Dipotso tse di Tswang go Babadi
◼ A go siame gore Mokeresete a reke ditekethe tsa lothari e le go intsha bodutu fela fa e le gore madi a a bonwang mo go yone a isiwa go mokgatlho mongwe o o thusang batlhoki?
Eleruri Bibela ga e iletse boitloso-bodutu jo bo tshwanetseng, ka gonne Jehofa ke “Modimo o o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11, NW) Batho ba gagwe ba ka ipelela mmino, go tansa go go tshwanetseng, go ja kana go nwa ka tekano, le metshameko ka tekano. (Pesalema 150:4; Moreri 2:24) Lefa go ntse jalo, go betšha go kgatlhanong ka phepafalo le kgakololo e e botlhale ya Modimo, mme seno se ntse jalo le ka go nna le seabe mo dilotharing.
Lothari ke eng tota? E kopanyeletsa go reka ditekethe tsa go iteka lesego go gapa meputso. Bafenyi ba yone ba tlhophiwa ka go somola nomoro nngwe kana ka go e tlhopha ka tsela nngwe o sa e lebelela.a Gantsi go nna le moputso o le mongwe o o boitshegang, oo gongwe o fitlhang go didolara, diranta, kana diponto di le dimilionemilione. Moputso o o boitshegang jalo, o ikuela thata mo eleng gore dilothari di fetogile “mofuta wa go betšha o o anameng go e feta yotlhe.” (The World Book Encyclopedia) Batho ba le dimilione di le makgolokgolo ba betšha ka go dirisa dilothari.
Batho bangwe ba ile ba bolela gore go kopanela mo lotharing ga go phoso kana ga go maswe ka gonne tlhotlhwa ya tekethe (ya go iteka lesego) e ka nna ya bo e le kwa tlase, ka gonne bao ba nnang le seabe mo go yone ba dira jalo ka boithatelo, le ka gonne mangwe a madi ao a bonwang mo go yone a ka nna a dirisetswa go thusa ba bangwe, jaaka go thusa bahumanegi. Go akanya ka tsela e e ntseng jalo go boammaaruri go le kana kang?
Lemororo bangwe ba bolela gore go reka tekethe ya lothari ke go intsha bodutu go go motlhofo, go go jang madi a a kwa tlase, ga go kake ga ganelwa gore go baka bogagapa. Batho ba reka ditekethe tsa lothari ba lebeletse go gapa madi a mantsi. Seno eleruri se kgatlhanong le kgakololo ya Modimo e e kgatlhanong le bogagapa, jo e leng selo se se masisi mo e leng gore bo ka thibela motho go ‘rua Bogosi jwa Modimo.’ Ka gone, fa Mokeresete mongwe a ne a bontsha bogagapa ka go betšha a sa kgaotse, o ne a ka nna a ntshiwa mo phuthegong. (1 Bakorintha 5:11, NW; 6:10, NW) Bibela e bolela jaana: “Boshwa e ka re goñwe bo ka bōnwa ka [bogagapa, NW] mo tshimologong; me bokhutlō yoa yōna ga bo ketla bo segōhala.” (Diane 20:21) Fa Mokeresete a ne a utlwa go na le sengwe se se mo tlhotlheletsang gore a ‘iteke lesego’ mo lotharing, o tshwanetse a akanya ka masisi ka bogagapa jo lothari e theilweng mo go jone. Baefesia 5:3 (NW) e bolela gore ‘bogagapa bo seka jwa bo jwa umakiwa le go umakiwa mo gare ga rona,’ go sa buiwe sepe kaga fa Mokeresete a ineela mo go jone.
Karolo e kgolo ya batho bao ba tshamekang lothari gantsi ba fitlhelwa mo gare ga batho ba ba humanegileng. Jalo le eleng fa tlhotlhwa ya tekethe e le kwa tlase, go isiwa madi go sele ao a neng a tshwanetse a bo a dirisediwa dilo tsa mmatota tse lelapa le di tlhokang—eleng dijo tse di oketsegileng, diaparo tse di lekaneng, le go tlhokomelwa botoka ka tsa kalafi. Motho yo o ipolelang gore ke Mokeresete mme a tlhokomologa dilo tse di ntseng jalo tse di tlhokwang ke lelapa “o boshula go gaisa eo o sa dumeleñ.”—1 Timotheo 5:8.
Le eleng fa tlhotlhwa ya tekethe ya lothari e ne e se kake ya ama madi a motho ka namana kana a lelapa go le kalo, seo ga se bolele gore ba bangwe ga ba angwe ke seo. Ka ntlhayang go ntse jalo? Ka gonne mo e ka nnang ope fela yo o rekang tekethe ya lothari o rata go fenya mo go yone. Madi a moputso wa gagwe a tlile go tswa kae? Fa e le gore tekethe ya gagwe e ja diranta di le some mme moputso wa gone e le diranta di le milione, seo se bolela gore o tsaya madi a ditekethe mo bathong ba bangwe ba le dikete di le lekgolo. A seo se dumalana le kgakololo ya Modimo e e kgatlhanong le go eletsa dilo tsa botlhokwa tsa ba bangwe? (Duteronome 5:21) Tota, moputso wa gago o tla akareletsa madi ao a tserweng mo bathong ba bantsi go feta moo, ka gonne go tla tshwanela gore go rekisiwe ditekethe tse di fetang dikete di le lekgolo kgakala. Madi a se kana ka sepe a ditekethe a tshwanetse a ya go ditshenyegelo tsa botsamaisi, gammogo le a mangwe a tshwanetse go dirisediwa go thusa ba bangwe eleng seo se goelediwang jaaka lebaka le legolo la lothari eo. Jalo le eleng fa motho a ka kgona diranta di le lesome tsa tekethe ya gagwe ka namana go tweng ka dipalopalo tsa ba bangwe? Go feta moo, go ka diragala thata gore fa a fenya seo se gasiwe mo metsweding ya dikgang, se dira gore ba le bantsi ba simolole go tshameka lothari ka gore ba reke ditekethe tse di oketsegileng, le eleng fa ba ka se ke ba kgone go dira seno.
Gape ga go kake ga ganelwa gore seo se tsamaisanang le lothari ke toro ya go gapa madi ao o sa a berekelang. Ee, lothari e kgothaletsa go nna botshwakga kana e ikuela mo go jone. Lefa go ntse jalo, Bibela e kgothaletsa batho ba Modimo gore ba somarele dilo, ba bereke ka thata, le go nna dinatla. Go na le gore e etleetse moya wa ‘go bona sengwe o sa se ntshetsa sepe,’ e gakolola jaana: “Ha moñwe a gana go diha, le gōna a se ka a ya.”—2 Bathesalonia 3:10; Diane 13:4; 20:4; 21:25; 1 Bathesalonia 4:9-12.
Lebaka la go bo ba bangwe ba ka nna le seabe mo lotharing ka ntlha ya thato e eleng ya bone ka namana le go bo e dumelelwa ke molao ga le bolele gore go siame gore Bakeresete ba kopanele mo go yone. Dipuso dingwe di letla mefuta e mengwe ya go betšha semolao, gammogo le boaka le go nyala lefufa. Lemororo dilo tse di ntseng jalo di ka nna tsa dumelelwa ke molao ebile batho ba le bantsi ba kopanela mo go tsone ka go rata, seo ga se bolele gore dilo tsa go nna jalo di tshwanetse mo matlhong a Modimo. Go na le moo, Bakeresete ba leka go bontsha pono eno ya ga Dafida: “Nchupetsa metlhala ea gago, Yehofa; u nthutè ditsela tsa gago. Ntsamaisa mo boamarureñ yoa gago, u bo u nthutè; gonne ke wèna Modimo oa polokō ea me.”—Pesalema 25:4, 5.
Fa Mokeresete e le gore tota o batla go thusa bahumanegi, digole, kana batsofe, eleruri a ka dira jalo ka tlhamalalo kana ka tsela eo e sa kopanyeletseng go betšha.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Lemororo seno se tumile thata jaaka lothari, mofuta ono wa go betšha gape o ka bidiwa pool, dikgaisano, raffle kana leina lengwe la mo lefelong la lona.