Pego ya Baboledi ba Bogosi
“Segopodiso sa Moya wa Tirisanommogo”
GAUFI le kgaolo e e kwa borwa e e kwa bofelong jwa Spain go na le lefika le legolo thata la kalaka le le itsegeng jaaka Lefika la Gibraltar. Ka makgolokgolo a dingwaga, lefika leno le nnile mosupi yo o didimetseng wa dikgogakgogano tsa sepolotiki le go sa utlwane fa gare ga ditšhaba. Go farologana le seno, bosheng jaana Lefika la Gibraltar e nnile lefelo leo mo go lone go ileng ga bontshiwa tirisanommogo le kutlwano tse di sa tlholeng di le gone mo lefatsheng gompieno.
Dikilometara di le tharo fela go tswa mo Lefikeng go na le toropo ya La Línea, mo Spain. Gone moo go ne ga agiwa Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e neng ya dira gore badiri ba baithaopi ba ba makgolokgolo ba kopane mmogo ba ikemiseditse go ntsha moneelo wa nako le maatla a bone. Jaaka ba ne ba dira ka thata go aga lefelo le le tshwanetseng la go obamela Mmopi, Jehofa Modimo, le eleng pono e e boitshegang ya Lefika la Gibraltar e ne ya nyelela fa e bapisiwa le tiro e e botlhokwa eo e neng e dirwa.
Baboledi ba Bogosi ba ba mo karolong eo ya lefatshe ba ne ba romela pego eno e e latelang:
“Baithaopi ba ba matlhagatlhaga ba le 900 ba ile ba bereka letsatsi lotlhe, go simologa ka Labotlhano thapama, ka September 24, 1993. Ka ura ya bosupa ka Sontaga maitseboa, go ne go eme letshwao le lesha leo le neng le itsise kago eno jaaka Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa, mme lefelo leno le lentle le ne la dirisiwa go tshwara pokano ya phatlalatsa ya ntlhantlha mo go lone.
“Basupi ba le bantsi ba ba gaufi le Gibraltar ba ne ba kgabaganyetsa go tla go thusa bakaulengwe ba bone ba Masepanishe. ‘Dikgaogano tsa sepolotiki ga di kgoreletse bokaulengwe jwa rona jwa ditšhabatšhaba,’ go ne ga tlhalosa jalo mongwe wa badiri ba ba ithaopileng yo e leng moagi wa Gibraltar. O ne a oketsa ka go re: ‘Dingwaga tse di mmalwa tse di fetileng, ditsala tsa rona tse di tswang kwa La Línea di ne tsa tla go re thusa go aga Holo ya rona ya Bogosi mo Gibraltar, mme jaanong re itumelela go ba direla se se tshwanang.’
“Go tshegetsa maiteko a magolo ano a diphuthego tse pedi tsa Basupi ba ga Jehofa le bathusi ba bantsi ba ditswerere go tswa karolong ya Andalusia, motse wa La Línea o ne wa swetsa ka gore o ba neye setsha seo ba neng ba se tlhoka. ‘Ka tlwaelo, balaodi ba lefelo leo ba Masepanishe ba ile ba nna ba aba ditsha tsa go aga dikereke tsa Katoliki ka dinako tsotlhe,’ go ne ga tlhalosa jalo ratoropo wa La Línea fa a ne a etetse lefelo la go aga. ‘Ke eng fa re sa direle madumedi a mangwe se se tshwanang? Ke kgatlhilwe thata ke tsela eo baithaopi bano ba leng peloephepa ka gone, mme ke akanya gore re tlhoka go ba ema nokeng. Re tlhoka thata moya o o ntseng jalo mo lefatsheng le le kgaoganeng la jaanong.’
“O ne a bitsa Holo ya Bogosi a re ke ‘segopodiso sa moya wa tirisanommogo.’ Tota, selo se se neng sa kgatlha thata e ne e se mokgwa wa go aga kana bogolo jwa kago. Go na le moo, selo se se neng sa kgatlha batho ba le bantsi mo motseng e ne e le go bo e ne e agilwe ke baithaopi fela me e ile ya emisiwa mo diureng di le 48 fela!”
Go bonala sentle gore Basupi ba ga Jehofa mo La Línea le mafelo a a dikologileng ba utlwa mafoko a a mo go Bagalatia 6:10. Moo moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa badumedikaene ka gore: “Yalo, ha re bōna lobaka, a re kè re diheñ se se molemō mo bathuñ botlhe, me bogolo mo go ba e leñ ba ntlo ea tumèlō.”