Dipotso Tse di Tswang go Babadi
Ditiro tse Keresete Jesu a di dirang jaaka moperesiti yo mogolo, tse di umakiwang mo go Bahebere 4:15, 16, di solegela “dinku di sele” molemo jang gompieno?
Lefa boemo jwa ga Jesu jaaka Moperesiti yo Mogolo bo le botlhokwa thata mo go ba ba tla nnang le ene kwa legodimong, Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba solegelwa molemo le e leng jaanong ke ditiro tsa ga Jesu tsa seperesiti.
Go tswa fela kwa go Adame, batho ba ile ba boga ka ntlha ya boleo. Fela jaaka Baiseraele, re na le bosaitekanelang jo re bo ruileng. Ba ne ba na le masika a a latelanang a baperesiti le baperesiti ba ba thusang, ba ba neng ba ntshetsa maleo a bone le a batho ba bangwe ditlhabelo. Moragonyana Jesu o ne a tlodiwa jaaka moperesiti “ka fa mokgweng wa ga Melekiseteke.” Fa a sena go tsosiwa mo baswing, Jesu o ne a iponatsa fa pele ga Jehofa go duela tlhwatlhwa ya setlhabelo sa gagwe sa motho yo o itekanetseng.—Pesalema 110:1, 4.
Seno se rayang mo go rona gompieno? Mo lokwalong lwa gagwe go Bahebere, Paulo o ne a tlhalosa kaga ditiro tsa ga Jesu jaaka Moperesiti yo Mogolo. Re bala jaana mo go Bahebere 5:1: “Moperesiti yo mogolo mongwe le mongwe, ka a tsewa mo bathong, o beelwa batho mo dilong tse e leng tsa Modimo, gore a isetse dibe dineo le ditlhabelo.” Mme mo temaneng ya 5 le ya 6, Paulo o ne a bontsha gore Jesu o ne a nna moperesiti yo mogolo, mme seo se ka re solegela molemo.
Ka tsela efe? Paulo o ne a kwala jaana: “Le fa a [ne a] le ngwana, le fa go ntse jalo, a ithuta kutlo ka dilo tse o di bogileng. Mme e rile a sena go dirwa boitekanelo, a tswa mosimolodi wa poloka e e sa khutleng mo go botlhe ba ba mo utlwang.” (Bahebere 5:8, 9) Kwa tshimologong fela temana eo e ka nna ya dira gore re akanye ka moo re ka solegelwang molemo ka teng mo lefatsheng le lesha, fa batho botlhe ba ba ikanyegang mo Modimong le mo go Jesu ba tla phimolwang maleo a bone mme ba bone botshelo jo bo sa khutleng. Tsholofelo eno e e lerilweng ke setlhabelo se se kgonang go re rekolola le ditiro tsa ga Jesu jaaka Moperesiti yo Mogolo, e a utlwala.
Mme, gone, re ka solegelwa molemo gone jaanong ke ditiro tsa gagwe tsa Moperesiti yo Mogolo. Ela tlhoko Bahebere 4:15, 16: “Moperesiti yo mogolo yo re nang nae, ga se yo o sa ka keng a angwa ke go utlwana le rona makoa a rona; mme ke yo o kileng a raelwa mo dilong tsotlhe jaaka rona, le fa go ntse jalo a se na boleo. Ke gone rona, a re atameleng setulo sa bogosi sa tshegofatso ka botlhokapoifo, gore re tle re amogele boutlwelobotlhoko, re bone tshegofatso e e tlaa re thusang mo motlheng o go tlhokwang ka one.” ‘Motlha o go tlhokwang ka one’ o ne o tla nna leng? Ke fa re tlhoka boutlwelobotlhoko le tshegofatso. Rotlhe re tshwanetse go ikutlwa jalo ka go bo re sa itekanela.
Bahebere 4:15 ,16 e tlhalosa ntlha ya gore Jesu—yo jaanong a leng moperesiti kwa legodimong—o kile ya bo e le motho, ka jalo a ka kgona go utlwela batho botlhoko. Bomang? Rona. Leng? Gone jaanong. Fa Jesu e ne e le motho o ne a ngomoga pelo le go tshwenyega fela jaaka batho. Ka dinako tse dingwe Jesu o ne a tshwarwa ke tlala e bile a nyorwa. Mme le fa a ne a itekanetse o ne a lapa. Re ka tlhomamisega kaga seno. Ka ntlha yang? Ka gonne le Jesu o ne a lapa, o itse gore re ikutlwa jang ka dinako tse dingwe. Gakologelwa gape gore Jesu o ne a tlhola a utlwa baaposetoloi ba gagwe ba gogagogana ka ntlha ya bopelotshetlha. (Mareko 9:33-37; Luke 22:24) Ee, o ne a swabisiwa ke dilo. A seo ga se a tshwanela go re tlhomamisetsa gore o a tlhaloganya fa re swabisiwa ke sengwe le fa re kgobega marapo? Tota se tshwanetse.
Fa o kgobegile marapo o ka dira eng? A Paulo o rile o tshwanetse go leta fela go fitlhela Moperesiti wa gago yo Mogolo, Jesu, a go thusa gore o itekanele mo tlhaloganyong le mo mmeleng mo lefatsheng le lesha? Nnyaa. Paulo o rile: “Re tle re amogele boutlwelobotlhoko, re bone tshegofatso e e tlaa re thusang mo motlheng o go tlhokwang ka one,” mme seo se akaretsa gone jaanong. Mo godimo ga moo, fa Jesu e ne e le motho, o ne a bogisiwa le go sotlega, a “raelwa mo dilong tsotlhe jaaka rona.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka jalo fa re tshwenngwa ke dilo tseno, o batla go re thusa ka go bo a tlhaloganya gore re tshwenngwa ke eng. A seno ga se go gogele kwa go ene?
Ela tlhoko temana ya 16. Paulo a re re—mme seno se akaretsa batlodiwa le ba bangwe ba dinku di sele—ka atamela Modimo ka botlhokapoifo. (Johane 10:16) Moaposetoloi o ne a sa reye gore fa re rapela re ka bua fela dilo tse re di batlang, re gaketse le ka lonyatso. Go na le moo, re kgona go atamela Modimo le fa re le baleofi ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo le boemo jwa gagwe jaaka Moperesiti yo Mogolo.
Tsela e nngwe gape e re ka solegelwang molemo ka yone gone jaanong ke ditiro tsa Moperesiti wa rona yo Mogolo, Jesu Keresete, e amana le maleo kana ditlolo tsa rona. Gone ga re solofele gore Jesu o tla dirisa tlhwatlhwa e e feletseng ya setlhabelo sa gagwe mo tsamaisong eno ya dilo. Lefa a ne a ka dira jalo, re ne re se kitla re tshelela ruri. A o gakologelwa kgang e e kwadilweng mo go Luke 5:18-26, ya monna mongwe yo o neng a tetesela, yo ba neng ba mo tsenya ka bolao jwa gagwe ka phatlha e e mo borulelong? Jesu o ne a mo raya a re: “Monna, dibe tsa gago o di itshwaretswe.” Seo se ne se sa reye gore maleo mangwe a a rileng a ne a dirile gore a tetesele. Se tshwanetse sa bo se ne sa kaya maleo otlhe a monna yoo, mme go ya selekanyong se se rileng se ka bo se ne sa raya bosaitekanelang jwa gagwe jo a bo ruileng, jo bo bakang malwetse.
Jesu o ne a ka tlosa maleo a monna yoo, ka ntlha ya setlhabelo se a neng a tla se ntsha, fela jaaka podi ya Asasele e ne e ka tlosa maleo a Iseraele ka Letsatsi la Tetlanyo. (Lefitiko 16:7-10) Le fa go ntse jalo, monna yo o neng a tetesela e ne e santse e le motho. O ne a tla leofa gape, mme moragonyana a swe, fela jaaka baleofi ba tshwanetse go swa. (Baroma 5:12; 6:23) Fa Jesu a ne a bua o ne a sa reye gore monna yoo o ne a bona botshelo jo bo sa khutleng gone fela foo. Mme monna yoo o ne a segofadiwa ka go itshwarelwa ka selekanyo se se rileng.
Jaanong akanyetsa boemo jwa rona. Ka gonne re sa itekanela, re leofa letsatsi le letsatsi. (Jakobe 3:2) Ke eng se re ka se dirang ka seo? Gone, re na le Moperesiti yo Mogolo yo o kutlwelobotlhoko kwa legodimong yo ka ene re ka atamelang Jehofa ka thapelo. Ee, fela jaaka Paulo a ne a kwala, rotlhe re ka “atamel[a] setulo [sa Modimo] sa bogosi sa tshegofatso ka botlhokapoifo, gore re tle re amogele boutlwelobotlhoko, re bone tshegofatso e e tlaa re thusang mo motlheng o go tlhokwang ka one.” Ke gone ka moo botlhe gompieno ba e leng ba dinku di sele ba bonang melemo e e itumedisang, go akaretsa le segakolodi se se phepa, ka ntlha ya ditiro tse Keresete a di dirang jaaka moperesiti yo mogolo.
Bakeresete botlhe ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba ka lebelela pele go bona masego a magolwane mo lefatsheng le lesha le le gaufi. Ka nako eo, Moperesiti wa rona yo Mogolo wa selegodimo o tla dirisa tlhwatlhwa e e feletseng ya setlhabelo sa gagwe, a dira gore re itshwarelwe maleo a rona gotlhelele. Gape o tla tlisa melemo e megolwane ka go dira gore batho ba itekanele mo semoyeng le mo mmeleng. Mme e re ka go ruta Molao e ne e le boikarabelo jo bogolo jwa moperesiti mo Iseraele, Jesu o tla oketsa thuto ya batho ba Modimo mo lefatsheng. (Lefitiko 10:8-11; Duteronome 24:8; 33:8, 10) Ka gone, lefa re solegelwa molemo ke ditiro tsa ga Jesu tsa seperesiti gone jaanong, re santse re tlile go bona melemo e megolo!