“Se Se Tlhomameng Jaaka Leje la Gibraltar”
Leje le le boitshegang la Gibraltar leo le tlhatlogang mo metsing a a bothitho, a a botala jwa legodimo a Mediterranean le tlhatloga go fitlha go bogodimo jwa dimitara di le 426, eleruri le lebega le tlhomame. Fa go sa thiba, motho o kgona go bona setlhoa se se molodi sa Gibraltar motlhofo fela a le bokgakala jwa dikilometara di le dintsi kwa borwa jwa Spain le kwa Morocco, go pota Mediterranean ka kwa.
Histori ya Gibraltar e simologa moragorago kwa ka dinako tsele tsa botlhoka-kitso tsa fa batsamaya-ka-sekepe ba bogologolo, ereka ba ne ba dumela gore lefatshe le sephara, ba neng ba akanya ka tsone gore fa ba ka kgabaganya Kgogomelowatle ya Gibraltar seo se ne se tla dira gore ba fitlhe kwa lefatshe le felelang teng le kwa moleteng o o senang bolekeletso wa polao. Gape le ne le lebiwa jaaka nngwe ya Makotwana a ga Hercules, ao le lengwe la one e leng Jebel Musa a a kwa Ceuta, mo losing lwa lewatle la Afrika go kgabaganya kgogomelowatle eo. Tlhamane nngwe e ne e bolela gore mogaka Hercules ke ene a neng a kgaogantse dithaba tseo gore di nne pedi.
Toropo ya Gibraltar e gone ka ntlha ya Maarabia ao a neng a tswa kwa Afrika Botlhaba mo lekgolong la borobedi la dingwaga C.E. mme ya re moragonyana ga moo ba tlhoma toropo eo ka 1160. Leina Gibraltar le tswa mo leineng la Searabia eleng Djabal-Tarik, kana Thaba ya ga Tarik. Ṭāriq ibn Ziyād e ne e le moeteledipele wa Maarabia yo a neng a fenya kgosi ya bofelo ya Mo-Goth ka 711 C.E.
Masepanishe ba ne ba gapa Gibraltar ka 1462, mme legale Britane o ne a e gapa mo go bone ka 1704. Go tla go fitlha le gompieno, e santse e le nngwe ya ditheo tsa bofelo tsa sesole tsa Mmuso-Mogolo wa pele wa Britane. Mme lefa go ntse jalo Leje la Gibraltar le tswela pele le emela sengwe seo se tlhomameng ebile se nnetse ruri.
Diphuthego di le pedi (tsa Seesemane le Sepanishe) tse di nang le Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 120 ba kwa Gibraltar ba bolelela baagi ba Gibraltar ka tsholofetso ya puso ya Bogosi jwa Modimo, eo eleng tsholofetso e e tlhomameng le eleng go feta Leje leo!—Tito 1:1, 2; Bahebera 6:17-19.