Moya wa go Rata go Iteka Lesego—Mofuta O Mogolo wa go Betšha mo Lefatsheng
“SE O se tlhokang fela ke dolara le tsholofelo.” Tsholofelo eno e ne e le ya go gapa madi a mantsi a go iteka lesego a New York a didolara di le dimilione tse 45 (R112 500 000). Dolara e ne e reka lesego la go fenya. Ba ba nang le tsholofelo ba ne ba tla ka makatlanamane. Fa ba ntse ba eme mo moleng go reka dithekethe tsa bone, ba ne ba bua ka dikepe tsa lobelo le dibaki tse di boboa le matlo a a kgatlhisang—e le dilo tse ba neng ba tla di reka fa ba ne ba ka gapa madi ano a a gapiwang. Ka nako nngwe, mo nageng eno yotlhe, ba ne ba reka dithekethe ka selekanyo sa 28 000 motsotso mongwe le mongwe. Mo malatsing a mararo pele ga go tlhophiwa bafenyi, ba ne ba setse ba rekile dithekethe di le dimilione tse 37,4.
Mo Japane gantsi kgwebo ya mafelo a marekisetso a go iteka lesego a a letleletsweng a a 10 000 e nna e dira madi a mantsi koo batho ba tshologelang gone go ya go reka dithekethe tsa Year-End Jumbo Takarakuji (Go Iteka Lesego). Kwa lefelong lengwe la borekisetso kwa Tokyo koo go begiwang gore dithekethe tse tlhano tsa sekgele sa ntlha di ne tsa rekisiwa gone mo dingwageng tse di fetileng, batho ba ka tshwara 300 ba ne ba setse ba eme mo moleng fa lefelo leo la borekisetso le ne le bulela go rekisa. Lekgarebe lengwe, leo le neng le dumela gore lesego le tlela yo o phaketseng, o ne a sa le a eme fa esale ka 1 mo mosong. Madi a mantsi a a neng a elediwa ngwaga o o fetileng: e ne e le rekoto ya di-yen di le dimilione di le 100 (R1 785 712).
Kwa motsemogolong wa Afrika Bophirima, seo batho ba motse ba se bitsang lefelo la Lotto College gantsi le a bo le tletse ka batho bao ba tlileng go reka dithekethe le go bolelelapele dinomoro tsa nako e e tlang. Lenane le letelele la dinomoro tse di neng di fentse mo nakong e e fetileng di rekisediwa bao ba solofelang go bona motlhala mo go tsone wa tseo ba ka di kopanyang mo nakong e e tlang. Ka bao ba nang le tumelo mo kitsong ya masaitsiweng, bao ba bolelelang pele ka motshameko ono wa lotto ba a bo ba le gaufi go bolelelapele, ka tuelo, dinomoro tse ba ka betšhang ka tsone.
A ke ditiragalo tse di diragalang koo fela? Le eseng. Moya wa go rata go iteka lesego o tletsetletse gongwe le gongwe. O tlhotlheletsa kontinente nngwe le nngwe. O tumile mo dinageng tse di humileng le tse di humanegileng. O rotloetsa basha le bagolo mo selekanyong sepe sa itsholelo, loago, le thutego ya batho.
Ee, go iteka lesego ke namane e tona ya kgwebo, ebile kgwebo ya one e ntse e gola. Mo United States fela, go iteka lesego ga Naga go ne ga bona dimilione di le dikete di le 18,5 tsa didolara ka 1989. Dingwaga di le 27 fela tse di fetileng, go ne go sena sepe sa go nna jalo gotlhelele. Mme jaanong go iteka lesego ke mofuta wa bobedi wa go betšha go e feta yotlhe mo United States, mme thekiso eno e gola ka 17.5 lekgolong ngwaga le ngwaga, e gola ka selekanyo se se tshwanang fela le sa thekiso ya di-computer.
Thekiso ya go iteka lesego lefatshe ka bophara ka 1988 e ne e tshwara dimilione tse di dikete di le 140,95 tsa diranta, go ya ka dipalo tse di leng gone tsa bosheng go tswa makasineng wa Gaming and Wagering Business, e le palo e e kwa godimo tota. Seo se dira madi a a fetang diranta di le 25 go monna mongwe le mongwe, mosadi, le ngwana mo lefatsheng! Mme seo e le mo ngwageng o mongwe fela!
Lefa go sena ope yo o ka ganetsang gore go iteka lesego go a humisa, batho ba le bantsi ba ganetsana ka one. Ditlhogo tse pedi tse di latelang di sekaseka go tuma mo go ntseng go golela pele ga go iteka lesego le kganetsano e e leng gone ka yone. Jaaka o tla bo o akanyetsa mabaka ano, o tla kgona go fetsa ka gore a go iteka lesego ke selo se o ka se dirang. A go botlhale go go tshameka? Go motlhofo go le kana kang go fenya? A o ka latlhegelwa ke se se fetang madi fela?