LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 1/15 ts. 21-23
  • A o Kgothaditse Mongwe Bosheng Jaana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Kgothaditse Mongwe Bosheng Jaana?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kgothatsa go Akaretsa Eng?
  • Ba ne ba Ntsha Kgothatso
  • Dirisa Sebaka Sengwe le Sengwe go Neela Kgothatso
  • Ke Bomang ba ba Tlhokang go Kgothadiwa?
  • Nna Motho yo o Kgothatsang
  • “Nnang lo [Kgothatsane] Letsatsi Lengwe le Lengwe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Etsa Jehofa—Modimo yo o Nayang Kgothatso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • A re Kgothatsaneng ‘Mme re Dire Jalo le go Feta’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Kgomotso le Kgothatso—Dinonofo Tse di Botlhokwatlhokwa ka Ditsela Tse Dintsi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 1/15 ts. 21-23

A o Kgothaditse Mongwe Bosheng Jaana?

ELENA o ne a na le dingwaga di le 17 fela fa dingaka di ne di lemoga gore o na le bolwetse jwa kankere ya kgeleswa ya mae. Mmaagwe e bong Mari, o ne a tshwanelwa ke go itshokela tlalelo ya go bona Elena a le mo botlhokong jo bogolo.

Kgabagare, Elena o ne a fudusediwa kwa sepateleng se sengwe kwa Madrid, kwa Spain, se se leng dikilomitara di le 1 900 go tswa kwa gabone kwa Ditlhaketlhakeng tsa Canary. Kwa Madrid, setlhopha sengwe sa dingaka se ne se iketleeditse go mo ara se sa tshele madi. (Ditiro 15:28, 29) Mme go ise go ye kae fa ba sena go simolola go mo ara, go ne ga bonala sentle gore Elena o ne a tlile go tlhokafala. Kankere e ne e setse e aname le mmele otlhe wa gagwe, mme dingaka tse di arang di ne di ka se ka tsa kgona go mo fodisa. Elena o ne a tlhokafala malatsi a le robedi fa a sena go goroga kwa Madrid.

Mari o ile a se ka a lebana le bothata jono jo bo tshosang a le esi. Bagolwane ba Bakeresete ba le babedi ba ne ba tsamaya le ene kwa Madrid ba ituelela mosepele wa bone ba na le morwawe yo mogolo mme ba nna koo go fitlha Elena a tlhokafala. “Ba ne ba nthusa gore ke itshokele go ikutlwa jaaka e kete ga ke sepe kafa teng,” go tlhalosa jalo Mari. “Le ka motlha ga ke ne ke lebala kgothatso e ba nneileng yone. Go ntshegetsa ga bone semoyeng le go nthusa ka tsela e e mosola go ne go ka se lekanngwe le sepe. Ba ne ba le ‘boitikeletso mo ledimong’ tota.”—Isaia 32:1, 2.

Jehofa o itumelela go bo badisa ba ba lorato ba ba jaaka bano ba tlhokomela dinku tsa gagwe ka lorato jaana. (Diane 19:17; 1 Petere 5:2-4) Lefa go ntse jalo, go kgothatsa ga se tshiamelo ya bagolwane fela. Bakeresete botlhe ba kopana mmogo gore ba rutiwe semoyeng le go “kgothatsana.” (Bahebere 10:24, 25, NW) Go kgothatsa ke karolo e e botlhokwa ya go kopana ga Bakeresete.

Go Kgothatsa go Akaretsa Eng?

Fela jaaka sethunya se sentle se swaba fa se sa nosediwe, fela jalo batho—mo lelapeng mmogo le mo phuthegong—ba ka koafala fa ba sa kgothadiwe. Mo letlhakoreng le lengwe, kgothatso e e tlang ka nako e e tshwanetseng e ka nonotsha batho ba ba lebaneng le thaelo, e ka itumedisa batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong, e bo e neela ba ba direlang Modimo ka boikanyegi maatla.

Lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “kgothatso” le akaretsa go nametsa, go rotloetsa, le go gomotsa. Ka gone, kgothatso ga e a lekanyediwa fela mo go boleleleng mongwe gore o dira sentle. Gape e ka akaretsa go thusa motho ka tsela e e mosola le go mo thusa semoyeng.

Tota, lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “kgothatso” totatota le raya “go laletsa motho gore a tle go nna fa go wena.” Go tsamaya mmogo le bakaulengwe ba rona ba semoya le bokgaitsadi go re thusa gore re ba tshegetse ka bonako fa mongwe wa bone a ka lapa kana a kgopisega. (Moreri 4:9, 10) Se se kgatlhang ke gore batho ba ga Jehofa ba “mo direla ka tumalano e le ngwe fela.” (Sefania 3:9) Mme moaposetoloi Paulo o ne a bitsa Mokeresete mongwe ‘mmelegajokwe wa mmannete.’ (Bafilipi 4:3) Go dira mmogo kafa tlase ga jokwe e le nngwe fela ka go dira ka tumalano e le nngwe fela go dira gore morwalo o nne motlhofo, segolobogolo mo go bao ba sa nonofang semoyeng.—Bapisa Mathaio 11:29.

Ba ne ba Ntsha Kgothatso

E re ka go kgothatsa go le botlhokwa jaana, a re ko re sekasekeng dikai dingwe tsa gone mo Dikwalong. Fa moperofeti wa Modimo e bong Moshe a ne a le gaufi le go swa, Jehofa o ne a abela Joshua gore a nne moeteledipele wa Baiseraele. Kabelo eno e ne e se motlhofo, jaaka Moshe ka boene a ne a itse sentle. (Dipalo 11:14, 15) Ka gone, Jehofa o ne a bolelela Moshe gore a “laye Jošua, [a] mo nametse, [a] mo thatafatse.”—Duteronome 3:28.

Mo metlheng ya baatlhodi ba Iseraele, morwadia Jefetha o ne a diragatsa maikano a ga rraagwe ka go rata a ithontsha go nna le lelapa le e leng la gagwe gore a tle a direle mo lefelong le le boitshepo la ga Jehofa. A setlhabelo sa gagwe se ne sa se ka sa elwa tlhoko? Nnyaa, ka gonne Baatlhodi 11:40 e bolela jaana: “Ya tloga ya nna temalo mo Iseraele, ya go re, basetsana ba Iseraele ba ye ka ngwaga le ngwaga go lelela morwadia Jefetha wa Mogileate ka malatsi a le mane a ngwaga.” Maeto a a ntseng jalo a tshwanetse a bo a ne kgothatsa thata morwadia Jefetha yo o neng a intsha setlhabelo.

Ka dinako tse dingwe go kgothatsa go tlhoka bopelokgale. Ka nako ya loeto lwa ntlha lwa ga moaposetoloi Paulo lwa borongwa, o ne a ganediwa ka tsela e e bogale mo metseng e le mentsi ya Asia Minor. O ne a latlhelwa kwa ntle ga Antioke, a falola loso ka letshoba la mogodu kwa Ikonio, gape o ne a kgobotlediwa ka maje mme ba mo tlogela ba akanya gore o sule kwa Lusetera. Lefa go ntse jalo, go ise go ye kae morago ga moo, Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba boela kwa metseng eno, “ba nitamisa mewa ya barutwa, ba ba laya, gore ba nnele ruri mo tumelong, ba re: ‘Re na le go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.’” (Ditiro 14:21, 22) Paulo o ne a ipaakanyeditse go baya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a tle a kgothatse barutwa bano ba basha.

Lefa go ntse jalo, barutwa ba basha ga se bone fela Bakeresete ba ba tlhokang go kgothadiwa. Dingwaga moragonyana Paulo o ne a tsaya loeto lo lo lapisang tota go ya kwa Roma, koo a neng a tshwanetse go ya tshekong gone. Fa a ntse a atamela kwa a neng a ya teng, o tshwanetse a bo a ne a kgobegile marapo. Mme e ne ya re a le bokgakala jwa dikilomitara di le 74 kwa borwabotlhaba jwa Roma, a nametsega. Ka ntlha yang? Ka gonne bakaulengwe ba ba tswang kwa Roma ba ne ba tsile go mo kgatlhantsha kwa Borekelong jwa ga Apio le kwa Matlong a mararo a Tapologelo. “Ba e rileng Paulo a ba bona, a leboga Modimo, mme a nametsega.” (Ditiro 28:15) Mo mabakeng a a tshwanang le leno, go nna teng fela ga rona go ka kgothatsa badumedikarona fela thata.

Dirisa Sebaka Sengwe le Sengwe go Neela Kgothatso

Eleruri, go na le sebaka se le sentsi sa go neela kgothatso. A pelo ya gago e ne ya tlhotlhelediwa ke puo ya moithuti e e monate e e neng ya neelwa ke mokaulengwe kana kgaitsadi mongwe mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo? A o itumelela gore go na le basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba nonofileng semoyeng mo phuthegong? A o kgatlhilwe ke boitshoko jwa batho ba ba godileng? A o ile wa rata tsela e mongwe wa babulatsela a neng a dirisa Baebele ka teng mo bodireding jwa ntlo le ntlo? He ba akgole, mme o bolele sengwe se se kgothatsang.

Go kgothatsa go botlhokwa thata mo lelapeng mmogo le mo phuthegong. Go ka thusa batsadi gore ba godisetse bana ba bone “mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.” (Baefeso 6:4) Go bolelela ngwana gore o dirile sentle, o bo o mo tlhalosetsa lebaka la go bo o rialo, go ka mo kgothatsa tota! Fa basha ba le mo dingwageng tsa bolesome, fa ba lebana le dithaelo di le dintsi le dikgatelelo, ba tlhoka go nna ba kgothadiwa ka metlha.

Fa ngwana a gola a sa kgothadiwe go ka nna kotsi. Michael yo o leng mogolwane wa Mokeresete gompieno, o botsalano, mme o bolela jaana: “Rre o ne a se ke a re ke dirile sengwe sentle. Ka jalo ke ne ka gola ke sa itlotle. . . . Le mororo gone jaanong ke na le dingwaga di le 50, ke santse ke anaanela go tlhomamisediwa ke ditsala tsa me gore ke dira tiro e e siameng jaaka mogolwane. . . . Se se neng sa ntiragalela se nthutile kafa go leng botlhokwa ka teng go kgothatsa ba bangwe, mme ke iteka ka thata gore ke dire jalo.”

Ke Bomang ba ba Tlhokang go Kgothadiwa?

Bagolwane ba Bakeresete ba ba dirang ka natla ba tshwanelwa ke go akgolwa. Paulo o ne a kwala jaana: “Re a lo rapela, bagaetsho, gore lo itse ba ba dirang mo go lona, ba ba lo busang mo Moreneng, mme ba lo tlhagisa; le gore lo ba tlotle thatathata mo loratong ka ntlha ya tiro ya bone.” (1 Bathesalonika 5:12, 13) Go motlhofo fela gore re se ka ra lebogela tiro e kgolo e bagolwane ba e dirang. Mme mafoko a a bontshang go anaanela ka bopeloephepa le go ba kgothatsa go ka ba dira gore morwalo wa bone o utlwale o le motlhofo.

Bangwe ba rona ba ba itshokelang maemo a a thata le bone ba tlhoka go kgothadiwa. “Nametsang ba ba lapang pelo, pepetletsang ba ba bokoa,” Baebele e gakolola jalo. (1 Bathesalonika 5:14) Batsadi ba ba senang balekane, batlholagadi, basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome, batho ba ba godileng, le batho ba ba golafetseng ke bangwe ba bao ba ka nnang ba ikutlwa ba tshwenyegile thata mo maikutlong kana ba le bokoa semoyeng gangwe le gape.

María ke mosadi wa Mokeresete yo o neng a iphitlhela a tlogetswe ke monna wa gagwe ka tshoganetso fela. O ne a bolela jaana: “Fela jaaka Jobe, ka dinako tse dingwe ke ne ke batla go swa. [Jobe 14:13] Lefa go ntse jalo ke ne ka se ka ka itlhoboga, ka gonne ke ne ke kgothadiwa. Bagolwane ba babedi, ba ke neng ke ba tlwaetse thata, ba ne ba dirisa nako e ntsi ba nthusa gore ke bone botlhokwa jwa go tswelela pele mo tirelong ya nako e e tletseng. Gape bokgaitsadi ba babedi ba ba utlwisisang le bone ba ne ba nnametsa, ba ntheetsa ka bopelotelele fa ke ne ke ba tlhalosetsa mathata a me. Ba ne ba nthusa go bona dilo ka tsela e Jehofa a di bonang ka yone, ba dirisa Baebele. Ga ke itse gore re badile Pesalema 55:22 ka makgetlho a le kae, mme ke itse fela gore fa ke ne ke dirisa lokwalo lono, ke ne ka iketla ka boa ka itsetsepela gape semoyeng le mo maikutlong. Dilo tseno tsotlhe di ntiragaletse dingwaga di le 12 tse di fetileng, mme ke itumelela go bolela gore ke ile ka tswelela pele mo tirelong ya nako e e tletseng go fitlha gone jaanong. Botshelo jwa me bo na le mosola e bile ke itumetse go sa kgathalesege go utlwa botlhoko mo maikutlong ka dinako tse dingwe. Ke tlhatswegile pelo gore go kgothadiwa mo nakong e e tshwanang le eo go ka dira pharologanyo e kgolo thata mo botshelong jwa motho.”

Ba bangwe ba tlhoka go kgothadiwa ka gonne ba dirile diphoso mme jaanong ba tshwaragane le bothata jwa go di baakanya. Gongwe ba ile ba kgalemelwa ka tsela e e lorato. (Diane 27:6) Bagolwane ba ba ileng ba kgalemela mongwe ba ka nna podimatseba gore ba mo akgole fa ba bona gore o dirisa kgakololo ya Dikwalo. Mafoko a bone a a kgothatsang a tla thusa ka ditsela tse pedi— ka go tlhomamisetsa motho yo o dirileng phoso gore ba a mo rata e le gore a se ka a ‘hutsafala thata’ le go mo gakolola ka melemo e a e amogelang fa a dirisa kgakololo eo.—2 Bakorinthe 2:7, 8.

Mogolwane mongwe o ne a dira phoso e e masisi mme a latlhegelwa ke tshiamelo ya gagwe ya go okamela mo phuthegong. “Fa go ne go itsisiwe gore ke ntshiwa mo bogolwaneng, ke ne ke akanya gore bakaulengwe ba ka se gololesege fa ke na le bone,” o bolela jalo. “Lefa go ntse jalo, bagolwane ba ne ba tshwara lebaka leno e le sephiri tota mme ba dira sotlhe se ba neng ba ka se kgona go nkgothatsa. Phuthego yotlhe ka mo go tshwanang e ne e mpontsha lorato le botsalano, moo totatota go ne ga dira gore ke tsoge semoyeng.”

Nna Motho yo o Kgothatsang

Go motlhofo go tlodisa kgothatso matlho e re ka re tshela re tshwaregile ka dinako tsotlhe. Mme e ka nna molemo fela thata! O tshwanetse wa nna o gakologetswe dilo di le pedi gore o neele kgothatso e e nang le matswela. Selo sa ntlha, akanya ka se o tla se buang, e le gore o kgothatse ka kgang e e rileng fela. Sa bobedi, batla sebaka sa go buisana le motho yo o tlhokang go akgolwa kana yo o tlhokang go agiwa.

Fa o dira seno gantsi, o tla itumela. Kana gone, Jesu o re tlhomamisetsa jaana: “Go aba go lesego bogolo go go amogela.” (Ditiro 20:35) Fa o kgothatsa ba bangwe, o tla bo o ikgothatsa le wena. Ke ka ntlha yang o sa itirele mokgele wa gore o kgothatse mongwe letsatsi le letsatsi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela