Go Utlwa ka Tsela ya Bomodimo mo Lelapeng le le Kgaoganeng ka Bodumedi
“GO BOTLHOKO thata go feta go itewa ka tsela epe fela mo mmeleng. . . . Ke ikutlwa e kete ke na le matsadi mo mmeleng wa me otlhe, mme ga go na ope yo o a bonang.” “Ka dinako tse dingwe ke ikutlwa e kete nka tlogela go tlhola ke tshela . . . kana ka tswa mo gae ke bo ke sa tlhole ke boa.” “Ka dinako tse dingwe ke palelwa ke go akanya sentle.”
Mafoko ao a a builweng ka go hohoma maikutlo a supa maikutlo a go itlhoboga le go jewa ke bodutu. A builwe ke batho ba ba sotliwang ka mafoko—ba latofadiwa, ba tshosediwa, ba bidiwa ka maina a tshotlo, ba ngalelwa—le e leng go itewa mo mmeleng ke balekane ba lenyalo le maloko a lelapa. Ke ka ntlha yang fa batho bano ba tshwarwa setlhogo jaana? Fela ka gonne ba na le ditumelo tse di farologaneng. Fa maemo a ntse jalo, go nna mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi go dira gore go obamela Jehofa e nne kgwetlho tota. Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba le bantsi ba ba sotliwang jalo ba bontsha go utlwa ga bomodimo.
Ka lesego, ga se malapa otlhe a a kgaoganeng ka bodumedi a a nang le kutlobotlhoko le kgatelelo e e ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, yone e teng. A legae la gago le ntse jalo? Fa go ntse jalo, o ka nna wa fitlhela go le thata go tswelela pele o tlotla molekane wa gago kana batsadi ba gago. Fa o le mosadi yo o nyetsweng o le mo seemong seo kana lo le bana mo lelapeng le le ntseng jalo, lo ka atlega jang go bontsha kutlo ka tsela ya bomodimo mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi? Ba bangwe ba ka tshegetsa jang? Mme tota Modimo o leba kgang eno jang?
Ke ka Ntlha Yang Fa Go Le Thata Jaana go Nna Kutlo?
Moya wa lefatshe wa boithati le go sa leboge o na le seabe mmogo le mekgwa ya rona ya go sa itekanela go dira gore go utlwa ka tsela ya bomodimo e nne sengwe se se thata go se dira ka metlha. Satane o itse seno, mme maikaelelo a gagwe ke go go kgoba marapo. Gantsi o dirisa maloko a lelapa a a sa anaaneleng le go tlotla melao ya bomodimo thata kana ba sa e anaanele le go e tlotla gotlhelele. Gantsi melao e e kwa godimo e o tshelang ka yone ya semoya le ya boitsholo e farologane thata le ya lelapa la gago le le sa dumeleng. Seno se kaya gore megopolo ya lona e tla thulana fa go tla mo boitsholong le mo ditirong. (1 Petere 4:4) Kgatelelo ya gore o tlogele melao ya Bokeresete e ka nna kgolo, ka gonne o utlwile taolo e e reng: “Lo se ka lwa nna le bolekane le ditiro tsa lefifi tse di se nang loungo.” (Baefeso 5:11) Kafa bone ba lebang dilo ka gone, ga o tlhole o dira sepe se se siameng jaanong. Gotlhe go bakiwa ke bodumedi jwa gago. Mmè mongwe, yo o neng a imelwa ke morwalo wa go tlhokomela bana ba gagwe ba lwala, o ne a kopa thuso mo monneng wa gagwe, mme ene a mo araba jaana ka lesotlo, “Gakere nako ya go ya bodumeding jwa gago yone o na le yone; ga o tlhoke thuso.” Mafoko a a ntseng jalo a dira gore go nna kutlo go nne thata le go feta.
Gape go na le dinako tse ka tsone o sa dumalaneng le dikgang tse di sa robeng molao wa Dikwalo ka tlhamalalo. Lefa go ntse jalo, o lemoga gore o karolo ya lelapa mme ka jalo go na le dilo tse o tshwanetseng go di dira. “Ke utlwa botlhoko thata fa ke akanya kafa rre a re tshwarang ka gone ka gonne ke lemoga gore o ikutlwa a le bodutu,” ga rialo Connie. “Ke tshwanelwa ke go nna ke ikgakolola kgapetsakgapetsa gore ke se ka ka ila rre ka ntlha ya go nkganetsa ga gagwe. Ke tshwanetse go ipolelela gore go na le lebaka le le nonofileng la go bo a itshwara jalo kana a gana tsela e re e tsereng. Satane ke mmusi wa tsamaiso eno ya dilo.” Susan, yo o nyetsweng ke motho yo o sa dumeleng, o bolela jaana: “Kwa tshimologong ke ne ke ikutlwa ke batla go kgaogana le ene—mme ga go tlhole go ntse jalo. Ke ne ke itse gore Satane o ne a mo dirisa gore a nteke.”
O ka nna wa bona e kete maiteko a ga Satane a go go dira gore o ikutlwe o sena mosola ga a fokotsege. Go ka nna ga feta malatsi molekane wa gago a sa go buise. O ka ikutlwa o le bodutu tota mo botshelong. Seno se dira gore o se tlhole o itshepha le go itlotla gape se go leka gore o na le kutlo ya bomodimo go le kana kang. Bana le bone ba ikutlwa ba fedile maatla mo maikutlong le mo mmeleng. Mo lelapeng lengwe, batlhanka bangwe ba ba saleng basha ba Modimo ba ne ba nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete, le mororo batsadi ba bone ba ne ba ba kganela. Mongwe wa bone, yo jaanong e leng modiredi wa nako e e tletseng, o ne a dumela jaana: “Re ne re a tle re ikutlwe re feletswe ke maatla e bile re lapile; re ne re sa kgone go robala; go ne go re utlwisa botlhoko thata.”
Modimo o Batla Gore o Dire Eng?
Go utlwa Modimo go tla pele ka dinako tsotlhe, mme go utlwa monna yo e leng tlhogo ka tsela e e lekanyeditsweng go tshwanetse ga dirwa fela jaaka Jehofa a kaela ka dinako tsotlhe. (Ditiro 5:29) Seo se ka nna bokete, lefa go ntse jalo se ka kgonega. Nna o kope thuso kwa Modimong. O batla o mo “obamela ka mowa le ka boammaaruri” e bile o utlwa dikaelo tsa gagwe. (Johane 4:24) Fa kitso e e tswang mo Lefokong la Modimo e ntse e tlala mo pelong ya mofuta o o tshwanetseng, e tlhotlheletsa motho gore a utlwe ka go rata fela. Lefa maemo a gago ka namana a ka fetoga, Jehofa lefa e le Lefoko la gagwe ga le fetoge. (Malaki 3:6; Jakobe 1:17) Jehofa o neetse monna botlhogo. Go nna go ntse jalo lefa a amogela botlhogo jwa ga Keresete kana a sa bo amogele. (1 Bakorinthe 11:3) Lefa go ka nna thata go amogela seno fa e le gore o nna o sotletswe ruri le go tlhabisiwa ditlhong, morutwa Jakobe o bolela jaana: “Botlhale jo bo tswang kwa godimo . . . [bo bofefo go utlwa, NW].” (Jakobe 3:17) Go dumela botlhogo jono o sa belaele sepe le go bo amogela go tlhoka moya wa Modimo, bogolo jang leungo la one la lorato.—Bagalatia 5:22, 23.
Fa o rata mongwe, go motlhofo go bontsha kutlo ya bomodimo malebana le thata e a e neilweng ke Modimo. Baefeso 5:33 e gakolola jaana: “A mongwe le mongwe wa lona a rate mosadi wa gagwe fela jaaka a ithata, le mosadi a ipone, gore a tlotle monna wa gagwe.”
Akanya ka Jesu. O ne a sotliwa ka mafoko a bo a utlwisiwa botlhoko le mo mmeleng tota, mme o ne a se ke a kgoba ope. O ne a nna a itsege a sena molato. (1 Petere 2:22, 23) E re ka Jesu a ne a dirwa dilo tse di digang seriti mo go kalokalo, o ne a tlhoka go nna pelokgale thata le go rata Rraagwe e bong Jehofa, a sa fetofetoge. Mme lefa go ntse jalo, lorato lo “itshokela dilo tsotlhe.”—1 Bakorinthe 13:4-8.
Paulo o ne a gakolola modirikaene e bong Timotheo, mme o gakolola rona gompieno: “Modimo ga o a ka wa re naya mowa wa bogatlapa, fa e se wa nonofo le wa lorato le wa mogopolo o o tlhomameng fela.” (2 Timotheo 1:7) Go rata Jehofa le Jesu Keresete mo go boteng go ka go tlhotlheletsa gore o nne kutlo ka tsela ya bomodimo fa boemo bo lebega e kete bo ka se ka jwa itshokelwa. Go nna le mogopolo o o lekalekaneng go tla go thusa gore o lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng e bile o nna o akantse ka kamano ya gago le Jehofa le Jesu Keresete.—Bapisa Bafilipi 3:8-11.
Balekane ba ba Atlegang go Bontsha Kutlo ya Bomodimo
Ka dinako tse dingwe o tshwanetse wa ema lobaka lo lotelele gore o tle o bone gore Jehofa o tla rarabolola mathata a gago jang. Lefa go ntse jalo, letsogo la gagwe ga le ke le nna lekhutshwane. Mongwe yo o atlegang mo go bontsheng kutlo ya bomodimo o gakolola ka go re, “Ka metlha dira dilo tse Jehofa a go fang tshwanelo le tshiamelo ya gore o di dire—go mo obamela kwa dipokanong le kwa dikopanong, go ithuta, go ya tirelong, le go rapela.” Jehofa o segofatsa maiteko a gago, e seng dilo tse o di fitlheletseng fela. Mo go 2 Bakorinthe 4:17, moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore ‘pitlagano ke ya lobakanyana lwa gompieno fela, mme e re direla bokete jo bo sa khutleng jwa kgalalelo.’ Tlhatlhanya ka seno. Se tla go thusa gore o eme o nitame. Mosadi mongwe yo o nyetsweng o bolela jaana: “Botshelo jwa lelapa la me ga bo nne botoka ka gope, e bile ka dinako tse dingwe ke ipotsa gore a tota Jehofa o a nthata. Mme lefa go ntse jalo ke go tsaya e le tshegofatso ya gagwe go bo ke tswa mo mathateng ano ke le mo seemong se se botoka sa tlhaloganyo go feta monna wa me. Go sotlega jaana go lebega go le mosola fa re itse fela gore dilo tse re di dirang di itumedisa Jehofa.”
Jehofa o solofetsa gore ga a ketla a letla gore o ralale maemo a o tla palelwang ke go a itshokela. Mo ikanye. O itse botoka go go feta, gape o go itse botoka go feta jaaka wena o ikitse. (Baroma 8:35-39; 11:33; 1 Bakorinthe 10:13) Go rapela Jehofa ka dinako tsa mathata go a thusa. Rapelela gore moya wa gagwe o go kaele, bogolo jang fa o sa itse gore o tseye tsela efe kana o sa itse gore o ka rarabolola bothata bongwe jang. (Diane 3:5; 1 Petere 3:12) Mo kokotlele ka dinako tsotlhe gore a go fe bopelotelele, boikgapho, le boikokobetso gore o utlwe ba ba nang le thata mo botshelong jwa gago. Mopesalema o ne a re: “Jehofa ke lefika la me, le kago ya me ya phemelo, le mogolodi wa me.” (Pesalema 18:2) Go gakologelwa seno go ka thusa go nonotsha batho ba ba mo malapeng a a kgaoganeng ka bodumedi.
Mo godimo ga tsotlhe, leka ka natla yotlhe go dira gore lenyalo la gago e nne le le itumetseng. Ee, Jesu o ne a bonela pele gore mafoko a a molemo a ne a tla baka dikgaogano. Lefa go ntse jalo, rapela gore go se ka ga nna le kgaogano epe e e bakiwang ke boikutlo jwa gago kana boitsholo jwa gago. (Mathaio 10:35, 36) Go fitlhelela seno, go dirisana mmogo go fokotsa mathata a lenyalo. Lefa e le gore ke wena fela o bontshang boikutlo jono jo bo tshwanetseng, bo ka dira go le gontsi go thibela mathata gore a se ka a fitlha mo seemong se mo go sone go nnang le kgotlhang e e feteletseng le dikgaogano. Boitshoko le lorato di botlhokwa tota. ‘Nna bonolo’ o bo ‘o iphapaanye.’—2 Timotheo 2:24.
Moaposetoloi Paulo o ne a nna “dilo tsotlhe mo bathong botlhe.” (1 Bakorinthe 9:22) Ka tsela e e tshwanang, ka dinako tse dingwe o ka nna wa tlhoka go fetola thulaganyo ya gago gore o senye nako e e oketsegileng o na le molekane wa gago le lelapa la gago, mme o ntse o sa latlhe ditiro tsa Bokeresete. Senya nako e ntsi ka mo go ka kgonegang ka gone le motho yo o tlhophileng gore o tla nna le ene botshelo jwa gago jotlhe. Nna yo o akanyetsang jaaka Mokeresete. Seno se bontsha kutlo ya bomodimo.
Mosadi yo o boifang Modimo e bile a ikokobeditse, yo o fetofetogang e bile a le pelotlhomogi o fitlhela go le motlhofo thata gore a bontshe kutlo ya bomodimo. (Baefeso 5:22, 23) Mafoko a mantle, a “lokilwe ka letswai,” a thusa go fokotsa dikgotlhang tse di ka nnang teng.—Bakolosa 4:6; Diane 15:1.
Botlhale jwa bomodimo bo gakolola gore o rarabolole mathata ka bofefo mme o dire gore go boe go nne le kagiso ka mafoko a a siameng a a agelelang, go na le go robala o “sa le bogale.” (Baefeso 4:26, 29, 31) Seno se tlhoka boikokobetso. Ikaege thata ka Jehofa gore a go fe maatla. Mosadi mongwe yo o nyetsweng wa Mokeresete o ne a dumela jaana ka boikokobetso: “E ile ya re ke sena go rapela thata, ka utlwa moya wa ga Jehofa o nnonotsha gore ke kgone go bontsha molekane wa me lorato.” Lefoko la Modimo le gakolola jaana: “Se dueleng bosula jwa ga ope ka bosula. . . . Fenyang bosula ka molemo.” (Baroma 12:17-21) Eno ke kgakololo e e botlhale e bile ke tsela e e bontshang kutlo ya bomodimo.
Bana ba ba Bontshang Kutlo ya Bomodimo
Jehofa o gakolola lona bana ba ba mo malapeng a a kgaoganeng ka bodumedi jaana: “Utlwang batsadi ba lona mo dilong tsotlhe, gonne mo e be e le mo go kgatlhang Morena.” (Bakolosa 3:20) Ela tlhoko gore Morena Jesu Keresete o umakiwa mo kgannyeng eno. Ka jalo, go utlwa batsadi go lekanyeditswe. Ka tsela nngwe kgakololo e e mo go Ditiro 5:29, ya “go utlwa Modimo bogolo go batho,” e ama le basha ba Bakeresete. Go tla nna le dinako tse ka tsone o tla tshwanelwang ke go dira tshwetso ya gore o tla dira eng go ya ka se o itseng se tshwanetse mo Dikwalong. Go ka nna ga felela ka gore o otlhaiwe ka tsela nngwe ka gonne o ganne go dira tiro nngwe ya kobamelo ya maaka. Lefa seno e le sengwe se se seng monate se o ka se lebelelang, o ka gomodiwa le gone go itumedisiwa ke go itse gore o boga ka gonne o dira se se siameng mo matlhong a Modimo.—1 Petere 2:19, 20.
E re ka megopolo ya gago e kaelwa ke melaometheo ya Baebele, o ka nna wa se ka wa dumalana le batsadi ba gago mo dikgannyeng dingwe. Seno ga se dire gore e nne baba ba gago. Lefa e le gore ga se batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa, ba tshwanelwa ke go tlotlwa sentle. (Baefeso 6:2) Solomone o ne a re: “Reetsa rraago yo o go tsetseng, o bo o se ka wa nyatsa mmaago.” (Diane 23:22) Leka go tlhaloganya kafa ba utlwang botlhoko ka gone fa o tswelela pele le tumelo e e lebegang e sa tlwaelega mo go bone. Buisana le bone, ‘boiphapaanyo jwa gago bo itsewe ke botlhe.’ (Bafilipi 4:5) Ba bolelele kafa o ikutlwang ka gone le dilo tse o amegang ka tsone. Ngaparela melaometheo ya bomodimo, lefa go ntse jalo, “fa go ka nna jalo, [o] nne le kagiso le batho botlhe, ka fa nonofong ya [gago].” (Baroma 12:18) Ntlha fela ya gore o utlwa taolo ya batsadi gone jaanong e bontsha Jehofa gore o eletsa go tswelela pele o le kutlo le fa o setse o laolwa ke Bogosi.
Se ba Bangwe Ba ka Se Dirang
Bakeresete ba ba nnang mo malapeng a a kgaoganeng ka bodumedi ba tlhoka go tshegediwa le go tlhaloganngwa ke baobamedikabone. Seno se bontshiwa sentle ke mafoko a mongwe yo o neng a re: “Ke ikutlwa ke sena tsholofelo e bile ke sena mosola gotlhelele, ka gore ga go na sepe se ba bangwe ba ka se dirang, mme ga go na sepe se nka se dirang gore ke fetole boemo. Ke ikantse Jehofa gore a dire thato ya gagwe mo lefatsheng, lefa e ka nna eng.”
Go kopanela le bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya kwa dipokanong tsa Bokeresete ke botshabelo. Ene motho yono o ne a tlhalosa botshelo jwa gagwe a re bo tshwana le go nna “mo mafelong a mabedi a a sa tshwaneng. Le lengwe ke mo go lone ka gonne ke tshwanetse go nna mo go lone mme le lengwe ke mo go lone ka gonne ke rata jalo.” Lorato lwa bakaulengwe ke lone lo dirang gore batho bano ba ba mo botlhokong ba kgone go itshoka le go direla mo tlase ga maemo otlhe. Le bone ba rapelele. (Baefeso 1:16) Bua mafoko a a kgothatsang, a a siameng, e bile e le a a gomotsang le bone ka metlha, nako le nako. (1 Bathesalonika 5:14) Fa go kgonega e bile go tshwanela, ba laletse fa o dira ditiro tsa puso ya bolegodimo le tsa boitlosobodutu.
Masego le Melemo ya Kutlo ya Bomodimo
Tlhatlhanya ka malatsi otlhe kaga masego le melemo ya go supa kutlo ya bomodimo mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi. Leka go nna kutlo. ‘Se ngodiege.’ (Bagalatia 6:9) Go itshokela maemo a a seng monate le go sa tshwarwe sentle “ka ntlha ya go gopola Modimo,” “go a lebosega” mo Modimong. (1 Petere 2:19, 20) Nna kutlo mo e leng gore ga o tlole melao le melaometheo ya ga Jehofa ya tshiamo. Seno se bontsha gore o ikanyega mo thulaganyong ya ga Jehofa. Boitsholo jwa gago jwa bomodimo e bile bo ka nna jwa boloka botshelo jwa molekane wa gago, bana, kana batsadi ba gago.—1 Bakorinthe 7:16; 1 Petere 3:1.
Fa o ntse o leka go fitlhelela dilo tse di batliwang ke lelapa le le kgaoganeng ka bodumedi le tse le di solofetseng mo go wena, gakologelwa kafa go leng botlhokwa ka gone go boloka bothokgami mo go Jehofa Modimo le mo go Jesu Keresete. O ka nna wa ineela mo dikgannyeng tse dintsi, mme lefa go ntse jalo fa o ineela gore o latlhegelwe ke bothokgami o tla bo o ineetse gore o latlhegelwe ke sengwe le sengwe, le ke jone botshelo tota. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Modimo . . . o buile le rona mo bokhutlong jwa metlha eno ka Morwa one, yo o mmeileng morui wa dilo tsotlhe, yo o bileng wa dira dipopo ka ene.” Fa o lemoga “poloko e e kalo” seo se tla go nonotsha gore o nne kutlo.—Bahebere 1:1, 2; 2:3.
Fa o utlwa melao e e tshwanetseng ya maitsholo o sa tikatike e bile o tshwarelela mo go yone seo se tla go sireletsa mo botsogong wena le molekane wa gago yo o sa dumeleng. Go ikanyega go kitlanya lelapa go nna sebofo se se nonofileng. Diane 31:11 e bolela jaana ka mosadi yo o dirang ka natla e bile a ikanyega: “Pelo ya monna wa gagwe e mo ikantse.” Tsela e o itshwarang ka yone ka go ikanyega le go mo tlotla mo go boteng e ka bula monna wa gago yo o sa dumeleng matlho. E ka nna ya mo tlhotlheletsa gore a amogele boammaaruri jwa Modimo.
Kutlo ya bomodimo eleruri e tlhwatlhwakgolo e bile e boloka matshelo. Rapelela gore e nne teng mo lelapeng la lona. E tla lo leretse kagiso ya mogopolo mme e isetse Jehofa kgalalelo.