LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 12/1 ts. 13-18
  • ‘Itireleng Ditsala ka Mahumo A A Siamang’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Itireleng Ditsala ka Mahumo A A Siamang’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Tshupelo ya ga Jehofa”
  • Meneelo ya Tempele
  • Go Dirisiwa Sentle ga Dithoto mo Metlheng ya Bokeresete
  • Balebalebi Ba Ba Ikanyegang
  • Mokgwa wa Go Nna Pelotshweu
  • ‘Itirele Ditsala ka Mahumo A A Sa Siamang’
  • Go Batla Dikhumo Tsa Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Kafa Ditiro Tsa Bogosi di Tshegediwang ka Gone ka Madi
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Elo wa Boithatelo go Tsweledisa Kobamelo e e Itshekileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Dikhumo Tsa Bopelotshweu di Lere Boipelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 12/1 ts. 13-18

‘Itireleng Ditsala ka Mahumo A A Siamang’

“Itireleng ditsala ka mahumo a a sa siamang . . . Yo o ikanyegang mo go se sennye, o [i]kanyega le mo go se segolo.”—LUKE 16:9, 10.

1. Moshe le bana ba Iseraele ba ne ba baka Jehofa jang fa ba sena go falola mo Egepeto?

GO FALODIWA ka kgakgamatso—a boitemogelo jo bo nonotshang tumelo jang ne! Jehofa, Mothatayotlhe, ke ene fela go ka tweng o dirile gore Baiseraele ba fuduge kwa Egepeto. Ga go gakgamatse go bo Moshe le Baiseraele ba ne ba opela jaana: “Jehofa ke thata ya me le sefela, o bile o diregile poloka ya me; one ke Modimo wa me, ke tlaa o baka; Modimo wa ga rre, ke tlaa o godisa.”—Ekesodo 15:1, 2; Duteronome 29:2.

2. Batho ba ga Jehofa ba ne ba tsamaya ba tshotse eng fa ba tswa mo Egepeto?

2 A bo kgololesego e Baiseraele ba neng ba sa tswa go e bona e ne e farologana jang ne le boemo jwa bone jwa kwa Egepeto! Jaanong ba ne ba ka obamela Jehofa ba sa kgorelediwe ke sepe. Le gone ga ba a ka ba tswa mo Egepeto ba iphotlhere. Moshe o anela jaana: “Bana ba Iseraele ba . . . lopa Baegepeto mekgabo ya selefera le mekgabo ya gouta le diaparo. Jehofa a naya batho tsalano mo matlhong a Baegepeto, ba ba naya fela se ba se lopang. Mme ba amoga Baegepeto.” (Ekesodo 12:35, 36) Mme lefa go ntse jalo ba ne ba dirisa dikhumo tseno tsa kwa Egepeto jang? A go ne ga felela ka gore ba ‘godise Jehofa’? Sekai sa bone se re ruta eng?—Bapisa 1 Bakorinthe 10:11.

“Tshupelo ya ga Jehofa”

3. Tsela e Baiseraele ba neng ba dirisa gouta ka yone mo kobamelong ya maaka e ne ya dira gore Jehofa a dire eng?

3 Fa Moshe a santse a ile kwa Thabeng ya Sinai malatsi a le 40 a ile go amogela ditaelo tse Modimo a neng a di neela Baiseraele, batho ba ba neng ba mo emetse kwa tlase ba ne ba iphetola diganana. Ba ne ba rola malengana a bone a gouta, mme ba laela Arone gore a ba direle setshwantsho se ba ka se obamelang. Gape Arone o ne a ba agela sebeso, mme ba ne ba kubuga letsatsi le le latelang ba isa ditlhabelo mo go sone. A tsela eno e ba neng ba dirisa gouta ka yone e ne ya dira gore Mogolodi wa bone a ba rate? Le eseng! Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Jaana ka re ntesa, o mme bogale jwa me bo ba tukele, gore ke tle ke ba nyeletse.” Jehofa o ne a boloka morafe ono fela fa Moshe a sena go mo rapela, lefa ba ba neng ba di goga kwa pele mo tsuologong eno ba ne ba bolawa ke petso ya Modimo.—Ekesodo 32:1-6, 10-14, 30-35.

4. “Tshupelo ya ga Jehofa” e ne e le eng, mme e ne e ntshiwa ke bomang?

4 Moragonyana, Baiseraele ba ne ba nna le sebaka sa go dirisa dikhumo tsa bone ka tsela eo e neng e itumedisa Jehofa. Ba ne ba isa “tshupelo ya ga Jehofa.”a Dingwe tsa dilo tse di neng di isiwa e le tshupelo gore go agiwe go bo go kgabisiwe motlaagana e ne e le gouta, selefera, kgotlho, tlhale e tala, matsela a mebala e e farologaneng, matlalo a diphelefu, matlalo a manyebi, le dikgong tsa makala. Pego eno e re bontsha kafa batho ba ba neng ba ntsha meneelo ba neng ba ikutlwa ka teng. “Mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e ratang, a e lere, tshupelo ya ga Jehofa.” (Ekesodo 35:5-9) Baiseraele ba ne ba arabela ka tsela e e gakgamatsang. Ka jalo, jaaka mokanoki mongwe a ne a tlhalosa, motlaagana ono e ne e le kago ya “bontle le kgalalelo tse di kwa godimo.”

Meneelo ya Tempele

5, 6. Dafite o ne a dirisa dikhumo tsa gagwe jang mo tempeleng, mme ba bangwe ba ne ba arabela jang?

5 Lefa Kgosi Solomone wa kwa Iseraele e le ene a neng a laetse gore go agiwe ntlo e e nnelang ruri ya go obamela Jehofa, Dafite, rraagwe, ke ene a neng a baakantse dilo di le dintsi gore e tle e agiwe. Dafite o ne a kgobokanya gouta e le ntsi thata, selefera, kgotlho, tshipi, logong, le majana a a tlhokegang. Dafite o ne a bolelela batho jaana: “E re ka ke tlhomile pelo ya me mo ntlong ya Modimo wa me, mme e re ka ke na le khumo ya gouta le ya selefera, e e leng ya me, ke e ntshetsa ntlo ya Modimo wa me, godimo ga tsotlhe tse ke di baakanyeditseng ntlo e e boitshepo, e bong dikilogerama tsa gouta di le 102 000 . . . le dikilogerama tsa selefera se se itshekisitsweng di le 238 000 go manegwa mo dimoteng tsa mantlo.” Dafite o ne a kgothaletsa ba bangwe gore le bone ba ntshe ka bopelotshweu. Ba ne ba tlisa dilo tse dintsi: gouta e e oketsegileng, le selefera, kgotlho, tshipi, le majana a a tlhokegang. Batho ba ne ba isetsa “Jehofa ditshupelo ka go rata” le “ka pelo e e feletseng.”—1 Ditirafalo 22:5; 29:1-9, bapisa le NW.

6 Baiseraele ba ne ba bontsha gore ba rata kobamelo ya ga Jehofa tota ka go ntsha meneelo eno ka go rata. Dafite o ne a rapela jaana ka boikokobetso: “Mme nna ke mang, le batho ba me ke bomang, fa e bo ne ne fano re ntsha dilo ka pelo yotlhe ka mokgwa o o ntseng jaana?” Ka ntlha yang? “Gonne dilo tsotlhe di tswa mo go wena, mme re go neile mo e leng ga gago fela. . . . Ka ga me, ke ntshitse dilo tse tsotlhe ka boitumelo mo thokgamong ya pelo ya me.”—1 Ditirafalo 29:14, 17.

7. Re ithuta thuto efe e e re fang tlhagiso ya mo motlheng wa ga Amose?

7 Lefa go ntse jalo, ditso tsa Iseraele di ne tsa palelwa ke go tswelela pele di tsaya kobamelo ya ga Jehofa e le yone ya botlhokwatlhokwa mo megopolong ya bone le mo dipelong tsa bone. Ka lekgolo la borobongwe la dingwaga B.C.E., Baiseraele ba ba neng ba kgaogane ba ne ba na le molato wa go tlhokomologa dilo tsa semoya. Jehofa o ne a bolela jaana a dirisa Amose, malebana le bogosi jwa ditso tse di lesome tse di kafa bokone tsa Iseraele: “A bo go latlhega bone ba ba iketlileng mo Sione, le ba ba thagameng mo thabeng ya Samaria.” O ne a ba tlhalosa a re ke batho ba ba ‘itelegang mo malaong a dinaka tsa ditlou ba rapama mo dikanamelong tsa bone, ba ja dikwanyana tsa letsomane, le dinamane di tswa mo lesakeng; ba nwa bojalwa jwa mofine ka megotšana.’ Mme lefa go ntse jalo khumo ya bone ga e a ka ya ba sireletsa. Modimo o ne a tlhagisa jaana: “Ba tlaa [ya] botshwarong jaana le ba ntlha ba ba yang botshwarong, mme tlhapelo ya ba ba neng ba rapame e tlaa fetela koo.” Ka 740 B.C.E., Baiseraele ba ne ba bogisiwa ke Baasiria. (Amose 6:1, 4, 6, 7) Mme fa nako e ntse e ya bogosi jo bo kafa borwa jwa Juta le jone bo ne jwa wela mo lemeneng la go rata dilo tse di bonalang.—Jeremia 5:26-29.

Go Dirisiwa Sentle ga Dithoto mo Metlheng ya Bokeresete

8. Josefa le Marea ba tlhoma dikao dife tse di molemo malebana le go dirisa dilo tse re nang le tsone?

8 Phapaanong le seo, lefa batlhanka ba Modimo mo metlheng ya moragonyana ga foo ba ne ba humanegile, seo ga se a ka sa ba thibela gore ba se ka ba bontsha gore ba tlhoafetse mo kobamelong ya boammaaruri. A ko o akanye ka Marea le Josefa. Ba ne ba utlwa molao wa ga Kaesare Aguseto mme ba tsaya mosepele ba ya kwa motseng wa ga bone, kwa Bethelehema. (Luke 2:4, 5) Jesu o ne a tsholelwa gone koo. Malatsi a le 40 moragonyana, Josefa le Marea ba ne ba etela tempele e e neng e le mo motseng o o gaufi wa Jerusalema ba isa setlhabelo se se boletsweng sa go itshekisa. Se se bontshang gore ba ne ba humanegile mo dilong tse di bonalang, Marea o ne a isa dinonyane tse dipotlana di le pedi. Ene le fa e le Josefe ga ba a ka ba itela gore bone ba humanegile mo ba ka se kang ba isa setlhabelo. Go na le moo, ba ne ba dirisa dithoto tsa bone tse dinnye ka kutlo.—Lefitiko 12:8; Luke 2:22-24.

9-11. (a) Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 22:21 a neela kaelo efe malebana le kafa re ka dirisang madi a rona ka gone? (b) Ke ka ntlha yang fa moneelo o monnye wa motlholagadi o ne o le botlhokwa?

9 Moragonyana, Bafarasai le setlhopha sa balatedi ba ga Herote ba ne ba leka go tsietsa Jesu, ba re: “Ke gone re bolelele gore o gopola eng? A go siame go kgethela Kaesare, kgotsa nnyaa?” Tsela e Jesu a neng a ba fetola ka yone e ne ya senola kafa a lemogang dilo ka gone. Jesu o ne a ba botsa jaana, a bua ka ledi le ba neng ba le mo neetse: “Setshwantsho se, le sekwalo se, ke tsa ga mang?” Ba ne ba araba jaana: “Tsa ga Kaesare.” O ne a konela jaana ka botlhale: “Ke gone ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare; lo bo lo ntshetse Modimo tse e leng tsa Modimo.” (Mathaio 22:17-21) Jesu o ne a itse gore babusi ba ba neng ba ntshitse ledi leo ba ne ba batla gore go duelwe lekgetho. Mme lefa go ntse jalo gone foo o ne a thusa balatedi ba gagwe le baba ba gagwe ka tsela e e tshwanang gore ba lemoge gore Mokeresete wa boammaaruri gape o rata go neela “Modimo tse e leng tsa Modimo.” Seno se raya gape gore motho o tshwanetse go dirisa dilwana tsa gagwe tse di bonalang ka tsela e e tshwanetseng.

10 Tiragalo nngwe e Jesu a neng a e bona kwa tempeleng e tshwantshetsa seno. O ne a sa tswa go kgala bakwadi ba ba pelotshetlha ba ba neng ba ‘suputsa matlo a batlholagadi.’ “A tsholetsa matlho, a bona bahumi ba latlhela dineo tsa bone mo letloleng la dikhumo,” Luke o bega jalo. “Mme [Jesu] a bona mosadi mongwe wa motlholagadi, e le mohumanegi, a latlhela gone madinyana a le mannye a le mabedi. Mme a re: ‘Ammaaruri ke a lo raya, motlholagadi yo wa mohumanegi, o latlhetse segolo go feta bone botlhe; gonne bao botlhe ba latlhetse ga letlotlo la bone mo dineong; mme ene o latlhetse ga khumanego ya gagwe gotlhe mo o tshelang ka gone.’” (Luke 20:46, 47; 21:1-4) Bangwe ba batho bano ba ne ba bolela gore tempele e ne e kgabisitswe ka majana a a tlhokegang. Jesu o ne a araba jaana: “Ka ga dilo tse lo di bonang, metlha e tlaa tla e go se ketlang go tlogelwa lentswe lepe fa, le tlhatlaganye le le lengwe, le le se ketlang le digwa.” (Luke 21:5, 6) A moneelo o monnye oo wa motlholagadi o ne o sena mosola? Nnyaa ruri. O ne a tshegetsa thulaganyo e Jehofa a neng a e tlhomile ka nako eo.

11 Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe ba boammaaruri a re: “Ga go motlhanka ope yo o ka direlang beng ba le babedi; gonne o tlaa ila mongwe, a rate yo mongwe; kgotsa a ngaparele mongwe, a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le mahumo.” (Luke 16:13) Ka jalo, re ka bontsha jang gore re na le tekatekano e e tshwanetseng fa re dirisa madi a rona?

Balebalebi Ba Ba Ikanyegang

12-14. (a) Bakeresete ke balebalebi ba dithoto dife? (b) Batho ba ga Jehofa gompieno ba dira tiro ya bolebalebi ka boikanyegi ka ditsela dife tse di tlhomologileng? (c) Madi a a tshegetsang tiro ya Modimo gompieno a tswa kae?

12 Fa re neela Jehofa matshelo a rona, tota re a bo re bolela gore sengwe le sengwe se re nang le sone, dilo tsotlhe tsa rona, ke tsa gagwe. Ka jalo, re tshwanetse go dirisa se re nang le sone jang? Fa Mokaulengwe C. T. Russell, poresidente wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower a ne a tlhalosa tirelo ya Bokeresete mo phuthegong, o ne a kwala jaana: “Mongwe le mongwe o tshwanetse go iteba a tlhomilwe ke Morena gore e nne molebalebi wa nako ya gagwe, wa kafa a kgonang go tlhotlheletsa batho ka teng, le wa madi a gagwe, jalo le jalo, mme mongwe le mongwe o tshwanetse a batla go dirisa ditalenta tseno kafa a kgonang ka teng, gore a galaletse Mong wa gagwe.”—The New Creation, tsebe 345.

13 “Mono go bile go lopiwa ka ga balebalebi, gore motho a fitlhelwe a le boikanngo,” go bolela jalo 1 Bakorinthe 4:2. Basupi ba ga Jehofa ba leka jaaka phuthego ya merafe yotlhe gore ba dire dilo go dumelana le tlhaloso eo, ba dirisa nako ya bone e ntsi kafa ba ka kgonang ka teng mo bodireding jwa Bokeresete, ba tlhagolela bokgoni jwa bone jwa go ruta ka kelotlhoko. Mo godimo ga moo, ditlhopha tsa baithaopi tse di kaelwang ke Dikomiti tsa Kago tsa Kgaolo di neela nako ya tsone ka go rata, maatla, le kitso ya go dira dilo gore ba age diholo tse dintle tsa kobamelo. Jehofa o itumelela dilo tseno tsotlhe fela thata.

14 Madi a go tshegetsa tiro eno e kgolo ya go ruta le go aga a tswa kae? Mo bathong ba ba dipelo tse di ratang, fela jaaka mo metlheng ya fa go ne go agiwa motlaagana. A re nna le seabe mongwe le mongwe wa rona? A tsela e re dirisang madi a rona ka yone e bontsha gore go direla Jehofa ke ga botlhokwa thata mo go rona? Fa go tla mo dikgannyeng tsa madi, a re nneng balebalebi ba ba ikanyegang.

Mokgwa wa Go Nna Pelotshweu

15, 16. (a) Bakeresete ba motlha wa ga Paulo ba ne ba bontsha jang gore ba pelotshweu? (b) Re tshwanetse go leba kgang eno e re e tshwereng jang?

15 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala kaga moya wa bopelotshweu wa Bakeresete ba kwa Maketonia le Akaia. (Baroma 15:26) Lefa ba ne ba na le matshwenyego ka bobone, ba ne ba ntsha meneelo motlhofo fela gore ba thuse bakaulengwe ba bone. Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete ba Bakorinthe gore le bone ba neele ka bopelotshweu, ba ntshe se se ba saletseng gore ba fokotse ditlhaelo tsa ba bangwe. Ga go na ope yo ka boammaaruri a neng a ka pega Paulo molato wa gore o tseela batho dithoto ka dikgoka. O ne a kwala jaana: “Yo o jalang ka bongoma, o tlaa roba ga bongoma, yo o jalang ka bogolo, o tlaa roba ga bogolo. A motho mongwe le mongwe a dire ka fa o ikaeletseng mo pelong ya gagwe ka teng; e seng ka go ngongorega, le fa e le ka patelelo, gonne Modimo o rata yo o abang ka pelotshweu fela.”—2 Bakorinthe 8:1-3, 14; 9:5-7, 13.

16 Meneelo ya bopelotshweu e e ntshiwang ke bakaulengwe ba rona le ke batho ba ba kgatlhegang ba e ntshetsa tiro ya lefatshe lotlhe ya Bogosi gompieno e neela bosupi jwa gore ba tseela tshiamelo eno kwa godimo tota. Mme lefa go ntse jalo, fela jaaka Paulo a ne a gakolola Bakorinthe, go ka nna molemo gore re tseye tlhaloso eno jaaka kgakololo.

17. Paulo o ne a kgothaletsa batho gore ba abe ka tsela efe, a mme e ka dirisiwa le gompieno?

17 Paulo o ne a rotloetsa bakaulengwe gore fa ba fa, ba dire jalo ka thulaganyo. “E re ka letsatsi la ntlha la beke,” a rialo, “a mongwe le mongwe wa lona a beele sengwe fa thoko, ka fa o bonyeng go bapala ka teng.” (1 Bakorinthe 16:1, 2) Seo e ka nna sekao mo go rona le mo baneng ba rona fa re ntsha meneelo, e ka tswa e le mo phuthegong kana e le meneelo e e isiwang ka tlhamalalo kwa ofising ya lekala e e fa gaufi ya Mokgatlho wa Watch Tower. Banyalani bangwe ba barongwa ba ba neng ba abetswe go rera kwa toropong nngwe kwa Afrika Botlhaba ba ne ba laletsa batho ba ba kgatlhegang gore ba nne le bone mo thutong ya Baebele. Kwa bokhutlong jwa pokano eno ya ntlha, barongwa bano ba ne ba tsenya madi ka tlotlo mo lebokosong le le neng le kwadilwe “Meneelo ya tiro ya Bogosi.” Batho ba bangwe ba ba neng ba tlile le bone ba ne ba dira jalo. Moragonyana, fa bano ba basha ba sena go rulaganngwa go bopa phuthego ya Bokeresete, molebedi wa potologo o ne a ba etela mme a akgola kafa ba ntshang meneelo ka metlha ka gone.—Pesalema 50:10, 14, 23.

18. Re ka thusa bakaulengwe ba rona ba ba mo matshwenyegong jang?

18 Le rona gape re na le tshiamelo ya go dirisa dilo tse re nang le tsone go thusa batho ba ba amilweng ke masetlapelo a tlholego le ba ba nnang mo mafelong a a kgautlhantsweng ke dintwa. A bo re ne ra itumela jang ne fa re bala kafa go neng go isiwa dilwana tsa namolo ka teng kwa Yuropa Botlhaba fa mathata a ikonomi le a bopolotiki a ntse a suputsa karolo eo ya lefatshe! Meneelo ya dilwana le madi e ne e supa kafa bakaulengwe ba rona ba leng pelotshweu ka gone e bile ba utlwana fa ba thusa Bakeresete ba ba mo mathateng.b—2 Bakorinthe 8:13, 14.

19. Re ka thusa batho ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng ka go dira dilo dife tse di mosola?

19 Re tseela tiro ya bakaulengwe ba rona kwa godimo ba ba tsenelang tirelo ya nako e e tletseng e le babulatsela, balebedi ba ba etang, barongwa, le baithaopi ba Bethele, a ga go jalo? Fa maemo a rona a letla, re ka nna ra kgona go ba thusa ka tlhamalalo ka dilo tse di bonalang. Ka sekai, fa molebedi wa potologo a etetse phuthego ya ga lona, o ka nna wa kgona go mo fa marobalo, dijo, kana wa mo thusa ditshenyegelo tsa mosepele. Rraarona wa selegodimo o bona bopelotshweu jo bo ntseng jalo jotlhe, e re ka a batla batlhanka ba gagwe ba tlhokomelwa. (Pesalema 37:25) Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng mokaulengwe mongwe yo o neng a ka kgona go fa baeng ba gagwe sengwe sa go itima lenyora fela o ne a laletsa molebedi yo o etang le mosadi wa gagwe gore ba tle kwa legaeng la gagwe. Fa banyalani bano ba setse ba tsamaya ba ya tirelong ya tshimo ya maitseboa, mokaulengwe yono o ne a neela baeng ba gagwe emfolopo. Mo teng ga yone go ne go na le madi a pampiri (a a lekanang le ranta e le nngwe) le pampitshana e e kwadilweng mafoko ano ka seatla: “Lo reke kopi ya tee kana kelone ya peterolo.” A bo a ne a bontsha kanaanelo e e molemo jang ne ka tsela eno e e seng ya maemo a a kwa godimo!

20. Ga re batle go tlhokomologa tshiamelo efe le boikarabelo?

20 Batho ba ga Jehofa ba segofaditswe semoyeng! Re itumelela mekete ya semoya kwa dikopanong tsa rona tse dipotlana le tse dikgolo, koo re amogelang dikgatiso tse disha, thuto e e molemo, le kgakololo e e mosola. E re ka dipelo tsa rona di tletse kanaanelo ka ntlha ya masego a semoya a re nang le one, ga re lebale tshiamelo le boikarabelo jo re nang le jone jwa go ntsha meneelo ya madi a a tla dirisiwang go thusa mo dilong tse di amanang le Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe.

‘Itirele Ditsala ka Mahumo A A Sa Siamang’

21, 22. Ke eng se se tla tlogang se diragalela “mahumo a a sa siamang,” mme seo se tla tlhoka gore re dire eng gone jaanong?

21 Eleruri, go na le ditsela tse dintsi tota tse re ka bontshang ka tsone gore go obamela Jehofa ke gone ga botlhokwatlhokwa mo matshelong a rona, mme tsela e e botlhokwa thata ya go bontsha seo e akaretsa go utlwa kgakololo ya ga Jesu: “Itireleng ditsala ka mahumo a a sa siamang; gore e tle e re a tlhaela, di lo tsholele mo maagong a a sa khutleng.”—Luke 16:9.

22 Ela tlhoko gore Jesu o ne a bua kaga gore mahumo a a sa siamang a ka tlhaela. Ee, go tla tla motlha o ka one madi a tsamaiso eno a tla bong a sa tlhole a le mosola. “Ba tlaa latlhela selefera sa bone mo mebileng, gouta ya bone e tlaa nna jaaka selo se se itshekologileng,” go ne ga bolelela pele jalo Esekiele. “Selefera sa bone le gouta ya bone ga di ketla di lekana go ba golola mo letsatsing la kgalefo ya ga Jehofa.” (Esekiele 7:19) Re tshwanetse gore re bontshe botlhale le temogo ka tsela e re dirisang dilwana tsa rona tse di bonalang ka yone go fitlha seo se diragala. Ka jalo ga re ketla re ikwatlhaya fa re gopola gore ga re a latela tlhagiso ya ga Jesu: “Fa lo se ka lwa ikanyega ka ga mahumo a a sa siamang, lo tlaa neelwa e mang dikhumo tsa boammaaruri? . . . Ga lo ka ke lwa direla Modimo le mahumo.”—Luke 16:11-13.

23. Ke eng se re tshwanetseng go se dirisa ka botlhale mme re tla duelwa ka eng?

23 Ka jalo, a rotlhe re reetseng dikgakololo tseno ka boikanyegi tsa gore re beye kobamelo ya ga Jehofa kwa pele mo matshelong a rona re bo re dirise dilo tsotlhe tse re nang le tsone ka botlhale. Ka go dira jalo re ka dira gore botsala jwa rona le Jehofa le Jesu bo tswelele pele, bao ba solofetsang gore fa madi a tlhaela ba tla re amogela “mo maagong a a sa khutleng,” re na le tsholofelo ya go tshelela ruri, e ka tswa e le mo Bogosing jwa selegodimo kana mo lefatsheng la paradaise.—Luke 16:9.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Lefoko la Sehebera le le ranotsweng go nna “tshupelo” le tswa mo lediring le ka tlhamalalo le kayang “go nna kwa godimo; go goletsega; go tsholetsa.”

b Bona Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, ditsebe 307-15, e e gatisitsweng ka 1993 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

A O A Gakologelwa?

◻ Baiseraele ba ne ba itshwara jang fa Jehofa a ba laletsa gore ba ntshetse motlaagana meneelo?

◻ Ke ka ntlha yang fa moneelo wa motlholagadi o ne o le mosola?

◻ Bakeresete ba na le boikarabelo bofe malebana le tsela e ba dirisang dithoto tsa bone ka yone?

◻ Re ka dira jang gore re se ka ra ikwatlhaela tsela e re dirisang madi a rona ka yone?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Lefa moneelo wa motlholagadi o ne o le monnye, o ne o na le mosola

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Meneelo ya rona e tshegetsa tiro e e amanang le Bogosi mo lefatsheng lotlhe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela