LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 6/15 ts. 31
  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Kaelwa ke Moya wa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tsamaya ka Moya Mme o Tshele go Dumalana le Boineelo Jwa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • ‘Mo Leineng la Moya O O Boitshepo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Tlhoma Mogopolo mo Moyeng Mme o Tshele!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 6/15 ts. 31

Dipotso Tse di Tswang go Babadi

Bagalatia 6:8 e bolela gore, “yo o jalelang nama ya gagwe, o tlaa roba sebodu se se tswang mo nameng; mme yo o jalelang Mowa, o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng jo bo tswang mo Moweng.” Ke “Mowa” ofe o go bolelwang ka one, mme ka gone re ka roba botshelo jang?

Mafoko a Sehebera le a Segerika a a dirisiwang go ranola “Mowa” a na le ditlhaloso tse di farologaneng, tse di jaaka: (1) Maatla a Modimo a a dirang, (2) maatla a botshelo a a mo bathong kana mo diphologolong, (3) maatla a motho a a tlhotlheletsang mogopolo le (4) motho wa moya, kana moengele. Tlhaloso ya ntlha mo go tseno—ya maatla a Modimo a a dirang—ke yone tlhaloso e re e bonang mo go Bagalatia 6:8.

Jaaka tshedimosetso, leba Bagalatia 3:2, koo re fitlhelang go dirisitswe “Mowa” ka lekgetlho la ntlha mo bukeng ya Bagalatia. Paulo o ne a botsa Bakeresete jaana: “A lo amogetse Mowa ka ditiro tsa molao, kgotsa ka kutlo ya tumelo?” Go tswa foo, mo go Bagalatia 3:5, o ne a amanya “Mowa” oo le go dira ditiro tse di nonofileng. Ka jalo, “Mowa” o a neng a bolela ka one e ne e le moya o o boitshepo, e leng maatla a a sa bonaleng a Modimo a a dirang.

Kwa morago ga moo, mo go Bagalatia 5:16, Paulo o ne a farologanya moya le nama. Re bala jaana: “Ka re, sepelang ka Mowa, mme ga lo ketla lo dirafatsa thato ya nama.” Ka “thato ya nama” o ne a bolela ka nama ya motho e e dirang boleo. Ka gone, mo go Bagalatia 5:19-23, o ne a bolela lenaane la “ditiro tsa nama” a di farologanya le “loungo lwa Mowa.”

Ka gone, fa Bagalatia 6:8 e bolela ka motho “yo o jalelang nama ya gagwe” e tshwanetse ya bo e raya motho yo o itlogeletseng gore a kaelwe ke dikeletso tsa motho tsa go dira boleo, yo o tshwaregileng mo ‘ditirong tsa nama.’ O ka nna a bona diphelelo tse di bosula tsa go itshwara ka tsela e e ntseng jalo, mme fa a sa fetoge, eleruri ga a kitla a bona botshelo mo Bogosing jwa Modimo kana a busiwa ke jone.—1 Bakorinthe 6:9, 10.

Jaaka Bakeresete ba ba ineetseng re tshwanetse ra eletsa gore re ‘jalele moya wa Modimo.’ Seo se akaretsa gore re tshele ka tsela e e tla letlang gore moya o o boitshepo o dire mo matshelong a rona o sa kgorelediwe ke sepe, o re thusa gore re bontshe leungo la one. Re tshwanetse ra nna re gakologetswe seo fa re dira tshwetso ya gore ke eng se re se balang kana ke mananeo afe a thelebishene a re a lebelelang. Re a bo re jalela moya fa re reetsa ka kelotlhoko kwa dipokanong tsa phuthego re bo re leka go dirisa kgakololo ya bagolwane ba ba tlhomilweng ka moya.—Ditiro 20:28.

Se se kgatlhang ke gore Bagalatia 6:8 e konela ka go re tlhomamisetsa gore fa re jala go dumalana le moya o o boitshepo, re tla tshwanelega go “roba botshelo jo bo sa khutleng jo bo tswang mo Moweng.” Ee, Modimo o tla re neela botshelo jo bo sa feleng a dirisa moya o o boitshepo, a ikaegile ka thekololo ya ga Keresete.—Mathaio 19:29; 25:46; Johane 3:14-16; Baroma 2:6, 7; Baefeso 1:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela