Go Tlile go Nna le Tsogo ya Basiami
“Ke na le tsholofelo mo Modimong . . . ya gore go tlaa nna tsogo ya basiami le basiamolodi.”—DITIRO 24:15.
1. Batho botlhe ba ile ba lebana le boemo bofe fa e sa le Adame le Efa ba leofa?
“SE SEATLA sa gago se se bonang go se dira o se dire fela ka nonofo ya gago; gonne ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale mo Bobipong, kwa o yang gone.” (Moreri 9:10) Ka mafoko a sekaenyana ano, a a tlhophilweng sentle, Kgosi Solomone yo o botlhale o tlhalosa boemo jo kokomana nngwe le nngwe ya batho e ileng ya lebana le bone fa e sa le batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa, ba leofa. Loso lo ntse lo sa tlogele ope e sale nako eo, lo ntse lo kometsa mongwe le mongwe—mohumi le mohumanegi, kgosi le motho fela, batho ba ba dumelang le ba ba sa dumeleng. Ke boammaaruri gore loso lo ile lwa “busa jaaka kgosi.”—Baroma 5:17, NW.
2. Ke ka ntlha yang fa batho ba bangwe ba ba ikanyegang ba ka nna ba bo ba ile ba swaba mo motlheng ono wa bofelo?
2 Le mororo saense ya kalafi e gatetse pele thata bosheng jaana, loso lo santse lo busa jaaka kgosi le e leng gompieno. Lefa gone seno se sa gakgamatse, ba bangwe ba ka nna ba bo ba ile ba swaba thata fa kgabagare ba ne ba lebane le mmaba yono wa bogologolo. Ka ntlha yang? Gone mme, bogologolo mo dingwageng tsa bo1920, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa bolela molaetsa o o reng “Dimilione Tse di Tshelang Jaanong ga di Kitla di Swa.” Dimilione tseno e ne e le bomang? Ke “dinku” tse go buiwang ka tsone mo mafokong a ga Jesu a a bolelang ka dinku le dipodi. (Mathaio 25:31-46) Go ne go boleletswe pele ka batho bano ba sekadinku gore ba ne ba tla nna gone mo motlheng wa bofelo, mme ba ne ba tla solofela go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise. Fa nako e ntse e tsamaya, batho ba Modimo ba ne ba tlhaloganya botoka seabe sa “dinku” tseno mo maikaelelong a ga Jehofa. Go ne ga lemogiwa gore dinku tseno tse di utlwang di ne di tshwanetse go kgaoganngwa le “dipodi” tse di sa utlweng, mme fa dipodi di sena go senngwa, dinku di ne di tla rua lefatshe le di le baakanyeditsweng le busiwa ke Bogosi.
Go Phuthiwa ga Batho ba Sekadinku
3. Batho ba Modimo ba ile ba tlhoma mogopolo mo tirong efe fa e sa le ka 1935?
3 Go simolola ka 1935, “motlhanka yo o boikanngo” o ile a tlhoma mogopolo mo go tlhaoleng batho ba ba ntseng jalo ba sekadinku le go ba lere mo phuthegong ya ga Jehofa. (Mathaio 24:45; Johane 10:16) Bakeresete bano ba ba ratang go ithuta ba setse ba lemoga gore Jesu jaanong o a busa mo Bogosing jwa selegodimo jwa ga Jehofa le gore nako e setse e le gaufi thata gore go fedisiwe tsamaiso eno ya dilo e e bosula go bo go tlisiwa lefatshe le lesha le go tla renang tshiamo mo go lone. (2 Petere 3:13; Tshenolo 12:10) Mo lefatsheng leo le lesha, mafoko ano a ga Isaia a a kgothatsang a tla diragadiwa: “O komeditse loso ka bosakhutleng.”—Isaia 25:8.
4. Le mororo dinku di sele di ne di lebeletse ka tlhoafalo e kgolo go bona bolaodi jwa ga Jehofa bo golediwa ka Haremagetone, tse dingwe di le dintsi di ile tsa diragalelwa ke eng?
4 E re ka lefatshe la ga Satane le le gaufi thata le go senngwa, Bakeresete ba sekadinku ba ne ba ka rata go tshela go fitlha bolaodi jwa ga Jehofa bo tlotlomadiwa ka nako ya sepitla se se tlelang Babilone o Mogolo le lefatshe lotlhe la ga Satane. (Tshenolo 19:1-3, 19-21) Mo go ba bantsi, ga go a ka ga direga jalo. Batho ba le bantsi ba ba neng ba solofetse go nna bangwe ba “dimilione” tse di neng di se kitla di swa ruri ba sule. Ba bangwe ba bone ba ne ba swela tumelo ya bone mo dikgolegelong le mo dikampeng tsa pogisetso ka ntlha ya boammaaruri kana ba bolawa ke bao ba gagamaletseng bodumedi. Ba bangwe ba bolailwe ke dikotsi kana se se bidiwang mabaka a tlholego—e leng bolwetse le botsofe. (Pesalema 90:9, 10; Moreri 9:11) Go phepafetse gore go santse go tla swa ba bangwe gape pele bokhutlo bo tla. Batho ba ba ntseng jalo ba tlile go bona jang go diragadiwa ga tsholofetso ya lefatshe le lesha le go tla renang tshiamo mo go lone?
Tsholofelo ya Tsogo
5, 6. Batho ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba ba swang pele ga Haremagetone ba tla bona isagwe e e ntseng jang?
5 Moaposetoloi Paulo o ne a araba seno fa a ne a bua fa pele ga mmusi wa Moroma Felekise. Paulo o ne a bolela jaana ka bopelokgale jaaka go kwadilwe mo go Ditiro 24:15: “Ke na le tsholofelo mo Modimong . . . ya gore go tlaa nna tsogo ya basiami le ya basiamolodi.” Tsholofelo ya tsogo e a re kgothatsa fa re lebane le masetlapelo a magolo. Tsholofelo eo e dira gore ditsala tsa rona tse re di ratang thata di se ka tsa kgobega marapo thata fa di lwala di bo di lemoga gore di tlile go swa. Go sa kgathalesege gore go diragala eng, ba itse gore ba tlile go bona tuelo ya go bo ba ne ba ikanyega. Tsholofelo eno ya tsogo e dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba pelokgale ba ba tlogang ba bolawa ke babogisi ba itse gore babogisi bano ga ba kitla ba fenya. (Mathaio 10:28) Fa mongwe a tlhokafala mo phuthegong, re utlwa botlhoko go bo re latlhegelwa ke motho yoo. Fa go ntse go le jalo, fa e le mongwe wa dinku di sele, re itumelela gore modumedikarona o ile a ikanyega go ya kwa bokhutlong mme jaanong o ikhuditse, o tlile go nna teng mo isagweng mo lefatsheng le lesha la Modimo.—1 Bathesalonika 4:13.
6 Ee, tsholofelo ya tsogo ke karolo e e botlhokwa ya tumelo ya rona. Lefa go le jalo, ke ka ntlha yang fa re dumela thata jaana mo tsogong, mme ke bomang gape ba ba e solofetseng?
7. Tsogo ke eng, mme ke dikwalo dife tse dingwe tse di bolelang gore eleruri e tla nna gone?
7 Lefoko la Segerika le le kayang “tsogo” ke a·naʹsta·sis, le totatota le rayang “go ema.” Totatota le kaya go tsoga mo losong. Se se kgatlhang ke gore lefoko “tsogo” ka bolone ga le yo mo Dikwalong tsa Sehebera, mme di bolela tsholofelo ya tsogo ka phepafalo. Ka sekai, re bona seno mo mafokong ano a a neng a bolelwa ke Jobe fa a ne a boga: “O a bo o ka ka wa mphitlha mo Bobipong, . . . wa ka wa ntaolela motlha o o tlhomameng, mme wa nkgakologelwa.” (Jobe 14:13) Ka mo go tshwanang, mo go Hosea 13:14, re bala jaana: “Ke tlaa ba golola mo thateng ya phupu; ke tlaa ba rekolola mo losong. Loso, dipetso tsa gago di kae? Phupu, tshenyo ya gago e kae?” Mo go 1 Bakorinthe 15:55, moaposetoloi Paulo o ne a nopola mafoko ano mme a bontsha gore go fenngwa ga loso go ne ga bolelelwa pele gore go tla diragala ka tsogo. (Ke boammaaruri gore Paulo o ne a bolela ka tsogo ya selegodimo mo lokwalong loo.)
Badumedi ba “Bolelwa fa ba Siame”
8, 9. (a) Batho ba ba sa itekanelang ba ka kgona jang go tsosiwa mo tsogong ya basiami? (b) Ke eng se se re dirang gore re solofele mo botshelong jo bo ka sekang jwa kgaosediwa ke loso?
8 Mo mafokong a ga Paulo, a a nopotsweng mo serapeng sa 5, fa a ne a ipuelela mo go Felekise, o ne a bolela gore go ne go tlile go nna le tsogo ya basiami le basiamolodi. Basiami ba ba tlileng go tsosiwa ke bomang? Gone mme, ga go na motho ope yo o siameng ka tlholego fela. Rotlhe re tsholwa re le baleofi, e bile re nna re ntse re leofa botshelo jwa rona jotlhe—mo go re dirang gore re tshwanele go swa ka ntlha ya mabaka a mabedi. (Baroma 5:12; 6:23) Lefa go ntse jalo, re fitlhela lereo go “bolelwa fa ba siame” mo Baebeleng. (Baroma 3:28, NW) Lereo leno le raya batho bao Jehofa a ba itshwaretseng maleo a bone, le mororo ba sa itekanela.
9 Lefoko leno le dirisiwa thata mo Bakereseteng ba ba tloditsweng, ba ba solofetseng go ya kwa legodimong. Moaposetoloi Paulo o bolela jaana mo go Baroma 5:1: “Ke gone, e re ka [ba bolelwa ba siamisitswe, NW] ka tumelo, a re nneng le kagiso mo Modimong ka Morena wa rona Jesu Keresete.” Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba bolelwa fa ba siame ka ntlha ya tumelo. Fa ba dumela mo go eng? Fela jaaka Paulo a tlhalosa ka botlalo mo bukeng ya Baroma, ke fa ba dumela mo go Jesu Keresete. (Baroma 10:4, 9, 10) Jesu o ne a swa e le motho yo o itekanetseng mme morago ga moo o ne a tsosiwa mo losong a bo a tlhatlogela kwa legodimong go ya go ntshetsa rona tlhotlhwa ya botshelo jwa gagwe jaaka motho. (Bahebere 7:26, 27; 9:11, 12) Ka jalo, fa Jehofa a ne a amogela setlhabelo seo, Jesu tota o ne a rekolola batho mo bokgobeng jwa boleo le loso. Batho ba ba dumelang mo thulaganyong eno e ba solegela molemo fela thata. (1 Bakorinthe 15:45) Ka ntlha ya seno banna le basadi ba ba ikanyegang ba solofetse go rua botshelo jo bo se kitlang bo kgaosediwa ke mmaba yo o setlhogo, loso.—Johane 3:16.
10, 11.(a) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang ba emetse tsogo efe? (b) Baobamedi ba motlha wa pele ga Bokeresete ba ne ba solofetse mofuta ofe wa tsogo?
10 Ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo, batlodiwa ba ba ikanyegang, e re ka ba bolelwa fa ba siame, ba na le tsholofelo e e tlhomameng ya gore ba tla tsosiwa e le dibopiwa tse di sa sweng tsa moya, fela jaaka Jesu. (Tshenolo 2:10) Go tsosiwa ga bone go umakiwa mo go Tshenolo 20:6, e e reng: “Go sego, go bile go boitshepo yo o nang le kabelo mo tsogong ya ntlha; bao, loso lwa bobedi ga lo na thata mo go bone; ba tlaa nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tlaa busa nae ka dinyaga di le sekete.” Tsogo eno ke ya selegodimo. Lefa go ntse jalo, ela tlhoko gore Baebele e e bitsa ‘tsogo ya ntlha,’ se se rayang gore go tla nna le e nngwe gape.
11 Mo go Bahebere kgaolo 11, Paulo o ne a bolela ka motseletsele wa batlhanka ba Modimo ba pele ga motlha wa Bokeresete ba ba neng ba dumela thata mo go Jehofa Modimo. Le bone ba ne ba dumela mo tsogong. Mo temaneng ya 35 ya kgaolo eo, Paulo o bolela ka baswi ba ba neng ba tsosiwa ka dikgakgamatso mo hisitoring ya Iseraele, a re: “Basadi ba amogela baswi ba bone ba tsosiwa mo baswing. Ba bangwe ba teketwa, ba gana go amogela kgololo, e le gore ba tle ba bone go tsoga mo losong mo go molemo bogolo.” Ka sekai, basupi ba ba ikanyegang bao ba bogologolo ba ne ba ka solofela go tsosiwa mo tsogong e e gaisang ya ba ba neng ba tsosiwa ke Elija le Elisha. (1 Dikgosi 17:17-22; 2 Dikgosi 4:32-37; 13:20, 21) Ba ne ba solofetse go tsosediwa mo lefatsheng le mo go lone batlhanka ba Modimo ba neng ba se kitla ba tlhola ba bogisediwa tumelo ya bone, lefatshe le basadi ba neng ba se kitla ba swelwa ke baratiwa ba bone. Ee, ba ne ba lebeletse go tsoga mo losong mme ba tsogela mo lefatsheng le lesha leo le rona re le solofetseng. (Isaia 65:17-25) Jehofa o ne a sa ba senolela mo gontsi thata ka lefatshe leno le lesha jaaka a senoletse rona. Lefa go ntse jalo, ba ne ba itse gore le etla, mme ba ne ba batla go nna mo go lone.
Go Tsogela mo Lefatsheng
12. A batho ba ba ikanyegang ba motlha wa pele ga Bokeresete ba ne ba bolelwa fa ba siame? Tlhalosa.
12 A re tshwanetse go akanya gore go tsogela ga banna le basadi bano ba Bakeresete ba pele ba ba ikanyegang mo lefatsheng leo le lesha ke karolo ya tsogo ya basiami? Ee, go bonala go ntse jalo, ka gonne Baebele e ba bolela e le ba ba siameng. Ka sekai, morutwa Jakobe o umaka monna le mosadi mongwe wa bogologolo ba ba neng ba bolelwa fa ba siame. Monna ene e ne e le Aberahame, mogologolwane wa morafe wa Bahebera. Re bala jaana ka ene: “‘Aberahame a dumela Modimo, a go balelwa e le tshiamo,’ a bidiwa tsala ya Modimo.” Mosadi yoo e ne e le Rahabe, yo e neng e se Moiseraele mme a dumela mo go Jehofa. O ne a ‘bolelwa fa a siame’ a bo a nna mongwe wa setšhaba sa Bahebera. (Jakobe 2:23-25) Ka gone, banna le basadi ba bogologolo ba ba neng ba dumela thata mo go Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe ba bo ba ikanyega go fitlha ba swa, Jehofa o ne a bolela fa ba siame ka ntlha ya tumelo ya bone, mme kwantle ga pelaelo ba tlile go bona “tsogo ya basiami.”
13, 14. (a) Re itse jang gore Bakeresete ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba ka bolelwa fa ba siame? (b) Seno se bolela eng ka bone?
13 Lefa go ntse jalo, re ka reng ka batho ba sekadinku gompieno, bao ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba ba ineelang mo go Jehofa ba bo ba swa ba ikanyega mo motlheng ono wa bofelo? A ba tla tsosiwa mo tsogong ya basiami? Go bonala jalo. Boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba ntseng jalo ba ba ikanyegang bo bonwe mo ponatshegelong ke moaposetoloi Johane. Ela tlhoka tsela e a ba tlhalosang ka yone: “Ka leba, mme bonang, boidiidi jo bogolo jwa batho, jo go seng motho ope yo o ka bo balang, e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, le fa pele ga Kwana, ba apere dikobo tse ditshweu, ba tshotse makolane ka diatla; mme ba thela lošalaba lo logolo ba re: ‘Poloka e nne go Modimo wa rona o o dutseng mo setulong sa bogosi, le go Kwana.’”—Tshenolo 7:9, 10.
14 Ela tlhoko gore batho bano ba ba bonolo ba tlhatswegile pelo tota gore ba tla bolokwa, mme ba bontsha gore seno se ka dirwa fela ke Jehofa le Jesu, “Kwana.” Mo godimo ga moo, ba eme fa pele ga Jehofa le fa pele ga Kwana, botlhe ba apere diaparo tse ditshweu. Ke ka ntlha yang fa ba apere diaparo tse ditshweu? Sebopiwa sa selegodimo se bolelela Johane jaana: “Ba tlhatswitse dikobo tsa bone, ba di sweufaditse mo mading a ga Kwana.” (Tshenolo 7:14) Mo Baebeleng, bosweu bo tshwantshetsa go tlhoka selabe, tshiamo. (Pesalema 51:7; Daniele 12:10; Tshenolo 19:8) Lebaka la go bo boidiidi jo bogolo bo bonwa bo apere diaparo tse ditshweu le raya gore Jehofa o ba leba ba siame. Seo se kgonega jang? Ka gonne ba tlhatswitse dikobo tsa bone mo mading a Kwana, jaaka go ka tualo. Ba dumela mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu Keresete mme ka gone ba bolelwa fa ba siame jaaka ditsala tsa Modimo, ba lebeletse go falola sepitla se segolo. Ka gone, Mokeresete ope fela yo o ineetseng yo o ikanyegang yo jaanong e leng wa “boidiidi jo bogolo” yo o swang pele ga sepitla se segolo a ka solofela go nna mongwe wa basiami ba ba tla tsosediwang mo lefatsheng.
15. Mosola wa tsogo ya basiami ke ofe, e re ka go tla tsosiwa basiami mmogo le basiamolodi?
15 Tsogo eo e tlhalosiwa mo go Tshenolo kgaolo 20, mo temaneng ya 13 ka mafoko ano: “Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso lwa ntsha baswi ba ba mo go lone, le Bobipo jalo; ba atlholwa botlhe ka fa ditirong tsa bone.” Ka gone, mo Letsatsing le legolo la Katlholo la ga Jehofa la dingwaga tse di sekete, Modimo o tla tsosa botlhe ba a ba gakologelwang—basiami mmogo le basiamolodi. (Ditiro 17:31) Lefa go ntse jalo, a bo go tla nna botoka thata jang ne mo basiaming! Ba setse ba tshetse matshelo a bone ba na le tumelo. Ba setse ba na le kamano e e gaufi thata le Jehofa e bile ba tshepa gore maikaelelo a gagwe a tla diragala. Basupi ba ba siameng ba pele ga Motlha wa Bokeresete ba tla tsoga mo losong ba tlhoafaletse go itse gore ditsholofetso tsa ga Jehofa tsa Losika di ile tsa diragadiwa jang. (1 Petere 1:10-12) Ba dinku di sele ba Jehofa a ba lebang ba siame mo motlheng wa rona ba tla tswa mo mabitleng ba tlhoafaletse go bona lefatshe la Paradaise le ba ileng ba bolela ka lone fa ba ne ba bolela mafoko a a molemo mo tsamaisong eno ya dilo. A bo e tla nna nako e e itumedisang jang ne!
16. Ke eng se re ka se bolelang ka tsogo ya Letsatsi la Katlholo ya batho ba ba swang mo motlheng wa rona?
16 Mo Letsatsing leo la Katlholo la dingwaga tse di sekete, batho ba ba swang ba ikanyega mo dingwageng tseno tsa bofelo tsa tsamaiso eno ya ga Satane ya dilo totatota ba tlile go tsosiwa leng? Baebele ga e bolele gore leng. Lefa go ntse jalo, a go tla bo go sa utlwale go akanya gore batho ba ba kaiwang ba siame ba ba swang mo motlheng wa rona ba ne ba tla tsosiwa pele mme ka gone ba thuse boidiidi jo bogolo jo bo falotseng Haremagetone mo tirong ya go amogela dikokomana tsa bogologolo fa di tsoga mo losong? Ee, ruri!
Tsholofelo e e Gomotsang
17, 18. (a) Go solofela mo tsogong go re gomotsa ka eng? (b) Ke eng se re tlhotlheletsegang go se bolela ka ga Jehofa?
17 Tsholofelo ya tsogo e nonotsha le go gomotsa Bakeresete botlhe gompieno. Fa re nna re ikanyega, ga go na maemo ape a re sa a lebelelang le fa e le mmaba ope yo o ka re amogang tuelo ya rona! Ka sekai, mo bukeng ya 1992 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, mo tsebeng ya 177, go na le ditshwantsho tsa Bakeresete ba ba pelokgale ba kwa Ethiopia ba ba neng ba swa go na le gore ba dumele go latlha tumelo ya bone. Mafoko a a fa tlase ga setshwantsho seo a balega jaana: “Difatlhego tse re lebeletseng go di bona ka nako ya tsogo.” A bo e tla bo e le tshiamelo jang ne go ba itse le ba bangwe ba bantsintsi ba ba ileng ba ikanyega ka tsela e e tshwanang ba lebane le loso!
18 Re ka reng ka baratiwa ba rona le ditsala tsa rona bao ka ntlha ya go gola kana bolwetse ba sa kgoneng go tshela go ralala sepitla se segolo? Ba ka bona isagwe e e molemolemo fa ba ikanyega, go dumalana le tsholofelo ya tsogo. Mme fa le rona re ka dumela mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo ka bopelokgale, re ka bona isagwe e e molemolemo. Ka ntlha yang? Ka gonne, fela jaaka Paulo, re solofetse “tsogo ya basiami le basiamolodi.” Re leboga Jehofa ka dipelo tsa rona tsotlhe ka ntlha ya tsholofelo eno. Eleruri, e re tlhotlheletsa go bolela mafoko ano a ga mopesalema: “Kakanyang kgalalelo ya [Modimo] mo gare ga merafe; ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo gare ga ditšhaba tsotlhe. Gonne Jehofa o mogolo, mme o na le go bakwa segolo.”—Pesalema 96:3, 4.
A o ka Tlhalosa?
◻ Ke dikwalo dife tse di re thusang go tlhomamisa tsholofelo ya rona ya go tsogela mo lefatsheng?
◻ Ke eng jaanong se se dirang gore Bakeresete ba bolelwe fa ba siame?
◻ Go solofela mo tsogong go re dira gore re nne pelokgale le go iketleetsa jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Fela jaaka Paulo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba solofetse go tsogela kwa legodimong