LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 3/15 ts. 31
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tswelelang lo ‘mo Reetsa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Bogosi Jwa Modimo—A o A bo Tlhaloganya?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • A Basupi ba ga Jehofa ba Dumela Gore ke Bone Badumedi ba Boammaaruri?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 3/15 ts. 31

Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

◼ A go ya ka Mathaio 7:13, 14 le Luke 13:24, re tshwanetse go swetsa gore le eleng mo tsogong ya baswi, batho ba le bantsi ba tla gana kobamelo ya boammaaruri?

Nyaa, ditemana tseno ga di tshegetse tshwetso e e ntseng jalo. Go na le moo, di bua segolo bogolo ka go bona botshelo mo Bogosing jwa selegodimo.

Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 7:13, 14 ke karolo ya Thero ya Thabeng. O ne a re: “Tsènañ ka kgōrō e e pitlaganyeñ: gonne kgōrō e atlhame, tsela le eōna e kgolo e e isañ tshenyegoñ, le ba ba tsènañ ka eōna ba bantsi. Gonne kgōrō e pitlaganye, tsela le eōna e e isañ botsheloñ e tshesane, me ba ba e bōnañ ga ba bantsi.”

Bontsi jwa seo Jesu a neng a se bua ka nako eno bo ne bo amana segolo bogolo le Bogosi jwa selegodimo. Ka sekai, o ne a simolola ka mafoko ano: “Go segō ba ba humanegileñ mo moeñ: gonne bogosi yoa legodimo ke yoa bōnè.” O ne a bolela gore ba ba dipelo di itshekileng ba tla “bōna Modimo” le gore “bogosi yoa legodimo” ke jwa ba ba “bogisedicweñ tshiamō.” (Mathaio 5:3, 8, 10) Moragonyana mo go yone puo eo, Jesu o ne a bua ka tsela e kgolo e e isang tshenyegong le tsela e tshesane e e isang botshelong. O ne a oketsa jaana, mo karolong nngwe ya seo: “Ga se go re, moñwe le moñwe eo o nthaeañ, a re, Morèna, Morèna, o tla tsèna mo bogosiñ yoa legodimo: ha e se eo o dihañ go rata ga Rrè eo o kwa legodimoñ.”—Mathaio 7:13, 14, 21.

Luke 13:24 e kaya se se tshwanang, jaaka re bona seo mo ditemaneng tse di e dikologileng. Jesu o ne a naya ditshwantsho tse pedi ka “bogosi yoa Modimo.” Moragonyana, o ne a bodiwa potso eno: “Morèna, ba ba bolokwañ a ba babōtlana?” Jesu o ne a araba jaana: “Ganèlañ go tsèna ka kgōrō e e pitlaganyeñ: gonne kea lo raea, bantsi ba tla batla go tsèna, me ba tla retelèlwa.” “Ba bantsi” ke batho ba ba neng ba kopa go tsenngwa ka mojako fa o sena go tswalwa le go notlelwa. Bano ke “badihi ba tshiamololō” bao ba neng ba sa tshwanele go ka nna le “Aberahame, le Isake, le Yakobe, le baperofeti botlhe mo bogosiñ yoa Modimo.” “Ba bantsi” ba ne ba akanya gore ba ne ba tla nna ba ntlha mo “bogosiñ yoa Modimo,” mme tota e ne e tla nna bone ba bofelo, seo se rayang gore ga ba kitla ba nna mo go jone gotlhelele.—Luke 13:18-30.

Ditemana tse di dikologileng tseo di bontsha gore Jesu o ne a bua ka go tsena mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo. Baeteledipele ba Bajuda ba nako eo ba ne ba sa bolo go nna ba ipelela boemo jo bo kwa godimo, ba kgona go bala Lefoko la Modimo. Ba ne ba ikutlwa ba humile mo semoyeng le mo ponong ya Modimo, go farologana le batho ba ba tlwaelegileng, bao ba neng ba ba tseela kwa tlase. (Yohane 9:24-34) Lefa go le jalo, Jesu o ne a bolela gore bakgethisi le diaka tse di neng di amogela molaetsa wa gagwe mme di sokologa di ne di ka amogelwa ke Modimo.—Bapisa Mathaio 21:23-32; Luke 16:14-31.

Batho fela ba ba tlwaelegileng bao ba neng ba fetoga barutwa ba ga Jesu ba ne ba le mo boemong jwa go amogelwa jaaka barwa ba semoya fa go bilediwa kwa legodimong go ne go simolola ka Pentekosete ya 33 C.E. (Bahebera 10:19, 20) Lemororo boidiidi jwa batho bo ne bo reetsa Jesu, ke ba sekae fela bao ba neng ba mo amogela mme moragonyana ba ile ba iponna tsholofelo ya go ya kwa legodimong. Letsomanyane la batho ba ba tsetsweng ka moya ba ba neng ba amogela tuelo eo ba ne ba ka tshwantshiwa le Jakobe yo a neng a ntse le Jehofa kwa legodimong (Aberahame yo mogolwane) le Morwawe (yo o tshwantshediwang ke Isake). Seo eleruri e ne e le sengwe se motho a neng a ka dira bojotlhe jwa gagwe go se bona, mme bontsi jwa bao ba neng ba reetsa Jesu ga ba a ka ba dira jalo.

Kwa bokhutlong, re kgona go bona gore mo ditemaneng tse di mo tikologong, mo makgetlong oomabedi dikakgelo tsa ga Jesu (kaga ba sekae bao ba leng mo tseleng e e isang botshelong le ba ba bolokwang) di amana segolo bogolo le go amogelwa ke Modimo mo nakong eo ya fa Ene a ne a neelana ka tsholofelo ya botshelo jwa selegodimo. Ke ba sekae fela ba ba ba neng ba utlwa molaetsa wa boammaaruri le go ithuta se se neng se tlhokega ba ba neng ba arabela ba bo ba itshupa ba ikanyega.—Mathaio 22:14; 24:13; Yohane 6:60-66.

Go a kgatlhisa gore le eleng gompieno, lemororo re na le Bibela yotlhe, ebile go na le ditiragatso tse dintsi tsa boperofeti jwa bomodimo ka metlha eno ya bofelo, ke ba sekae fela ba ba reetsang molaetsa wa Bokeresete ba bo ba itshokela go direla Jehofa. Seno se dumalana le setshwantsho sa ga Jesu sa mefuta e e farologaneng ya mmu. O ne a bolela gore bangwe ba tla utlwa “lehoko ya bogosi,” mme Satane o ne a tla phamola se se jadilweng. Bangwe ba ne ba tla amogela lefoko ka boipelo mme fa nako e ntse e tsamaya ba ne ba tla palelwa ka ntlha ya pitlagano kana pogiso. Lefa go le jalo ba bangwe ba tla itshupa ba sa ungwe ka ntlha ya ‘ditlhodiego tsa tsamaiso eno ya dilo le maatla a a tsietsang a khumo.’—Mathaio 13:18-23.

Re ka tlhomamisega gore go tla farologana fela thata fa dimilione tsa dimilione di tsosiwa mo baswing ka Letsatsi la Katlholo. Ka nako eo, Satane o tla bo a sa gololesega go senya dipeo tsa boammaaruri tseo di jetsweng mo dipelong tsa bone. Go tla bo go se dipogiso kana ditlhodiego tse ba tshwanetseng go lwa le tsone tseo di leng gone mo tsamaisong ya gone jaanong e e boikepo ya dilo. Ba tla rutiwa ba le mo boemong jo bo siameng, ba dikologilwe ke ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo, go akareletsa le tsogo ya baswi le go fodisiwa ga merafe. Lefa go le jalo, bangwe ga ba kitla ba arabela le eleng ka nako eo. (Bapisa Yohane 11:45-53.) Mme go na le lebaka le le molemo la go akanya gore ba bantsi ba tla amogela lefoko, ba arabela, mme ba bolokwa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela