LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 1/1 ts. 31
  • Jehofa o Nonofile go Feta Baba ba Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Nonofile go Feta Baba ba Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditiro Tse di Molemo Tse di Galaletsang Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Tswa mo go Tshwenyegeng Thata mo Boikutlong go ya Boitumelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 1/1 ts. 31

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Jehofa o Nonofile go Feta Baba ba Gagwe

KE NAKO e telele Diabolo le badimona ba gagwe ba ntse ba leka go kgoreletsa go rerwa ga mafoko a a molemo ba dirisa bodumedi jwa maaka le tirisabadimo. Mo go 2 Bakorinthe 4:4, Baebele e bua kaga maikaelelo a a bosula a ga Satane fa e re ‘modimo wa lefatshe leno o foufaditse megopolo ya ba ba sa dumelang, gore lesedi la Mafoko a a Molemo a kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, le se ka la ba phatsimela.’

Mme lefa go ntse jalo, Jehofa Modimo o nonofile go feta Satane. Baba ba ga Jehofa ga ba kake ba kgona go dira sepe se se ka dirang gore a seka a diragatsa thato ya gagwe ya bomodimo, e e leng gore “batho botlhe ba ke ba bolokwe, mme ba fitlhe mo kitsong ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Dipego tse di latelang go tswa kwa baboleding ba Bogosi ba kwa Australia di supa seno.

◻ Mosadi mongwe o ne a simolola go bala Baebele gape a sena go ikgaoganya le bodumedi ka dingwaga di le 20. Kgatlhego e a neng a sa tswa go nna le yone mo Baebeleng e ne ya dira gore a nne le dipotso tse dintsi, ka jalo o ne a rapela Modimo a mo kopa gore a mo thuse gore a bone dikarabo tsa dipotso tseno. O ne a batla go tsaya matsapa a go senka boammaaruri, mme o ne a itse gore go boela mo bodumeding jwa gagwe jwa pele go ne go se kitla go rarabolola bothata jwa gagwe. Go na le moo, o ne a simolola go batla bodumedi jwa boammaaruri ka go ya kwa lebentleleng le le rekisang dibuka tsa kgale mme a botsa fa ba ne ba sena dibuka tse di buang kaga bodumedi.

Mong wa lebentlele o ne a gakologelwa gore o ne a na le buka e e buang kaga bodumedi, mme o ne a e tlogetse kwa gae a sa e tshwara mo go ene kwa lebentleleng. Setlhogo sa buka eo se ne se re O Ka Tshelela Ruri Mo Lefatsheng La Paradaise, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Mosadi yoo o ne a bala buka eo ka tlhagafalo mme a fitlhela dikarabo tse dintsi tsa dipotso tse a neng a na natso ka Baebele. Mme kgabagare fa a sena go batla Basupi ba ga Jehofa mo bukeng ya founo le go ikgolaganya le bone, o ne a simolola go nna le thuto ya ka metlha ya Baebele le bone.

◻ Morweetsana mongwe o ne a phasalatsa mo dipampiring tsa dikgang tsa mo lefelong la ga bone gore o ne a rekisa pheko. Phasalatso eno e ne e supa gore ‘pheko eno e ne e le ya metlha ya bogologolo e e nang le maatla a magolo.’ Mosupi mongwe wa ga Jehofa o ne a bona phasalatso eno. O ne a fetsa mogopolo go founela morweetsana yono le go buisana le ene kaga gore maatla a go tweng pheko eo e na le one a ne a tswa kae. Ba ne ba simolola go buisana kaga tlhaloso ya Baebele kaga ditiro tsa bodimona. Morweetsana yono o ne a bolela gore o ne a rapetse Modimo mo letsatsing le le fetileng gore a mo thuse ka bothata jo a neng a na le jone ka badimona. Mosupi yono o ne a dira dithulaganyo tsa go buisana le ene gape ka founo.

Fa a ne a founela morweetsana yono gape, o ne seka a mo fitlhela kwa gae. Mmaagwe o ne a arabela founo mme a re: “Ga ke itse gore o reile morwadiake wa reng, mme go diragetse kgakgamatso!” O ne a tlhalosa gore fa a sena go founela morwadie la ntlha, o ne a latlha ditshwantsho le dibuka tsotlhe tsa gagwe tse di buang kaga Satane mme a simolola go bala Baebele.

Moragonyana fela ga foo ba ne ba dira dithulaganyo tsa gore a etele morweetsana yono ka namana. O ne a dumela ka bofefo fela go nna le thuto ya ka metlha ya Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Gape o ne a simolola go kopanela le Basupi mo dipokanong tsa bone tsa Bokeresete. Jehofa o ne a fentse badimona gape ka go dira gore kitso e e tlhomameng ya boammaaruri jwa Baebele e phatsimele pele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela