LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 9/1 ts. 3-4
  • Tsela e Kgolo e e Senang Kgololesego e e Lekaneng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela e Kgolo e e Senang Kgololesego e e Lekaneng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mofuta wa Botshelo o o Fetogileng
  • Eleruri Tsela e Atlhame
  • Tsela e e Atlhameng e Isa Tshenyegong
  • Tsela e Tshesane e e Isang Kgololesegong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tswelelang lo ‘mo Reetsa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • A Madumedi Otlhe a Siame?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 9/1 ts. 3-4

Tsela e Kgolo e e Senang Kgololesego e e Lekaneng

Lelapa lengwe le le nang le batho ba bararo—e leng rre, mmè le morwadiabone yo mmotlana—ba ne ba le kwa gabone kwa Sydney, kwa Australia, fa ntlo e ne e tshwara molelo. Ba ne ba leka go tswa ka difensetere, mme di ne di tsentswe mephakarego. Batimamolelo ba ne ba palelwa ke go ba falotsa ka ntlha ya mephakarego eno e e sireletsang. Mmè le rre bano ba ne ba bolawa ke mosi le kgabo ya molelo. Morwadiabone o ne a tlhokafala moragonyana kwa sepateleng.

ABO go hutsafatsa jang ne go bo lelapa leno le ne la swa ka ntlha ya didirisiwa tseno tse di neng di tshwanetse tsa ba sireletsa! Ke kakgelo fela e e malebana le metlha ya rona e e bontshang gore lelapa leno ga se lone fela le le nang le legae le le sireleditsweng ka mephakarego le diloko tsa pabalesego. Baagisani ba le bantsi le bone ba na le magae le dikago tse di tshwanang le mafelo a go iphemela. Ka ntlha yang? Ba batla pabalesego le go ritibala mo mogopolong. A bo e le go senyega ga lefatshe le le “gololesegileng” jang ne le mo go lone batho ba ikutlwang ba sireletsegile fa fela ba itswaleletse jaaka magolegwa mo magaeng a bone! Mo ditikologong di le dintsi, bana ga ba tlhole ba tshameka mo parakeng e e gaufi kana go ya kwa sekolong ba sa tsamaye le motsadi kana motho yo mongwe yo o godileng. Kgololesego e nyelela fela jaaka monyo wa moso mo dikarolong di le dintsi.

Mofuta wa Botshelo o o Fetogileng

Go ne go farologane mo metlheng ya borraaronamogolo. Fa ba santse ba le bana, gantsi ba ne ba ka tshameka gongwe le gongwe kwa ba ratang teng ba sa boife sepe. Fa ba setse ba godile, ba ne ba sa akanye ka go tsenya diloko le mephakarego. Ba ne ba ikutlwa ba gololesegile, mme ba ne ba gololesegile ka selekanyo se se rileng. Mme borraaronamogolo ba bone se batho ba neng ba se tlwaetse se ntse se fetoga ka nako ya fa ba ntse ba tshela. Batho ga ba tlhole ba na le lerato, ba pelotshetlha thata; ga go tlhole go na le lerato la boagisani mo mafelong a le mantsi fa e se fela go boifa moagisani yo mongwe, e leng selo se se neng sa baka tiragalo ya matlhotlhapelo e e umakilweng fa godimo. Go tlhoka kgololesego mono mo go ntseng go oketsega go amana le boitsholo jo bo ntseng bo senyega ka iketlo. Batho ba setse ba kgatlhiwa ke “boitsholo jo bosha,” mme totatota, jaanong batho ga ba na boitsholo gotlhelele.

Dr. Rupert Goodman, yo o kileng ya bo e le motlhatlheledi wa thuto kwa Yunibesithing ya Queensland, o kwala jaana: “Basha jaanong ba tshela botshelo jo bo farologaneng, jwa go ijesa monate . . . jo go itibileng ‘bone’ fela mo go jone: boitlhapediso, go ikitse, go iitumedisa, go ikgotsofatsa.” Gape o bolela jaana: “Batho ba le bantsi ba tsaya mekgwa e mentle e e jaaka boikgapo, go itima dilo dingwe, go dira ka natla, go nna tekatekanyo, go tlotla babusi, go rata batsadi le go ba tlotla . . . e le e e sa tlwaelegang.”

Eleruri Tsela e Atlhame

Batho ba ba itseng boperofeti jwa Baebele ga ba gakgamadiwe ke go anama ga bopelotshetlha, ka gonne Jesu Keresete o ne a tlhagisa bareetsi ba gagwe jaana: “Kgoro e atlhame, tsela le yone e kgolo e e isang tshenyegong, le ba ba tsenang ka yone ba bantsi. Gonne kgoro e pitlaganye, tsela le yone e e isang botshelong e tshesane, mme ba ba e bonang ga ba bantsi.” (Mathaio 7:13, 14) Tsela ya ntlha, e e nang le sebaka se se lekaneng batsamai ba le bantsi, e “atlhame” ka gonne ga e a thibelwa ka gore melaometheo ya Baebele e laole boitsholo le botshelo jwa letsatsi le letsatsi. E kgatlha batho ba ba ratang go akanya ka se ba se batlang le go tshela ka tsela e ba e ratang—e e senang melao, e e senang boikarabelo.

Ke boammaaruri gore batho ba ba itlhophetseng tsela e e atlhameng ba bolela fa ba itumelela kgololesego ya bone. Mme bontsi jwa bone bo tlhotlhelediwa ke boikutlo jo bo anameng jwa bopelotshetlha. Baebele e bolela gore ba laolwa ke “mowa o gompieno o dirang mo baneng ba ba kgopo.” Moya ono o ba tlhotlheletsa gore ba tshele ‘mo nameng, ba dira dikeletso tsa nama,’ e ka tswa e le boitsholo jo bo sa siamang, go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, kana go batla dikhumo ka tsela e e setlhogo, go batla maemo a a kwa godimo, kana go nna le thata.—Baefeso 2:2, 3.

Tsela e e Atlhameng e Isa Tshenyegong

Ela tlhoko gore batho ba ba tsamayang mo tseleng e e atlhameng ba tlhotlhelediwa gore ba dire “dikeletso tsa nama.” Seno se bontsha gore ga ba a gololesega le e seng—ba na le mong. Ke makgoba a nama. Mme go direla mong yono go ka dira gore batho ba nne le mathata a le mantsi—leroborobo la malwetse a a tshelanwang a tlhakanelodikobo, malapa a a kgaoganeng, mebele le ditlhaloganyo tse di lwalang ka ntlha ya go dirisa diokobatsi le dino tsa tagi ka tsela e e sa tshwanelang, fa go umakiwa di sekaenyana fela. Tota le e leng bothubaki, bogodu le go betelela di bakiwa ke go akanya ka tsela ya go sa akanyetse ba bangwe mo go letlelelwang mo tseleng eno e e atlhameng. Mme maungo a ‘tsela eno e e isang tshenyegong’ a tla tlhokofatsa batho thata, fa fela e santse e le teng.—Diane 1:22, 23; Bagalatia 5:19-21; 6:7.

A o ko o akanye ka dikai tse pedi tse di diragetseng kwa Australia. Mary o ne a ineela mo thaelong ya go dirisa diokobatsi tse di tagang ka tsela e e sa tshwanelang mmogo le go kopanela mo boitsholong jo bo sa siamang.a Mme boitumelo jo a neng a bo batla bo ne jwa nyelela. Tota lefa a se na go nna le bana ba le babedi, botshelo jwa gagwe bo ne bo lebega bo le lolea. O ne a kgobega marapo thata fa a se na go lemoga gore o tsenwe ke AIDS.

Tom o ne a utlwa botlhoko ka tsela e e farologaneng. O kwala jaana: “Ke goletse mo dikagong tsa kereke kwa bokone jwa Queensland. Ke ne ka simolola go nwa thata fa ke na le dingwaga di le 16. Rre, bomalome le ditsala ba ne ba nwa thata botlhe, ka jalo go ne go lebega e le selo se se tlwaelegileng. Go ne ga fitlha nako e ke neng ke kgona go nwa mefuta yotlhe ya tagi, go simolola ka bojalwa jo bo bedisitsweng go fitlha ke nwa le majalwa a a nang le ethyl. Gape ke ne ka simolola go betšha dipitse, ka dinako tse dingwe ke ne ke jewa madi a ke neng ke a bereketse ka thata. E ne e se madi a mannye, ka gonne ke ne ke duelwa madi a mantsi kwa tirong e ke neng ke e dira ya go kgetla ntšhe.

“Morago ga moo ke ne ka nyala mme ra nna le bana. Go na le gore ke sikare maikarabelo a me, ke ne ka dira se ditsala tsa me di neng di se dira—go nwa, go betšha le go lwa. Gantsi ke ne ke tsenngwa mo kgolegelong e e neng e le mo lefelong leo. Mme tota seno se ne se sa ntshwenye. Botshelo jwa me bo ne jwa nnela maswe kwa pele. Bo ne bo tletse mathata.”

Ee, Tom le Mary ga ba ikutlwisa botlhoko ba le bosi fela mme gape le ba malapa a bone, ka go ineela mo dikeletsong tse di phoso. Ka maswabi, basha bangwe ba le bantsi ba ineela mo go tsiediweng ke moya o o phoso wa kgololesego ya tsela e e atlhameng. E kete basha ba ka bona ka kwa ga setshiro seno, se se tsietsang. E kete ba ka bona se tota tsela e e atlhameng e se tshotseng—diphelelo tse di botlhoko tse batho botlhe ba ba tsamayang mo go yone kgabagare di tshwanetseng gore di ba diragalele. Ke boammaaruri gore e atlhame e bile go motlhofo go tsena mo go yone. Mme boatlhamo jwa yone bo lere botlhoko. Tsela e e botlhale ke go tlhwaela tsebe lebaka leno le le sa belaetseng la gore “yo o jalelang nama ya gagwe, o tlaa roba sebodu se se tswang mo nameng.”—Bagalatia 6:8.

Lefa go ntse jalo, go na le sengwe se se botoka se re ka se tlhophang. Ke tsela e tshesane. Mme tsela eno e lekanyeditswe go le kana kang, e pitlagane e bile e tshesane go le kana kang? Mme e isa kae?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina a fetotswe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela