Patlisiso Eo E Dirwang go Dirisiwa Diphologolo—A Ke Tshegofatso kana Ke Phutso?
FA E le gore o mongwe wa batho ba le dimilione di le dintsintsi bao ba ileng ba hema mohemo wa botshelo la ntlha go ela fa lekgolo leno la dingwaga le ne le simologa, o ka nna wa tswa o itse gore selekanyo sa dingwaga tse o kgonang go di tshela se feta kgakala tseo batsadi ba gago mmogo le ngaka kana mooki wa mmelegisi yoo o neng a go tshodisa mmago ba neng ba lebeletse go di tshela. Fa e le gore o tsaletswe kwa United States, kwa Canada, kana kwa Yuropa, dingwaga tseo o neng o ka kgona go di tshela ka ngwaga wa 1900 di ne di ka nna 47. Kwa dinageng tse dingwe dingwaga tseo batho ba neng ba ka di tshela ebile di le kwa tlase ga tseo. Gompieno, mo dinageng di le dintsi dingwaga tseo batho ba ka kgonang go di tshela di feta 70.
Go sa kgathalesege gore o na le dingwaga di le kae, o tshela mo motlheng wa dikgakgamatso. Bommèmogolo le borremogolo ba gago kana batsadi ba bone ba ne ba bona diphelelo tseo di neng di se kake tsa thibelwa tsa malwetsi a le mantsi ao a neng a lalanya kokomana ya bone. Ka sekai, sekgwaripane se ne se lobela matshelo a batho ba le diketekete tse di senang palo dintshi ngwaga le ngwaga mme sa tlogela ba bangwe ba le dimilionemilione ka dipadi tsa sone tseo di tla tsayang botshelo jotlhe jwa bone ba na le tsone. Malwetsi a letshoroma le legolo a ne a itseela matshelo a ba bangwe—leroborobo le lengwe la one le le lengwe fela le ne la bolaya batho ba le dimilione di le 20 mo ngwageng o le mongwe (1918-19). Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, leroborobo la bolwetsi jwa typhus le ne la bolaya batho ba le dimilione di le tharo kwa Russia. Leroborobo la malwetsi a typhus le ne la nna gone le kwa dinageng tse dingwe tse dintsi ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Go phopholediwa gore mo bathong bangwe le bangwe ba le 100 bao ba neng ba tshelegetswe ke bolwetsi ka nako ya leroborobo la malwetsi a typhus ba le 25 ba bone ba ne ba swa.
Bolwetsi jo bo boifisang jwa masea jwa go swa ditokololo, jo moragonyana bo neng jwa itsege jaaka polio, bo ne jwa fokotsa baagi ba lefatshe ka batho ba ka nna 30 000 ngwaga le ngwaga mme bo ne jwa golafatsa ba bangwe ba le diketekete, segolobogolo bana. Go ne go na le ba ba neng ba na le dingwaga tse dipotlana bao ba neng ba seka ba falola tlhaselo ya ntlha ya letshoroma la typhoid kana mometsomosweu, ka ntlha ya scarlet fever kana mmasele, ka ntlha ya kgookgoo kana nyumonia. Palo ya one e lebega e sena kwa e felelang gone. Mo maseeng mangwe le mangwe a le 100 000 a a tsetsweng ka 1915, ba ba ka tshwarang 10 000 ba bone ba ne ba swa pele ga letsatsi la bone la ntlha la matsalo. Ditlhagala tse di tswang mo bobokong di ne di sa kgonwe go ariwa. Kgono ya go kabolola methapo ya madi e e kabetseng e ne e sa itsege. Dingaka di ne di sa kgone go thusa batho bao ba tshwerweng ke bolwetsi jwa pelo, me kankere e ne e bolela loso.
Go sa kgathalesege dipetso tse di diphatsa tseo di ileng tsa padimola lefatshe fa esale ka lekgolo leno la dingwaga le simologa le pele ga lone, dingwaga tseo motho a ka kgonang go di tshela di oketsegile ka dingwaga di le 25. Ka gone, mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, ngwana yo o tsalwang gompieno a ka kgona go tshela dingwaga di ka nna 70.
Setlhabelo Seo Se Ileng Sa Ntshiwa Gore go Bolokiwe Botshelo
Ka lesego, basha ba le bantsi bao ba tshelang gompieno ba ile ba falola bontsi jwa malwetsi a a kotsi ao a neng a dira gore bontsi jwa bagologolwane ba bone ba swe ba sale basha. Mme lefa go ntse jalo ba ka nna ba seka ba itumelela go itse gore bontsi jwa ditsala tsa motho tse di boboa—eleng dintša, dikatse, mebutla, dikgabo, le tse dingwe—di ile tsa ntshiwa setlhabelo mo tirong ya saense ya kalafi ‘gore setho gompieno se ke se tshele nako e telejana le go tshela ba na le pholo e e molemo,’ jaaka fa borasaense ba atisa go tlhalosa seno.
Mo e batlang e le malwetsi otlhe ao a ileng a fedisiwa kana a kokobediwa mo lekgolong leno la dingwaga—eleng polio, mometsomosweu, makidiane, mmasele, mmasele wa Jeremane, sekgwaripane, le a mangwe—a ile a fenngwa ka ntlha ya patlisiso eo e neng e dirwa go dirisiwa diphologolo. Melemo ya go dira gore o swe segatsu le ya go dira gore o seka wa utlwa botlhoko jwa setlhabi, go fepiwa ka methapo le dikalafi, kalafi ya marang le kalafi ya dikhemikale ya kankere, tsotlhe di ne tsa lekelediwa pele mo diphologolong mme tsa itshupa di na le katlego. Mme tseno ke di sekae fela tsa tsone.
“Go batla go sena kalafi epe e kgolo kana mokgwa wa go ara o o mo kalafing ya segompieno oo o neng o ka nna teng fa e ne e se ka patlisiso eo e dirilweng go dirisiwa diphologolo,” go ne ga bolela jalo ngaka nngwe e e tumileng ya methapo, ebong Dr. Robert J. White. “Go bereka ka dintša le ka diphologolo tse dingwe go ile ga felela ka gore go bonwe insulin mmogo le kafa bolwetsi jwa sukiri bo ka alafiwang ka gone, go ile ga felela ka go ariwa ga pelo e ntsheditswe kwa ntle, ka motšhini wa go dira gore pelo e betse ka tshwanelo le ka karolo yotlhe ya go jalolola dikarolo tsa mmele. Polio . . . e batla e fedisitswe gotlhelele kwa United States ka go dirisiwa ga moento wa go e thibela oo o tokafaditsweng mo dikgabong. Ka go bereka ka diphologolo, babatlisisi ba ile ba oketsa selekanyo sa go fodisa bana bao ba bolawang ke bolwetsi joo bo tlhaselang ka bonako jwa lymphocytic leukemia go tloga go diperesente di le nnè ka 1965 go ya go 70 lekgolong gompieno,” yone ngaka eo e ne ya bolela jalo.
Seabe seo diphologolo tseo di dirisediwang go dira patlisiso di nang naso se tlhomamisiwa ke yo pele e neng e le mothusi wa laboratori ebong Harold Pierson, yoo a neng a bereka kafa tlase ga ga Dr. F. C. Robbins kwa Western Reserve University, kwa Cleveland, Ohio, U.S.A. O ne a bolelela Tsogang! gore thulaganyo ya bone ya go bona moento wa mo molomong wa polio o ne o akaretsa go dirisiwa ga diphio tsa kgabo. Ditogwa tseo di neng di tswa mo phiong e nngwe di ne di ka dirisediwa diteko di le diketekete. O ne a tlhalosa jaana: “Dikgabo tseno di ne tsa bewa mo maemong a a molemo mme ka metlha di ne di bolawa segatsu ka nako ya fa di ne di buiwa. Eleruri di ne di sa tshwarwe setlhogo ka boomo. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go ariwa ga tsone, di ne tsa tshwarwa setlhogo ka ntlha ya saense di sena kafa di neng di ka dira ka gone.”
Karo ya Pelo le Bolwetsi jwa Alzheimer
Jaaka matswela a a bonweng ka tlhamalalo go tswa mo patlisisong e e dirilweng go dirisiwa diphologolo, go ile ga dirwa mekgwa e mesha ya go ara gore go bulwe methapo ya madi e e kabaditsweng ke masaledi a cholesterol, ka gone seo se thibela malwetsi a le mantsi a pelo—ao eleng one selo se segolo se se bakang loso kwa mafatsheng a Bophirima. Ka go lekeletsa seno pele mo diphologolong, dingaka di ithuta kafa go ka tlosiwang ditlhagala tse di boitshegang ka katlego ka gone ba di tlosa mo bobokong jwa batho le go boa ba busetsa ditokololo tseo ba neng ba di kgaotse mo mannong a tsone—eleng matsogo, maoto, diatla, le menwana. Dr. Michael DeBakey, yo eleng ene motho wa ntlha go atlega go dira selo seo madi a mothapo wa pelo a ka fetang ka sone, o ne a bolela jaana: “Mo lefapheng la me la go dira dipatlisiso ka tlhamalalo mo dilong, mo e ka nnang tiro nngwe le nngwe eo e leng selo se sesha go dirwa mo karong ya pelo e ne e theilwe mo go direng ditekeletso ka diphologolo.”
Malebana le bolwetsi jwa Alzheimer, Dr. Zaven Khachaturian wa U.S. National Institute of Aging o ne a bolela jaana: “Mo dingwageng di le robedi tse di fetileng, re ne re sa itse le fa e le sepe ka jone. Go ile ga dirwa kgatelopele e e seng kana ka sepe mo patlisisong e e leng malebana le bolwetsi jwa Alzheimer ka ntlha ya go bo re ile ra itshetlega ka patlisiso ya motheo e e leng malebana le kafa boboko bo dirang ka gone eo e simologileng mo dingwageng tsa bo 1930.” Bontsi jwa tiro eno e ne e kopanyeletsa diphologolo, mme ngaka eno e bolela gore ke tsone selo sa konokono se se ka dirang gore go tswelelwe go dirwa kgatelopele.
AIDS le Bolwetsi jwa Parkinson
Patlisiso eo eleng botlhokwatlhokwa jaanong, ebile e le yone e bakang gore borasaense le bomankge ba itshireletso ya mmele kgatlhanong le malwetsi ba bereke nako e teleletelele ba sa kgaotse, ke ya go batla moento wa go lwantsha bolwetsi jo bo tshabegang thata jwa AIDS, joo bomankge bangwe ba phopholetsang gore ka 1991 bo tlile go bolaya batho ba ka nna 200 000 kwa United States e le yosi. Ka 1985 borasaense kwa New England Regional Primate Center ba ne ba atlega mo go tlhaoleng bokwanatlhoko ya STLV-3 (SAIDS, eleng mofuta wa AIDS ya dikgabo) mo dikgabong tse di mokoto le go e tsenya mo go tse dingwe. Dr. Norman Letvin, yoo eleng mankge wa itshireletso ya mmele kgatlhanong le malwetsi kwa New England Regional Primate Center, o ne a bolela jaana: “Jaanong ereka re setse re kgonne go tlhaola bokwanatlhoko eno, re na le phologolo eo re ka dirang moento kgatlhanong le bolwetsi jono re o direla dikgabo mmogo le batho. Go a kgonagala go ka ithuta go le gontsi mo go oketsegileng go tswa mo diphologolong di sekae fela mo patlisisong e o dirang ditekeletso mo go yone go feta seo o neng o ka se ithuta fa o ne o tlhatlhoba balwetsi ba le makgolokgolo bao ba tshwerweng ke bolwetsi jwa AIDS.”
Dingaka tsa kwa Yerkes Regional Primate Research Center of Atlanta’s Emory University e ne ya nna bone batho ba ntlha go bontsha, ka dipatlisiso tsa bone tseo ba di dirileng ba dirisa dikgabo tsa India, kafa go ka kgonagalang ka gone gore go jalwe togwa eo e kgonang go ntsha dopamine e e ntshetsa mo bobokong jaaka kalafi ya bolwetsi jwa Parkinson. Fa esale go tloga ka 1985 dingaka tse di arang methapo di ntse di dira karo eno mo bathong kwa Kokelong ya Emory University. Dingaka di akanya gore seno se ka felela ka phitlhelelo ya gore go bonwe kalafi ya bolwetsi jono.
Motho o ile a retologela mo diphologolong fa a ntse a batlana le dikarabo tsa dipotso tse di akabatsang tse di leng malebana le kafa a ka tokafatsang ka gone le go boloka, le eleng ka nakwana fela, botshelo jwa gagwe jo bo sa itekanelang. Lefa go ntse jalo, go dirisiwa ga diphologolo mo go direng patlisiso ya tsa kalafi go tsosa dikgangkgolo tsa botlhokwa tsa melao ya se se siameng le se se sa siamang mmogo le tsa ditlwaelo tsa batho tseo go seng motlhofo go di rarabolola.
“Mo lefapheng la me la go dira dipatlisiso ka tlhamalalo mo dilong, mo e ka nnang tiro nngwe le nngwe eo e leng selo se sesha go dirwa mo karong ya pelo e ne e theilwe mo go direng tekeletso ka diphologolo . . . Go batla go sena sepe se sengwe seo se ka dirisiwang mo boemong jwa diphologolo go dira ditekeletso ka sone.”—Dr. Michael DeBakey
[Lebokoso mo go tsebe 5]
Patlisiso eo e Dirwang go Dirisiwa Diphologolo—Ke Mokgwa wa Bogologolo
GO DIRISIWA go go anameng ga diphologolo ke dingaka le borasaense di dirisediwa go tlhaloganya kafa mebele ya batho e dirang ka gone ga se selo se se simologileng mo lekgolong leno lwa bo 20 la dingwaga. Diphologolo di ile tsa dirisiwa mo go direng patlisiso ya tsa kalafi bobotlana mo dingwageng di le 2 000 tse di fetileng. Mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E., kwa Alexandria, Egepeto, dipego di bontsha gore Erasistratus yo e neng e le rramatlhale ebile e le rasaense o ne a dirisa diphologolo go ithuta kafa mmele o berekang ka gone mme a fitlhela e le selo se se tshwanang fela le mo bathong. Mo lekgolong la bonè la dingwaga, rasaense yo o tumileng wa Mogerika ebong Aristotle o ne a kokoanya tshedimosetso ya botlhokwa e e malebana le kafa mmele wa motho o ntseng ka gone mmogo le kafa o dirang ka gone a dirisa patlisiso ya gagwe eo a neng a e dira mo diphologolong. Dingwaga di le makgolo a matlhano morago ga moo ngaka ya Mogerika ebong Galen o ne a dirisa dikgatlha le dikolobe go tshegetsa kgopolo ya gagwe ya gore methapo e tsamaisa madi eseng moya.