Ba ne Ba Dira go Rata ga ga Jehofa
Elo wa Boithatelo go Tsweledisa Kobamelo e e Itshekileng
BAISERAELE ba ne ba iponela ka matlho maatla a ga Jehofa a go boloka. Ba ne ba bona metsi a Lewatle le Lehibidu a kgaogana ka bogare ka kgakgamatso, a ba letla gore ba kgabaganye mo lefatsheng le le omileng mme ba tshabe masole a Baegepeto. Mo letlhakoreng le lengwe, ba ne ba lebelela ba le kgakala fa one metsi ao a gosomana mo bathong ba ba neng ba ba lelekisitse. Jehofa o ne a bolokile matshelo a bone!—Ekesodo 14:21-31.
Le fa go ntse jalo, ka maswabi, Baiseraele bangwe ga ba a ka ba tsaya tsia se Modimo wa bone a neng a se dirile. Fa Moshe a sa ntse a le kwa Thabeng ya Sinai, ba ne ba abela Arone mabenyane a bone a gouta mme ba mo lopa gore a ba direle modingwana o ba tla o obamelang. Fa a boa, Moshe o ne a fitlhela letshutitshuti leno la batsuolodi ba ja, ba nwa, ba bina mme ba obamela namane ya gouta! Ka kaelo ya ga Jehofa, ba ba ka nnang 3 000—kooteng e le batlhotlheletsi ba botsuolodi jono—ba ne ba bolawa. Mo letsatsing leo batho ba Modimo ba ne ba ithuta thuto e e botlhokwa tota ya kafa go tlhokegang ka gone gore ba obamele Jehofa a le esi.—Ekesodo 32:1-6, 19-29.
Moragonyana fela ga tiragalo eno, Moshe o ne a ipaakanyetsa go diragatsa taelo ya Modimo ya go aga motlaagana, tente ya kobamelo e e kgonang go tsamaisiwa. Porojeke eno ya go aga, e ne e tla tlhoka didirisiwa tse di tlhwatlhwagodimo le babereki ba ba nang le bokgoni. Dilo tseno di ne di tla tswa kae? Mme re ka ithuta eng mo pegong eno ya Baebele?
Go Neela ka Didirisiwa le Bokgoni
Jehofa o ne a laela Baiseraele jaana ka Moshe: “Ntshetsang Jehofa [moneelo, NW]; mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e ratang, a e lere, [moneelo, NW] wa ga Jehofa.” Moneelo wa mofuta ofe? Gareng ga lenaane leno la ga Moshe, go ne go na le gouta, selefera, kgotlho, tlhale, matsela, matlalo, logong le maje a a tlhokegang.—Ekesodo 35:5-9.
Baiseraele ba ne ba na le mo go lekaneng gore ba ka dira moneelo o o ntseng jaana wa bopelotshweu. Gakologelwa, fa ba tloga kwa Egepeto, ba ne ba tsaya dilwana tsa gouta le selefera, le diaparo tse dintsi. Ruri ba ne “ba amoga Baegepeto.”a (Ekesodo 12:35, 36) Mo nakong e e fetileng, Baiseraele ba ne ba ntsha mabenyane a bone ka go rata go dira modingwana wa kobamelo ya maaka. A jaanong ba ne ba tla itshupa ba tlhoafetse fela jalo go dira tshupelo ya go tsweletsa kobamelo ya boammaaruri?
Ela tlhoko gore Moshe ga a ka a umaka selekanyo se se tlhomameng se mongwe le mongwe a neng a tshwanetse go se ntsha, kgotsa gone go dirisa go ikutlwa molato kana ditlhong go tlhotlheletsa moneelo. Go na le moo, o ne a dira boipiletso go ‘mongwe le mongwe wa pelo e e ratang.’ Go phepafetse gore Moshe o ne a bona go sa tlhokege go pateletsa batho ba Modimo. O ne a tlhomamisegile gore mongwe le mongwe o tla neela sotlhe se a se kgonang.—Bapisa 2 Bakorintha 8:10-12.
Le fa go ntse jalo, porojeke eno ya go aga e ne e tla tlhoka se se fetang fela moneelo wa didirisiwa. Jehofa o ne a bolelela Baiseraele gape jaana: “A motho mongwe le mongwe yo o pelo e e tlhalefileng mo go lona a tle, mme a dire tsotlhe tse Jehofa o di laotseng.” Ee, porojeke eno ya go aga e ne e tlhoka badiri ba ba nang le bokgoni. Ruri “tiro nngwe le nngwe”—go akaretsa tiro ya logong, ya tshipi le ya mabenyane—e ne e tla tlhokega go wetsa porojeke eno. Gone mme, Jehofa o ne a tla kaela bokgoni jwa badiri bano mme tlotlo yotlhe ya katlego ya porojeke eno e ne e tla isiwa kwa go ene.—Ekesodo 35:10, 30-35; 36:1, 2.
Baiseraele ba ne ba arabela ka tlhoafalo mo taletsong eno ya go neelana ka dikhumo tsa bone le bokgoni jwa bone. Pego ya Baebele e bolela jaana: “Ba tla, mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e mo tlhotlheletsang, le mongwe le mongwe yo mowa wa gagwe o mo ratisitseng, mme ba lere - le tshupelo ya ga Jehofa, ya tiro ya mogope wa bophuthegelo, le ya tirelo yotlhe ya one, le ya diaparo tse di itshepileng. Ba tla, banna ba na le basadi, e bong botlhe ba ba pelo e e ratang.”—Ekesodo 35:21, 22.
Thuto mo go Rona
Gompieno tiro e kgolo ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo e wediwa ka meneelo ya boithatelo. Go le gantsi e a bo e le madi. Mo maemong a mangwe, bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba dirisa letlotlo la bone la boitemogelo mo go thuseng go aga Diholo Tsa Bogosi, Diholo Tsa Dikopano le dikago tsa makala. Mme gape go na le tiro e e dirwang mo magaeng a Bethele a feta lekgolo go dikologa lefatshe, tiro e e akaretsang bokgoni jo bontsi jo bo farologaneng. Botlhe ba ba dipelo di ratang ba ba neng ba dira ditlhabelo tse di ntseng jalo ba ka tlhomamisega gore Jehofa ga a kitla a lebala go dira ga bone ka natla!—Bahebera 6:10.
Seno gape se akaretsa le seabe se mongwe le mongwe wa rona a nang le sone mo bodireding jwa Bokeresete. Botlhe ba rotloediwa go reka nako ya go nna le seabe ka botlhaga mo tirong ya go rera. (Mathaio 24:14; Baefeso 5:15-17) Bangwe ba dira seno e le baefangele ba nako e e tletseng kana babulatsela. Ka ntlha ya maemo, bangwe ga ba kgone go dirisa nako e ntsi mo bodireding jaaka babulatsela. Le fa go ntse jalo, le bone ba itumedisa Jehofa. Fela jaaka ka meneelo ya motlaagana, Jehofa ga a beye selekanyo se se tlhomameng se mongwe le mongwe a tshwanetseng go se ntsha. Le fa go ntse jalo, se tota a se tlhokang ke gore mongwe le mongwe wa rona, re mo direle ka pelo, moya, mogopolo le nonofo yotlhe ya rona. (Mareko 12:30) Fa re dira jalo, re ka tlhomamisega gore o tla re duelela meneelo ya boithatelo e re e dirang go tsweletsa kobamelo ya boammaaruri.—Bahebera 11:6.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Seno e ne e se bogodu. Baiseraele ba ne ba kopa meneelo go tswa mo Baegepetong, mme ba ne ba e newa ka kgololesego. Kwantle ga foo, e re ka santlha Baegepeto ba ne ba sena tshwanelo ya go dira Baiseraele makgoba, ba ne ba kolota batho ba Modimo tuelo ya dingwaga tse ba di berekileng ka thata.