LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 5/8 ts. 4-6
  • Go Iteka Lesego—Ke Ka Ntlha Yang Fa go Tumile Jaana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Iteka Lesego—Ke Ka Ntlha Yang Fa go Tumile Jaana?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng Se Sesha Kaga go Iteka Lesego?
  • Go Gogela Baetleetsi
  • Ditsholofelo Tsa go Huma
  • Go Iteka Lesego—Ke Mang Yo O Fenyang? Ke Mang Yo O Latlhegelwang?
    Tsogang!—1991
  • Moya wa go Rata go Iteka Lesego—Mofuta O Mogolo wa go Betšha mo Lefatsheng
    Tsogang!—1991
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Lemoga Dikgang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 5/8 ts. 4-6

Go Iteka Lesego—Ke Ka Ntlha Yang Fa go Tumile Jaana?

KE KA ntlha yang fa batho ba iteka lesego? “Go tlosa bodutu, go a itumedisa,” go ne ga bolela jalo mosadi mongwe wa mmueledi wa bakaedi ba go iteka lesego. Go ka tswa go ntse jalo, mme selo se segolo se se gogelang ke madi a a gapiwang. Mo e ka nnang mongwe le mongwe o ka itumelela go nna le madi a a oketsegileng go sekae. Mme go iteka lesego gone go solofetsa madi a mantsi. Mo lefatsheng la gompieno le le fetofetogang la ditlhotlhwa tse di pagameng, go fela ga madi mo mabolokelong a one, le ditiro tse di senang botswelelopele, bontsintsi jwa batho bo dumela gore go atlega mo go itekeng lesego ke tsela e le yosi fela e e ka akanngwang ya gore ba hume ka mo go feteletseng.

Go tlatsa kgogedi eno, go iteka lesego ga go a raraana ebile go motlhofo go go tshameka. Go na le mefuta e le mentsi, e e tshwanang le Lotto, dinomoro, le metshameko e o ngapangapang pampiri e le go senola dinomoro tse di fitlhegileng, mme tseno tsotlhe di na le dikarolo tse pedi tse di tshwanang. Ya ntlha ke ya gore batshameki ba fenya fela fa dinomoro tse di mo ditheketheng tsa bone di tshwana le tseo di ntshitsweng ke barulaganyi. Sa bobedi, go sa tshwaneng le mefuta e mengwe ya go betšha, ga go tlhokege bokgoni bope jo bo rileng kana kitso gore o fenye. Go fenya kana go latlhegelwa ke selo se se itiragalelang fela.

Gape batho ba iteka lesego ka go bo go le motlhofo go reka dithekethe. Maamerika a le mantsi a ka kgona go di reka kwa lebenkeleng le le mo lefelong la ga bone. Gongwe le gongwe, fa e le gore lefelo la marekisetso la go iteka lesego ga le yo mo gaufi, batshameki ba ka kgona go betšha ka poso, mogala, telex, kana ka fax.

Ke Eng Se Sesha Kaga go Iteka Lesego?

A go iteka lesego go tlile bosheng? Le eseng. Kwa meletlong ya kwa Roma wa bogologolo, babusibagolo ebong Nero le Augustus ba ne ba ntsha makgoba le dithoto jaaka dilo tse di ka gapiwang. Mangwe a madi a ntlha a a gapiwang a a neng a begiwa ka gongwe a ne a duelwa ka 1530 ke lefelo lengwe la go iteka lesego kwa Florence, Italy. Mo makgolokgolong a dingwaga a a neng a latela, go iteka lesego go ne ga ntsifala kwa Yuropa. Gape go iteka lesego go ne ga tuma fa Amerika e ne e simolola go tlhabologa, a tlisa madi a a neng a thusa go tshegetsa Jamestown, Continental Army, le go agiwa ga diyunibesethi tse di neng di tumile thata, tse di tshwanang le Harvard, Dartmouth, Yale, le Columbia.

Lefa go le jalo, mo lekgolong la bo 19 la dingwaga, kgwebo eno e ne ya wela mo mathateng. Batsuolodi ba ne ba kgala go betšha ga ditlhopha mme ba ne ba latofatsa ka gore go tlhophiwa ga bafenyi go ne go dirwa ka boferefere. Go iteka lesego go ne go tletse ka go tsietsa, go sa ikanyege, le go tsenelela mo bokebekweng. Baetleetsi ba sephiri ba ne ba bona dipoelo tse dikgolo ka bofefo. Ka lebaka leo, go iteka lesego go ne ga thibelwa kwa United States, Fora, le Borithane.

A go ne ga felela foo? Kwa ntle ga pelaelo nnyaa. Go iteka lesego go ne go tswelelapele go gola mo mafelong a mangwe—ka sekai, kwa Italy le Australia. Carlos III wa Spain o ne a simolola go iteka lesego gangwe ka 1763; mofuta wa gone wa segompieno o ne wa tlhomiwa ka semolao ka 1812. Naga nngwe le nngwe e ne ya tsenelela go iteka lesego moo go ka kgonang go gogela batshameki ba basha le go ba sologela molemo.

Ka 1933, Fora e ne ya tlosolosa thibelo ya yone mme e ne ya tlhoma Loterie nationale. Gape mo dingwageng tsa bo 1930, Ireland e ne ya tlhoma Irish Hospitals’ Sweepstake ya yone e e itsegeng thata. Takarakuji ya Japane yone e ne ya simolola ka 1945. Borithane e ne ya letlelela kgwele ya maoto e go betšhiwang ka madi le di-premium bond drawing, tota le tsone ke go iteka lesego ka le maina a tsone a supa jalo. Mme ka 1964 United States e ne ya boela gape mo kgwebong eno!

Go tswa foo mo dingwageng tsa bo 1970, ditiragalo di le pedi di ne tsa fetola go dirisiwa ga go iteka lesego. Ya ntlha e ne e le go tsenngwa ga di-computer tse di neng di gokagana le metšhine e go betšhiwang mo go yone le go bona maduo. Jaanong go ne go kgonega go rulaganya metshameko e e nang le modumo o mogolo, e e ipoeletsang gantsi e mo go yone batshameki ba ka kgonang go itlhophela dinomoro tse e leng tsa bone. Go ne go sa tlhole go tlhokega go leta dibeke kana dikgwedi go bona gore a ba fentse; batshameki ba ne ba kgona go bona seo mo malatsing, diureng, kana le eleng mo metsotsong fela.

Seo se neng sa dirwa labobedi e ne e le go tsenngwa ga Lotto, motshameko o dikgonego tsa go fenya di leng kwa godimo tota. Mo motshamekong wa Lotto, fa madi ano a mantsi a sa gapiwa, a beelwa metshameko e mengwe e e latelang. Ka gone madi a a gapiwang a ka tshwara dimilionemilione tsa diranta. Mo motshamekong wa Lotto, batho ba reka ba le bantsi, le kgwebo e atlega tota.

Go Gogela Baetleetsi

Ke ka ntlha yang dipuso di etleetsa go betšha? Ke ka go bo e le tsela e e motlhofo ya go tlisa madi kwantle ga go tsholetsa makgetho. Fa metšhine ya slot le roulette e busa madi a a gapiwang e le 95 lekgolong ya madi ao a neng a tsenngwa, go iteka lesego gone go busa madi a a kwa tlase ga 50 lekgolong. Ka sekai, kwa United States ka 1988, disente di ka tshwara 48 tsa dolara nngwe le nngwe ya go iteka lesego di ne tsa busiwa mo mading a a gapiwang mme disente di le 15 e ne e le tsa go etleetsa, go rekisa, le tsa tsamaiso. Disente tse 37 tse di setseng di ne tsa dirisiwa go duela ditokafatso tsa batho, thuto, boitekanelo, le go thusa batsofe. Mo morafeng otlhe, seo se ne sa tshwara dimilione tse di dikete di le 7.2 tsa didolara.

Mme dipuso ga di rulaganye go iteka lesego e le fela go dira madi. Fa di sa tsene mo kgwebong eno, di ka latlhegelwa ke madi. Baagi ba tsone ba ka nna ba tshameka go sele. Ka jalo fa lefatshe kana naga nngwe e simolola go iteka lesego, dinaga tse di bapileng le yone di gatelesega go dira se se tshwanang. Tiragalo eno e e ntseng e gola ka bofefo ke bosupi jo bo bonalang kwa United States. Ka 1964 Naga nngwe le ngwe ya gone e ne e na le mofuta o le mongwe fela wa go iteka lesego; ka 1989 e ne e le 30.

Ditsholofelo Tsa go Huma

Legale, go na le batho ba le bantsi bao ba lekang go bona karolonyana ya ranta ya moreki. Ka jalo ke jang baetleetsi ba ka rotloetsang batho bano go senya madi a bone ka go iteka lesego? Ka go phasalatsa! Ka go bitsa bao ba nang le bokgoni mo go tlhotlheletseng!

A diphasalatso di otlelela gore karolo nngwe (lefa e le nnyennyane) ya madi a a amogetsweng e tla thusa go duelela kana e tlhokomele batsofe? Le eseng! Seo ga se umakiwe gantsi. Go na le moo, diphasalatso di otlelela kafa go tla bong go le monate ka teng go gapa dimilione tsa diranta. Dikai di sekaenyana ke tseno:

◻ “O ka Kgona go Tshela Botshelo Jwa Matobetobe le jwa Bahumi le Ba Ba Tumileng ka Ponyo ya Leitlho . . . Fa o ka Tshameka LOTTO 6/49 ya Canada E E Tumileng, ya Dimilionemilione Tsa Didolara.”

◻ “GO ITEKA LESEGO GA FLORIDA . . . Nna Mohumi ka go Iteka Lesego mo go Gaisang Gotlhe ga Amerika.”

◻ “Madi A A Dirwa mo Jeremane—ATLEGA KA BONAKO mme o nne Radikhumo jone bosigo jo-no.”

A ke go pateletsa batho go reka ka go ba gatelela? Eleruri go ntse jalo! Maiteko a go nolofatsa phasalatso gantsi a felela ka gore dithekethe di seka tsa rekwa. Ebile tota, baetleetsi ba retologela go metshameko e e akanyetsang ba bangwe le go rekisa e le go gogela batshameki ba basha le go dira gore ba bagologolo ba nne ba ntse ba e kgatlhegela. Baetleetsi ka metlha ba tshwanetse go neelana ka sengwe se se lebegang se le sesha. Mokaedi wa go iteka lesego ga Oregon ebong James Davey o ne a bolela jaana: “Re na le ditlhogo tsa go betšha, re dira Diolimpiki. Ka Keresemose re dira Madi a Boikhutso. Re tshameka ka matshwao a batho a tepodinaledi ka Lucky Stars. Re lemoga gore fa o gatisa metshameko e le mebedi kgotsa e le meraro, e le menè kgotsa e le metlhano ka nako e le nngwe fela, o tla rekisa dithekethe tse di oketsegileng.”

Mme se se gogelang thata thata mo ntlheng eno ke madi a mantsintsi. Mo motshamekong wa Lotto, fa madi a a gapiwang a oketsega, jaaka go ne ga direga fa a ne a fitlha dimilione di le 115 tsa didolara kwa Pennsylvania ka 1989, e nna dikgang tse dikgolo. Batho ba potlakela go reka dithekethe go seo mokwadi mongwe a neng a se bitsa gore ke “botsenwa jwa mmetšhi jwa go kgotsofatsa go goalala ga gagwe.” Gareng ga bao ba tlhakaneng tlhogo, le eleng bao ba neng ba sa tlwaela go tshameka go iteka lesego mono ba setse ba ntsha madi a bone go tshameka.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Moya wa go Rata go Betšha le Bodumedi

“Kereke ya Katoliki e ile ya nthuta go betšha. Kwantle ga pelaelo motshameko wa bingo le rafole ga di farologane gope le go iteka lesego. Fa Kereke ya Katoliki e ne e ka etelela pele mme ya fedisa go betšha gotlhe, ke ne ke tla akanya gape ka kgopolo ya go ikgapa mo go itekeng lesego. Fa e le gore ke bohula, ke ka go bo e tshwana fela le selo se se boitshepo mo Kerekeng.”—Go ya ka mmadi wa makasine wa U.S. Catholic.

“Kwantle ga Mmisa wa Sontaga, modiro wa bobedi o batho ba nnang bantsi kwa go one kwa dikerekeng tsa Katoliki ke metshameko ya bingo ya beke le beke, go ya ka patlisiso nngwe ya maloko a Katoliki e e neng ya dirwa ke Yunibesethi ya Notre Dame.” Lefa go ntse jalo, baruti ba le mmalwa ba iphaka gore bontsi jwa batho bao ba tsenelelang metshameko ya bingo ga ba tsene kereke.—Go ya ka The Sunday Star-Ledger, New Jersey, U.S.A.

“Moitshepi Pancras O Tlisitse Lesego kwa Madrid” e ne e le setlhogo sa dikgang mo lokwalopakeng lwa beke le beke lwa Spain lwa ABC, phetolelo ya merafeyotlhe. Setlhogo seno se ne sa tswelela jaana: “Bahiriwa ba babedi ba lebenkele la go iteka lesego . . . leo ba neng ba rekisitse tlhatlhamano ya 21515, e leng ‘gordo’ [e kgolo] ya tlhotlhwa ya dimilione di le 250 [pesetas, kana gompieno, R6 250 000] tseo di ileng tsa abiwa kwa Madrid mo go lone ba ne ba ntse ba goa ba re ‘E ne e le Moitshepi Pancras.’ [Bahiriwa bao] ba ne ba ipolela gore ba ne ba rapela moitshepi, yo setshwantsho sa gagwe se kaelang go tlhomiwa ga bone ebile mo go sone ba beile kalanyana ya parsley gore ba nne le lesego la go rekisa ‘gordo’ ya Keresemose.”

“Fa ba leka go batla tsela ya go tlhalosa lesego la bone, bafenyi ba bogologolo ba ne ba batla go dumela gore Modimo le tlholelo di ne tsa tlhopha gore ba gape madi ano. . . . ‘Re batla go dumela gore lesego leo le go tlhoka lesego di bakiwa ke sengwe, eseng, kotsi fela, go ne ga bolela jalo Dr. Jack A. Kapchan, moperofesa wa tsa thutotlhaloganyo kwa Yunibesething ya Miami. ‘Mme ke eng se se leng gone se se ka bakang seno fa e se Modimo fela?’”—The New York Times.

Bibela yone e reng ka go batla lesego? Go bao ba neng ba sa ikanyege kwa Iseraele, Jehofa o ne a re: “Me lona ba lo tlogèlañ Yehofa, ba lo lebalañ thaba ea me e e boitshèpō, ba lo baakanyetsañ modimo oa Mashwalō lomati loa boyèlō, le ba lo thèlèlañ modimo oa Ditaolèla boyalwa yoa mofine yo bo cwaisicweñ.”—Isaia 65:11.

Ke batho ba le kae mo go ba sekaenyana ba ba fenyang ba ba sa tlholeng ba akanya gore lesego la bone le le faphegileng le ikaegile ka go tlhoka lesego ga bontsintsi jwa batho ba ba latlhegelwang? A go betšha go bontsha gore motho ‘o rata moagelani wa gagwe’ ka tsela epe fela? A go betšha go bontsha ‘lorato lwa boagelani’ ka tsela epe fela? A go a utlwala kana ke ga Dikwalo go akanya gore Molaodi Mogolo wa lobopo o ka itsenya mo boitshwarong jo bo maswe jwa bopelotshetlha jaaka go betšha?—Mathaio 22:39.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela