LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 8/15 ts. 12-17
  • Go Lalediwa ba ba Lapileng ka Tsela e e Lerato

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lalediwa ba ba Lapileng ka Tsela e e Lerato
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ba lo Lapileng, ba lo Imelwang”
  • Selo se Tota se Bakang Matshwenyego
  • Taletso ya ga Jesu Gompieno
  • Go Imololwa le go Bona Tapologo
  • ‘Go Bonela Mewa ya Lona Tapologo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • “Tlang mo go Nna, . . . Mme ke Tla lo Lapolosa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Go Gololesega mo Matshwenyegong—Tharabololo e e Thusang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Kopana Mmogo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 8/15 ts. 12-17

Go Lalediwa ba ba Lapileng ka Tsela e e Lerato

“Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa.”—MATHAIO 11:28.

1. Ke eng se Jesu a neng a se bona kwa Galilea mo leetong la gagwe la boraro a ntse a rera?

JESU o ne a le mo leetong la gagwe la boraro a ntse a rera mo kgaolong ya Galilea, fa ngwaga wa 32 C.E. o ne o tla tloga o simologa. O ne a tsamaya metse le metsana, “a ruta mo matlong a bone a thuto, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi, a fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela.” Fa a ntse a dira jalo, o ne a bona matshutitshuti a batho, mme “a ba tlhomogela pelo, ka ba patikegile ba gasagasame jaaka dinku tse di se nang modisa.”—Mathaio 9:35, 36.

2. Jesu o ne a thusa batho jang?

2 Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a direla matshutitshuti a batho se sengwe gape mo godimo ga go a tlhomogela pelo. Fa a se na go ruta barutwa ba gagwe gore ba rapele “Morena wa thobo” e bong Jehofa Modimo, o ne a ba roma gore ba ye go thusa batho. (Mathaio 9:38; 10:1) Go tswa foo o ne a tlhomamisetsa batho ka namana ka tsela e e neng e tla ba imolola le go ba gomotsa ya mmatota. O ne a ba laletsa jaana ka tsela e e gomotsang: “Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa. Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute ga me; gonne ke bonolo le boingotlo mo pelong, mme lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo.”—Mathaio 11:28, 29.

3. Ke ka ntlha yang fa taletso ya ga Jesu e itumedisa batho ka tsela e e tshwanang gompieno?

3 Gompieno re tshela mo nakong e mo go yone batho ba le bantsi ba ikutlwang ba imelwa thata. (Baroma 8:22; 2 Timotheo 3:1) Go itshedisa fela go tseela batho bangwe nako le maatla mo ba salelwang ke nakonyana e nnye fela ya gore ba nne le ba malapa a bone, ditsala, kana ba dire sengwe se sele. Batho ba le bantsi ba imelwa ke bolwetse jo bo masisi, botlhoko, go tshwenyega thata mo maikutlong le mathata a mangwe a mo mmeleng le mo maikutlong. Batho bangwe fa ba ikutlwa ba gateletswe, ba leka go ikimolola ka go tshwarega thata mo go batleng go ijesa monate, go ja, go nwa, tota le e leng go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang. Ke boammaaruri gore seno se ba dira gore ba boaboeletse dilo tse di maswe, se ba leretse mathata le dikgatelelo tse dingwe gape. (Baroma 8:6) Go phepafetse gore taletso ya ga Jesu e e lerato e utlwala e kgatlha tota gompieno fela jaaka mo nakong e e fetileng.

4. Ke dipotso dife tse re tshwanetseng ra di sekaseka e le gore re solegelwe molemo ke taletso ya ga Jesu e e lerato?

4 Lefa go ntse jalo, ke eng se batho ba mo motlheng wa ga Jesu ba neng ba lebane le sone, mo ba neng ba lebega “ba patikegile ba gasagasame,” se se neng sa tlhotlheletsa Jesu gore a ba tlhomogele pelo? Ke merwalo efe e ba neng ba tshwanetse go e rwala, mme taletso ya ga Jesu e ne e tla ba thusa jang? Dikarabo tsa dipotso tseno di ka re thusa fela thata gore re solegelwe molemo ke taletso ya ga Jesu e e lerato fa a ne a laletsa batho ba ba lapileng.

“Ba lo Lapileng, ba lo Imelwang”

5. Ke ka ntlha yang fa go ne go tshwanela gore moaposetoloi Mathaio a bo a begile ka tiragalo eno mo bodireding jwa ga Jesu?

5 Se se kgatlhang ke gore ke Mathaio a le esi yo o neng a bega ka tiragalo eno ya mo bodireding jwa ga Jesu. E re ka Mathaio e ne e le mokgethisi, yo gape a neng a itsiwe e le Lefi, o ne a itse morwalo mongwe o o rileng o batho ba neng ba o rwele. (Mathaio 9:9; Mareko 2:14) Buka ya Daily Life in the Time of Jesus e bolela jaana: “Makgetho a [Bajuta ba neng ba tshwanelwa] ke go a duela ka madi le ka dithoto a ne a le boima tota, mme otlhe a ne a le boima ka gore mefuta e mebedi ya lekgetho e ne e duelwa ka nako e le nngwe fela, e leng makgetho a loago le a bodumedi; mme go ne go se na lepe la one le le neng le le lennye.”

6. (a) Go ne go dirisiwa mokgwa ofe wa go kgetha mo motlheng wa ga Jesu? (b) Ke ka ntlha yang fa go ne go buiwa leswe jaana ka bakgethisi? (c) Paulo o ne a ikutlwa go tlhokega gore a gakolole Bakeresetekaene ka eng?

6 Selo se se neng sa dira gore sotlhe seno se nne boima thatathata e ne e le mokgwa o go neng go ntshiwa lekgetho ka one mo motlheng oo. Badiredi ba Baroma ba ne ba neela batho bao ba neng ba solofetsa go ba neela madi a mantsi tshwanelo ya go kgethisa mo dikgaolong. Mme le bone ba ne ba hira batho ba ba mo mafelong a bone gore ba beye tiro ya go kgethisa leitlho. Mongwe le mongwe yo o neng a le mo thulaganyong ya go oketsa makgetho o ne a ikutlwa a tshwanela tota gore a oketse ka tlhwatlhwa ya gagwe, kana seabe sa gagwe. Ka sekai, Luke o ne a bolela gore “ga bo go le monna yo o bidiwang Sakaio; ya bo e le mokgethisi yo mogolo, a humile.” (Luke 19:2) Go lebega “mokgethisi yo mogolo” e bong Sakaio le ba a neng a ba okametse ba ne ba humisiwa ke gore batho bangwe ba boge. Mokgwa o o ntseng jalo o o neng o sa tshwanela e bile o se ka fa molaong o ne wa dira gore batho ba tseye bakgethisi fela jaaka ba tsaya baleofi le diaka, mme gongwe mo mabakeng a le mantsi ba ne ba tshwanelwa ke go tsewa jalo. (Mathaio 9:10; 21:31, 32; Mareko 2:15; Luke 7:34) E re ka batho ba ne ba ikutlwa ba rwele morwalo o o boima thata, ga go gakgamatse go bo moaposetoloi Paulo a ne a bona go tlhokega gore a gakolole Bakeresetekaene gore ba se ka ba ngongoregela jokwe ya Baroma mme ba “[neye] botlhe tshwanelo ya bone; lekgetho le newe ba ba tshwanetseng lekgetho; le sehuba ba ba tshwanetseng sehuba.”—Baroma 13:7a; bapisa Luke 23:2.

7. Melao ya kotlhao ya Baroma e ne ya oketsa merwalo ya batho jang?

7 Gape Paulo o ne a gakolola Bakeresete gore ba neye “poifo ba ba tshwanetseng go boifiwa le tlotlo ba ba tshwanetseng go tlotlwa.” (Baroma 13:7b) Baroma ba ne ba itsiwe ka melao ya bone e e setlhogo ya kotlhao. Gantsi batho ba ne ba itewa, ba bediwa mo go setlhogo, le go atlholelwa nako e telele mo kgolegelong, le go bolawa e le gore ba nne kutlo. (Luke 23:32, 33; Ditiro 22:24, 25) Tota le e leng baeteledipele ba Bajuta ba ne ba neelwa thata ya gore ba ba otlhaye ka tsela e e ntseng jalo fa ba bona go tshwanela. (Mathaio 10:17; Ditiro 5:40) Eleruri mokgwa oo o ne o laola mongwe le mongwe yo o neng a le kafa tlase ga one, e bile tota o gatelela.

8. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba rwesa batho morwalo jang?

8 Lefa go ntse jalo, se se neng se le maswe le go feta makgetho le melao ya Baroma e ne e le morwalo o baeteledipele ba bodumedi ba motlha oo ba neng ba o rwesa batho. E bile tota, go lebega fa Jesu a ne a amegile ka seno thata fa a ne a tlhalosa gore batho ke ba ba “lapileng, ba [ba] imelwang.” Jesu o ne a bolela gore baeteledipele ba bodumedi ba ne “ba tle ba bofe merwalo e e bokete, e e botlhoko go rwalwa, mme ba e beye mo magetleng a batho; mme bone ka bosi ga ba ke ba e tshikinya, le fa e le ka monwana wa bone,” go na le gore ba neele batho ba ba gateletsweng tsholofelo le kgomotso. (Mathaio 23:4; Luke 11:46) Motho o ka se belaele gore Diefangele di bontsha baeteledipele ba bodumedi—segolobogolo bakwadi le Bafarisai—e le setlhopha se se boikgodiso, se se setlhogo, e bile se le boitimokanyo. Ba ne ba tseela batho kwa tlase jaaka ba ba sa rutegang le ba ba sa itshekang, e bile ba ne ba sa rate batswakwa ba ba mo gare ga bone. Buka nngwe e bolela jaana ka tsela e ba neng ba ikutlwa ka yone: “Mo malatsing ano monna yo o belesang pitse ka tsela e e feteletseng o atlholwa kafa molaong. Go tweng ka monna yo o neng a rwesa ‘batho ba naga’ melao e le 613 ba ba neng ba sa thapisiwa mo bodumeding; mme go tswa foo a bo a ba baya molato wa gore ga ba boife Modimo, a ntse a sa dira sepe go ba thusa?” Ke boammaaruri gore morwalo wa mmatota e ne e se Molao wa ga Moshe mme e ne e le bontsi jwa ngwao e e neng e pegilwe mo bathong.

Selo se Tota se Bakang Matshwenyego

9. Maemo a batho ba mo motlheng wa ga Jesu a ne a tshwana jang le a batho ba mo motlheng wa ga Kgosi Solomone?

9 Ka dinako tse dingwe morwalo wa madi o ne o imela batho, mo e leng gore lehuma le ne le aname. Baiseraele ba ne ba tshwanelwa ke gore ba ntshe makgetho a a tshwanetseng a a neng a beilwe kafa Molaong wa ga Moshe. Morago ga moo fa Solomone a busa, batho ba ne ba duelela ditiro tse di neng di tlhoka madi thata tsa setšhaba, tse di jaaka go aga tempele le dikago tse dingwe. (1 Dikgosi 7:1-8; 9:17-19) Lefa go ntse jalo, Baebele e re bolelela gore batho ba ne “ba ja ba nwa ba dira mokete fela. . . . Bajuta le Baiseraele ba ne ba agile ka thagamo, mongwe le mongwe fa tlase ga mofine wa gagwe le fa tlase ga mofeige wa gagwe, go tswa Dane go ya Beerešeba ka metlha ya ga Solomone.” (1 Dikgosi 4:20, 25) Ke eng se se neng sa dira gore go nne le pharologanyo eno?

10. Ke eng se se bakileng boemo jo Iseraele a neng a le mo go jone mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

10 Fa fela setšhaba seno se ne se tlhomame mo kobamelong ya boammaaruri, ba ne ba amogelwa ke Jehofa mme ba segofadiwa ka thagamo le letlotlo go sa kgathalesege ditshenyegelo tse dikgolo tsa setšhaba. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlhagisa gore fa ba ne ba ka “fapoga mo go [mo saleng] morago, . . . [ba] sa tshegetse ditaolo tsa [gagwe],” o ne a tla ba fetolela dilo ka tsela e e masisi. E bile tota, “Baiseraele ba [ne ba tla] nna seane le lefoko la tshotlo mo ditšhabeng tsotlhe.” (1 Dikgosi 9:6, 7) Dilo di ne tsa diragala fela jalo. Iseraele o ne a nna kafa tlase ga mebuso ya seeng, mme bogosi jo bo kileng jwa bo bo galalela bo ne jwa gapiwa ke magosi a sele. A bo e ne e le diphelelo tse di botlhoko jang ne tsa go itlhokomolosa maikarabelo a bone a semoya!

11. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ikutlwa gore batho ba ne ba “patikegile ba gasagasame jaaka dinku tse di se nang modisa”?

11 Dilo tseno tsotlhe di re thusa go tlhaloganya lebaka la go bo Jesu a ne a ikutlwa gore batho ba a neng a ba bona ba ne ba “patikegile ba gasagasame.” E ne e le Baiseraele, batho ba ga Jehofa, ba ka kakaretso ba neng ba leka go tshela go dumalana le melao ya Modimo le go tsweledisa kobamelo ya bone ka tsela e e amogelwang. Lefa go ntse jalo, e ne e se baeteledipele ba bopolotiki le ba kgwebo fela ba ba neng ba ba ja ntsoma le go ba gatelela mme gape le baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba le mo gare ga bone. Ba ne ba le “jaaka dinku tse di se nang modisa” ka gonne go ne go se na ope yo o neng a ba tlhokometse kana yo o neng a ka ba namola. Ba ne ba tlhoka thuso gore ba itshokele maemo a ba neng ba le mo go one a a setlhogo. A bo taletso ya ga Jesu e e lerato le e e bonolo e ne e le mo nakong jang ne!

Taletso ya ga Jesu Gompieno

12. Ke dilo dife tse di gateletseng batlhanka ba Modimo le batho bangwe ba ba peloephepa gompieno?

12 Gompieno dilo di a tshwana ka ditsela di le dintsi. Batho ba ba dipelodiphepa ba ba lekang go ikanyega mo ditirong tsa bone, tsamaiso eno ya dilo e e bosula e a ba gatelela le go ba tlhoka dilo di le dintsi mo ba sa tlholeng ba kgona go e itshokela. Tota le ba ba neetseng matshelo a bone go Jehofa ga ba a sirelediwa mo go seno. Dipego di bontsha gore batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba fitlhela gore go ntse go nnela boima kwa pele gore ba dire maikarabelo otlhe a bone, le mororo ba batla go dira jalo. Ba ikutlwa ba imelwa, ba lapile. Batho bangwe tota ba ikutlwa gore ba ne ba ka imololwa fa ba ne ba ka emisa go tshwenyega mme ba tswa fa gare ga batho e le gore ba kgone go ikakanya sentle. A o kile wa ikutlwa ka tsela eo? A o itse mongwe yo o mo tlwaetseng thata yo o nang le bothata joo? Ee, taletso ya ga Jesu e e gomotsang e kaya sengwe se segolo thata mo go rona gompieno.

13. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Jesu o ka re thusa gore re bone kgomotso le tapologo?

13 Jesu o ne a bolela jaana pele a ntsha taletso ya gagwe e e lerato: “Dilo tsotlhe ke di neetswe ke Rre; mme ga go ope yo o itseng Morwa fa e se Rara, le gone ga go ope yo o itseng Rara, fa e se Morwa le mongwe le mongwe yo Morwa o ratang go mo mo senolela.” (Mathaio 11:27) E re ka Jesu le Rraagwe ba atamelane thata jaana, re tlhomamisediwa gore fa re amogela taletso ya ga Jesu re bo re nna barutwa ba gagwe, re ka atamelana thata le Jehofa, “Modimo wa kgomotso yotlhe.” (2 Bakorinthe 1:3; bapisa Johane 14:6.) Mo godimo ga moo, e re ka Jesu Keresete ‘a neetswe dilo tsotlhe,’ ke ene a le esi a nang le maatla le thata ya go re tlhofofaletsa merwalo ya rona. Merwalo efe? E re e rwesitsweng ke ditsamaiso tse di bosula tsa bopolotiki, tse di amanang le kgwebo le tsa bodumedi, mmogo le morwalo o re o rwesitsweng ke boleo jo re bo ruileng le go sa itekanela. A bo e ne e le ntlha e e kgothatsang le e e gomotsang jang ne go tswa fela kwa tshimologong!

14. Jesu o ne a ka lapolosa batho ba ba imetsweng ke eng?

14 Jesu o ne a bolela jaana: “Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa.” (Mathaio 11:28) Tota Jesu o ne a se kgatlhanong le go dira ka natla, ka gonne gantsi o ne a tle a gakolole barutwa ba gagwe gore ba dire ka natla mo tirong e ba e dirang. (Luke 13:24) Mme lefoko le le reng “lapileng” (“berekang ka thata,” Kingdom Interlinear) le raya tiro e o sa etleng o ikhutsa le e e lapisang, gantsi e se na matswela a a molemo. Mme lefoko le le reng “imelwang” le tlisa kgopolo ya go rwala bokete mo go feteletseng. Pharologanyo fano e ka bapisiwa le monna mongwe yo o epang letlotlo le le fitlhegileng mme yo mongwe a epa mesima kwa kampeng ya batho ba ba berekang ka go patelediwa. Ba dira tiro e e thata e e tshwanang. Yo mongwe o dira tiro ka go rata, mme fa e le yo mongwe, o dira tiro e e seng monate e e sa feleng. Pharologanyo e dirwa ke boikaelelo jwa tiro kana go tlhoka boikaelelo jwa yone.

15. (a) Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife fa re ikutlwa gore re rwele morwalo o o boima mo magetleng a rona? (b) Ke eng se se ka bolelwang malebana le se se bakang merwalo ya rona?

15 A o ikutlwa gore o ‘lapile e bile o a imelwa,’ mo e leng gore go na le dilo di le dintsi thata tse o tlhokang gore o di dire o dirisa nako le maatla a gago? A merwalo e o e rweleng e lebega e go imela? Fa go le jalo, go ka thusa go ipotsa gore, ‘Ke itapisetsa eng? Ke rwele morwalo wa mofuta ofe?’ Motho mongwe yo o akgelang ka Baebele o ne a bolela jaana dingwaga tse di fetang 80 tse di fetileng malebana le seno: “Fa re sekaseka merwalo ya botshelo e wela mo ditlhopheng tse pedi; re ka nna ra e bitsa e re e ikimetsang le e re ka sekang ra e tila: e e bakiwang ke ditiro tsa rona, le e e sa bakiweng ke tsone.” Go tswa foo o ne a oketsa jaana: “Bontsi jwa rona bo tla gakgamadiwa ke go bona gore bontsi jwa merwalo yotlhe ya rona ke e re e ikimetsang, fa re se na go itlhatlhoba ka tlhoafalo.”

16. Ke merwalo efe e re ka nnang ra e ikimetsa ka tsela e e sa tshwanelang?

16 Ke merwalo efe e mengwe e re ka e ikimetsang? Gompieno re tshela mo lefatsheng le le ratang dikhumo, go ijesa monate le boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong. (2 Timotheo 3:1-5) Tota le e leng Bakeresete ba ba ineetseng ka dinako tsotlhe ba a gatelelwa gore ba latele difeshene tsa meaparo le mekgwa ya lefatshe ya go tshela. Moaposetoloi Johane o ne a kwala ka ga “thato ya nama, le kgatlhego ya matlho, le mabela a botshelo.” (1 Johane 2:16) Dilo tseno di a tlhotlheletsa tota e bile di ka re ama motlhofo. Go a itsiwe gore batho bangwe ba ntse ba itsenya mo dikolotong tse dikgolo e le gore ba itumelele menate e mentsi ya lefatshe leno kana ba tshele mofuta o o rileng wa botshelo. Morago ga moo ba fitlhela gore ba tshwanetse go senya nako e ntsi thata mo tirong, kana ba dire ditiro di le dintsi, gore ba bone madi a go duela dikoloto tsa bone.

17. Ke boemo bofe jo tota bo ka paledisang motho gore a rwale morwalo, mme seno se ka rarabololwa jang?

17 Lefa motho a ka nna a akanya gore ga go phoso go nna le dingwe tsa dilo tse batho bangwe ba nang le tsone kana go dira dingwe tsa dilo tse ba di dirang, go botlhokwa gore a itlhatlhobe a bone gore a o ikokeletsa morwalo go sa tlhokege. (1 Bakorinthe 10:23) E re ka motho a ka kgona go rwala morwalo o o rileng fela, o tshwanetse a fokotsa e mengwe e le gore a rwale morwalo o mongwe. Gantsi, dilo tse di leng botlhokwa mo bomoyeng jwa rona ke tsone tse di kgaphelwang kwa thoko pele—e leng thuto ya motho ka namana ya Baebele, go nna gone kwa dipokanong le bodiredi jwa tshimo. Go felela ka gore motho a se tlhole a na le maatla a semoya, mo kgabagare go tla dirang gore go mo thatafalele go rwala morwalo. Jesu Keresete o ne a tlhagisa ka kotsi eo fa a ne a bolela jaana: “Lo itlhokomele, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imelelwa ke go kgora bobe, le go tagwa, le ke ditlhodiego tsa botshelo jono, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganetso jaaka seru.” (Luke 21:34, 35; Bahebere 12:1) Go thata gore motho a lemoge seru le go se tila fa a imelwa e bile a lapile.

Go Imololwa le go Bona Tapologo

18. Ke eng se Jesu a neng a se neela ba ba tlang kwa go ene?

18 Ka gone, Jesu o ne a thusa jaana ka lerato: “Tlang kwano go nna . . . mme ke tlaa lo lapolosa.” (Mathaio 11:28) Lefoko le le reng “lapolosa” fano le le le reng “tapologo” mo temaneng ya 29 a tswa mo mafokong a Segerika a a tshwanang le lefoko le thanolo ya Septuagint e le dirisang go ranola lefoko la Sehebera le le reng “sabata” kana “go boloka sabata.” (Ekesodo 16:23) Ka gone, Jesu ga a ka a solofetsa gore ba ba tlang kwa go ene ba ne ba ka se tlhole ba nna le tiro, mme o ne a solofetsa gore o ne a tla ba lapolosa e le gore ba kgone go dira tiro e ba tshwanetseng go e dira e e dumalanang le boikaelelo jwa Modimo.

19. Motho o ‘tla kwa go Jesu’ jang?

19 Lefa go ntse jalo, motho o ‘tla kwa go Jesu’ jang? Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Fa motho le fa e le mang a rata go ntshala morago, a a iitatole, mme a a tseye mokgoro wa gagwe a itse go ntshala morago.” (Mathaio 16:24) Ka gone, go tla mo go Jesu go raya go dira gore thato ya motho e nne kwa tlase ga ya Modimo le Keresete, a amogela morwalo mongwe o o rileng wa boikarabelo, a dira jalo ka metlha. A seno sotlhe se tlhoka dilo di le dintsi? A tlhwatlhwa ya gone e kwa godimo thata? A re ko re sekasekeng se Jesu a neng a se bolela fa a se na go neela batho ba ba lapileng taletso eno e e lerato.

A o A Gakologelwa?

◻ Batho ba mo motlheng wa ga Jesu ba ne ba imelwa ka ditsela dife?

◻ Ke eng se totatota se neng se dira gore batho ba tshwenyege?

◻ Re tshwanetse go itlhatlhoba jang fa re ikutlwa gore re imelwa fela thata?

◻ Ke merwalo efe e re ka nnang ra e ikimetsa go sa tlhokege?

◻ Re ka amogela tapologo e Jesu a neng a e solofetsa jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke merwalo efe e mengwe e re ka nnang ra e ikimetsa?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

Courtesy of Bahamas Ministry of Tourism

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela