Tsela e Tshesane e e Isang Kgololesegong
KE BATHO ba sekae fela ba ba botlhale ba ba ganetsang gore lebopo le laolwa ke melao ya tlholego. Melao eno e laola sengwe le sengwe go tloga ka diatomo tse dinnye go fitlha go masagaripa a magolo thata a a nang le dikete tsa dimilione tsa dinaledi. Fa melao eno e ne e seyo, go ka bo go se na thulaganyo e bile go se na kutlwisiso; botshelo ka bojone bo ka bo bo seyo. E re ka motho a tlhaloganya melao ya tlholego le go dirisana le yone, o kgonne go fitlhelela namane e tona ya tiro, e e jaaka go tsamaya mo ngweding le go phatsimisa ditshwantsho tsa mebala mo lefelong lepe fela mo lefatsheng kana tota le kwa godimo ga atemosefere ya lefatshe gore di tsene mo dithelebisheneng tse di mo magaeng a rona.
Mme re ka reng ka melao ya boitsholo? A go e utlwa go ka nna mosola ga bo ga nna le matswela fela jalo? Batho ba le bantsi ba lebega ba ikutlwa gore ga go na melao ya boitsholo mme ba itlhophela botlhajana kana bodumedi jo bo letlelelang sengwe le sengwe jo bo tsamaisanang le dikeletso tsa bone.
Lefa go ntse jalo, go na le batho bangwe ba ba tlhophang tsela e nngwe, ‘tsela e tshesane e e isang botshelong’ jaaka go bontshitswe mo Baebeleng. Ga re a tshwanela go gakgamala go bo tsela eno e tlhophiwa ke palo e potlana fela ya batho, ka gonne Jesu o ne a bolela jaana ka tsela e tshesane: “Ba ba e bonang ga ba bantsi.” (Mathaio 7:14) Ke ka ntlha yang fa e bonwa ke ba sekaenyana fela?
Ka gonne tselana e tshesane eo e laolwa ke melao le melaometheo ya Modimo. E ka kgatlhegelwa fela ke motho yo o batlang go tshela ka melao ya Modimo ka bopeloephepa. Go farologana le tsela e e atlhameng, e e lebegang e na le kgololesego mme totatota e dira batho makgoba, tsela e tshesane, e e lebegang e lekanyeditswe, e golola motho mo mabakeng otlhe a a botlhokwa. Melelwane ya yone e tlhomilwe mo “molaong o o itekanetseng, e bong molao wa kgolole[se]go.”—Jakobe 1:25.
Ka fa Tsela e Tshesane e Gololang ka Gone
Ke boammaaruri gore ga go motlhofo go tsamaya mo tseleng e tshesane ka dinako tsotlhe. Motho mongwe le mongwe yo o tshelang ga a itekanela mme o tshotswe a lemaletse go dira phoso. Ka jalo motho o ka nna a lemalela go nna a latlhega fale le fale. Lefa go ntse jalo, melemo ya go kgomarela ‘tsela e e pitlaganeng’ e botlhokwa go gaisa go ikgalemela kana go dira diphetogo dipe tse di rileng, ka gonne Modimo ‘o re ruta go itsholegela molemo.’—Isaia 48:17; Baroma 3:23.
Fa re tshwantsha: Batsadi ba ba botlhale ba baakanyetsa bana ba bone ‘tsela e e pitlaganeng.’ Ka dinako tse dingwe seno se ka raya go gagamatsa dilo ka dinako tsa dijo. Mme fa bana ba ntse ba gola, ba tla anaanela kotlhao e e lerato ya batsadi ba bone. Fa ba setse ba godile, ba tla bo ba setse ba na le tatso ya dijo tse di itekanetseng. Mme e re ka go na le dijo tse di farologaneng tse di otlang mmele ga ba ne ba ikutlwa ba lekanyeditswe dilo.
Ka tsela ya semoya, Modimo o dira se se tshwanang ka batho ba ba mo tseleng e tshesane e e isang botshelong. Batho ba ba pelonomi o ba naya keletso e e phepa e e tla ba itumedisang le e e tla ba gololang ka tsela ya mmatota. O dira seno ka go ba neela Lefoko la gagwe, Baebele. Mo godimo ga moo, o re kopa gore re rapelele moya wa gagwe gore o re thuse, mme o re laela gore re itsalanye le Bakeresetekarona, ba ba ka re kgothatsang gore re nne mo tselaneng e tshesane. (Bahebere 10:24, 25) Ee, Modimo o lerato, mme nonofo eno ya gagwe e kgolo e tshegetsa maikaelelo a gagwe le mekgwa yotlhe ya gagwe.—1 Johane 4:8.
Fa re na le lerato, kagiso, molemo, boikgapo le maungo a mangwe a moya wa Modimo, tsela e tshesane ga e lebege e thibela sengwe le sengwe. Ka gonne lokwalo lo bolela gore, “dilo tse, ga di angwe ke molao ope.” (Bagalatia 5:22, 23) “Kwa Mowa wa Morena o teng, ke teng kwa go nang le kgololesego.” (2 Bakorinthe 3:17) Tota le gone jaanong, Bakeresete ba boammaaruri ba latswa kgololesego eno. Ba gololesegile mo dilong di le dintsi tse di boifisang batho gompieno, jaaka go boifa isagwe le tumelobotlhodi ya go boifa loso. A bo go itumedisa jang ne go akanya ka isagwe e mo go yone “lefatshe le tlaa bo[ng] le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle”! (Isaia 11:9) Ka nako eo, batho ba tla bo ba sa boife bokebekwa. Diloko le mephakarego e ka se tlhole e nna teng goyagoile. Batho botlhe ba tla ikutlwa ba gololesegile e bile ba babalesegile mo magaeng le mo mebileng—bosigo le motshegare. Kgololesego eo e tla bo e le yone tota!
Modimo o re Tlhomamisetsa go re Thusa
Ke boammaaruri gore go tshela ka melao ya Modimo go tlhoka boiteko, lefa go ntse jalo “ditaolo tsa one ga di tlhokofatse,” tota le e leng mo bathong ba ba sa itekanelang. (1 Johane 5:3) Fa re ntse re ipaakanyetsa tsela e tshesane le go solegelwa molemo ke go tsamaya mo go yone, re simolola go tlhoa ditiro tsa batho ba ba mo tseleng e e atlhameng le tsela e ba akanyang ka yone. (Pesalema 97:10) Go utlwa molao wa Modimo go rotloetsa digakolodi tsa rona rotlhe. Mo boemong jwa “bohutsana jwa pelo” le “go jewa ke moetlo mo moeng” e leng mekgwa e e bonalang mo bathong ba le bantsi, Modimo o solofetsa jaana: “Bonang, batlhanka ba me ba tlaa opela ka go thama ga pelo.” Ee, pelo e e thapisitsweng ke Jehofa e a itumela le go gololesega.—Isaia 65:14.
Jesu o ne a swela gore a re golole ka tsela ya mmatota. Baebele e bolela jaana: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Gone jaanong Jesu o aba melemo ya setlhabelo seo e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo. Ka bonako fela morago ga “sepitla se segolo,” fa tsela e e atlhameng le ba ba tsamayang mo go yone ba tla bo ba nyelediwa, o tla simolola go kaela batho ba ba kutlo ka bopelotelele mo tseleng e e setseng e tshesane go ya fela kwa bokhutlong jwa yone, kwa boitekanelong jwa batho. (Tshenolo 7:14-17; Mathaio 24:21, 29-31) Kgabagare re tla bona tsholofetso eno e e molemolemo e diragadiwa: “Lobopo le lone lo tlaa gololwa mo botlhankeng jwa go bola, lo isiwa mo kgololesegong ya kgalalelo ya bana ba Modimo.” Kgololesego eno e e tswang kwa Modimong e ka se gaisiwe ke sepe. Tota le loso lo tla fedisiwa.—Baroma 8:21; Tshenolo 21:3, 4.
Motho o ka kgona go tlhopha tselana eno ka go bona le go tlhaloganya sentle gore tsela e tshesane e ya kae a bo a tswelela pele a tsamaya mo go yone. Basha segolobogolo ba thusiwa gore ba se tseye dilo motlhofo le gore ba se kokonelwe ke se ba reng ke dithibelo tse di lerweng ke melao ya Modimo. Ba ithuta go lemoga seno e le bosupi jwa lerato la Modimo le go ba sireletsa mo dilong tse di bosula tsa tsela e e atlhameng. (Bahebere 12:5, 6) Ke boammaaruri gore motho o tlhoka gore a nne pelotelele, a ntse a gakologetswe gore go tsaya nako go nna le dinonofo le dikeletso tsa bomodimo, fela jaaka go tsaya nako gore setlhare sa maungo se ntshe maungo a a molemo. Mme setlhare se ka ntsha maungo fa fela se tlhagolelwa le go nosediwa.
Ka jalo ithute Lefoko la Modimo, o itsalanye le Bakeresete ba bangwe o bo o “[rapelela moya o o boitshepo] ka go bisa go khutla.” (1 Bathesalonika 5:17) Ikanye Modimo gore a go thuse go “siamisa ditselana tsa gago.” (Diane 3:5, 6) A mme seno sotlhe se mosola? A tota se a thusa? Ee, se thusitse Tom le Mary, ba ba umakilweng mo setlhogong se se fetileng.
Ba ne Ba Tlogela go Tsamaya mo Tseleng e e Atlhameng
Tom o kwala jaana: “Mo magareng a dingwaga tsa bo70, re ne ra kopana le Basupi ba ga Jehofa fa mongwe wa bone a ne a etetse kwa legaeng la rona. Puisano eo e ne ya dira gore re ithute Baebele. Ke ne ka simolola go tokafatsa botshelo jwa me ka iketlo. Ke ne ka kolobediwa ka 1982 mme jaanong ke direla mo phuthegong e e mo lefelong la gaetsho. Morwa wa rona le ene o kolobeditswe jaanong. Ke leboga mosadi wa me go bo a ne a intshokela ka dingwaga tsotlhe tseo pele ke ithuta boammaaruri. Mme mo godimo ga dilo tsotlhe ke leboga Jehofa le Morwawe, Keresete Jesu, ka sotlhe se ba re neetseng sone le ka tsholofelo e jaanong re nang le yone ka isagwe.”
Mme re ka reng ka Mary? Legale, o ne a ikutlwa gore Modimo o ne o se kitla o mo itshwarela le ka motlha, mme o ne a batla go ithuta ka one gore bana ba gagwe ba solegelwe molemo. Fa a ne a utlwa gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta moagisani wa gagwe Baebele, le ene o ne a kopa thuso. Lefa go ntse jalo, mekgwa ya gagwe e e nweleletseng e e bosula e ne ya dira gore a se gatele pele ka bonako. Fa a ntse a ithuta o ne a tle a gatele pele a boele gape kwa morago. Lefa go ntse jalo, morwadie yo mmotlana wa dingwaga di le supa o ne a ntse a mo kgothatsa. O ne a tle a re: “O se ka wa tlogela, Mama. O ka kgona!” Go tswa foo Mary o ne a leka ka thata.
Fa monna wa gagwe yo a neng a mo nyetse go ya ka ngwao yo le ene a neng a dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang a ne a boela gae, o ne a kopanela mo thutong. Kgabagare ba ne ba fenya mekgwa ya bone e e bosula boobabedi. Go tswa foo, fa ba se na go nyalana ka fa molaong le go kolobediwa, ba ne ba itumela thata mme ba ikutlwa jaaka lelapa la mmatota, e le la ntlha ba ikutlwa jalo. Ka maswabi, kgabagare Mary o ne a bolawa ke bolwetse jwa AIDS, mme o ne a tlhokafala pelo ya gagwe e ngaparetse tsholofelo ya Baebele ya tsogo le ya botshelo mo lefatsheng la paradaise, a tlogetse mokgwa mongwe le mongwe o o bosula wa tsela e e atlhameng.
Ee, go a kgonega gore motho a tswe mo tseleng e e atlhameng le e kgolo e e isang tshenyegong. Keresete Jesu o ne a bolela jaana: “Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ke ka ntlha yang he, o sa swetse gore o tsamaye mo tselaneng e tshesane e e isang botshelong? Ka go tlhwaela tsebe le go dirisa se o se ithutang mo Lefokong la Modimo, o ka nna wa bona tsholofetso eno e e itumedisang ya Baebele e diragala: “Lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola.”—Johane 8:32.