Baebele—Botlhokwa jwa Yone Totatota Ke Bofe?
“BAEBELE ke masaitseweng, ke buka e e neng e sa direlwa gore batho ba e tlhaloganye,” mong wa ntlo mongwe o bolela jalo. Yo mongwe le ene o akgela jaana: “Ke a itse gore Baebele ke buka e e botlhokwa, mme lefa go ntse jalo ga ke itse go le gontsi kaga yone. E thata gore motho a e tlhaloganye.”
“Bakeresete ba le bantsi ga ba itse . . . sepe kaga Baebele,” go ne ga bolela jalo The Toronto Star. Mosadi mongwe wa Mokatoliki o ne a akgela jaana: “Ke itumelela go nna le Baebele. E ntlisetsa kagiso ya mogopolo.” “Baebele e tshwana le khampase e e kaelang motho go ralala botshelo jo bo tshwanang le lewatle le le makgwakgwa le le nang le matsubutsubu a diphefo e mo isa kwa lefelong le le bolokesegileng,” go bolela jalo motshwari mongwe wa ditlhapi. Go ya ka mafoko a motho mongwe yo e neng e le Mohindu pele, “Baebele ke Lefoko la Modimo le gone ke mpho e e neetsweng batho e bile e le molemo o o alafang matshwenyego a semoya.”
Go na le dikgopolo di le dintsi e bile di farologane malebana le botlhokwa jwa boammaaruri jwa Baebele. Lefa go le jalo, botlhokwa jwa yone totatota ke bofe?
Baebele ke buka e e botlhokwatlhokwa le e e anameng thata go feta tsotlhe tse di leng gone. Ditsebe tsa yone di tshotse dikarabo tsa mathata a a opisang tlhogo a a kileng a diragalela motho kana a a santseng a tla thulana le one. Kgakololo ya yone e e mosola e ka se ka ya lekanngwa le sepe. E buelela ditekanyetso tsa boitsholo tse di sa gaisiweng ke dipe. Molaetsa wa yone o maatla e bile o mosola. Buka eno e e botlhokwa thata e tlhoka gore re e ntshe mo dishelefong tsa rona mme re e bale ka kelotlhoko le go e sekaseka.
Re ka bula Baebele re na le tshepo ya gore e tlhomame ka botlalo, e a ikanyega, le gore e boammaaruri. Hisitori ya lefatshe e tshegetsa ditiragalo tse di kwadilweng mo go yone. Ke gantsinyana dilo tse di fitlheletsweng tsa thutomarope di otlelela gore Baebele e a ikanyega e bile e boammaaruri. Go tlhamalala ga bakwadi ba Baebele ba ba ka nnang 40 go ba tlhaola e le banna ba ba ikanyegang le ba ba bolokang bothokgami. Go dumalana ga Baebele go supa gore ga e a itlhamelwa fela ke batho. Ditiragalo tse di kwadilweng mo go yone ke tsa mmatota. Batho ba e bolelang ka bone ke ba mmatota. Mafelo le dikarolo tse e di bolelang ke tsa mmatota. Mo godimo ga moo, Baebele e tshotse boperofeti jo bo tlhomologileng jo kwantle ga pelaelo bo supang fa Jehofa Modimo e le Mokwadi wa Baebele.—2 Petere 1:21.
Mokaedi wa rona Yo Mogolo o ne a tlhomamisa gore batho ba ba batlang go itse ka go rata ga gagwe le ka maikaelelo a gagwe ba itse seo. E bile tota, Jehofa o re bolelela ka tsela e e phepafetseng gore ke go rata ga gagwe gore batho ba mefuta yotlhe ba ithute Lefoko la gagwe mme “ba fitlhe mo kitsong ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:3, 4; Diane 1:5, 20-33) Seno ke sengwe sa dilo tsa botlhokwatlhokwa tse re ka di dirang fa re santse re tshela. Ke kgwetlho e re tshwanelang go lebana le yone. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tlhaloganya seno. Mongwe wa bone o ne a tlhotlheletsega go bolela jaana: “Ke lo rapelela mo, gore lorato lwa lona lo totafale bogolo bogolo mo kitsong le mo temogong; gore lo ke lo dumalane le dilo tse di molemo.”—Bafilipi 1:9, 10; Bakolosa 1:9, 10.
Mmopi o dirisa Baebele jaaka selo se segolo thata go buisana le batho ka thato le boikaelelo jwa gagwe, mme e tlhalosa tsela e mongwe le mongwe wa rona a tshwanelang ka teng mo boikaelelong joo. Go kwadilwe ditiragalo tsa nako e e fetileng mo go yone, mme e re bontsha ka phepafalo se isagwe e re tshwaretseng sone. Baebele e tshotse thuto e e siameng e bile e a re tlhamalatsa malebana le se re tshwanetseng go se dumela kana se re sa tshwanelang go se dumela. (Ditiro 17:11; 2 Timotheo 3:16, 17) E re naya melao ya boitshwaro e motho a tshwanetseng go tshela ka yone, e bile e kaela batho tsela ya go atlega le ya go bona boitumelo. (Mathaio, dikgaolo 5 go ya go 7) E gatelela gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela tsholofelo ya batho botlhe e bo e bontsha kafa puso ya gagwe e leng sedirisiwa sa go itshepisa leina la gagwe ka teng le go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe. Baebele e tlhalosa tsela e re tlhokang go e sala morago gore re ipelele botsalano jo bo gaufi thata le jo bo lorato le Moneibotshelo wa rona, e bong Jehofa.
Mo godimo ga moo, Baebele ke yone fela buka e e tla dirang gore o bone mokgele o mogolo thata o batho ba tlileng go o amogela—e leng botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise jaaka batho ba ba itekanetseng. (Baroma 6:23) Morwa wa ga Jehofa yo o tsetsweng a le esi o re bolelela jaana: “Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Eleruri buka e e botlhokwa thata jaana e tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re ithute se re tshwanetseng go se dira gore re tle re bone mokgele wa botshelo jo bo sa khutleng. Baebele ke buka e e diretsweng gore batho ba e tlhaloganye, jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha.