“Lo Itise mo Sebedisong sa Bafarisai le Basadukai”
FA Jesu Keresete a ne a bua mafoko ao makgolo a a fetang 19 a dingwaga a a fetileng, o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe ka dithuto le ditlwaelo tse di kotsi tsa bodumedi. (Mathaio 16:6, 12) Pego e e mo go Mareko 8:15 e bolela jaana ka tlhamalalo: “Lo itise mo sebedisong sa Bafarisai le mo sebedisong sa ga Herote.” Ke ka ntlha yang fa Herote a umakilwe? Ka gore bangwe ba Basadukai e ne e le ba setlhopha sa sepolotiki sa Baherote.
Ke ka ntlha yang fa tlhagiso e e kgethegileng jalo e ne e le botlhokwa? A Bafarisai le Basadukai ba ne ba sa ganetse Jesu ka tlhamalalo? (Mathaio 16:21; Johane 11:45-50) Ee, ba ne ba dira jalo. Mme gone, e ne e tla re fa nako e ntse e tsamaya bangwe ba bone ba nne Bakeresete mme ba leke go tsenya megopolo ya bone mo phuthegong ya Bokeresete.—Ditiro 15:5.
Gape go ne go na le kotsi ya gore barutwa ka bobone ba ka nna ba etsa baeteledipele bao ba bodumedi ba ba goletseng kafa tlase ga tlhotlheletso ya bone. Ka dinako tse dingwe, go bo ba goletse mo boemong jo bo ntseng jalo jwa bodumedi go ne ga itshupa go ba kgoreletsa go tlhaloganya dithuto tsa ga Jesu.
Ke eng se se dirileng gore dithuto tsa Bafarisai le Basadukai di nne kotsi thata jaana? Re ka bona lesedi ka go tlhatlhoba gore maemo a ne a ntse jang mo motlheng wa ga Jesu.
Go Tlhoka Kutlwano ga Bone mo Bodumeding
Rahisitori Max Radin o ne a kwala jaana mabapi le Bajuta mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.: “Diphuthego tsa Sejuta di ne di kgaogane, e bile di gatelela gore go nne jalo. . . . Gantsi, ka nako ya fa ba gatelela go tlotla tempele le motse o o boitshepo ba ne ba tsuologela puso epe fela e e neng e busa naga ya batsadi ba bone ka nako eo.”
A bo e ne e le maemo a a utlwisang botlhoko jang ne a semoya! Ke mabaka afe a a neng a dira gore go nne jalo? Bajuta ba ne ba sa nne botlhe mo Palesetina. Ngwao ya Segerika, e mo go yone baperesiti e neng e se baeteledipele, e ne e dirile gore go se ka ga tlotlwa thulaganyo ya ga Jehofa ya boperesiti. (Ekesodo 28:29; 40:12-15) Baagi ba ba rutegileng le bakwadi ga ba a tshwanela go tlodisiwa matlho.
Bafarisai
Leina Bafarisai, kgotsa Peru·shimʹ, le ka tswa le ne le raya “ba ba tlhaotsweng.” Bafarisai ba ne ba itsaya jaaka balatedi ba ga Moshe. Ba ne ba itirela lekgotla, kgotsa mokgatlho (chavu·rahʹ, ka Sehebera). Gore motho a amogelwe jaaka leloko, o ne a tshwanetse go itlama fa pele ga maloko a mararo a lekgotla gore o ne a tla ipoloka a itshekile jaaka Balefi, a ile go tlwaelana thata le ʽam-ha·ʼaʹrets (bontsintsi jwa batho ba ba sa rutegang), le go duela karolo ya bolesome sentle ka tlhomamo. Mareko 2:16 e bolela ka “bakwadi le Bafarisai.” Bangwe ba lekoko leno e ne e le bakwadi le baruti ba ba rutegileng, fa ba bangwe ba ne ba sa rutega.—Mathaio 23:1-7.
Bafarisai ba ne ba dumela gore Modimo o mo mafelong otlhe ka dinako tsotlhe. Ba ne ba bolela gore ka gore “Modimo o ne a le gongwe le gongwe, O ne a ka obamelwa mo teng le kwa ntle ga Tempele mme o ne a sena go kopiwa thuso fela ka go dira ditlhabelo. Ka jalo ba ne ba dirisa sinagoge jaaka lefelo la kobamelo, la go ithuta le la thapelo mme ba e tlotlomatsa gore e nne lefelo la botlhokwa mo botshelong jwa batho go gaisa Tempele.”—Encyclopaedia Judaica.
Bafarisai ba ne ba sa anaanele tempele ya ga Jehofa ka mo go lekaneng. Seno se ka bonwa mo mafokong ano a ga Jesu: “A bo go latlhega lona bagogi ba lo foufetseng, ba lo reng: ‘Le fa e le mang yo o ikanang ka tempele ga se sepe; mme lefa e le mang yo o ikanang ka gouta ya tempele, o golegilwe ke go ikana ga gagwe? Masilo le difofu ke lona; se segolo ke eng? A gouta kgotsa tempele, e e leng yone e e itshepisitseng gouta? Gape, lo a tle lo re: ‘Le fa e le mang yo o ikanang ka sebeso o a bo a se molato; mme lefa e le mang yo o ikanang ka tshupelo e e mo go sone o golegilwe ke go ikana ga gagwe.’ Difofu ke lona, se segolo ke eng? A tshupelo kgotsa sebeso se se itshepisang tshupelo? Ke gone yo o ikanang ka sebeso, o ikana ka sone, le ka dilo tsotlhe tse di mo go sone.”—Mathaio 23:16-20.
Ke ka ntlha yang fa Bafarisai ba ne ba na le dikakanyo tse di sokameng thata jaana? Ke eng se ba neng ba se tlodisa matlho? Ela tlhoko gore Jesu o bolelang go tswa foo. “Le yo o ikanang ka tempele, o ikana ka yone le ka one o o agileng mo go yone.” (Mathaio 23:21, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Mokanoki E. P. Sanders o ne a akgela jaana mabapi le temana eno: “Tempele e ne e le boitshepo e seng fela ka gore go ne go obamelwa Modimo o o boitshepo mo go yone, mme gape ka gore o ne a le mo teng ga yone.” (Judaism: Practice and Belief, 63 BCE—66 CE) Lefa go ntse jalo, go bo Jehofa a ne a le teng ka tsela e e kgethegileng go ne go ka se reye sepe se se kalo mo go ba ba neng ba akanya gore o ne a le gongwe le gongwe.
Bafarisai gape ba ne ba dumela mo go kopanyeng taolelogale le kgololesego ya motho ya go itlhophela. Ka mafoko a mangwe, “sengwe le sengwe se laolelwa gale, mme motho o gololesegile go itlhophela.” Mme lefa go ntse jalo, ba ne ba dumela gore Adame le Efa ba ne ba laoletswe gale gore ba tla leofa le gore go tswa nthonyana fela mo monwaneng go a bo go laoletswe gale.
Jesu o ka tswa a ne a akantse ka megopolo e e phoso e e ntseng jalo fa a ne a bua ka go wa ga tora e e neng ya bolaya batho ba le 18. O ne a botsa jaana: “A lo itlhoma gore [ba ba suleng] e ne e le baleofi go feta batho botlhe ba ba agileng mo Jerusalema?” (Luke 13:4) Fela jaaka go ntse ka bontsi jwa dikotsi, seno e ne e le ka ntlha ya “motlha le bowelo,” mme e seng ka gore go ne go laoletswe pele jaaka Bafarisai ba ne ba ruta. (Moreri 9:11, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Batho ba ba ntseng jalo ba go neng go tsewa gore ba na le kitso, ba ne ba tla dirisa jang melao ya Dikwalo?
Ba ne Ba Lere Diphetogo mo Bodumeding
Bafarisai ba ne ba tsaya gore melao ya Dikwalo e ne e tshwanetse go ranolwa ke borabi ba kokomana nngwe le nngwe go dumalana le dikgopolo tse disha tsa nako eo. Ka jalo, Encyclopaedia Judaica e bolela gore “ba ne ba sa palelwe ke go dumalanya dithuto tsa ga Torah le megopolo ya bone e mesha, kgotsa go bona megopolo ya bone e dirisitswe kgotsa e umakilwe mo mafokong a Torah.”
Fa e le kaga Letsatsi la Tetlanyo le le nnang ngwaga le ngwaga, ba ne ba tlosa maatla a go letlanya dibe mo moperesiting yo mogolo mme ba a naya lone letsatsi ka bolone. (Lefitiko 16:30, 33) Kwa moletlong wa Tlolaganyo, ba ne ba bona go le botlhokwa thata go bolela dithuto tsa dipego tsa Khudugo e Kgolo fa ba ntse ba nwa beine le matzo go na le go ela tlhoko kwana ya paschal.
Fa nako e ntse e tsamaya, Bafarisai ba ne ba nna le tlhotlheletso kwa tempeleng. Go tswa foo ba ne ba simolola mokoloko wa go ga metsi kwa lekadibeng la Siloame le go a tsholola jaaka setlhabelo kwa Moletlong wa go Rora, mmogo le go itaya ditlhare tsa modubunoka mo godimo ga aletara fa moletlo o fela le go rapela ka metlha letsatsi le letsatsi mo go neng go sa theiwa mo Molaong.
The Jewish Encyclopedia e bolela jaana: “Go fetola dilo ga Bafarisai go ne go bonala thata malebana le Sabata.” Mosadi yo o nyetsweng o ne a tshwanetse go amogela Sabata ka go tshuba dipone. Fa go ne go lebega e kete sengwe se batla gore a dire mme molao o mo thibela, Bafarisai ba ne ba se iletsa. Ba ne ba ya bokgakaleng jwa go laola tsa kalafi e bile ba itshupa gore ba ne ba kgopisiwa ke go bo Jesu a ne a fodisa ka dikgakgamatso ka Sabata. (Mathaio 12:9-14; Johane 5:1-16) Lefa go ntse jalo, batho ba ba lereng diphetogo mo bodumeding bano ga ba ka ba felela fela ka go tlhoma melawana e mesha fa ba ne ba leka go dira legora le le sireletsang melao e e tswang mo Dikwalong.
Go Fedisa Melao
Bafarisai ba ne ba bolela gore ba na le thata ya go thibela kana ya go fedisa melao ya Dikwalo. Mabaka a bone a supiwa ke seane sa Talmud: “Go botoka go fedisa molao o le mongwe go na le go lebala Torah yotlhe.” Sekai e ne e le go emisa Jubile ka ntlha ya gore go ne go sena ope yo o neng a tla adima bahumanegi sepe ka ntlha ya go tshaba go latlhegelwa ke dilo tse a di gapileng fa nako eo e atamela.—Lefitiko, kgaolo 25.
Dikai tse dingwe ke go phimolwa ga tsheko ya mosadi yo o neng a belaelwa gore o dirile boaka le tsheko ya polao e e sa rarabololwang, go emisa tiro ya go letlanya ka sebaka se se rileng. (Dipalo 5:11-31; Duteronome 21:1-9) Go ne go setse fela gore Bafarisai ba fedise taolo ya Dikwalo ya gore motho a tlamele batsadi ba gagwe ba ba tlhokang.—Ekesodo 20:12; Mathaio 15:3-6.
Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Lo itise mo sebedisong sa Bafarisai, se e leng boitimokanyo.” (Luke 12:1) Bofarisai le maikutlo a bone a e seng a puso ya Modimo, e ne e le boitimokanyi fela—sengwe se se sa tshwanelang go tlisiwa mo phuthegong ya Bokeresete gotlhelele. Lefa go ntse jalo, dibuka tsa Sejuda di baya Bafarisai mo boemong jo bo botoka go na le Basadukai. Jaanong a re sekasekeng setlhopha seno se se ngaparetseng ngwao thata.
Basadukai
Leina Basadukai le ka tswa le tserwe mo go Satoke, yo e neng e le moperesiti yo mogolo mo metlheng ya ga Solomone. (1 Dikgosi 2:35, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Basadukai ba ne ba tlhama phathi e e neng e ngaparetse ngwao e buelela tempele le boperesiti. Go farologana le Bafarisai ba ba neng ba ipatlela go laola ka ntlha ya go bo ba ne rutegile le ka ntlha ya boineelo jwa bone, Basadukai ba ne ba gatelela tshiamelo ya bone mo moralong wa losika le mo maemong. Ba ne ba ganetsa go fetola dilo ga Sefarisai go ya go fitlha fa tempele e ne e senngwa ka 70 C.E.
Mo godimo ga go gana taolelogale, Basadukai ba ne ba gana go amogela thuto epe fela e e neng e sa umakiwe ka phepafalo mo Pentateuch, lefa e ne e kwadilwe felo gongwe mo Lefokong la Modimo. Totatota, ba “ne ba tsaya go ganetsanya e le selo se se molemo” fa go tla mo dikgannyeng tse. (The Jewish Encyclopedia) Seno se dira gore motho a gakologelwe nako nngwe fa ba ne ba gwetlha Jesu ka tsogo.
Basadukai ba ne ba botsa jaana fa ba ne ba dirisa setshwantsho sa motlholagadi yo o neng a na le banna ba supa: “Mme e tlaa re mo tsogong ya baswi, o tlaa nna mosadi wa ga mang mo go bone basupa?” Ee, motlholagadi yoo wa bone yo ba mo ikakanyetsang o ka tswa a ne a na le banna ba le 14 kgotsa 21. Jesu o ne a tlhalosa jaana: “E tlaa re mo go tsogeng ga baswi ba bo ba sa nyale, le fa e le go neelwa nyalo.”—Mathaio 22:23-30.
Ka go bo Jesu a ne a itse gore Basadukai ba ganne bakwadi ba bangwe ba ba tlhotlheleditsweng kwantle ga Moshe, o ne a supa gore ntlha ya Gagwe e boammaaruri ka go nopola go tswa mo Pentateuch. O ne a bolela jaana: “Mme ka ga baswi, fa ba tsosiwa, a ga lo a bala mo lokwalong lwa ga Moše, fa go bolelwang ka ga setlhare teng, ka fa Modimo o buileng nae ka teng wa re: ‘Ke nna Modimo wa ga Aberahame, wa ga Isake le wa ga Jakobe’? One ga se Modimo wa baswi, me ke wa batshedi.”—Mareko 12:26, 27.
Batho ba ba Neng ba Bogisa Jesu le Balatedi ba Gagwe
Basadukai ba ne ba dumela mo go laoleng dikgang tsa puso ka bobone fa ba ne ba dirisana le ditšhaba tse dingwe go na le go emela Mesia—fa e le gore le gone ba ne ba dumela gore o tla tla. Mo tumalanong ya bone le Roma, ba ne ba tla laola tempele mme ba ne ba sa batle gore go nne le Mesia ope yo o tla tlang a ba senyetsa. Ka ba ne ba tsaya gore Jesu o tla ba tseela maemo a bone, ba ne ba kopana le Bafarisai go loga leano la go mmolaya.—Mathaio 26:59-66; Johane 11:45-50.
Ka go bo ba ne ba rata dipolotiki, Basadukai ka botlhale ba ne ba tsosa kgang ya go ikanyega mo Baromeng mme ba goa jaana: “Ga re na kgosi epe fa e se Kaesare.” (Johane 19:6, 12-15) Fa Jesu a sena go swa le go tsosiwa, Basadukai ke bone ba ba neng ba eteletse pele go leka go thibela go anama ga Bokeresete. (Ditiro 4:1-23; 5:17-42; 9:14) Fa tempele e sena go senngwa ka 70 C.E., setlhopha seno se ne sa nyelela.
Lebaka la go Nna re Itisitse
A bo tlhagiso ya ga Jesu e itshupile e tshwanetse jang ne! Ee, re tlhoka go “itisa mo sebedisong sa Bafarisai le Basadukai.” Se motho a ka se dirang fela ke go ela tlhoko maungo a sone a a maswe mo Bajuteng le mo go Labokeresete gompieno.
Lefa go ntse jalo, go farologana gotlhelele le seo, bagolwane ba Bakeresete ba ba tshwanelegang mo diphuthegong tse 75 500 tsa Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe ba a ‘ipona le go bona go ruta ga bone.’ (1 Timotheo 4:16) Ba dumela gore Baebele yotlhe e tlhotlheleditswe ke Modimo. (2 Timotheo 3:16) Go na le go fetola le go tlotlomatsa ditsamaiso tsa bone tsa bodumedi, ba dira ka kutlwano ba kaelwa ke mokgatlho o o theilweng mo Baebeleng o o dirisang makasine ono jaaka sedirisiwa sa one sa botlhokwa sa go ruta.—Mathaio 24:45-47.
Matswela ke eng? Batho ba ba dimilione go dikologa lefatshe ba thusiwa semoyeng fa ba simolola go tlhaloganya Baebele, ba e dirisa mo matshelong a bone le go e ruta ba bangwe. Gore o bone gore seno se fitlhelelwa jang, ke eng fa o sa etele phuthego e e gaufi ya Basupi ba ga Jehofa kgotsa o kwalele bagatisi ba makasine ono?
[Lebokoso mo go tsebe 26]
JESU O NE A AKANYETSA BAREETSI BA GAGWE
JESU KERESETE o ne a ruta ka phepafalo, a akanyetsa megopolo ya batho ba ba mo reeditseng. Ka sekai, o ne a dira jalo fa a ne a bua le Nikotemo wa Mofarasai ka kgang ya go “tsalwa” sesha. Nikotemo o ne a botsa jaana: “Motho o tsalwa jang a tsofetse? A o ka ba a tsena lwa bobedi mo sebopelong sa ga mmaagwe, mme a tsalwa?” (Johane 3:1-5) Ke ka ntlha yang fa Nikotemo a ne a gakgametse thata jaana ka gore Bafarisai ba ne ba dumela gore motho yo o sokologelang mo Sejuteng o ne a tshwanetse go tsalwa gape, e bile seane sa borabi se ne se tshwantsha mosokologelasejuteng le “ngwana yo o sa tswang go tsalwa”?
A Commentary on the New Testament From the Talmud and Hebraica, e e kwadilweng ke John Lightfoot, e tlhalosa jaana: “Mogopolo o o tlwaelegileng wa Bajuta ka go tshwanelega ga Moiseraele . . . o santse o kgomaretse mo mogopolong wa Mofarasai yono” yo o ka se “tlogeleng letlhoo la gagwe la kwa tshimologong . . . : ‘Le mororo Baiseraele . . . ba na le tshwanelo ya go amogelwa mo bogosing jwa ga Mesia, a fa o bua jaana o raya gore go a tlhokega gore mongwe a tsene la bobedi mo popelong ya ga mmaagwe, gore a tle a nne Moiseraele sesha?’”—Bapisa Mathaio 3:9.
Le mororo a ne a dumela gore motho yo o sokologelang Sejudeng o ne a tshwanetse go tsalwa gape, Nikotemo o ne a tla leba seo jaaka sengwe se se sa kakeng sa diragalela Bajuta ba tlholego—go tsena gape mo popelong jaaka go ne go ka tualo.
Mo lekgetlhong le lengwe, ba bangwe ba ne ba kgopisega fa Jesu a ne a bua ka go ‘ja nama ya gagwe le go nwa madi a gagwe.’ (Johane 6:48-55) Lefa go ntse jalo, Lightfoot o tlhalosa gore ‘go ja le go nwa’ go ne go umakiwa thata ka tsela ya tshwantshetso mo dikolong tsa Bajuta.” Gape o ne a ela tlhoko gore Talmud o umakile “go ja Mesia.”
Ka jalo, megopolo ya Bafarisai le Basadukai e ne ya ama tsela e Bajuta ba neng ba akanya ka yone mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Totatota, lefa go ntse jalo, Jesu o ne a akanyetsa gore bareetsi ba gagwe ba na le kitso le boitemogelo jo bo kana kang. Leno ke lengwe la mabaka a mantsi a a dirileng gore e nne Morutisi yo Mogolo.