LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 3/15 ts. 29-31
  • A o Tla Baka Jehofa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Tla Baka Jehofa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baka Modimo ka go Bolela Mafoko a a Molemo
  • Thuso e e Leng Teng
  • Thusa Bana go Baka Jehofa
  • Kamano ya Bosakhutleng le Jehofa
  • Go Tlhaolelwa go Nna Babaki ba ba Itumetseng mo Lefatsheng Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Basha, Bakang Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Bakang Jehofa, Modimo wa Rona!
    Opelelang Jehofa
  • Bakang Jehofa Modimo wa Rona!
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 3/15 ts. 29-31

A o Tla Baka Jehofa?

“FELA jaaka leina la gago le ntse, Modimo, pako ya gago le yone e ntse jalo kwa dikhutlong tsa lefatshe.” Mafoko ano ke a sefela sa seperofeti sa bomorwa Kora. (Pesalema 48:10) Gompieno, lesomo la baopedi ba Basupi ba ga Jehofa ba ba dimilione le baka Modimo gape le itsise leina la gagwe ka go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa gagwe. Ka tlhamalalo ba fitlha “kwa dikhutlong tsa lefatshe,” ka go dira seno mo dinageng le mo ditlhaketlhakeng tsa lewatle di le 232 ka dipuo tse di fetang 300.

Ke eng se se tlhotlheletsang batho ba dingwao, merafe le ba dipuo tse di farologaneng go baka Jehofa? Lebaka la konokono ke gore ba lebogela kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo, e leng Baebele. Boammaaruri jwa semoya bo ba golotse mo tumelabotlhoding le mo ditumelong tsa bodumedi tse di tsenyang batho mo bokgobeng tse di tshwanang le go bogisiwa ka bosakhutleng. (Johane 8:32) Boammaaruri gape bo ba thusa go anaanela dinonofo tsa Modimo tse di molemolemo tse di tshwanang le lorato, maatla, botlhale le tshiamiso mmogo le kutlwelobotlhoko. Go tlhaloganya go bo Modimo a ntshitse Morwawe yo o tsetsweng a le esi, Jesu Keresete, go nna setlhabelo sa thekololo, go kgothatsa batho ba ba siameng go baka Jehofa le go mo direla.

Go ya ka buka ya Baebele ya Tshenolo, baopedi ba selegodimo ba goeletsa jaana: “Go go tshwanetse Morena wa rona, le Modimo wa rona, o a bo o bona kgalalelo, le tlotlo, le thata; gonne o tlhodile dilo tsotlhe, di ne di le yo, tsa bopiwa ka ntlha ya go rata ga gago.” (Tshenolo 4:11) Pako e e ntseng jalo ga e tswe mo go reng motho o ikutlwa a patelesega. Go na le moo, e tswa mo go tlotleng Jehofa.

Baka Modimo ka go Bolela Mafoko a a Molemo

Motho fa a baka Jehofa o a bo a etsa sekao se se molemo go di gaisa tsotlhe sa ga Jesu Keresete, yo e leng mmaki yo mogolo wa Modimo. Go tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu go akaretsa go nna le seabe mo tirong ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 4:17, 23; 24:14) Tiro eno ya go rera ke maiteko a magolo go gaisa otlhe a go baka Jehofa go ralala lefatshe.

Tiro eno ya go rera e botlhokwa fela thata mo e leng gore Baebele e e amanya le poloko ka tlhamalalo. Baroma 10:13-15 e balega jaana: “‘Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.’ Jaana ba tlaa bitsa jang ene yo ba iseng ba dumele mo go ene? Ba ka dumela jang mo go ene yo ba iseng ba utlwe ka ga gagwe? Mme ba ka utlwa jang fa ba se na moreredi? Ba tlaa rera jang fa ba sa rongwa? Fela jaaka go kwadilwe ga twe: ‘Ana dinao di dintle jang tsa ba ba lereng mafoko a a itumedisang, a dilo tse di molemo!’”

Mo ngwageng o o fetileng fela, Basupi ba ga Jehofa ba dirisitse diura tse di fetang sekete sa milione mo tirong ya go rera. Mme a bo go baka Modimo ka tsela eno go nnile le matswela a a molemo jang ne! Ba bangwe ba le 314 000 ba kopanetse le baopedi ba ba bakang ka go supa boineelo jwa bone go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing.

Mme gone, go ka tweng ka ba ba 12 288 917 ba ba nnileng teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka 1994? Go ne go na le ba ba fetang 7 000 000 mo go bone ba ba iseng ba simolole go baka Jehofa ka go rera mafoko a a molemo. Mme go nna gone ga bone kwa moletlong o o botlhokwa ono go ka nna ga felela ka gore babaki ba baopedi ba oketsege ka dimilione. Go ka dirwa eng go thusa batho ba ba kgatlhegang bano gore ba bake Jehofa?

Thuso e e Leng Teng

Batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang ba ka tswa ba eletsa go baka Jehofa mme ba akanya gore ga ba kake ba kgona go dira se se tla batliwang mo go bone. Go ka nna molemo fa ba ka gakologelwa mafoko ano a mopesalema: “Ke tlaa tsholeletsa matlho a me kwa dithabeng; thuso ya me e tlaa tswa kae? Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa, yo o dirileng legodimo le lefatshe.” (Pesalema 121:1, 2) Ka phepafalo, mopesalema o ne a tsholeletsa matlho a gagwe kwa dithabeng tsa Jerusalema kwa tempele ya ga Jehofa le setilo sa selefatshe sa goromente wa puso ya Modimo di neng di le teng. Jalo he, re tla bo re bua sentle fa re ka bolela gore thuso e motho a e tlhokang gore a bake Modimo le go bolela molaetsa wa Bogosi e tswa fela mo go Jehofa le phuthego ya gagwe.—Pesalema 3:4; Daniele 6:10.

Gompieno, batho ba ba eletsang go baka Jehofa ba ka solofela go fiwa thuso ka lorato mo phuthegong ya gagwe ya mo lefatsheng. Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa ba thusa ka go tsamaisa dithuto tsa Baebele tsa magae tsa mahala le batho ba ba kgatlhegang. Thulaganyo eno ya go ruta e akaretsa se se fetang go ithuta dithuto tsa motheo tsa Baebele fela. E thusa moithuti gore a anaanele se a se ithutang le phuthego e Jehofa a e dirisang.

Go dumalana le seno, Mosupi yo o tsamaisang thuto ya Baebele o leka go dira gore boammaaruri jo bosha mo mothong yoo bo fitlhelele e seng fela tlhaloganyo mme gape le pelo. Gape morutisi ga a tshwanela go ikgogona go tlhalosetsa moithuti gore Jehofa o dirisa phuthego ya Gagwe jang gore a kgone go fitlhelela boikaelelo jwa Gagwe mo lefatsheng. Boroutšhara jo bo bidiwang Basupi ba ga Jehofa— Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano mo Lefatsheng Lotlhe le theipi ya bidio e e bidiwang Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name gantsi di ile tsa thusa thata gore seno se fitlhelelwe.

Dipokano tsa Bokeresete le tsone di na le seabe se se botlhokwa thata go thusa batho ba ba tla bakang Jehofa. Mo makgetlhong a ntlha fa thuto ya Baebele e sena go simololwa, moithuti o ka nna a lalediwa go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete. Fa nako e ntse e tsamaya, o tla lemoga botlhokwa jwa go nna teng le go nna le seabe ka metlha mo dipokanong tsotlhe tsa phuthego. (Bahebere 10:24, 25) Balebedi ba ka naya badumedikabone le batho ba ba tla bakang Jehofa mo nakong e e tlang thuso e e tlhwatlhwakgolo ka go baakanyetsa dipokano tse di agang semoyeng gape di na le mosola.

Thusa Bana go Baka Jehofa

Bana ke bangwe ba batho ba bantsi ba ba ka nnang baboledi ba mafoko a a molemo mo nakong e e tlang. Borre segolobogolo ba na le boikarabelo jo bo tswang mo Baebeleng jwa gore ba godisetse bana ba bone “mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.” (Baefeso 6:4) Bana ba babotlana le bone ba ka nna le keletso ya go baka Jehofa fa e le gore batsadi ba bone ba bomodimo ba ba rutile sentle.

Mosetsana mongwe yo mmotlana kwa Argentina o ne a atamela bagolwane ba phuthego ka makgetlho a le mantsi ka dikgwedi di le mmalwa, a kopa gore ba mo thuse gore a tle a tshwanelege go nna mmoledi yo o sa kolobediwang. O setse a bolela molaetsa wa Bogosi ka tsela e e nang le matswela mo magaeng a batho. Le mororo mosetsanyana yo a na le dingwaga tse tlhano fela, e bile a sa itse go bala, o tshwere gore ditemana tse dingwe tsa Baebele di fa kae ka tlhogo. Fa a sena go bona lokwalo, o kopa mong wa ntlo gore a le bale, mme a bo a le tlhalosa.

Go phepafetse gore bagolwane le batsadi ba ka fitlhelela mo gontsi mo go molemo ka go kgothatsa le go thusa ba ba tswelelang pele go tla ba baka Jehofa mo nakong e e tlang.—Diane 3:27.

Kamano ya Bosakhutleng le Jehofa

Mme gone, go tweng fa e le gore wena ka bowena o ntse o kopanela le Basupi ba ga Jehofa ka nako e e rileng mme o ise o kopanele le bone mo tirong ya go rera? Go ipotsa dipotso tse di latelang go ka nna ga go solegela molemo: ‘A ke dumela gore ke bone boammaaruri le gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri? A ke tlhatswegile pelo gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela tharabololo ya mathata a batho? A ke tlogetse bodumedi jotlhe jwa maaka le dingwao tsa lefatshe le ditlwaelo tse di kgopisang Jehofa? A ke rata Modimo le melao ya gagwe ya tshiamo thata?’ (Pesalema 97:10) Fa e le gore o ka kgona go araba dipotso tseno ka bopeloephepa ka ee, ke eng se se go thibelang go baka Jehofa?—Bapisa Ditiro 8:36.

Go baka Jehofa go akaretsa se se fetang go rera mafoko a a molemo fela. Fa o na le kitso e e tlhomameng, o na le tumelo ya boammaaruri, mme o dumalanya botshelo jwa gago go ya kafa Modimo o batlang ka teng, o tshwanetse go nonotsha kamano ya gago le Jehofa ka namana. O ka dira seno jang? Ka go ineela mo go ene ka thapelo le go supa seno ka go kolobediwa mo metsing. Botshelo jo bosakhutleng bo ka nna jwa go latlhegela. Ka jalo, tsaya kgato gone jaanong go dumalana le kgakololo eno ya ga Jesu: “Tsenang ka kgoro e e pitlaganyeng; gonne kgoro e atlhame, tsela le yone e kgolo e e isang tshenyegong, le ba ba tsenang ka yone ba bantsi. Gonne kgoro e pitlaganye, tsela le yone e e isang botshelong e tshesane, mme ba ba e bonang ga ba bantsi.”—Mathaio 7:13, 14.

Jaaka tsamaiso ya jaanong ya dilo e ntse e atamela kwa bofelong jwa yone jwa matlhotlhapelo, eno ga se nako ya go okaoka. Tsaya dikgato ka bofefo gore o tle o nne le kamano ya bosakhutleng le Jehofa. Eleruri, eno ke nako ya go araba ka maikutlo a a molemo potso e e reng, A o tla baka Jehofa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela