LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 12/1 ts. 5-7
  • Go Latola Modimo mo Lekgolong la Bo20 la Dingwaga

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Latola Modimo mo Lekgolong la Bo20 la Dingwaga
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Gana Bolaodi jwa Modimo
  • Go Gana Modimo ga Labokeresete
  • A Go Na Le Mabaka A A Utlwalang a go Latola Modimo?
  • Go Farologana ga Bodumedi jwa Boammaaruri
  • Medi ya Bolatolamodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Lefatshe Le le Se Nang Bodumedi—A le Tla Nna Botoka?
    Tsogang!—2010
  • A go A Kgonega go Nna le Tumelo mo Mmoping?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Botlhokatumelo jwa Motlha wa Segompieno—A Go Tshwanetse ga Nna ga Tsewa Matsapa a go Batla?
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 12/1 ts. 5-7

Go Latola Modimo mo Lekgolong la Bo20 la Dingwaga

“Batho ba itetlile go dumela gore Modimo ga o yo mme ba rulaganya matshelo a bone ka nosi kwantle ga Modimo, ba sa kgathale gore ba felela ba diragaletswe ke molemo kana bosula.”—One Hundred Years of Debate Over God—The Sources of Modern Atheism.

LEFA kwa tshimologong se kgatlha, setlhare se se goletseng kwa godimo se felela se tlwaelegile. Re a se tlwaela fa re ntse re se bona; boleele jwa sone ga bo tlhole bo tshosa.

Go a tshwana le ka bolatolamodimo. Lefa bo ne jwa simolola kganetso e ntsi mo lekgolong la bo19 la dingwaga, go latola gore Modimo o teng ga go gakgamatse lefa e le go tshwenya gompieno. Motlha wa go letla dilo o dirile gore balatolamodimo mmogo le ba ba dumelang mo Modimong ba tshele mmogo fela ka kagiso.

Mo ga go reye gore batho ba bantsi ba latola Modimo ka tlhamalalo; phapaanong le seo, se se bonweng fa go ne go batlisisiwa mo dinageng tse 11 go ralala dinaga tsa Amerika, Yuropa le Asia se senola gore go ya ka palogare, ba ba fetang 2 lekgolong go le gonnye ba bolela gore ke balatolamodimo. Lefa go ntse jalo, moya wa bolatolamodimo o aname—le mo go ba bantsi ba ba dumelang gore Modimo o teng. Seno se diragetse jang?

Go Gana Bolaodi jwa Modimo

“Ka dinako tse dingwe, bolatolamodimo bo raya fela go gana kgotsa go tlhokomologa Modimo,” go bontsha jalo The Encyclopedia Americana. Ka lebaka le, The New Shorter Oxford English Dictionary e tlhalosa “molatolamodimo” ka tsela eno ya bobedi e e latelang: “Motho yo o latolang gore Modimo o teng ka boitsholo jwa gagwe; motho yo o sa laolweng ke molao wa Modimo.”—Mokwalo o mosesane ke wa rona.

Ee, bolatolamodimo bo ka akaretsa go latola gore Modimo o teng kgotsa go gana bolaodi jwa gagwe kgotsa gotlhe. Baebele e umaka bolatolamodimo mo go Tito 1:16 jaana, mme e se ka tlhamalalo: “Ba re ba itse Modimo; mme ba o itatole ka ditiro tsa bone.”—Bapisa Pesalema 14:1.

Go gana bolaodi jwa Modimo mo go ntseng jalo go ka latisediwa kwa morago kwa bathong ba ntlha ba babedi. Efa o ne a dumela gore Modimo o teng; mme o ne a batla ‘go nna jaaka Modimo, a itse molemo le bosula.’ Se se ne se raya gore o ne a ka ‘itirela ditshwetso’ le go itlhomela molao wa boitsholo. Moragonyana Adame o ne a kopanela le Efa mo go ganeng bolaodi jwa Modimo.—Genesise 3:5, 6.

A boikutlo jono bo aname gompieno? Ee. Batho ba supa gore ba latola gore Modimo o teng ka tsela eno e e fitlhegileng ka go batla go itaola. “Gompieno batho ga ba tlhole ba batla go tshela kafa tlase ga tlhokomelo ya Modimo,” go akgela jalo buka ya One Hundred Years of Debate Over God—The Sources of Modern Atheism. “Ba . . . bona go le botoka go tshela ba gololesegile.” Molao wa Baebele wa boitsholo o bolelwa gore ga o na mosola gape ga o lebe dilo jaaka di ntse. Batho ba bantsi ba akanya jaaka Faro wa Egepeto yo o neng a bua jaana ka lenyatso: “Jehofa e be e le mang, fa ke ka reetsa lentswe la gagwe . . . ? Ga ke itse Jehofa.” O ne a gana bolaodi jwa ga Jehofa.—Ekesodo 5:2.

