LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 9/1 ts. 26
  • “Tlhabanañ le Diabolo, me O Tla Lo Tshaba”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Tlhabanañ le Diabolo, me O Tla Lo Tshaba”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ruri Modimo o Araba Dithapelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Ke Tlogetse Dilo Kwa Morago Gore ke Nne Molatedi wa ga Keresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • “A a Tswang Melomong ya Banyana”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 9/1 ts. 26

Pego ya Baboledi ba Bogosli

“Tlhabanañ le Diabolo, me O Tla Lo Tshaba”

MO LEKGOLONG la ntlha la dingwaga, e ne ya re fa setlhopha sengwe sa batho ba kwa Efeso ba ba neng ba ineetse mo go direng “ditihō tsa tseanyo,” ba utlwa molaetsa wa Bokeresete, ba ne ba fisa dibuka tsa bone tsa boselamose fa pele ga batho botlhe. (Ditihō 19:19) Tlhwatlhwa ya dibuka tseno fa e kopanngwa e ne e le dipapetlana tsa selefera di le 50 000. Fa e le gore Bibela e bua ka dinario, e leng papetlana ya selefera ya kwa Roma, tlhwatlhwa eno e ne e ka fitlha mo go R127 600!

Go na le batho ba le bantsi gompieno bao ba kileng ba bo ba na le dibuka tse di buang kaga masaitseweng mme ba ile ba bontsha go ititaya sehuba jaaka batho ba kwa Efeso wa bogologolo. Sekaseka boitemogelo jo bo latelang go tswa kwa Canada.

Mo e ka nnang dingwaga tse tlhano tse di fetileng, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a ntse a rera ka ntlo le ntlo fa e tla re a fitlha mo kgorong ya mosadi mongwe yo o bidiwang Nora, a ne a mo gogela mo ntlong ya gagwe. Nora o ne a ntse a sekaseka dilo tsa semoya ka dingwaga di le dintsi, mme fa a ntse a dira jalo a kgobokanya dibuka tse dintsi tse di buang kaga bodumedi le tirisabadimo, mme tota o ne a batla go itse gore Bibela e reng ka tsholofelo kaga batho ba ba suleng. Mosupi yono o ne a mo naya pampitshana ya Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng? Dipotso tsa ga Nora di ne di arabetswe, mme o ne a dira dipeeletso tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!

Moragonyana o ne a fuduga mme a kopana le Basupi ba ga Jehofa gape. Lefa go ntse jalo, o ne a santse a amogela dimakasine tsa gagwe le poso mo a neng a nna gone jaanong. O ne a otara gape le dikgatiso tse di thailweng mo Bibeleng tseo go neng go buiwa ka tsone mo dimakasineng. Morago ga lobakanyana o ne a etelwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka go bo a ne a kgatlhilwe thata ke go bona Mosupi yono a dirisa Bibela ka tlhamalalo fa a araba dipotso, Nora o ne a mo kopa gore a boe a mo etele go tsweledisa dipuisano tsa bone.

Lefa go ntse jalo, Mosupi yono o ne a go fitlhela go le thata go kopana gape le Nora. O ne a nna a ntse a mo etela ka dinako tse di farologaneng tsa letsatsi le tsa beke mme a sa mo fitlhele. Mme kgabagare, bopelotelele jwa gagwe bo ile jwa duelwa, mme a nna le matswela a a molemo. O ne a simolola thuto ya ka metlha ya Bibela le ene, eo gantsi Nora a neng a gatelela gore e tshwarwe gararo ka beke. Dilo tse a neng a di ithuta di ne tsa mo tlhotlheletsa gore a bue kaga tsone le ditsala tsa gagwe le ba lelapa la gagwe, ga ba ga felela ka gore ba le bararo mo go bone ba kope gore Basupi ba ga Jehofa ba tshware dithuto tsa Bibela le bone.

Ka ntlha ya go ithuta, Nora o ne a lemoga gore go na le madumedi a le mantsi a maaka le baporofeti ba le bantsi ba maaka mme go na le tsela e le nngwe fela e e isang botshelong. O ne a setse a na le dingwaga di le dintsi a batla dikarabo tsa dipotso tsa gagwe mo bodumeding jwa maaka, mme morago ga gore a ithute se Bibela e se bolelang kaga badimona, o ne a dira fela jaaka batho ba kwa Efeso wa bogologolo ba ba umakiwang mo go Ditihō 19:19. O ne a ntsha dibuka tsotlhe tseo mo laeboraring ya gagwe mme mo malatsing a le mmalwa o ne a senya dibuka tse di fetang sekete tse di buang ka ga masaitseweng le dithuto tsa bodumedi jwa maaka. Gareng ga dibuka tseo a ileng a di senya, go ne go na le sete e le nngwe ya dibuka tse nne tseo tlhwatlhwa ya tsone e neng e feta R2 100!

Ka go sa itumelele kgato eo Nora a ileng a e tsaya, badimona ba ne ba simolola go mo tshwenya ka dibeke di le pedi. Lefa go ntse jalo, meya eno e e bosula e ne e sa kgone go dira gore a tlogele go ithuta Bibela le go kopanela le phuthego ya motlha wa segompieno ya ga Jehofa.

Maitemogelo a a tshwanang le ano a bontsha boammaaruri jwa mafoko ano a Bibela: “Ke gōna ka re, lo ineèleñ mo Modimoñ; me tlhabanañ le diabolo, me o tla lo tshaba.”—Yakobe 4:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela