Masaitseweng a Ditshwene Tse di Nnang mo Thoteng
FA O akanya ka ditshwene, gantsi o akanya ka lefelo la Boboatsatsi. Mefuta e mmalwa ya ditshwene e fudugela kwa mafelong a tlelaemete e e lekalekaneng. Le fa go ntse jalo, go na le mefuta e mebedi e e lebegang e farologane le e mengwe.
Mo dithabeng tse di kwa godimo tsa Atlas tse di kwa Afrika Bokone, kwa kapoko e wang ka mariga, ditlhopha tse dinnye tsa ditshwene tsa Barbary di tsamayatsamaya mo dikgweng tsa mosedara le moakere.a Setlhopha sengwe se se itlhaotseng sa ditshwene tseno se ka fitlhelwa dikilometara di le 300 go ya kwa bokone, di kgobokane di le nosi mo thoteng e e bidiwang Rock of Gibraltar e e leng kwa ntlheng e e kgakala ya borwa jwa Yuropa.
Baithutatlholego ba tlhalosa jang masaitseweng ano? Bangwe ba akanya gore ditshwene tseno di ne di nna mo dikarolong dingwe tse di kgakala tsa Yuropa, mme tse di kwa Gibraltar ke tsone fela tse di setseng. Bangwe ba akanya gore batsamayakadikepe ba kwa Arabia le Boritane ke bone ba ba di tlisitseng mo lefelong leno. Go ya ka ditlhamane ditshwene di ne di kgabaganya kgogomelo e tshesane e e kgaoganyang Yuropa le Afrika ka thanele ya bogologolo e e kafa tlase ga lefatshe. Go sa kgathalesege gore di tswa kae, gone jaanong ke tsone fela ditshwene tse di tsamayang ka kgololesego tse di fitlhelwang kwa Yuropa.
Ditshwene tsa Barbary di nna mo ditlhareng tsa phaene tse di fitlhelwang mo karolong e e kwa godimo ya Rock of Gibraltar. Go ya ka International Primate Protection League, lefa ditshwene tseno di ka nna lekgolo fela, ke “baagi ba ba itsegeng thata ba pheninsula”.b
E re ka bajanala ba ba ka nnang dimilione tse supa ba etela Gibraltar ngwaga le ngwaga, ditshwene tseno tse di letshwenyo di bona dijo tse di lekaneng. Le fa gone di kgona go senka dimela tsa naga, di setse di tlwaetse go kopa mme ka dinako dingwe di utswa dijo mo bajanaleng. Gape puso e naya ditshwene tseno maungo le merogo.
Kwantle ga go nna di ja, ditshwene tseno di fetsa diperesente di le 20 tsa nako ya tsone di runana. Ditshwene tsa ditona le tse di namagadi di tlhokomela le go tshameka le bana ba tsone. Di tshela ka ditlhopha tse di nnang mmogo mme e bile ka dinako dingwe di a lwa ka ntlha ya go tenega. Le fa ditshwene tse dikgolo di koba tse dinnye ka go goa le go di tshosetsa, di na le mokgwa wa go tsikitla meno e le go reba bogale jwa tsone.
Ga go itsege gore ditshwene tseno di fitlhile jang kwa Gibraltar; le fa go ntse jalo, ditshwene tseno tse di ratang batho, di oketsa bontle jo bo fitlhelwang mo lefikeng leno le le tlhokometseng matseno a Lewatle la Mediterranean. Gibraltar e ne e ka se nne se e leng sone kwantle ga ditshwene tseno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ditshwene tsa Barbary tota ga se ditshwene. Ke dikgabo tse di se nang megatla.
b Di-Japanese macaque tse e leng masika a ditshwene tseno, le tsone di itsege ka go ngoka bajanala kwa metsweding ya metsi a a bolelo a kwa Japane koo di kgobokanang teng mariga.