Go Gana Modimo ga Labokeresete

Go gana bolaodi jwa Modimo mo go gakgamatsang thata go simolotswe ke baruti ba Labokeresete, ba ba emiseditseng boammaaruri jo bo itshekileng jwa Baebele ka ditlwaelo le dingwao tsa batho. (Bapisa Mathaio 15:9.) Mo godimo ga moo, ba ile ba ema nokeng dintwa tse go tsholotsweng madi a mantsi mo go tsone tsa lekgolo la bo20 la dingwaga, ka go dira jalo ba tlola taolo ya Baebele ya go bontsha lorato lwa mmatota.—Johane 13:35.

Baruti gape ba latola gore Modimo o teng ka go tlhokomologa melao ya gagwe ya boitsholo—ka sekai, jaaka go supilwe ke go latelana ga ditsheko kgatlhanong le baruti ba ba tlhakanelang dikobo le bana. Seemo sa Labokeresete se tshwana le sa Iseraele le Juta tsa bogologolo. Moperofeti Esekiele o ne a bolelelwa jaana: “Lefatshe le tletse madi a batho, le motse o tletse tshokamiso ya katlholo; ka gonne ba re: ‘Jehofa o latlhile lefatshe, e bile Jehofa ga a bone.’” (Esekiele 9:9; bapisa Isaia 29:15.) Ga go gakgamatse go bo batho ba bantsi ba tlogetse dikereke tsa Labokeresete gotlhelele! A mme ba tshwanetse go tlogela go dumela mo Modimong?

A Go Na Le Mabaka A A Utlwalang a go Latola Modimo?

Go sa kgathalesege gore a ba etse tlhoko boitimokanyi jwa bodumedi kgotsa nnyaa, balatolamodimo ba bantsi ga ba amanye tshotlego e e mo lefatsheng le go dumela mo Modimong. Simone de Beauvoir o kile a bua jaana: “Go ne go le motlhofo mo go nna go akanya gore lefatshe ga le a bopiwa ke ope go na le go akanya ka mmopi yo o tshwentsweng ke batho ba ba ganetsanang ba ba mo lefatsheng.”

A bosula jo bo mo lefatsheng—go akaretsa le jo bo tlhotlhelediwang ke bodumedi ka boitimokanyi jwa bone—bo supa gore ga go na Modimo? Ela tlhoko se se latelang: Fa thipa e dirisiwa go tshosa motho yo o senang molato, go mo gobatsa kgotsa le gone go mmolaya a seo se supa gore thipa eo ga e na yo o e dirileng? A bogolo ga go supe gore e ne ya se ka ya dirisiwa kafa tshwanelong? Ka mo go tshwanang, bohutsana jo bontsi jo batho ba nang le bone bo supa gore batho ga ba dirise dikgono tse ba di filweng ke Modimo le lone lefatshe ka bolone sentle.

Lefa go ntse jalo, bangwe ba bona go se na tlhaloganyo go dumela mo Modimong gonne re sa kgone go mmona. Mme go tweng ka phefo, makhubu a a tsamaisang modumo le menko? Ga re kgone go bona sepe sa dilo tse mme re a itse gore di teng. Makgwafo a rona, ditsebe le dinko di supa seo. Tota, re kgona go dumela selo se re sa kgoneng go se bona fa re na le bosupi.

Morago ga go akanya thata ka bosupi jo re bo bonang—go akaretsa dieleketerone, diporotone, diatomo, di-amino acid le boboko jo bo raraaneng—rasaense ya tlholego Irving William Knobloch o ne a tlhotlheletsega go bua jaana: “Ke dumela mo Modimong ka gore mo go nna go nna teng ga Gagwe jaaka Modimo ke lone fela lebaka le le utlwalang la go bo dilo di ntse jaaka di ntse.” (Bapisa Pesalema 104:24.) Ka go tshwana, moithutafisioloji Marlin Books Kreider o bolela jaana: “Jaaka motho fela yo o tlwaelegileng le jaaka monna yo o senyang nako e ntsi a ithuta le go batlisisa ka saense, ga ke belaele ka gope gore Modimo o teng mo gare ga bone.”

Banna ba ga se bone fela ba ba dumelang jalo. Go ya ka porofesa wa fisikisi Henry Margenau, “fa o ela tlhoko borasaense ba maemo a a kwa godimo, o tla fitlhela ba sekaenyana fela ba ba latolang gore Modimo o teng.” Kgatelopele ya saense lefa e le go palelwa ga bodumedi ga di a tshwanela go re dira gore re se ka ra dumela mo Mmoping. A re tlhatlhobeng gore ka go reng.

Go Farologana ga Bodumedi jwa Boammaaruri

Poresidente wa United States Thomas Jefferson o ne a kwala jaana ka 1803: “Ke kgatlhanong le bosula jwa Bokeresete, mme ga ke kgatlhanong le melaometheo ya mmatota ya ga Jesu ka boene.” Ee, go na le pharologano fa gare ga Labokeresete le Bokeresete. Bontsi jwa dithuto tse go tsewang gore di boammaaruri tsa Labokeresete di thailwe mo dingwaong tse di tlhomilweng ke batho. Go farologana le seo, Bokeresete jwa boammaaruri bo thaya dithuto tsa jone fela mo Baebeleng. Ka jalo, Paulo o ne a kwalela Bakolosa ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore ba tshwanetse go nna le “kitso,” ‘botlhale’ le ‘tlhaloganyo ya semoya.’—Bakolosa 1:9, 10.

Se ke se re tshwanetseng go se solofela mo Bakereseteng ba mmatota ka gore Jesu o laotse barutwa ba gagwe jaana: “Lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse . . . , Lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.”—Mathaio 28:19, 20.

Basupi ba ga Jehofa ba diragatsa taolo e mo dinageng tse 231 go dikologa lefatshe gompieno. Ba ranoletse Baebele mo dipuong tse 12 mme ba gatisitse dikaelo di feta 74 000 000 kgakala. Mo godimo ga moo, jaanong ba thusa batho ba ba 4 500 000 ka thulaganyo ya thuto ya Baebele ya legae go ‘tlhokomela dilo tsotlhe tse Jesu a di laoletseng.’

Thulaganyo e ya go ruta e na le matswela a magolo. E naya batho lesedi la boammaaruri ka gore e thailwe mo botlhaleng jwa Modimo, eseng mo dikgopolong tsa batho. (Diane 4:18) Gape, e thusa batho ba merafe yotlhe le ditso go dira sengwe se “Tshedifalelo” ya motho e neng e ka se ka ya kgona go se dira—go apara “motho yo moša” go go ba kgonisang go tlhagolela lorato lwa mmatota mo go ba bangwe.—Bakolosa 3:9, 10.

Bodumedi jwa boammaaruri bo a fenya mo lekgolong la rona la bo20 la dingwaga. Ga bo latole gore Modimo o teng kgotsa go gana bolaodi jwa gagwe. Re go laletsa gore o iponele seno ka go etela Basupi ba ga Jehofa kwa go nngwe ya Diholo tsa bone tsa Bogosi.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

GO TIISA MEDI YA BOLATOLAMODIMO

Mo bogareng jwa lekgolo la bo18 la dingwaga, rafilosofi Denis Diderot o ne a laelwa gore a ranolele bolumo e le nngwe ya saetlopedia go tswa mo Seesemaneng go ya mo Seforeng. Lefa go ntse jalo, o ne a kgona go dira go feta se mothapi wa gagwe a neng a se solofetse. Diderot o ne a fetsa dingwaga di le masome a mararo a kwala Encyclopédie ya gagwe ya dibolumo tse 28 e e neng e supa thata mowa o o neng o le teng ka nako eo.

Lefa Encyclopédie e ne e na le tshedimosetso e e mosola, e ne e gatelela botlhale jwa motho. Go ya ka setlhopha sa dibuka tsa Great Ages of Man, e ne ya “buelela dilo tsa motheo tse di neng di dumelwa ke [borafilosofi] tse di neng di farologane le tse di neng di dumelwa pele eleng gore motho o ne a ka tokafatsa tsela ya gagwe ya botshelo fa a ne a ka tlogela go kaelwa ke tumelo mme a kaelwe ke mabaka.” Modimo o ne o sa umakiwa. Buka ya The Modern Heritage, e bolela jaana: “Bakwadi ba ne ba bontsha ka ditlhogo tse ba neng ba di tlhopha gore bodumedi e ne e se sengwe sa dilo tse batho ba neng ba tlhoka go di itse.” Go ne go sa gakgamatse gore kereke e ne ya leka go thibela Encyclopédie. Ramolaomogolo o ne a bua kgatlhanong le buka eo a re e tseela polotiki, maitsholo le bodumedi kwa tlase.

Lefa go ne go na le ba ba neng ba sa e rate, Encyclopédie ya ga Diderot e ne ya batliwa ke batho ba ba ka nnang 4 000—palo e e gakgamatsang fa re akanya ka tlhwatlhwa ya yone e e kwa godimo. Go ne go bonala sentle gore mogopolo o o fitlhegileng ono wa go latola gore Modimo o teng o ne o tlile go anama ka bonako.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela