Go Iteka Lesego—Ke Mang Yo O Fenyang? Ke Mang Yo O Latlhegelwang?
KGANG ya konokono ya go bo go iteka lesego ga puso go ratiwa ke gore go tlisetsa puso dimilionemilione tsa diranta, madi ao ka gongwe e neng e ka a bona fela ka go tsholetsa makgetho. ‘Mme a bo go le motlhofo jang ne!’ go bolela jalo batshegetsi. Go tshwana le lekgetho le go sa tlhokegeng motho ope go le duela; ke la boithatelo. Ebile tota, batho ba rata tota go duela; ba tlhomagana mo moleng e le go ya go duela!
Mme dilo dingwe tse go iteka lesego go latofadiwang ka tsone ke dife?
Nngwe ya tsone ke gore diphasalatso tsa go iteka lesego gantsi ga di thuse ka sepe kana ke tsietso e e mo pepeneneng. Di etleetsa kgopolo ya gore o tlile go fenya. Sekai sa tsone ke phasalatso ya go iteka lesego ga Canada eo e bolelang jaana: “Re dira gore go nne motlhofo gore . . . O FENYE!!”
Mme go motlhofo go le kana kang go atlega? Alie o tshameka go iteka lesego ga Jeremane Bophirima. Phasalatso eno e bolela ka tshosologo e re: “Dikgonego tsa gago tsa go fenya di a gakgamatsa eleruri.” Lefa go ntse jalo, Alie o bolela jaana ka bohutsana: “Ke tshamekile go iteka lesego mono dingwaga di le lesome, mme ga ke ise ke atlege ka gope. Ebile ga ke itse ope o sele yo o ileng a atlega.”
Mo mofenying mongwe le mongwe yo o gapileng madi a mantsi thata, go na le bontsintsi jwa batho ba ba tshwanang le Alie, batho ba ba fenngwang bao ba ntshang madi a bone beke nngwe le nngwe, ngwaga nngwe le nngwe, mme ba sa boelwe ke sepe. Kwa United States, bao ba gapang milione o le mongwe fela wa didolara ke fela 0.000008 lekgolong ya ba ba betšhang go iteka lesego koo, ba le dimilione di le 97.
Dikgonego tsa go fenya madi a a kwa godimo a a gapiwang ga se fela bongwe mo milioneng (fa go fopholediwa, ke dikgonego tsa gore motho a itewe ke legadima); di ka nna mongwe fela mo bathong ba le dimilione tse dintsi. Ka sekai, fa go ne go phepafala gore fa madi a a ntseng a latlhelwa a nna mantsi thata, ke gone dithekethe di neng di rekwa ka mo go oketsegileng, dikgonego tsa go fenya motshameko wa New York Lotto di ne tsa gola ka bofefo go tswa go 1 mo dimilioneng di le 6 go ya go 1 mo dimilioneng di le 12,9!
Ga go gakgamatse go bo batho ba latofatsa go iteka lesego gore go kgorometsa bareki ba ba dirang dilo ka lepotlapotla ba se kelotlhoko ba sa lemoge dilo tse dintsi tse di sa siamang ka one. Dr. Valerie Lorenz, mokaedi wa U.S. National Center for Pathological Gambling, o bolela ga motlhofo jaana: “O bua ka go iteka lesego? Ke go betšha mo go tsietsang go a feta otlhe mo go leng teng. Dikgonego tsa gore o fenye ga di motlhofo tota.”
Mme go tweng fa e le gore o gapa didolara di le dimilione? Ga o ne o a bona otlhe. Morago ga gore mokgethisi a tseye karolo ya gagwe, bafenyi kwa United States ba amogela didolara di le 35 000 ngwaga le ngwaga mo dingwageng tse 20. Seo se raya gore ke didolara di le 700 000 tse di fokodiwang gape ke kwelotlase ya itsholelo mo dingwageng tse 20.
Seno Se Ama Bahumanegi
Selo se sengwe seo go tshwaiwang phoso ka sone ke gore bao ba senyang madi a bone thata mo go gone ke batho ba ba humanegileng, bao e leng ba bofelo go ka kgona go dira jalo. Baetleetsi ba go iteka lesego ba ganetsana ka gore seno ga se boammaaruri, ke gore dipatlisiso di bontsha gore go iteka lesego go tumile thata gareng ga batho ba ba amogelang madi a a fa gare. Ba bolela gore go iteka lesego go tsenelelwa ke ba ba ratang; ga go na ope yo o patelelwang go go tshameka. Lefa go ntse jalo, baphasalatsi ba tsosa dikeletso tsa batshameki ka boomo fela, mme ba le bantsi ke batho ba ba humanegileng. Moamogelamadi mongwe wa lebenkele lengwe le le letleletsweng go bula nako e telele kwa Florida o ne a bolela jaana: “Re na le setlhopha sa batho se se sa fetogeng seo re se bonang beke e nngwe le e nngwe. Ba bangwe ba reka dithekethe di le 10 letsatsi le letsatsi. Ba bangwe bone ba reka dithekethe di le 100 beke e nngwe le e nngwe. Ga ba na madi a dijo, mme ba tshameka ‘Lotto.’”
Mo dinageng tse dingwe tse di sa tlhabologang thata, boemo jono gantsi bo maswe le eleng go feta. Mo bogautshwaneng jaana puso ya Indonesia e ne ya sekaseka gape go iteka lesego ga yone ga kgwele ga Porkas fa metswedi ya dikgang e ne e bega gore metseselegae yotlhe e “tlhakantswe tlhogo ke Porkas.” Makasine wa Asiaweek o ne wa bega jaana: “Dipampiri tsa dikgang tsa [Indonesia] di ne di tletse ka dipego tse di tsitlisang marapo: ka banna ba ba betsang basadi ba bone kana bana; bana ba ba utswang madi mo batsading ba bone; bana ba ba senyang madi a a bonweng ka tshokolo a a neng a beetswe go duelela sekolo—gotlhe e le ka lebaka la Porkas.”
Ereka go iteka lesego go oketsega lefatshe ka bophara, bontsintsi jwa batho bo tsenelela go betšha. Ba bangwe, eseng bahumanegi fela, ba fetoga babetšhi ba ba sa laolesegeng—batho ba ba tshwakgotsweng ke go iteka lesego. Arnie Wexler o eteletse pele Lekgotla Le Le Sa Laolesegeng la go Betšha kwa New Jersey, U.S.A. O bolela jaana: “Babeimolao ba akanya gore ba bone tsela e e sa sokodiseng, e e motlhofo ya go dira madi, fa, totatota, ba thuba malapa a le mantsi, le dikgwebo di le dintsi, le go senya batho ba le bantsi, le matshelo a le mantsi.”
Kgang ya Ditekanyetso
Kgang e nngwe e kgolo ke gore go iteka lesego ga puso go fetotse maikutlo a batho tebang le go betšha. Go iteka lesego ga segompieno go “Tshameka 3” kana “Dinomoro tsa Lesego” mo go laolwang ke Naga go solofetsa gore go na le dikgonego tsa gore motho o tla fenya tsa sekete go e le nngwe fela mme go busa mo e ka nnang 50 lekgolong fela mo mading a a gapiwang. Pele ga puso e tsenelela mo kgwebong eno, motshameko o ne o le “kotsi,” e le seru se se letlelelwang kafa molaong, o le bosula. Jaanong e ntse e le one motshameko oo o bidiwa o o tlosang bodutu, wa go ijesa monate, e le tiro e batho ba ikarabelang mo go yone!
Legale, pharologanyo e e botlhokwa gareng ga dinomoro tsa motsameko tse di sa letlelelwang semolao le go iteka lesego ga puso ke gore boemong jwa gore dipoelo di bonwe ke disenyi, di tshegetsa ditiro tsa puso. Lefa go ntse jalo, babogedi ba le bantsi ba tshwenyegile ka gore go iteka lesego go tla ama jang ditekanyetso tsa boitshwaro jwa batho tseo ba tshwanetseng go bona molemo mo go tsone.
Seno ke ka go bo go iteka lesego go naya tsholofelo le kgonego ya go huma kwantle ga matsapa ape. Paul Dworin, mokwadi wa Gaming and Wagering Business, o ne a bolela jaana: “Mo nakong e e fetileng, naga eno e ile ya bolela gore fa o bereka ka natla o tla bona mo gontsi. Jaanong jaana, ga twe, ‘Reka thekethe mme o tla nna radikhumo.’ Oo ke molaetsa o go sa tlwaelegang gore o ka gasiwa ke naga.” Mme George Will o ne a kwala jaana mo go Newsweek: “Fa batho ba ba oketsegileng ba ntse ba dumela gore lesego, go itiragalela fela ga dilo, go diragala ga dilo ka sewelo, tlholelo, di botlhokwa, go dumela ga bone gore ditekanyetso tse di sa fetogeng jaaka go dira ka natla, go somarela, go sa itlhaganelele go ikgotsofatsa, botswerere, go nna kelotlhoko, di botlhokwa, go a fokotsega.”
Kgopolo e nngwe, e e leng ya konokono thata mo bathong, ke eno: Batho ga ba a tshwanela go gweba ka go tlhoka lesego ga ba bangwe. Lefa go ntse jalo, baetleetsi ba go iteka lesego ba kgothaletsa kgopolo ya gore go siame gore motho a bone poelo le boitumelo ka ditatlhegelo tsa ba bangwe. Go akanya mo go ntseng jalo ke ga bogagapa; go thulana le tlhagiso ya Bibela e e reng: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.”—Mathaio 22:39.
Lemororo batho ba le bantsi ba le kgatlhanong le gone, go iteka lesego go tswelapele ka go golela pele ka mo go gakgamatsang go ralala lefatshe. Moeti mongwe kwa Afrika Bophirima o ne a bogela bontsintsi jwa batho bo tletse go dikologa kago nngwe ya go iteka lesego ya Naga eo. “Ke ka ntlha yang fa batho bano botlhe ba senya madi a bone ka go iteka lesego.” O ne a botsa jalo moagi wa koo, a lemotsha ka go re, “ereka segolobogolo e le batho ba ba humanegileng?”
“Tsala ya me, ba iteka lesego ka go bo go ba naya tsholofelo,” moagi yono o ne a araba jalo. “Go ba le bantsi mo go bone, ke yone tsholofelo fela e ba nang le yone mo botshelong.”
A mme go fenya mo go itekeng lesego ke tsholofelo ya mmatota? Go tshwana le toro e e tsietsang, ya maaka, e e sa diragaleng. Eleruri Mokeresete yo o kelotlhoko o ka se senye nako ya gagwe le madi ka go lelekisa go huma ga lefela ga go betšha. Abo go le botoka jang ne go latela kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a kwala gore batho ba ba botlhale “ba se ka ba . . . sholohèla mo bosenañtlhōmamō yoa khumō, ha e se mo Modimoñ hèla, o o re naeañ dilo cotlhe ka letlōtlō, gore re di yè monate.”—1 Timotheo 6:17.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 8]
“Babeimolao ba akanya gore ba bone tsela e e sa sokodiseng, e e motlhofo ya go dira madi, fa, totatota, ba thuba malapa a le mantsi, le dikgwebo di le dintsi, le go senya batho ba le bantsi, le matshelo a le mantsi”
[Lebokoso mo go tsebe 9]
Go Tlhaba Babetšhi Botlhale
“Ga go na monyenyo o o seng botsalano go tshwana le o moduedi wa go iteka lesego a dumedisang motho yo o atlegang mo go itekeng lesego ka one. . . Ke ga sewelo fela gore moduedi wa go iteka lesego a ka thibela mmetšhi go betšha ka go bo moreki wa go iteka lesego wa gagwe a latlhegelwa thata. . . . Gape, gakologelwa gore babetšhi ba ba atlegang ba bonwa ka sewelo fela jaaka baduedi ba go iteka lesego ba ba humanegileng.”—Go ya ka Graham Rock, The Times, London.
“Madi a mantsi a go tlhomamisegang gore a tla gapiwa mo motshamekong wa Lotto bosigong jono ke dimilione tsa didolara di le 45 eleng a mantsi go a feta mo hisitoring ya Naga ya New York. Mme dikgonego tsa go a gapa ka go betšha ka dolara e le nngwe fela ke 12 913 582 go e le 1.”—The New York Times.
“Seeleele le madi a sone di tloga di kgaogana.” Polelo eno e santse e buiwa le gompieno fa esale ka lekgolo la bo 16 la dingwaga.—Familiar Quotations, ka John Bartlett.
“Mmetšhi, se ipele; ka go bo ope fela yo o fenyang gompieno o tsoga a latlhegelwa ka moso.”—Go ya ka seane sa Sepanishe.