Patlisiso Eo E Dirwang go Dirisiwa Diphologolo—Ditsibogo Tsa Ka Tsela E E Makgwakgwa
FA PALO e e tlhomameng ya diphologolo tse di maoto mane tseo di dirisiwang mo ditekeletsong le tseo di dirisiwang jaaka tseo go direlwang patlisiso ya tsa kalafi mo go tsone e ne e ka balwa, palogotlhe ya tsone ya lefatshe ka bophara ya ngwaga le ngwaga e ne e tla nna e e boitshegang. Go phopholediwa gore bobotlana diphologolo di le dimilione di 17—eleng dintša, dikatse, diamusi, dikolobe, le mebutla ya gae—di dirisiwa ngwaga le ngwaga kwa United States e le yosi fela. Magotlo le dipeba di bopa 85 lekgolong ya palo eno. Ereka go sena dipego tse di tlhomameng tsa gore diphologolo tseno di dirisediwa kae kana gore ke di le kae tsa tsone tseo di dirisiwang, bomankge bangwe ba tsaya dipalo tseno e le diphopholetso tse di kwa tlase thata. Metswedi mengwe ya tshedimosetso e baya palogotlhe ya kwa United States gaufi le dimilione di le lekgolo. A o akanya gore dipalo tseno di kgaola pelo?
Lemororo setlhabelo sa dibopiwa tseno tse di bobowa go sena nako epe se ileng sa dirwa kwantle ga boikaelelo bope, a go akanya ka seno fela go go tsitsibanya mmele? A o tsaya go bolawa gono ga tsone jaaka selo se se sa siamang? Batho ba le dimilionemilione ba ila go dirisiwa ga diphologolo go dira patlisiso ka tsone. Ba bangwe ba bolela gore go dirisa diphologolo ka tsela e e sa tshwanelang ke tlhabololotlhaolele kgatlhanong le diphologolo. Motho yo o nang le tlhabololotlhaolele kgatlhanong le diphologolo ke yo o “nang le tlhaolele malebana le dilo tse di kgatlhegelwang ke diphologolo tsa mofuta wa gagwe ka namana mme a le kgatlhanong le dilo tse di kgatlhegelwang ke diphologolo tsa mofuta o mongwe.” (Point/Counterpoint Responses to Typical pro-Vivisection Arguments) Go ya ka balwelakgololesego ya diphologolo, batho ba ba nang le tlhabololotlhaolele kgatlhanong le diphologolo “ba dumela gore diphelelo tsa selo di dira gore mokgwa oo se dirwang ka one o seka wa nna le molato, le gore [diphologolo] di tshwanetse tsa direlwa bosula gore [batho] ba ke ba direlwe molemo.”
Kafa letlhakoreng le lengwe, tsela eo borasaense ba lebang dilo ka yone e sobokanngwa ka dipotso tse di latelang: A o kgatlhanong le tsamaiso eo e buelelang gore diphologolo di bolawe e le gore dingaka di ke di ithute mekgwa e mesha ya go dira dikaro mo bathong kana ya go thibela go anama ga malwetsi a a kotsi? A o ikemisedise go tlogela diokobatsi tse disha le melemo e mesha e e bolokang botshelo e le ka gonne o itse gore e ile ya lekelediwa pele mo diphologolong? A o tla eletsa, ee a o tla rata, gore ngwana wa gago kana motsadi wa gago yo o tshelang lefa go ntse jalo boboko jwa gagwe bo sule a dirisediwe go dira ditekeletso tsa go dira karo mo boemong jwa gore go dirisiwe phologolo? Mme kwa bofelong, go na le seno: Fa e le gore go dira patlisiso go dirisiwa diphologolo go ne go ka go boloka kana ga boloka mongwe yo o mo ratang mo bolwetsing bongwe jo bo botlhokotlhoko kana ga mmoloka gore a seka a swa, a o ne o ka e gana ka ntlha ya gore go ntsha phologolo setlhabelo gore motho a bolokwe ke selo se se sa siamang? Bangwe ba ka nna ba re bothata jono ga bo bonolo go ka rarabololwa.
Mokgatlho wa go Lwela Kgololesego ya Diphologolo
Lefa go ntse jalo, mo lesomeng la dingwaga tsa bo 1980, go ile ga nna le boikutlo jo bo golang jo bo leng kgatlhanong le go dirisiwa ga diphologolo go dira patlisiso. Gompieno boikutlo joo bo fetogile go nna mafaratlhatlha a mekgatlho e e mo lefatsheng ka bophara e e tshwereng ka thata eo e tswelang pele e gola ka maatla le ka dipalo. E bua e sa kgale mathe e batla gore go thibelwe go dirisiwa ga diphologolo tsotlhe go dira tekeletso ya tsa kalafi kana kwa laboratoring.
Balweladitshwanelo tsa diphologolo ba dira gore mantswe a bone a utlwiwe ba dirisa ditshupetso tsa mo mebileng, ka go tlhotlheletsa boradipolotiki, ka dimakasine le ka makwalodikgang, ka radio le ka thelebishine, le ka, eleng seo ba tumileng ka sone, ka mekgwa ya ntwa le ya tirisadikgoka. Molweladitshwanelo mongwe yo o tumileng wa kwa Canada o ne a bolela jaana malebana le mokgatlho wa go lwela kgololesego: “O anama ka bofefo go ralala Yuropa, Australia le New Zealand. O ntse o nonofela pele kwa Metsengmegolo. O gola ka lebelo le legolo kwa Canada. Go na le setlhopha sa mafaratlhatlha sa one seo se anameng lefatshe ka bophara mme tshekamelo ya lefatshe lotlhe ke go ema mekgatlho e e lwelang ditshwanelo tsa diphologolo ka mashetla nokeng.”
Mengwe ya ‘mekgatlho e e dirisang mashetla’ eno e ikemiseditse go dirisa dikgoka go tshegetsa seo e se lwelang. Mo dingwageng di sekae tse di fetileng, bobotlana dilaboratori di le 25 tsa go direla dipatlisiso kwa United States di ile tsa senngwa ke ditlhopha tse di lwelang ditshwanelo tsa diphologolo. Dilaboratori tsa diyunibesithi di ile tsa latlhelwa dibomo. Ditlhaselo tseno di ile tsa baka tshenyo e e ka jang diranta di le dimilionemilione. Go ile ga senngwa dipego tse di botlhokwa mmogo le tshedimosetso ya botlhokwa. Diphologolo tse go dirwang dipatlisiso ka tsone di ile tsa utswiwa le go gololwa. Mo tirong nngwe ya go nna jalo, go ile ga senngwa patlisiso ya botlhokwa eo e neng e dirilwe malebana le bofofu jwa masea. Go ile ga thubiwa didirisiwa tseo di ka jang diranta di le makgolo a le diketekete.
Mo lekwalong leo le neng le sa tswalwa leo le neng le kwaletswe batlhankedi ba yunibesithi le metswedi ya dikgang, setlhopha sengwe se se ratang go dirisa mashetla se ne sa ipelafatsa ka go bolela gore go senya segodisapono se se jang R25 000 mo metsotswaneng e ka nna 12 ka hamore ya tshipi e e jang R10 e ne e le “poelo e e molemo thata mo go seo re neng re ipeetse sone.” Mo mafelong a mangwe a go direla dipatlisiso, dingaka le borasaense ba ne ba fitlhela madi a tshetswe mo difaeleng le dilong tse go dirwang dipatlisiso ka tsone mme meano ya balwelakgololesego e kwadilwe ka pente mo maboteng. Pego e nngwe e bua ka “go tsenngwa kgoro tsotlhe, go akaretsa le go tshosediwa ka loso, ga borasaense le malapa a bone.” Kwa United States, balwelakgololesego ya diphologolo ba ile ba tshosetsa borasaense ka bongwe ka loso makgetlo a a fetang a le lesome le bobedi. Kgasong ya ka 1986 ya London BBC, mogasi mongwe o ne a bolela jaana: “Selo se se dirang gore balweladitshwanelo bano ba nne seoposengwe ke tumelo ya gore go tsaya kgato ka tlhamalalo—eleng go senya dithoto, le esita le botshelo—ke selo se se siameng go ya ka melao ya boitshwaro fa se dirwa mo ntweng ya go golola diphologolo.”
Moeteledipele mongwe wa balwelakgololesego ya diphologolo o ne a bolela jaana: “Ga go na ope yo o ileng a utlwisiwa botlhoko mme lefa go ntse jalo ke matshosetsi a a kotsi . . . Go ise go ye kae mongwe o tla ipusolosetsa mme batho ba ka nna ba gobala.” Ka 1986, mo go yone potsolotso eo, moeteledipele mongwe wa balwelakgololesego o ne a bolelela tirisadikgoka pele kwa Borithane le kwa Jeremane Bophirima. Ditiragalo tsa go tshwana le go latlhelwa ga dibomo tsa molelo le tsa tirisadikgoka di ile tsa tshegetsa seo a neng a se boleletse pele. Kwa United States, go setse go ile ga dirwa maiteko a go bolaya monna mongwe yoo madirelo a gagwe a dirang ditekeletso ka diphologolo. Kgato ya ka bonako eo e neng ya tsewa ke mapodisi e ne ya mmoloka gore a seka a bolawa ka bomo. Lefa go ntse jalo, ga se balwelakgololesego ya diphologolo botlhe bao ba dumalanang le mekgwa eno ya go dirisa mashetla, le eo eseng kafa molaong.
Ke Ka Ntlhayang Fa Ba le Kgatlhanong le Seno?
Go ya ka The Journal of the American Medical Association, “batho ba le bantsi bao ba amegileng ka go dirisiwa ga diphologolo go dira patlisiso ya tsa kalafi ka tsone ba ka kgaoganngwa ka ditlhopha di le pedi ka kakaretso: (1) bao ba amegileng ka pholo e e molemo ya diphologolo bao ba seng kgatlhanong le gore di dirisediwe go dira patlisiso mme lefa go ntse jalo ba batla gore diphologolo di tshwarwe ka tsela ya setho thata kafa go ka kgonagalang ka gone, gore palo ya diphologolo tseo di dirisiwang e nne tsa palo e e kwa tlase thata ya tse di batlegang, le gore diphologolo di dirisiwe fela fa go tlhokafala.” Setlhopha seno, go ya ka dipatlisiso tsa bosheng jaana, se bopa karolo ya ba le bantsi bao ba sa bueng go le kalo.
Setlhopa sa bobedi, go ya ka one motswedi oo wa tshedimosetso, ke “bao ba amegileng ka ditshwanelo tsa diphologolo bao boemo jwa bone eleng jwa go sa batle go utlwa sepe mme ba kgatlhanong gotlhelele le go dirisiwa ga diphologolo go dira patlisiso ya tsa kalafi ka tsone.” “Diphologolo di na le ditshwanelo tsa botlhokwa tseo go se kakeng ga ineelwa mo go tsone,” moeteledipele wa setlhopha sengwe sa go nna jalo o ne a bolela jalo. “Fa e le gore phologolo e kgona go utlwa botlhoko kana go boifa, he e na le tshwanelo ya gore dilo tseo di seka tsa dirwa mo go yone.” “Ga go na lebaka lepe le le utlwalang la motheo la go bolela gore motho o na le ditshwanelo tse di kgethegileng,” mmueledi yo mongwe o ne a bolela jalo. “Legotlo ke kolobe ke ntša ke mosimane. Tsotlhe ke diamusi.”
Balweladitshwanelo tsa diphologolo ba le bantsi bao ba tlhatswegileng pelo thata ba kgatlhanong le gore diphologolo di dirisediwe go jewa, go dira diaparo, metshameko, le eleng jaaka diotlwana (pets). Batho ba ba tshwarang ditlhapi ba ile ba kgoromelediwa mo metsing ke bao ba leng kgatlhanong le go tshwarwa ga ditlhapi le go di ja. Batho bao ba apereng dibaki tsa boboa le diaparo tsa letlalo la diphologolo ba ile ba tewa mafoko a a seng monate mo mebileng. Go ile ga thubiwa mabenkele mme dibaki tsa boboa tse di jang madi a mantsi tsa senngwa ke bao ba sa batleng go utlwa sepe ka go dirisiwa ga diphologolo kana go sa dirisiwe ka tshwanelo ga tsone. “Ga ke je mae ka dijo tsa sefitlholo kana go apara dilo tse di dirilweng ka letlalo,” yo mongwe o ne a bolela jalo. “Mo e batlang e le semeke sengwe le sengwe sa nama ya kolobe le lee lengwe le lengwe leo le lebegang le sena kotsi epe,” lekwalo lengwe la dikgang la Humane Society of the United States le ne la tlhagisa jalo, “di na le hisitori e telele, e e iphitlhileng ya pogo e e tsitsibanyang mmele.” Lekwalo leno la dikgang le ne le feletse ka dinepe tsa dikolobe le tsa dikoko di tswaletswe mo dihokong le mo dirobing tse dinnyane, mme le ne la bolela gore maemo ano, ao a anameng kwa madirelong a dikolobe le a dikoko, a dira gore “poleite e e nang le nama ya kolobe mmogo le mae e seka ya nna sepe fela fa e se ‘sefitlholo sa bosetlhogo.’” Kwantle ga pelaelo, go na le maikutlo a a nonofileng le a a peloephepa a a kopanyelediwang mo go sireletseng ditshwanelo tsa diphologolo.
Dikgang Tse Di Boifisang
Batho ba le bantsi ba dumela gore go nna kgatlhanong le gore diphologolo di dirisediwe go dira patlisiso ke selo se se tshwanetseng ka botlalo. Nngwe ya dikgetsi tse di makgapa thata e ne e le e e neng e kopanyeletsa Head Injury Laboratory ya yunibesithi nngwe e e tumileng ya kwa Amerika. Ditheipe tsa video tseo di neng tsa utswiwa ka nako ya fa mokgatlho o o lwelang kgololesego ya diphologolo o ne o tlhasela koo di ne tsa bontsha “ditlhogo tsa dikgabo di thubaganngwa mo motšhining o o thubaganyang dilo, go na le badiradipatlisiso ba sule ka ditshego ba tshega ka tsela e e tlhomolang pelo eo dibopiwa tseno tse di gobaditsweng boboko di neng di itshwara ka yone,” makasine wa Kiwanis wa September 1988 o ne wa bega jalo. Seno se ne sa felela ka gore puso e kgaotse go tlhola e thusa laboritori eo ka madi.
Gape go na le tlhatlhobo e e makgapha ya Draize, eo e itseweng sentle ke madirelo a ditlolontlafatsi, a dilo tsa go tlhapa moriri, a dibolayamegare, le a melora. Tekeletso eno e dirisediwa go bona gore dilwana tseno di ka utlwisa motho botlhoko go le kana kang fa di mo tsena mo matlhong. Mokgwa o o tlwaelegileng o seno se dirwang ka one ke gore, mebutla ya gae e mesweu e le merataro go ya go e le robonngwe e tlhatlhelwa mo teng ga dilo tseo di letlang gore e nne ditlhogo tsa tsone le dithamo fela tseo di kgonang go tswela kwa ntle. Seno se e thibela gore e seka ya kgona go ipitlolola matlho a yone ka maroo a yone morago ga fa a sena go tshelwa ka khemikale. Go bolelwa gore mebutla eno ya gae e kua ka ntlha ya go utlwa botlhoko. Le esita le badiradipatlisiso ba le bantsi ba kgatlhanong thata le mokgwa ono wa go dira ditekeletso mme ba leka go dira gore tiriso ya one e kgaodiwe. Mekgatlho e e lwelang ditshwanelo tsa diphologolo e ile ya boloka dikgang di le dintsi tse di boifisang tseo di tswang mo dilaboratoring tsa go direla dipatlisiso go dirisiwa diphologolo.
Balwelakgololesego ya diphologolo ga ba beye Dr. Robert White yo o umakilweng pelenyana sebete go le kalo. Mokgatlho wa American Anti-Vivisection o ne wa kwala gore ke “moari yo o makgapa wa diphologolo di ikutlwa yo o tswang kwa Cleveland yo o ileng a jalolola ditlhogo tsa dikgabo mme a dira gore maboko a dikgabo a tswele pele a tshela a a tsentse mo seeleding sengwe, a se mo mmeleng wa tsone.”
Jaaka fa go ntse mo dilong di le dintsi tseo go ngangisanwang ka tsone, go na matlhakore a mabedi a le lengwe le gogelang kwa le le lengwe le lone le gogelang koo, mme go bo go nna le leo le leng fa gare fela leo le lekang go tsaya se se botoka mo go one le go latlha diphelelo tseo di senang botwe sepe. Ka sekai, a go na le dilo dipe tse di mosola go ka dirisiwa tseo go ka dirisiwang tsone mo boemong jwa go dira ditekeletso ka diphologolo? A go sa batle go utlwa sepe ka gore diphologolo di dirisediwe go dira patlisiso ke yone fela tharabololo e e ka kgonagalang, e e nang le tekatekano? Setlhogo sa rona se se latelang se tla sekaseka dipotso tseno.
[Lebokoso mo go tsebe 9]
Maikutlo A A Sa Tshwaneng
“KE DUMELA gore diphologolo di na le ditshwanelo tseo, lemororo di sa tshwane le tsa rona, le tsone go se kakeng ga ineelwa mo go tsone. Ke dumela gore diphologolo di na le tshwanelo ya gore di seka tsa utlwisiwa botlhoko, di seka tsa boifisiwa le gore di seka tsa tlontlololwa mo mebeleng eleng seo rona re se dirang mo go tsone. . . . Di na le tshwanelo ya gore di seka tsa sotliwa ka tsela epe jaaka dilo tse go bonwang dijo mo go tsone, jaaka dilo tseo go intshiwang bodutu ka tsone kana tsa dirisediwa maikaelelo ape a mangwe.”—Mankge wa tlholego ebong Roger Caras, ABC-TV News, U.S.A. (Newsweek, December 26, 1988).
“Fa ke leba seno ka kakaretso, ga nkake ka itlhokomolosa molemo o o seng kana ka sepe oo o nnileng teng ka ntlha ya patlisiso eno. Meento, dikalafi, mekgwa ya go ara, le mekgwa eo e dirilweng kwa dilaboratoring di ile tsa dira gore re kgone go tshela lobaka lo lotelele ka tsela e e gakgamatsang mo lekgolong le le fetileng la dingwaga . . . Go ya ka seno, go sa dirise diphologolo go dira patlisiso go ne go ka lebiwa jaaka tlhopho e e setlhogo: Eleng gore re ne re na le tsela eo re ka ithutang kafa re ka kokobetsang bolwetsi ka yone mme lefa go ntse jalo ra seka ra e dirisa.”—Marcia Kelly, Health Sciences, Fall 1989, University of Minnesota.
“Ke ‘Gana’ diphologolo di dirisediwa go dira ditekeletso. Ga ke gane fela ka ntlha ya mabaka a ditlwaelo tsa batho, mme segolobogolo e le ka ntlha ya mabaka a saense. Go ile ga bontshiwa gore matswela a seo se fitlhelelwang fa go dirwa ditekeletso ka diphologolo ga se kake sa dirisiwa ka tsela epe mo bathong. Go na le molao mongwe wa tlholego oo o amanang le se se bidiwang metabolism . . . oo go ya ka one fa dikhemikale di kopana mo setsheding go dira selo se le sengwe, seo se diretsweng mofuta o le mongwe wa ditshedi, selo seo se siametse one fela mofuta oo wa ditshedi eseng ope o mongwe. . . . Go dira ditekeletso ka diphologolo ke selo se se tsietsang, se se sa thuseng sepe, se se jang madi a a seng kana ka sepe mme mo godimo ga moo e le sa bosetlhogo.”—Gianni Tamino, yo eleng modiradipatlisiso kwa University of Padua, eo eleng sekolo se segolo sa tsa kalafi kwa Italy.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Mebutla ya gae e e tlhatlhetsweng gore e dirisiwe mo ditekeletsong tsa mo matlhong tsa Draize
[Motswedi wa Setshwantsho]
PETA
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]
UPI/Bettmann Newsphotos