LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 3/15 ts. 30
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maitlhomo a Bopelotshetlha
  • Bao Ba Latlhegelwang Mo Lotharing
  • Go Iteka Lesego—Ke Mang Yo O Fenyang? Ke Mang Yo O Latlhegelwang?
    Tsogang!—1991
  • Go Iteka Lesego—Ke Ka Ntlha Yang Fa go Tumile Jaana?
    Tsogang!—1991
  • Ke Eng se se Phoso ka go Betšha?
    Tsogang!—2002
  • Basha Bomaithutwane ba Basha ba go Betšha!
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 3/15 ts. 30

Go Lemoga Dikgang

Maitlhomo a Bopelotshetlha

Ka bonakonyana fela morago ga gore a tseye marapo ka 1933, moeteledipele wa Monazi ebong Adolf Hitler o ne a dira kgolagano le Kereke ya Katoliki. Kgolagano eno e ne e neela Hitler tshwanelo ya gore a ka gana go ka dumelela go tlhophiwa ga bobishopo ba Majeremane mme ene a bo a neela kereke ditshiamelo tse di rileng. Mme ke sefe sa ditlhopha tse pedi tseo seo se neng se solegelwa molemo thata? Encyclopedia nngwe e ntšha ya Sefora ya Katoliki e neela karabo e e tlhamaletseng mo potsong eno.

“Mopapa Pius XI ka boena . . . o ne a bona go le botlhokwa fela thata-thata gore a tlhomamise tshireletsego ya kereke ya Jeremane ka go dira kgolagano. Go ile ga tshwarwa ditherisano ka seno magareng a April le July 1933. Lemororo kwa tshimologong kgolagano eno e ne e le mosola go Kereke ya Katoliki, tota e ne e le katlego mo go Hitler, ka gonne e ne e neela puso ya gagwe tlotlo. Mo godimo ga moo, ereka Hitler ka metlha a ne a e roba, mopapa o ne a latofadiwa ka gore o ne a kokobetsa digakolodi tsa Makatoliki le gore o kgobofatsa bobishopo ka go dira kgolagano e e senang tlhaloganyo eo.”

Gompieno, segolo-bogolo kwa Fora le kwa Jeremane, Kereke ya Katoliki e kgalwa phatlalatsa ka ntlha ya ditumalano tseo baruti ba ba etelelang pele ba ileng ba di dira ka nako ya puso ya Bonazi. Mathata ano a nna teng fa baeteledipele ba kereke ba palelwa ke go tsaya mafoko le sekao sa ga Jesu Keresete tsia, yo o ileng a bolela jaana ka balatedi ba gagwe ba boammaaruri: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” (Yohane 17:16) Ke boammaaruri, ka go dira ditumalano tse di ntseng jalo ga baeteledipele ba kereke ba ile ba dira gore ba ratwe ke boradipolotiki, mme seno se ile sa dirang malebana le kamano ya bone le Modimo? Fa a ne a kwalela Bakeresete ka ena, morutwa wa ga Jesu ebong Jakobe o ne a tlhagisa jaana: “Botsalanō yoa lehatshe [ke] bobaba mo Modimoñ.”—Yakobe 4:4.

Bao Ba Latlhegelwang Mo Lotharing

Go na le mabaka a a ka nnang dimilione di le 14 mo go le le lengwe ao a ka go dirang gore o seka wa bona phenyo mo lotharing. Lefa go le jalo, lekwalo-dikgang la Canada, eleng The Globe and Mail le bega gore batho ba ba dimilione ka metlha ba tshameka dilothari tseo di tshegediwang ke puso ka madi. Dipatlisiso di bontsha gore dilothari ga di kgatlhe ka sepe fa e se tsholofelo ya go bona phenyo fela, eleng tsholofelo eo gantsi e gakadiwang ke diphasalatso tseo di lebisang tlhokomelo “mo selong se se ka gapiwang le mo dikotsing tseo di ka nnang teng ka ntlha ya go palelwa ke go reka tekethe ya yone.” Ereka maikaelelo a lothari e le go dira morokotso le go tlhagisa batho ba sekae ba ba bonang phenyo, batshegetsi ba yone ba dira diphasalatso letsatsi le letsatsi ka “tsholofelo ya gore ba ke ba nne le batho bao ba nang le mokgwa wa go reka ditekete tsa yone ka metlha.”

A seno se na le katlego? Ee! Fa Dr. Durand Jacobs a bega malebana le kafa palo ya basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba betšhang e oketsegang ka gone a bega seo mo makasineng wa American Health, o supa dilothari jaaka dilo tseo di ba dirang gore ba felele ba betšha “ka gonne di ja madi a a kwa tlase, di motlhofo go ka dirisiwa mme di buelelwa jaaka tse di senang molato ope.” O oketsa jaana: “Lothari ke Selo se se Tsietsang seo se gogelang basha ba dingwaga tsa bolesome mo mefuteng e mengwe ya mekgwa e e kotsi ya go betšha.” Mo-Canada mongwe yo e leng mankge mo tlwaelong ya go betšha ka tsela e e sa laolesegeng o bolela jaana: “Lefa e ka nna mang yo o ka lekang go go bolelela gore dilothari ga se go betšha e kane e le gore ba itira dieleele kana ke dieleele. . . . Re senya makgolokgolo a dimilione tsa [diranta] mo dilotharing re solofetse go ka bona phenyo. Ke go betšha.”

Dilothari di tlhotlheletsa go rata madi. Dr. Marvin Steinberg, yo e leng mookamedi wa Mokgatlho wa Connecticut wa Go Betšha Go Go Sa Laolesegeng, o ne a akgela gore bana ba dingwaga tsa bolesome bao ba tshwenyang bao ba betšhang ba ne ba dirisa madi a bone a dijo tsa motshegare, ba ne ba utswa madi, mme ebile ba ne ba utswa le go utswa mo mabenkeleng gore ba tle ba tshegetse tlwaelo eno ya bone ya go betšha. Mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo eleruri a boammaaruri: “Go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe: ke mo e rileñ bañwe ba go gwalalèla . . . ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.”—1 Timotheo 6:9, 10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela