LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 8/15 ts. 3-4
  • O ka Tswelela Pele o Tshela Jang mo Tikologong e e Kotsi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Tswelela Pele o Tshela Jang mo Tikologong e e Kotsi?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nna le Boikutlo jo bo Siameng
  • Go Retelelwa ke go Fenya Bokebekwa
    Tsogang!—1998
  • Fa Go ne Go se Na Bokebekwa
    Tsogang!—1998
  • Ke Eng fa Batho ba le Bantsi Jaana ba Tshelela mo Letshogong?
    Tsogang!—2005
  • Go Lwela Go Khutlisa Bokebekwa
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 8/15 ts. 3-4

O ka Tswelela Pele o Tshela Jang mo Tikologong e e Kotsi?

“KE NE ke nna ke tshogile ka dinako tsotlhe. Ke ne ke boifa ke le mo lifiting. Ke ne ke boifa ke le mo kareng ya me. Ke ne ke boifa ke le mo foleteng ya me. Bokebekwa bo ne bo le gongwe le gongwe. Batho ba ne ba nna ba thukuthiwa nako le nako,” ga rialo Maria. A o ikutlwa jaaka mosadi yono wa kwa Brazil, o boifa mo tikologong e o nnang mo go yone, bogolo jang fa go le lefifi bosigo?

Go ka nna ga nna monate go bala dipolelo tse di buang kaga go tlhotlhomisiwa ga bokebekwa, mme mo botshelong gantsi ga go nne le diphelelo tse di monate. Tiro nngwe ya bokebekwa e ka nna fela e sa rarabololwa. Kana mo kgannyeng ya go bolawa ga motho, mongwe o tshwanetse go tswelela pele a tshela a sena monna, rraagwe, kana morwawe, a sena mosadi, mmaagwe, kana morwadie. A bokebekwa jwa thubakanyo bo a oketsega mo lefelong la lona? A o eletsa go nna mo lefelong le le didimetseng koo lelapa la gago le ka nnang le babalesegile teng? Kana fa e le gore o patelesega gore o godise bana ba gago mo lefelong le le tletseng bokebekwa, o ka dira eng gore o tswelele pele o tshela?

Gone ke boammaaruri, go santse go na le metsemegolo e go senang bokebekwa jo bontsi go le kalo mo go yone. Mo dinageng di le dintsi, batho ba santse ba tshela mo metseng ya magae e e ritibetseng kana mo metseng e e iketlileng. Mme lefa go ntse jalo dilo di fetoga ka bofefo le mo mafelong ao pele a neng a lejwa jaaka a a senang bokebekwa. Ka sekai, dingwaga di le 50 tse di fetileng kwa Brazil, diperesente tse 70 tsa baagi ba koo ba ne ba nna mo metseng ya selegae. Jaanong diperesente di le 70 di nna mo ditoropokgolong. Lefa go na le diphatlha tsa ditiro, mme mathata a botshelo jwa toropo le one a a oketsega, a a jaaka bokebekwa le thubakanyo. Lefa o ka tswa o tshela mo lefelong le le kotsi kana nnyaa, o santse o tshwanelwa ke go ya tirong kana sekolong le go dira dilo tse dingwe tse dintsi o se mo gae.

Ramapodise mongwe kwa Rio de Janeiro o ne a dumela gore “bolwetsi jwa go tsenwa ke poifo” bo aname mme a umaka gore go sa direlwe tshiamiso mo setšhabeng le bokebekwa jo bo rulagantsweng ke dingwe tsa dilo tse di bo bakang. Gape o akanya gore dipampiri tsa dikgang le thelebishene di na le seabe mo poifong e e anameng, “di tlhotlheletsa maikutlo a batho ka dikgang tse di garolang pelo.” Go tshwakgolwa ke diokobatsi, go thubega ga malapa, le thuto e e seng yone ya bodumedi le tsone di dira gore tlolomolao e oketsege. Mme isagwe e tla re tlisetsa eng? A go lebelela ka metlha ditshwantsho tsa thubakanyo tse di sobokantsweng mo dibukeng le mo difiliming e le go itlosa bodutu, go tla dira gore batho ba se ka ba utlwelana botlhoko? A mafelo a a neng a lejwa jaaka a a senang bothubaki le one a tla nna kotsi?

E re ka thubakanyo e se monate mo mothong yo o tlhasetsweng, re eletsa thata gore re nne re babalesegile. Ga go gakgamatse go bo baagi ba ba tshwenyegileng ba batla gore go nne le mapodise a a oketsegileng mo mebileng le gore dikatlholo tsa kgolegelo di gagamadiwe thata kana go bo go atlholelwe loso! Lefa go na le dikotsi, batho bangwe ba ipatlela ditlhobolo gore ba itshireletse. Ba bangwe ba batla gore babusi ba lekanyetse go rekisiwa ga ditlhobolo. Mme lefa go na le dikgang tse di bosula tsa gore bokebekwa bo aname, ga go tlhokege gore re itlhoboge. E bile tota, baagi ba le bantsi ba ditoropokgolo tse di jaaka Johannesburg, Mexico City, New York, Rio de Janeiro, le São Paulo ga ba ise ba ko ba kgothosiwe. A re tlhatlhobeng gore batho ba itshokela jang go nna mo tikologong e e kotsi.

Go Nna le Boikutlo jo bo Siameng

Mokwadi mongwe fa a kwala ka lefelo lengwe le le tletseng bokebekwa o umaka “botlhale le boitshoko jwa diketekete tsa batho ba Brazil ba ba ileng ba nna ba ntse ba na le seriti e bile ba tshela sentle ka selekanyo se se rileng lefa gone ba tshela mo maemong a a setlhogo.” Jorge o bolela jaana a sena go nna dingwaga di le 38 kwa Rio de Janeiro: “Ke tila mebila mengwe le mafelo mangwe gape ga ke bontshe go rata go bona dilo tse di diragalang. Gape ke tila go tsamaya mo mebileng go fitlha go nna bosigo e bile ga ke bontshe go boifa mo go feteletseng. Lefa gone ke le kelotlhoko, ke leba batho jaaka ba ba ikanyegang, ke dirisana le bone ka go ba naya seriti le go ba tlotla.”

Ee, tila go tsena mo mathateng go sa tlhokege. Se itshunyatshunye mo dikgannyeng tsa batho. Le ka motlha o se ka wa nyatsa ntlha ya gore go boifa mo go feteletseng go ka ama tsela ya motho ya go akanya, ga dira gore le bone batho ba ba itshwarang sentle ba simolole go itshwara jaaka e kete ga ba na tlhaloganyo. Odair o bolela jaana malebana le tiro ya gagwe kwa mafelong a a kotsi: “Ke leka go nna le mogopolo o o siameng, ke sa nnele go boifa dilo tse di bosula tse di ka nnang tsa ntiragalela ka gonne seno se baka letshogo le poifo go sa tlhokege. Ke leka go tlotla batho botlhe.” Kwantle ga go nna o butse matlho le go katoga batho ba ba lebegang ba belaetsa, o tlhalosa selo se sengwe se se ka thusang go laola maikutlo: “Mo godimo ga tsotlhe, ke leka go tshepa Jehofa Modimo, ke gakologelwa gore ga go na sepe se a sa se boneng, le gore sengwe le sengwe se se tla diragalang se tla bo se letleletswe ke ene.”

Lefa go ntse jalo, ga go na ope yo o ratang go tshelela mo poifong. Mo godimo ga moo, ke mang yo o ka ganetsang gore go boifa mo go feteletseng le go tshwenyega mo maikutlong go kotsi mo botsogong jwa maikutlo le jwa mmele? Ka jalo batho ba ba boifang gore ba ka nna ba tlhaselwa nako nngwe le nngwe ba ka nna le tsholofelo efe? E re ka batho ba le bantsi ba akanya gore boikepo bo tla nnela go oketsega fela, a gone boikepo bo tla tsamaya bo fela? Re go laletsa gore o bale setlhogo se se latelang, “Poifo e Tla Fela Leng?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela