshe ka bophara mo ngwageng otlhe o o fetileng.

Ga go itsiwe gore a batho bano ba ne ba ikaeletse go di rekisetsa dirukhutlhi kana dipuso tsa batho. Lefa go ntse jalo, borukhutlhi jwa dibetsa tsa nuklea bo gomagometsa go anama. Dr. David Lowry wa European Proliferation Information Centre o tlhalosa bodiphatsa jwa seno jaana: “Selo se serukhutlhi se tlhokang go se dira fela ke go romela sekao se sennye se se nang le yureniamo e ntsi thata kwa go molaodi yo o ikanngwang thata gore a se tlhatlhobe, se bolela gore re na le selekanyo se se rileng mme bosupi ke jo. Go tshwana fela le motho yo o thopang a romela tsebe ya motho yo o thopilweng.”

“Dibomo Tse Di Laolwang ke Nako” Mme Di Le Mosola le “Dirai Tse Di Bolayang”

Mo masimologong a 1992, didirisiwa di le 420 tse di laolang maatla a nuklea di ne di dirisiwa ka tsela e e mosola ya go fetlha motlakase; go ne go santse go dirwa tse dingwe di le 76. Mme mo dingwageng tse di fetileng, dikotsi tse di bakiwang ke didirisiwa tseno tse di laolang maatla di ile tsa dira gore go nne le dipego tsa malwetsi a a ntseng a oketsega, go senyegelwa, le bana ba ba tsalwang e le digole. Go begiwa gore ka 1967 ditiragalo tsa kwa feketiring ya plutonium kwa Soviet Union di ne di ntshitse marang a a bolayang ka selekanyo sa makgetlho a le mararo go gaisa jaaka go ne ga diragala mo kudumeding ya kwa Chernobyl.

Ke boammaaruri gore tiragalo eno e e diragetseng moragonyana jaana kwa Chernobyl, kwa Ukraine, ka April 1986 e ne ya gasiwa phatlalatsa ke metswedi ya dikgang. Grigori Medwedew yo o neng e le mothusa moenjeneremogolo wa nuklea kwa feketiring ya kwa Chernobyl mo dingwageng tsa bo1970, o tlhalosa gore “bokete jo bogolo jwa marang a a bolayang a a sa feleng ka bonako” ao a neng a kgwelwa mo phefong “a ka bapisiwa le dibomo di le lesome tsa kwa Hiroshima fa re lebile diphelelo tsa tsone tse di tsayang nako e telele.”

Mo bukeng ya gagwe ya Tschernobylskaja chronika, Medwedew o kwadile ka ditiragalo di le 11 tse di masisi tse di bakilweng ke didirisiwa tse di laolang maatla a dibetsa tsa nuklea kwa go se pele e neng e le Soviet Union mo e ka nnang mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1980 le ka ditiragalo tse dingwe tse 12 tsa kwa United States. Kwa United States go ne go akarediwa le tiragalo nngwe e e tshosang tota e e neng ya diragala kwa Three Mile Island ka 1979. Medwedew o bolela jaana ka tiragalo eo: “E ne e le tiragalo ya ntlha e e neng ya dira gore go kgalwe maatla a nuklea le go dira gore batho ba le bantsi ba se ka ba tlhola ba akanya gore difeketeri tsa maatla a nuklea di babalesegile—mme e seng batho botlhe.”

Ke gone ka moo go santseng go na le dikotsi jaana. Ka 1992 di ne tsa oketsega ka mo e ka nnang 20 lekgolong kwa Russia. Morago ga gore e nngwe ya tsone e diragale, ka March ya one ngwaga oo kwa seteishaneng sa motlakase sa Sosnovy Bore kwa St. Petersburg, kwa Russia, dilekanyo tsa marang a a bolayang di ne tsa tsholetsega ka 50 lekgolong kwa bokonebotlhaba jwa Engelane mme kwa Estonia le kwa borwa jwa Finland di ne tsa fitlha kwa selekanyong se se kwa godimo se se dumelelwang se menagane gabedi. Porofesa e bong John Urquhart wa Yunibesithi ya Newcastle o dumela jaana: “Nka se fe bosupi jwa gore seteishane sa Sosnovy Bore ke sone se bakileng koketsego eno—mme fa e le gore e ne e se Sosnovy Bore, e ne e le eng?”

Balaodi bangwe ba bolela gore tsela e didirisiwa tse di tshwanang le tse di laolang maatla kwa Chernobyl di dirilweng ka teng ga e a siama mme di kotsi fela thata go ka dirisiwa. Lefa go ntse jalo, go santse go dirisiwa di le dintsi go thusa gore go nne le motlakase o o lekaneng. Badirisi bangwe ba didirisiwa tseno tse di laolang maatla ba ile ba bo ba bonwa molato wa go tima ditsamaiso tse di tlhomamisang pabalesego gore go tswe maatla a a oketsegileng. Dipego tse di tshwanang le tseno di tshosa dinaga tse di jaaka Fora, e e dirisang difeketiri tsa nuklea go fetlha 70 lekgolong ya motlakase wa yone. Fa go ka nna le tiragalo e nngwe e e jaaka ya kwa “Chernobyl,” go ka nna ga patelesega gore bontsi jwa difeketiri tsa kwa Fora di se ka tsa tlhola di dirisiwa.

Go bonala gore le tsone didirisiwa tse di “babalesegileng” fa nako e ntse e tsamaya ga di sa tlhole di babalesegile. Mo masimologong a 1993, ka nako ya fa go ne go dirwa tlhatlhobo ya ka metlha ya pabalesego, go ne ga fitlhelwa gore diphaephe tsa tshipi di robegile mo mafelong a feta lekgolo mo sedirisiweng se se laolang maatla kwa Brunsbüttel, e leng nngwe ya tse dikgologolo thata kwa Jeremane. Didirisiwa tseno tse di laolang maatla tsa kwa Fora le Switzerland le tsone di fitlhetswe di robegile ka tsela e e tshwanang. Go ne ga diragala kotsi ya ntlha e e masisi kwa feketiring ya kwa Japane ka 1991, e ka tswa e bakilwe ke gore e ne e setse e le kgologolo. Seno se bontsha gore go ka nna le dikotsi tse di tshwanang kwa United States, koo e leng gore bobedi borarong jwa didirisiwa tse di laolang maatla tsa kgwebo di setse di na le dingwaga tse di fetang lesome.

Dikotsi tsa didirisiwa tse di laolang maatla tsa nuklea di ka diragala gongwe le gongwe ka nako nngwe le nngwe fela. Fa go na le didirisiwa tse di laolang maatla di le dintsi, go nna le matshosetsi a magolo; fa sedirisiwa seno e le sa bogologolo, go diphatsa thata. Ga go gakgamatse go bo pampiri nngwe ya dikgang e di bitsa gore ke dibomo tse di laolwang ke nako e e tsamayang le dirai tse di bolayang tsa marang a a bolayang.

Ba Tshwanetse go Latlhela Matlakala Kae?

Mo bosheng jaana batho ba ne ba gakgamadiwa ke go bona lefelo le le fa thoko ga noka la pikiniki le ageletswe e bile le disitswe ke mapodise kwa French Alps. Pampiri ya dikgang ya The European e ne ya tlhalosa jaana: “Go ne ga laelwa gore go tlhatlhobiwe ka metlha morago ga gore mosadi mongwe wa mo lefelong leo a bolaiwe ke botlhole jwa beryllium mo dikgweding tse pedi tse di fetileng, koo go neng ga fitlhelwa gore dilekanyo tsa marang a motlakase kwa lefelong leo la pikiniki di ne di le kwa godimo ka makgetlho a le 100 go feta tsa mo lefelong la tikologo eo.”

Beryllium, e leng tshipi e e motlhoswana e e ntshiwang ka go dira ditsamaiso tse di farologaneng, e dirisiwa mo intasetiring ya difofane mme fa e sena go bonesiwa ka marang a a bolayang e dirisiwa mo diteishaneng tsa maatla a nuklea. Go bonala feketiri nngwe e e dirang beryllium e ile ya latlhela matlakala a a setseng morago ga go dirisa marang a a bolayang mo lefelong la pikiniki kana gaufi le lone. “Lerole la beryllium ke sengwe se se itsegeng sa mefuta e e botlhole thata ya matlakala a intasetiri, tota lefa le sa bonesiwa ka marang a a bolayang,” go ne ga bolela jalo The European.

Fa go ntse go le jalo, go ne ga begiwa gore go latlhetswe ditanka tsa matlakala a marang a a bolayang di le 17 000 mo metsing a a gaufi le lotshitshi lwa Novaya Zemlya mo dingwageng di le 30, lo lo neng lo dirisiwa ke Soviet Union jaaka lefelo la go tlhatlhobela nuklea gone mo masimologong a dingwaga tsa bo1950. Mo godimo ga moo, maphata a disapomarine tsa nuklea a a nang le marang a a bolayang le dikarolo tsa didirisiwa tse di laolang maatla bobotlana di le 12 di ne tsa latlhelwa mo metsing ao a ba bonang a tshwanela go nna bolatlhelamatlakala.

Go sa kgathalesege gore kgotlelo ya nuklea e dirilwe ka boomo kana nnyaa, fela e diphatsa. Time e ne ya tlhagisa jaana, fa sekepe sa sapomarine se sena go nwela gaufi le lotshitshi lwa Norway ka 1989: “Masalela a sone a setse a dutla cesium-137, e leng isotope e e ka bakang kankere. Gone jaanong go bolelwa gore se dutla go le gonnye mo go ka sekang ga ama ditshedi tsa lewatle kana botsogo jwa batho. Mme sapomarine eno ya Komsomolets gape e ne e rwele metšhine e mebedi ya nuklea e e nang le 13 kg ya plutonium e e ka tlhokang dingwaga di le 24 000 gore halofo ya diatomo tsa yone e kgaogane mme e na le botlhole jo bontsi thata mo e leng gore lerolenyana fela la yone le ka bolaya motho. Bomankge ba kwa Russia ba ne ba tlhagisa gore plutonium eno e ka tshologela mo metsing e bo e kgotlela sekgala se segolo sa lewatle lefa e le ka 1994.”

Ke boammaaruri gore go latlhiwa ga matlakala a a nang le marang a a bolayang ga se bothata jwa kwa Fora le kwa Russia fela. United States e na le “dithotobolo tsa matlakala a marang a a bolayang mme ga e na lefelo le e ka a bolokelang ruri gone,” go bega jalo Time. E bolela gore ditanka di le milione tsa dilo tseno tse di bolayang di beilwe mo mabolokelong a nakwana mme go ntse go na le matshosetsi a gore di ka nna tsa “latlhega, tsa utswiwa le go senya tikologo fa di sa tshwarwe sentle.”

Go bontsha fela bodiphatsa jwa seno, tanka nngwe ya matlakala a nuklea kwa feketiring ya dibetsa ya pele kwa Tomsk, kwa Siberia, e ne ya thunya ka April 1993, mo batho ba neng ba tshoga ba akanya gore ke tiragalo e nngwe e e tshwanang le ya kwa Chernobyl.

Go phepafetse gore fa go goelediwa kagiso le polokesego ka go akanya gore matshosetsi a nuklea a fedile go tla bo go sa utlwale gotlhelele. Mme lefa go ntse jalo kagiso le polokesego di gaufi. Re itse seo jang?

[Lebokoso mo go tsebe 4]

DINAGA TSA NUKLEA

Di 12 mme Palo E Santse E Oketsega

TSE DI IPOLELANG kana TSE TOTA DI LENG MO PALONG: Afrika Borwa, Belarus, Boritane, China, Fora, India, Israel, Kazakhstan, Pakistan, Russia, Ukraine, United States

TSE DI KA TSENANG MO PALONG MO BOGAUTSHWANENG: Algeria, Argentina, Brazil, Iran, Iraq, Libya, Korea Bokone, Korea Borwa, Syria, Taiwan

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Tota lefa maatla a nuklea a dirisiwa ka tsela e e mosola a ka nna diphatsa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Background: U.S. National Archives photo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

Cover: Stockman/International Stock

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

U.S. National Archives photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela