Lebitla la ga Petere—A Le kwa Vatican?
“LEBITLA la Kgosana ya Baaposetoloi le bonwe.” Kitsiso e e bontshang phenyo ya ga Mopapa Pius XII e ne ya gasiwa mo radiong ya Vatican. E ne e le kwa bokhutlong jwa 1950, mme metseletsele e e raraaneng ya dilo tse di epolotsweng kafa tlase ga Kereke ya ga St. Peter e ne e sa tswa go wediwa bosheng. Batho ba bangwe ba bolela gore diphelelo tsa patlisiso eno ya thutomarope di ne tsa supa gore eleruri Petere o ne a fitlhwa kwa Vatican. Lefa go ntse jalo, ga se mongwe le mongwe yo o dumelang seo.
Bakatoliki kwa Vatican ba tsaya Kereke ya ga St. Peter e kaya sengwe se se botlhokwatlhokwa. Buka nngwe ya Katoliki e bolela jaana: “Boikaelelo jo bo botlhokwa jwa loeto lwa sedumedi lo lo tsewang ke batho go ya Roma ke go ya go kopana le motlhatlhami wa ga Petere le gore a ba segofatse, ka gonne Petere o ne a tla kwa Roma a bo a fitlhwa teng koo.” A mme eleruri Petere o ne a fitlhwa kwa Roma? A lebitla la gagwe le kwa Vatican? A marapo a gagwe a ile a bonwa?
Masaitseweng a Thutomarope
Go epololwa ga dilo, go go neng ga simolola ka 1940 mme ga tsaya lobaka lo lo ka tshwarang dingwaga di le lesome, go ntse go tsositse kgaruru. Ke eng se se neng sa bonwa ke baithutamarope ba ba neng ba tlhophilwe ke mopapa? Selo sa botlhokwa ke gore ba ne ba fitlhela lefelo la baswi la seheitane le na le mabitla a le mantsi. Fa gare ga one, kafa tlase ga aletare ya mopapa ya motlha wa gone jaanong, ba ne ba lemoga aedicula, e leng sefikantswe sa segopotso se se tlhomilweng se se diretsweng go tsenya sefikantswe kana setshwantsho, se tlhomilwe mo leboteng le le kgabisitsweng ka polasetara e khibidu mme se tsentswe mo maboteng a le mabedi. Kgabagare, e bile go gakgamatsa eletota, masalela a batho ba ba suleng le one a ne a bonwa, a go neng ga bolelwa gore a ne a tswa mo go le lengwe la mabota a mabedi ano.
Ke gone kwa ditlhaloso tseno di tswang gone. Bakanoki ba le bantsi ba Katoliki ba bolela gore dilo tse di bonweng tseo di tlhomamisa se se ntseng se dumelwa ke ba le bantsi gore Petere o ne a nna kwa Roma a bo a swela tumelo teng ka nako ya fa go busa Nero, gongwe ka nako ya pogiso ya 64 C.E. Tota go ne ga ba ga bolelwa gore masalela ano ke masalela a moaposetoloi yono mme a ka lemogiwa gore ke one ka mokwalo o o balegang jaana go ya ka tlhaloso nngwe, “Petere o fano.” Go bonala e kete Mopapa Paul VI o ne a dumela kgopolo eno fa ka 1968 a ne a itsise gore go ne go bonwe “masalela a a suleng a ga St. Peter, a a tlhokang gore re a obamele rotlhe le go a tlotla.”
Lefa go ntse jalo, ditlhaloso tseno gape di ne tsa ganediwa. Moithutamarope wa Mokatoliki e bong Antonio Ferrua, wa Mo-Jesuit yo le ene a neng a na le seabe fa go epololwa dilo kwa Vatican, o ile a tlhomamisa ka makgetlho a a fetang le le lengwe fela gore o ne ‘a se ka a letlelelwa go gatisa’ sengwe le sengwe se a se itseng mabapi le kgang eno, e leng kgang e go lebegang e ne e ka se dumalane le boiphako jwa gore masalela a ga Petere a ile a lemogiwa. Mo godimo ga moo, buka ya Roma, e e kwadilweng ke Poupard e bong Mokadinale wa Katoliki e bile e gatisitswe ka 1991, e ne ya bolela gore “go sekasekiwa ga marapo a motho ke borasaense a a fitlhetsweng kafa tlase ga metheo ya Lobota Lo Lohibidu a ne a sa lebege a amana ka gope le moaposetoloi Petere.” Se se gakgamatsang thata ke gore mo kgatisong e e latelang (moragonyana ka 1991), seele seo se ne se sa tlhole se le teng, mme go ne go tsentswe kgaolo e ntšha, e e nang le setlhogo se se reng “Ruriruri: Petere O Ne A Le kwa ga St. Peter.”
Tlhaloso ya Dilo Tse Di Bonweng
Go bonala sentle gore dilo tse di bonweng di ka tlhalosiwa le gore di ka tlhalosiwa ka ditsela tse di farologaneng ke batho ba ba sa tshwaneng. Eleruri, borahisitori ba le bantsi ba Katoliki ba maemo ba lemoga gore “mathata a hisitori a gore a totatota Petere o swetse tumelo kwa Roma, le a lefelo le a fitlhetsweng kwa go lone, a santse a tsosa dipelaelo.” Ke eng se dilo tse di bonweng di se senolang?
Batho ba ba batlang go tshegetsa ngwao ya Katoliki ba bolela gore sefikantswe sa segopotso sa aedicula ke “segopotso” se mongwe yo go tweng Gaius a neng a bua ka sone, yo e neng e le moperisiti e bile a tshela mo masimologong a lekgolo la boraro la dingwaga. Eusebius wa Kaesarea, yo e neng e le rahisitori wa moruti mo lekgolong la bone la dingwaga o ne a re, Gaius o ne a bolela gore o ka ‘supa segopotso sa ga Petere mo Vatican Hill.’ Batshegetsi ba ngwao ba bolela gore moaposetoloi o ne a fitlhwa teng koo, kafa tlase ga sefikantswe sa segopotso se se neng se itsiwe jaaka “segopotso sa ga Gaius.” Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba tlhalosa diphelelo tsa go epolola ka tsela e e farologaneng thata, ba ntse ba tlhalosa gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa amege thata ka go fitlhwa ga baswi ba bone le gore tota lefa Petere a ne a ile a bolaelwa koo, re ka se ke re solofele gotlhelele gore mmele wa gagwe o bo o ile wa bonwa. (Bona lebokoso, tsebe 29.)
Go na le batho ba ba sa dumeleng gore “segopotso sa ga Gaius” (fa e le gore ke sone se se bonweng) ke lebitla. Ba dumela gore ke sefikantswe sa segopotso se se neng sa agiwa e le go tlotla Petere kwa bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga le gore moragonyana ga foo le ne la “tsewa e le sefikantswe sa segopotso sa phupu.” Lefa go ntse jalo, Oscar Cullmann wa moithutabomodimo a re, “go epololwa go go dirilweng kwa Vatican ga go supe lebitla la ga Petere le e seng.”
Re ka reng ka marapo? Tota go tshwanetse ga bolelwa gore lefelo le marapo a tswang kwa go lone le santse le sa itsiwe. E re ka mo lekgolong la ntlha la dingwaga go ne go na le lefelo la baswi la seheitane le le neng le le fa jaanong go tweng ke Vatican Hill, batho ba le bantsi ba ne ba fitlhwa mo lefelong leo, mme ba le bantsi ba setse ba bonwe. Mokwalo o o sa felelang (o o ka tswang o kwadilwe mo lekgolong la bone la dingwaga) o ba bangwe ba bolelang gore o supa lefelo le mo go lone go fitlhetsweng masalela a lebitla la moaposetoloi yo, gongwe o ka tswa o bolela gore “go akanngwa fa go na le marapo a ga Petere.” Mo godimo ga moo, baithutamekwalo ba le bantsi ba akanya gore tota mokwalo oo o ka nna wa bo o bolela gore “Petere ga a yo fano.”
‘Ngwao E E Sa Ikanyegeng’
“Metswedi ya bogologolo le e e ikanyegang thata ga e umake lefelo le [Petere] a swetseng tumelo mo go lone, mme mengwe ya metswedi ya bosheng jaana e bile e sa ikanyege e dumalana sentle gore e ne e le kwa lefelong la Vatican,” go bolela jalo rahisitori mongwe e bong D. W. O’Connor. Ka gone go batliwa ga lebitla la ga Petere kwa Vatican go ne go theilwe mo dingwaong tse di sa ikanyegeng. O’Connor o tlhomamisa jaana: “Fa masalela a ne a simolola go nna botlhokwatlhokwa, Bakeresete ba ne ba simolola go dumela ka bopeloephepa gore [segopotso] sa ga Petere totatota se ne se supa fa phupu ya gagwe e leng teng ka tlhamalalo.”
Dingwao tseno di ne tsa simologa ka nako e e tshwanang le kobamelo ya masalela a setopo e e sa theiwang mo Dikwalong. Go tloga ka lekgolo la boraro go ya go la bone la dingwaga le go ya pele, mafelo a a farologaneng a baruti a ne a simolola go dirisa masalela, a boammaaruri le a maaka—mme ba oketsa le ikonomi ya bone—fa ba ntse ba batla go fitlhelela boeteledipele jwa “semoya” le go tlhatlosa maemo a bone. Ka gone, baeng ba sedumedi ba ne ba ya kwa lebitleng le go akanngwang gore ke la ga Petere, ka ba ne ba tlhatswegile pelo gore masalela a gagwe a na le maatla a a ka dirang dikgakgamatso. Kwa bokhutlong jwa lekgolo la borataro la dingwaga, badumedi ba ne ba tle ba latlhele matsela a a lekantsweng bokete ka kelotlhoko mo godimo ga “lebitla.” Polelo nngwe ya bosheng e bolela jaana: “Se se gakgamatsang ke gore fa tumelo ya morapedi e nonofile, fa letsela leo le tsewa gape kwa lebitleng, le tla bo le tletse ka moyamontle wa bomodimo mme bokete jwa lone bo tla bo bo feta jwa pele.” Seno se bontsha gore ka nako eo go ne go dumelwa sengwe le sengwe fela.
Mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng, ditlhamane tse di tshwanang le eno le dingwao tse di neng di sena motheo ope di ne tsa dira gore Kereke ya Vatican e tume thata. Lefa go ntse jalo, go ne ga tsoga dikgopolo tse di sa dumalaneng. Mo lekgolong la bo12 le la bo13 la dingwaga, Ba-Waldens ba ne ba kgala go feteletsa dilo gono mme ba dirisa Baebele go tlhalosa gore Petere ga a ise a ko a ye kwa Roma. Makgolokgolo a dingwaga morago ga moo, batshegetsi ba Diphetogo tsa Boporotesetanta ba ne ba ganetsa ka tsela e e tshwanang. Mo lekgolong la bo18 la dingwaga, batlhalefi ba ba tumileng ba ne ba tsaya ngwao eo jaaka e e senang motheo, mo hisitoring le mo Dikwalong. Bakanoki ba ba nang le bokgoni, Bakatoliki le ba bangwe ba na le mogopolo o o tshwanang, nako kgolo ke eno.
A Petere O Ne A Swela kwa Roma?
Petere, motshwari wa ditlhapi wa kwa Galilea yo o ikokobeditseng, eleruri o ne a se ka a akanya ka kgopolo epe ya go itlotlomatsa mo bagolwaneng ba mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga. Go na le moo, o ne a ipitsa “mogolwanekabone.” (1 Petere 5:1-6, Revised Standard Version) Boikokobetso jwa ga Petere bo farologane le boitlotlomatso jo bo dikologileng lebitla le go akanngwang gore ke la gagwe, jaaka bo bonwa ke moeng ope fela yo o etelang Kereke ya Vatican.
Kereke ya Katoliki e ile ya batla go dumela ngwao ‘ya bosheng jaana e bile e sa ikanyege’ e e bolelang gore Petere o ne a nna nako e telele kwa Roma, e le gore e tshegetse boeteledipele jwa yone mo ditlhopheng tse dingwe tsa Bokeresete. Lefa go ntse jalo, se se gakgamatsang ke gore go ya ka dingwao tse dingwe tsa bogologolo ga a fitlhwa kwa Vatican, mme o fitlhilwe kwa lefelong le sele fela kwa Roma. Lefa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa re sa sale ditiragalo tse di kwadilweng mo Baebeleng morago, e e leng yone fela motswedi wa tshedimosetso o o tlhamaletseng o o mabapi le Petere? Go phepafetse sentle mo Lefokong la Modimo gore Petere o ne a dira tiro ya gagwe kwa karolong ya botlhabatsatsi ya lefatshe la bogologolo, go akaretsa le Babilone, ka go rialo a ikobela dikaelo tse a neng a di amogela go tswa kwa setlhopheng se se laolang sa phuthego ya Bokeresete kwa Jerusalema.—Bagalatia 2:1-9; 1 Petere 5:13; bapisa Ditiro 8:14.
Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Roma, mo e ka nnang ka 56 C.E., o ne a dumedisa maloko a ka nna 30 a phuthego mme a se ka a ba a umaka Petere. (Baroma 1:1, 7; 16:3-23) Go tswa foo, mo bogareng jwa 60 le 65 C.E., Paulo o ne a kwala dikwalo di le thataro a le kwa Roma, mme o ne a se ka a umaka Petere—e leng bosupi jo bo nonofileng jo bo supelwang ke ditiragalo tse dingwe gore Petere o ne a se koo.a (Bapisa 2 Timotheo 1:15-17; 4:11.) Tiro ya ga Paulo kwa Roma e tlhalositswe kwa bokhutlong jwa buka ya Ditiro, mme gape, ga go na gope mo go umakiwang Petere gone. (Ditiro 28:16, 30, 31) Ka gone, go sekaseka bosupi jwa Baebele ka bopeloephepa, go sena dikgopolo dipe tsa rona ka namana, go ka re gogela fela mo go reng re swetse ka gore Petere ga a ise a ko a rere kwa Roma.b
“Boeteledipele” jwa mopapa bo theilwe mo dingwaong tse di sa ikanyegeng le go sa dirise dikwalo ka tsela e e tlhamaletseng. Jesu ke ene a theileng Bokeresete, e seng Petere. ‘Keresete ke tlhogo ya phuthego,’ Paulo o bolela jalo. (Baefeso 2:20-22; 5:23) Ke Jesu Keresete yo o neng a romiwa ke Jehofa go tla go segofatsa le go boloka batho botlhe ba ba dumelang.—Johane 3:16; Ditiro 4:12; Baroma 15:29; bona gape le 1 Petere 2:4-8.
Batho botlhe he, ba ba yang kwa go se go dumelwang ka bopeloephepa gore ke lebitla la ga Petere e le go ya go ‘kopana le motlhatlhami wa gagwe’ ba lebane le bothata jwa gore a ba amogele ‘dingwao tse di sa ikanyegeng’ kana ba dumele Lefoko la Modimo le le ikanyegang. E re ka Bakeresete ba batla gore kobamelo ya bone e amogelwe ke Modimo, ba ‘lebile kwa go Mowetsi wa tumelo ya bone, Jesu,’ le sekao se se itekanetseng se a re tlogeletseng sone gore re se sale morago.—Bahebere 12:2; 1 Petere 2:21.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo e ka nnang ka dingwaga tsa bo60-61 C.E., Paulo o ne a kwalela Baefeso, Bafilipi, Bakolosa, Filemone, le Bahebere dikwalo; mo e ka nnang ka 65 C.E., o ne a kwalela Timotheo lokwalo lwa gagwe lwa bobedi.
b Potso e e reng “A Petere O Kile A Nna kwa Roma?” e ne ya sekasekiwa go The Watchtower, November 1, 1972, ditsebe 669-71.
[Lebokoso mo go tsebe 29]
“Fa go ne go epololwa ga go a ka ga fitlhelwa lebitla lepe fa tlase ga Aedicula; e bile ga go na bosupi bope jo bo tlhomamisang gore mmele wa ga St. Peter o kile wa ya go tsewa kwa babolaing ba gagwe ke Bakeresete ba lefelo leo gore ba mo fitlhe. Go ya ka se se neng se tlwaetse go dirwa, mmele wa motho yo e neng e le moditšhaba (peregrinus), e bile a lejwa ka fa molaong jaaka sesenyi, o ka bo a latlhetswe mo Tiber. . . . Mo godimo ga moo, pelenyana go ne go ka se ka ga kgatlhegelwa go boloka setopo sa moswelatumelo jaaka go ne ga dirwa moragonyana, fa kgang ya gore lefatshe le ne le tla tloga le fela e ne e sa tlhole e dumelwa le setlhopha sa baswelatumelo se ne se simolotse go itlhagisa. Ka jalo, kgang ya gore totatota mmele wa ga St. Peter o ne wa se ka wa bonwa gore o fitlhwe, go bonala tota e ka nna boammaaruri.”—The Shrine of St. Peter and the Vatican Excavations, ka Jocelyn Toynbee le John Ward Perkins.