Patlisiso Eo E Dirwang go Dirisiwa Diphologolo—Go Leba Seno Ka Tsela E E Lekalekaneng
Lemororo setlhabelo seo se ntshiwang mo go seno e le selo seo go ngangisanwang ka sone, batho ba le bantsi ba dumela gore go dira patlisiso go dirisiwa diphologolo go feletse ka molemo o o seng kana ka sepe go setho. Tota le eleng bao ba buelelang gore go dirisiwe mashetla kgatlhanong le go dirisiwa ga diphologolo go lekeletswa ka tsone le bone ba ile ba bona melemo mo kitsong e ntšha ya tsa kalafi mmogo le mo mekgweng e mesha ya go dira karo le mo diokobatsing tse di lwantshang malwetsi.
Martin Stephens wa Humane Society ya kwa United States o ne a bolela jaana: “Re tshwanetse ra bua boammaaruri fela mme re dumele gore go ile ga nna le melemo mengwe eo e bonweng ka ntlha ya go dira patlisiso go dirisiwa diphologolo. Mme lefa go ntse jalo mokgele wa rona o mogolo ke gore go nne le sengwe seo se dirisiwang mo boemong jwa phologolo nngwe le nngwe.” (Parade Magazine, October 9, 1988) “Gone ke a dumela,” Vicki Miller, yo eleng mookamedi wa Toronto Humane Society, o ne a bolela jalo, “gore diphologolo di ile tsa dirisiwa sentle mo masimologong a lekgolo leno la dingwaga. Tsela ya go kokobetsa bolwetsi jwa sukiri e ile ya nna teng ka ntlha ya patlisiso eo e neng e dirwa go dirisiwa diphologolo. Mme lefa go ntse jalo ga e tlhole e tlhokafala jaanong ereka re na le dilo tsa methalethale tsa botegeniki tseo di ka dirisiwang mo boemong jwa tsone.”—The Sunday Star, Toronto, Canada.
Ene motshwayadiphoso yono o ne a bodiwa gore o ne a ka araba jang bao ba bolelang gore: Ke selo se se tshwanetseng fa legotlo le tshwanela go swa gore go bolokiwe botshelo jwa lesea. Fa diphologolo di sa tlhole di dirisediwa go dira patlisiso, masea a a swa gore go bolokiwe magotlo. E ne ya re fa a araba Globe and Mail ya Toronto a bolela jaana: “Ke kgang e e tsosang maikutlo ruri, mme fa re leba dilo go tswa letlhakoreng leo go ile ga batla go sa kgonagale go ka fenya seno . . . Go na le selo seno sa gore fa e se legotlo ke ngwana mme ka dinako tsotlhe o a latlhegelwa mo go sone.”
Mo setlhogong se se tlang pele ga seno go ile ga bodiwa potso eno: “Fa e le gore patlisiso e e dirwang go dirisiwa phologolo e ne e ka go boloka kana ya boloka mongwe yo o mo ratang mo bolwetsing bongwe jo bo botlhoko thata kana mo losong, a o ne o ka e gana?” John Kaplan, yoo eleng porofesara ya molao kwa Stanford University, California, o ne a kwala karabo ya seno mo tokololong ya November 1988 ya makasine wa Science jaana: “Bao ba leng kgatlhanong le gore diphologolo di dirisediwe go dira patlisiso ga se gantsi ba ngaparelang molaomotheo oo le go laela dingaka tsa bone gore di se ka tsa dirisa matswela a seo se fitlheletsweng ka patlisiso ya tsa kalafi eo e dirilweng go dirisiwa diphologolo ka nako eo e ka tswelang bao ba ba ratang mosola kana bone ka sebele. Le gone ga ba eletse go ithontsha melemo ya dikgatelopele dipe tseo di ka dirwang mo isagweng di dirwa ka ntlha ya patlisiso eo e dirwang go dirisiwa diphologolo. Re kgatlhiwa ke melaometheo eo e tlhotlheletsang Basupi ba ga Jehofa gore ba gane ditshelo tsa madi . . . le ya bao ba leng kgatlhanong le go tsongwa ga diphologolo tseo di nang le boboa ya gore go se ka ga aparwa diaparo tsa boboa jwa diphologolo. Mme lefa go ntse jalo re tshwanetse ra lwa ka thata kgatlhanong le kgopolo eo e dirang gore bao ba leng kgatlhanong le patlisiso eo e dirwang go dirisiwa diphologolo ba latele tsela eo ya bone eseng ka go tlhoma sekao mme go na le moo e ba dira gore ba e latele ka go lwa ba dirisa dipolelo tse eseng tsa boikanyegi tsa go itsa mongwe le mongwe go bona melemo ya seno.”
“Setšhaba se tshwanetse sa itsisiwe,” mokwadi wa makasine wa Science wa March 10, 1989, o ne a kwala jalo, “gore patlisiso e e dirwang go dirisiwa diphologolo le tsone diphologolo tse dingwe e di tswela molemo. Tota, moento kgatlhanong le bolwetsi jwa bolawane, eleng bokwanatlhoko eo e bolayang dikgomo di le dimilionemilione ka iketlo le ka tsela e e botlhoko, o ile wa dirwa go dirisiwa ditekeletso ka diphologolo; moento ono jaanong o dirisiwa ke Mokgatlho wa Pholo wa Lefatshe Lotlhe mo dikgomong di le dimilionemilione mo Afrika.”
Tsela Eo Bibela E Lebang Seno ka Yone
Morago ga Morwalela wa lefatshe lotlhe wa ka motlha wa ga Noa, Jehofa Modimo o ne a laela Noa le bana ba gagwe, eleng bao ba akaretsang le batho ba mo motlheng wa rona, ka taelo eno: “Dilō cotlhe tse di tsamaeañ tse di tshelañ, di tla nna diyō tsa lona; yaka merōgō e metala, ke di lo neile gotlhe hèla. Me nama e e tlhakanyeñ le botshelō yoa eōna, bo e leñ madi a eōna, lo se ka loa e ya.” (Genesise 9:1, 3, 4) Matlalo a diphologolo le one a ne a ka dirisediwa go dira diaparo. Seno se ne se se kitla se roba taolo eo Modimo a e neileng motho mo godimo ga diphologolo.—Genesise 3:21.
“Fa e le gore diphologolo di ka dirisiwa jaaka dijo go boloka matshelo a batho,” makasine wa Awake! wa June 22, 1980, o ne wa kwala jalo, “go lebega e le selo se se utlwalang go ka di dirisetsa go dira ditekeletso tsa kalafi gore go bolokiwe matshelo. Lefa go ntse jalo, seno ga se tetla ya gore go dirwe ditekeletso tseo di se nang melelwane mme gantsi e le tse di sa thuseng ka sepe, tse di boaboelediwang mme di kopanyeletsa pogo e e seng kana ka sepe.” Eleruri, go ya ka Bibela, go bogisa diphologolo ka tsela e e tsitsibanyang mmele ke selo seo se se kakeng sa amogelwa.—Ekesodo 23:4, 5, 12; Duteronomi 25:4; Diane 12:10.
Dingaka di le dintsi le borasaense ba dumalana gore go na le molemo o o rileng o o ileng wa nna gone ka ntlha ya mokgatlho o o sa batleng go utlwa sepe wa bao ba leng kgatlhanong le gore diphologolo di dirisediwe go dira patlisiso. “Dintlha di le dintsi thata tseo di tlhagisitsweng ke mokgatlho wa pholo ya diphologolo ke tse di feteletseng mme lefa go ntse jalo di siame,” rasaense mongwe o ne a bolela jalo. “Matshelo a diphologolo mmogo le go boga ga tsone eleruri go tshwanetse ga dirwa ka lebaka le le utlwalang,” rasaense wa Moamerika ebong Jeremy J. Stone o ne a bolela jalo. “Kitso nngwe e bonwa ka go dira setlhabelo se se seng kana ka sepe,” mankge wa Borithane wa kafa mmele o dirang ka gone ebong Dr. D. H. Smith o ne a dumalana jalo. “Re dumalana le keletso ya gore re dire gore patlisiso e se ka ya nna e e botlhoko go le kalo, gore re tlhokomele diphologolo tse di dirisediwang ditekeletso sentle le go fokotsa palo ya tse di dirisediwang seo,” Dr. J. B. Wyngaarden wa U.S. National Institutes of Health, o ne a bolela jalo. Mme molweladitshwanelo tsa diphologolo mongwe o ne a dumalana jaana: “Go kile ga ne go tsewa gore o monna fa o dirisa diphologolo mme o sa akanye sepe ka seo. Gompieno, go akanya ka dilo tse dingwe tseo di ka dirisiwang mo boemong jwa tsone ke selo seo se tshwanetseng go dirwa.”
“Dilo tse dingwe tseo di ka dirisiwang mo boemong jwa tsone” ke yone polelwana ya konokono. Borasaense ba dumela gore go ka nna ga diragala gore le ka motlha ope ba se ka ba bo ba kgona go ka fitlha ntlheng eo ba tla fedisang diphologolo gotlhelele mo go di diriseng go dira patlisiso, mme lefa go ntse jalo moo go kgonagalang teng ba batlana le dilo tseo ba ka di dirisang mo boemong jwa tsone ba sa kgaotse. Ka sekai, mebutla ya gae ga e tlhole e dirisediwa go tlhomamisa go ithwala ga motho, ereka jaanong go na le mokgwa oo go dirisiwang dikhemikale mo go one. Dikolobe ga di tlhole di dirisediwa go ka tlhaola baketeria e e bakang bolwetsi jwa mafatlha. Mekgwa ya go itirela ditogwa jaanong e boloka matshelo a diphologolo tseno eo fa e ne e se ka yone di neng di tlile go swa. Mekgwa e mengwe ya go itirela ditogwa e dirisiwa mo boemong jwa go dira ditekeletso mo dipebeng dingwe. Mme mebutla e le mentsi ya gae eo e neng e beetswe kwa thoko gore e dirisiwe mo tekeletsong e e botlhoko ya Draize e ka nna ya se ka ya dirisediwa seo ka ntlha ya mokgwa o mongwe o o dirisiwang mo boemong jwa tsone eleng wa go dirisa letha la lee la koko go direla ditekeletso mo go lone. Eleruri, batho bao ba amegileng ka ntlha ya go boga ga diphologolo ba solofela gore go tla bonwa ditsela tse dingwe tseo di ka dirisiwang mo boemong jwa tsone, mme ba solofela gore seno se tla dirwa ka bonako.
Lefa go ntse jalo, selo se segolo seo se tla dirisiwang mo boemong jwa gore diphologolo di dirisediwe go dira tekeletso e tla nna lefatshe la Paradaise leo re sa bolong go le letela le Bakeresete ba boammaaruri ba ntseng ba le rapelela. Jehofa Modimo, eleng Mmopi yo o lorato, o solofeditse gore malwetsi otlhe mmogo le loso ka bolone di tla fedisetswa ruri. Mo lefatsheng leo le le lesha le le solofeditsweng ke Modimo, motho le diphologolo ba tla nnela ruri mmogo mo kagisong, mme ga go na sepe seo se tla di boifisang. Mme go tla bo go sa tlhole go na le malwetsi mme ka gone go tla bo go sa tlhole go tlhokafala gore go dirwe ditekeletso ka diphologolo. Bosetlhogo e tla bo e le selo se go lebetsweng ka sone.—Isaia 25:8; 33:24; 65:25; Mathaio 6:9, 10.