LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 7/15 ts. 31
  • Pokano ya Ngwaga le Ngwaga

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Pokano ya Ngwaga le Ngwaga
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Pokano ya Ngwaga le Ngwaga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Pokano ya Ngwaga le Ngwaga ka October 7, 2000
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Pokano ya Ngwaga le Ngwaga ka October 7, 2000
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Pokano ya Ngwaga le Ngwaga October 4, 1997
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 7/15 ts. 31

Pokano ya Ngwaga le Ngwaga

October 7, 1995

POKANO YA NGWAGA LE NGWAGA ya maloko a Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania e tla tshwarwa ka October 7, 1995, kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa, 2932 Kennedy Boulevard, Jersey City, New Jersey. Pokano ya ntlha e e leng ya maloko fela e tla simolola ka 9:30 a.m., mme e latelwe ke pokano ya botlhe ya ngwaga le ngwaga ka 10:00 a.m.

Maloko a Lekgotla a tshwanetse go itsise Ofisi ya Mokwaledi gone jaanong fa e le gore diaterese tsa one tsa poso di ile tsa fetoga mo ngwageng o o fetileng gore makwalo a a tlwaelegileng a kitsiso le diforomo tsa go tlhopha di fitlhe kwa go bone ka July.

Diforomo tsa kemedi, tseo di tlileng go romelwa kwa malokong le kitsiso ya pokano ya ngwaga le ngwaga, di tshwanetse go romelwa gore di goroge kwa Ofising ya Mokwaledi wa Mokgatlho pele ga August 1. Leloko lengwe le lengwe le tshwanetse go tlatsa le go romela foromo ya lone ya kemedi ka bonako, le bolela fa le tla kgona go nna teng ka namana kana nnyaa. Tshedimosetso e e kwadilweng mo foromong nngwe le nngwe ya kemedi e tshwanetse ya bolela seno ka tlhomamo, e re ka e tla dirisiwa fa go tlhatlhobiwa gore ke bomang ba ba tla nnang teng ka namana.

Go solofetswe gore thulaganyo yotlhe, go akaretsa le pokano ya semolao ya kgwebo le dipego, e tla fela ka 1:00 p.m. kana ka bonako fela morago ga foo. Ga go kitla go nna le thulaganyo ya thapama. Ka ntlha ya go bo manno a se mantsi, go tla tsena fela ba ba tshotseng dithekete. Ga go ne go dirwa dithulaganyo dipe tsa go golaganya pokano ya ngwaga le ngwaga le diholo tse dingwe ka mogala.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela