LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 8/1 ts. 26-29
  • Moya O Jehofa a o Segofatsang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Moya O Jehofa a o Segofatsang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bakeresete ba Bontsha Moya o o Siameng
  • Moya o o Amogelesegang o a Bonala Gompieno
  • Go Bontsha Moya o o Siameng mo Dikarolong tse Dingwe tsa Botshelo
  • Go Ithaopa ka go Rata go Dira Tiro Nngwe le Nngwe e e Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Elo wa Boithatelo go Tsweledisa Kobamelo e e Itshekileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Go Dira Tiro ya go Aga ka Kutlwano mo Lefatsheng Lotlhe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Kaelwa ke Moya wa Modimo mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga le Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 8/1 ts. 26-29

Moya O Jehofa a o Segofatsang

“A MORÈNA a nnè le mōea oa gago. A tshegōhaco e nnè le lona.” Ka mafoko ano, Paulo o ne a konela lokwalo lwa gagwe lwa bobedi le a neng a le kwalela Timotheo. (2 Timotheo 4:22) Abo mafoko ano a kakgolo a tshwanetse a bo a ne a ipedisa Timotheo le bao ba neng ba na nae jang ne​—go itse gore ba ne ba na le moya o Jehofa a o segofatsang!

Mme tota moya o Jehofa a o segofatsang ke ofe? Batho ba ba nang le moya oo ba ntse jang? Mme rona le rona re ka bontsha moya o o ntseng jalo jang mme ra amogela tshegofatso ya ga Jehofa?

Go re thusa go araba dipotso tseno, a re boeleng kwa morago kwa nakong ya ga Moshe. Baiseraela ba fa gare ga naga. Jehofa o sa tswa go dira kgolagano ya Molao le bone, mme jaanong o ba neela ditao tsa kafa ba tshwanetseng go mo obamela ka gone. Seno se kopanyeletsa go aga motlaagana o o ka kgonang go kukiwa o o neng o tla tlhoka gauta e ntsi, dilo tse di tlhotlhwa-kgolo, le badiri ba ba nang le bokgoni jwa go o aga. Morafe o neelwa sebaka sa go ithaopela go ntsha dimpho tse di neng di tla thusa ka didirisiwa tse di tlhokegang le go dira ka diatla ka mafoko ano: “Leha e le mañ eo pelo ea gagwè e ratañ, a a e lere, chupèlō ea ga Yehofa: gouda, le selefera, le kgōtlhō; Le bobududu, le bohibidu yo bo mokgona, . . . Me a motho moñwe le moñwe eo pelo e e tlhalehileñ mo go lona a tlè, me a a dihè cotlhe tse Yehofa o di laotseñ; Eboñ motlaagana, le mogope oa ōna.”​—Ekesodo 35:5-19.

Morafe o ne wa arabela jang mo sebakeng seno? Karolo e e setseng ya kgaolo 35 e re bolelela gore bao ‘dipelo tsa bone di ba tlhotlheletsang’ le ‘bao moya wa bone o ba ratisitseng’ ba neng ba dira meneelo ka teng mme ba ikemisetsa go dira ka natla mo go neng go supa gore ba ne ba tseela sebaka seno seo ba neng ba se neetswe kwa godimo. (Ek 35 Ditemana 21, 22, 26) Karabelo ya bone e ne e ntse jaaka Ek kgaolo 36, temana 6, e re bolelela gore “Moshe a ntsha taolō, me ba e utlwatsa mo bothibèlèloñ yotlhe, ba re, A go se nnè opè monna, leha e le mosadi, eo o tlhōlañ a baakanya tihō epè ea chupèlō ea helō ga boitshèpō. Yalo ba kganèlwa mo go lereñ dichupèlō.” Ee, ba ne ba tshwanelwa go thibelwa! Jehofa o ne a sa dirisa maano ape a go ba pateletsa fa a ne a dira gore kitsiso e dirwe e e reng; “Leha e le mañ eo pelo ea gagwè e ratañ, . . . ” Phelelo e ne ya nna gore morafe o ne wa bontsha moya o o ratang, mme seno se ne sa lere masego a boipelo jo bogolo, gammogo le tshireletso ya ga Jehofa le kaelo mo go tsotlhe tse ba neng ba di dira.

Morago ga dingwaga tse dintsi, moya oo o ne wa bonatshega gape. Seno se ne sa diragala fa Kgosi Hesekia a ne a berekela go busetsa kobamelo e e itshekileng mo Iseraele. Polelo e re bolelela gore, fa “phuthègō” e ne e neelwa sebaka, “ea lere mo teñ ditlhabèlō le dichupèlō tsa tebogō; me botlhe ba ba pelo e e ratañ ba lere dichupèlō tse di hisiwañ.” Phelelo e ne ya nna efe? “Me Hesekia a itumèla, le batho botlhe ka ntlha ea se Yehofa o na a se baakanyeditse batho: ka gonne selō seuō sa dihwa ka choganeco.”​—2 Ditihalō 29:31-36.

Bakeresete ba Bontsha Moya o o Siameng

A re bona moya o o tshwanang wa go intsha setlhabelo ka go rata mo metlheng ya Bokeresete? Tlhokomela se Paulo a neng a se kwala kaga Bakeresete ba Bafilipi mo go Bafilipi 1:3-5: “Ke leboga Modimo oa me ka metlha eotlhe e ke lo gopolañ ka eōna, Ka metlha eotlhe mo merapeloñ eotlhe ea me kaga lona, ke diha morapèlō oa me ka boitumèlō, Ka ntlha ea bolekane yoa lona mo go tsamaiseñ Mahoko a a Molemō, e sale ka letsatsi ya ntlha, la go tla motlheñ oa gompieno.” Bakeresete ba kwa Filipi ba ne ba tlhomologile ka ditsela dife ‘mo go tsamaiseng mahoko a a molemo’ ga bone? Ditemana tse di latelang di bontsha gore ba ne ba sa dumalanya tsela ya bone ya botshelo le melao-metheo ya Bibela ka go rata fela e le gore ba tle ba tsweledise mafoko a a molemo mme gape ba ne ba tlhagafetse mo go rereng le mo go ruteng ba bangwe mafoko a a molemo.

Gore Bakeresete botlhe ba tshwanetse go arola mo tirong ya go rera ka go rata ka ditsela tseno go gatelelwa jaana mo go Bahebera 13:15: “Yalō a re nneñ re isetsè Modimo chupèlō ea pakō ka èna ka metlha eotlhe, eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ leina ya gagwè.” Jalo go rerwa ga mafoko a a molemo ke Mokeresete mongwe le mongwe ke tsela ya botlhokwa eo re ka bontshang moya o o ratang oo o supang baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa gompieno ka yone. Mo godimo ga moo, Bakeresete ba gakololwa gore “go diha molemō le go thusanya, [ba] se ka [ba] go lebala: gonne Modimo o kgatlhwa ke ditlhabèlō tse di nntseñ yalō.”​—Bahebera 13:16.

Bakaulengwe ba kwa Filipi ba ne ba bontsha moya ono wa go rata ka tsela e nngwe gape. Mo go kgaolo 4 Paulo o umaka makgetlo a le mmalwa a ba neng ba mo thusa ka madi mo go one, mo go neng ga tsweledisa go rerwa ga mafoko a a molemo. (Bafilipi 4:14-17) Ka gone ba ne ba etsa sekao se se molemo sa baobamedi bale ba ntlha ba ga Jehofa. Kwantle ga pelaelo ba ne ba tlotla ‘Jehofa ka dithoto tsa bone.’ (Diane 3:9) A le rona re bontsha moya o o tshwanang fa re neelwa dipaka tse di tshwanang?

Moya o o Amogelesegang o a Bonala Gompieno

Pesalema 110 e bontsha gore batho ba le bantsi ba tla bontsha moya ono o montle wa go intsha setlhabelo ka go rata mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso ya gompieno fa bontsi jwa batho bone ba kgatlhegela “bobonè” fela. Re bolelelwa mo Pes 110 temaneng ya 3 gore, fa Mesia a sena go tsaya Bogosi ka 1914, batho ba Modimo ba tla “italetsa ka pelo e e thamileñ” le gore ba ba dirang jalo ba ne ba tla nna bantsi jaaka “monyō.” A seno se supegile se le boammaaruri?

Ka April 1881, The Watchtower e ne ya gatisa pitso ya bareri ba le 1 000 go tsenelela mo tirong ya nako e e tletseng ya go rera. Tokololo ya May 1881 e ne ya gatelela gore ba ba tsenelelang mo tirong eno e tshwanetse go nna bao ba tla bong ba “berekela dituelo tsa selegodimo.” Mo dingwageng di le nne, go ne go arabetse ba feta 300​—e le mo go tlhoraologileng fa go lebiwa palo e potlana ya Bakeresete ba ba ineetseng ba ba neng ba kopanela le Watch Tower Society ka nako eo.

Moya one ono o santse o bonala sentle le gompieno. Ka sekai, ka 1986 go ne go na le palo-kakaretso ya babulatsela (badihedi ba nako e e tletseng) ba ba begang kgwedi le kgwedi ba le 391 294, Seo e ne e le koketsego ya 21,2 lekgolong, kana ba ba 68 473 go feta ba ngwaga e e fetileng! Lefa go ntse jalo, moya o o ratang ono ga o bontshiwe fela ke bao ba kgonang go senya nako ya bone e e tletseng mo tirong ya go rera.a

Bontsi jwa ba ba nang le maikarabelo a Dikwalo​—a a tshwanang le go tlhokomela balelapa, batsadi ba ba golafetseng kana ba ba tsofetseng—​le bao botsogo jwa bone bo sa ba letleleleng go arola mo bodiheding jwa nako e e tletseng jwa Bokeresete le bone ba bontsha moya ono wa go intsha setlhabelo ka go rata o o itumedisang Jehofa fela thata. Seno se bonala sentle fa motho a lemoga gore bontsi jwa tiro ya go rera kaga Bogosi mo mafatsheng a mantsi tota bo dirwa ke badihedi ba ba tlamegang go senya karolo e kgolo ya nako ya bone ba bereka mo ditirong tsa boitshediso kana ba tlhokomela maikarabelo a lelapa kana maikarabelo a mangwe a Dikwalo. Seno ruri ke pontsho e e akgolwang ya moya o Jehofa a o segofatsang.

Go Bontsha Moya o o Siameng mo Dikarolong tse Dingwe tsa Botshelo

Jaaka mo motlheng wa ga Moshe le wa ga Hesekia, dipaka tsa go bontsha moya o o ratang di a itlhagisa gompieno fa diphuthego tsa lefelo la lona di aga Holo ya Bogosi kana didirisiwa tse dingwe tse di tshwanang. A moya o o tshwanang o a bonala mo maemong a a ntseng jalo? Ee, ruri o a bonala!

Seno se bonetse bogolo jang mo mokgweng wa bosheng wa go agiwa ga Diholo tsa Bogosi oo gantsi o bidiwang Diholo tsa Bogosi tse di agilweng ka bofefo. Basupi ba le makgolokgolo ba phuthega le go bereka go tswa mosong wa Matlhatso go ya go fitlha mo phirimaneng ya Sontaga​—bangwe ba bile ba bereka bosigo jotlhe—​go kgona go fetsa seo bakwadi ba dipampiri tsa dikgang ba se biditseng “kgakgamatso ya mafelo-beke.” Fa go neng go sena sepe fela fa e se konkoreite e e adilweng mo setsheng ka Labotlhano, mo maitseboeng a jwa Sontaga go kopanelwa mo Holong ya Bogosi e e fedileng!b

Go a tle go nne le eleng dipaka tse dikgolo tsa go bontsha moya o o ratang malebana le go agiwa ga didirisiwa tsa lekala mo dinageng tse di farologaneng. Bogolo jwa thuso ya diatla ya ba ba ithaopileng ka botlalo e go thusiwang ka yone mo tirong e e dirwang mo ditirong tseno tse di farologaneng e tshwarisa kgakge eleruri. Mo godimo ga thuso ya diatla, legale, go na le dithuso tsa madi tseo di dirang gore go kgonwe go rekiwa didirisiwa tse di tlhokegang. Go le gantsi, Basupi ba tle ba abe dilo tse di tlhokegang fela ka bofefo mo go fokotsang madi a a neng a ka senngwa mo kagong fela thata.

Sekai sa seno se ne sa diragala fa go ne go agiwa lekala le lesha mo Sydney, kwa Australia. Koo, bakaulengwe ba ba nnang kwa bokoneng jo bo kgakala jwa Queensland ba neng ba baakanya ba bo romela kwa lefelong la kago dikota tse di ka tlalang dikolotsana di ka nna nne tse di neng di ka ja madi a a kanang ka go tloga go R85 000 go ya go R100 000! Fa lekala le ne le agiwa, Basupi ba ne ba tla ba tletse mo dibeseng ba tswa kgakala kwa Western Australia, mo eleng bokgakala jwa dikilometara di le 4 000 go tswa foo, ba ya go dira toro ya boithaopo koo mo dibekeng dingwe le dingwe di le nne. Batho ba ba rutetsweng tiro ba le mmalwa ba ne ba bereka kwa lefelong leo ka boithaopo dikgwedi di le dintsi mme ba le mmalwa ba bereka koo le eleng sebaka sa ngwaga kana go feta. Seno ruri e ne e le pontsho ya moya one o Jehofa a neng a o segofatsa fela thata mo makgolo-kgolong a dingwaga a a fetileng le o gompieno o bontshiwang gangwe le gape mo dinageng tse dingwe.

Dipaka tse di dingwe tsa go bontsha moya o o ratang di itlhagisa fa Basupi ba kopane kwa dikopanong tse di potlana le tse dikgolo. Nngwe le nngwe ya dikopano tseno e tlhoka baithaopi ba bantsi, gantsi dikgwedi tse dintsi pele ga di simologa, go tlhomamisa gore sengwe le sengwe se tla tsamaya ka thelelo se bile se rulagantswe sentle. Mme fa di setse di simologile, fa gongwe a le mongwe mo Basuping ba le bane ba ba leng teng o ithaopela go dira ditiro tse dintsi tsa botlhokwa tseo di thusang gore kopano e nne e e itumedisang e be e atlege. Tiro e ka kopanyeletsa go aba dijo kana go phepafatsa. E ka nna ya bo e le tiro e e sa lemogiweng ke ba le bantsi bao ba leng teng. Mme Jehofa ene o a e lemoga! O duela bao ka go rata ba itereng go dira se se tlhokwang. A le wena o roba maduo ao e leng phelelo ya fa Bakeresete ba nna “batlhanka, moñwe oa eo moñwe, mo loratoñ” ka go itere go dira tiro ya boithaopo mo dinakong tsa kopano? A lo kile lwa akanyetsa go dira jalo jaaka lelapa?​—Bagalatia 5:13.

Lefa ditiro tseno tse di kgethegileng di re neela dipaka tse di molemo tsa go itere lo ka moya ono wa go rata, go na le dipaka tse dingwe tse dintsi tsa go bontsha moya ono mo letsatsing lengwe le lengwe le beke le beke. Ka sekai, fa Holo ya Bogosi e setse e agilwe, a o tlhakanela ka botlalo mo go e phepafatseng le mo go e bolokeng e siame? A o tshegetsa go tswelela e dirisiwa ga yone ka go ntsha meneelo ya madi jaaka Jehofa a ntse a go segofatsa ka dilo tse di bonalang? A o ema-nokeng tiro ya go rera mo lefatsheng la ga lona ka go romela meneelo kwa ofising ya lekala la ga lona? Mme se se bileng se le sa botlhokwa go feta seo, a ka metlha o tlhakanela mo tirong ya go rera mafoko a a molemo le go dira baitho ba lefelo la ga lona barutwa? Ga go na sepe ruri se se tla kitlang se tshwana le go arola ga rona ka sebele mo tirong eno e Jesu a neng a supa fa e le tiro ya botlhokwatlhokwa e e tshwanetsweng go dirwa mo nakong ya gompieno, pele ga bokhutlo jwa la tsamaiso eno.​—Mathaio 24:14; 28:19, 20; Ditihō 1:8.

Botlhe ba ba tlhagolelang moya ono o Jehofa a o segofatsang fela thata ba go fitlhetse e le boammaaruri gore Jehofa “ga [a] tshiamololō ea go re, o ka lebala tihō ea lona, le go rata leina ya ōna mo lo go bonyweñ.” Wena le wena, ka go bontsha moya ono wa go intsha setlhabelo ka go rata, o ka kgona go supa gore “tshegōhacō ea ga Yehofa ea humisa, me ga a ke a e oketsa ka bohutsana.”​—Bahebera 6:10; Diane 10:22.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona dikai dingwe tse di omosang pelo di bile di tlhotlheletsa tsa bao ba sentseng nako ya bone ka go rata mo tirong ya go rera ka nako e e tletseng, bona ditlhogo tsa Watchtower tsa 5/15/55, ditsebe 317-8; 6/15/62, ditsebe 375-9; 7/15/63, ditsebe 437-42; 11/1/70, ditsebe 666-70; 3/15/71, ditsebe 186-90; 8/15/76, ditsebe 485-90; 6/15/80, ditsebe 24-7. Bona Watchtower Publications Index 1930-1985, tlase ga setlhogo se se reng “Life Stories of Jehovah’s Witnesses” go bona dikai tse dingwe.

b Bona The Watchtower ya 8/1/82, ditsebe 8-11 le Awake! ya 7/8/81, ditsebe 16-19.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela