Ba-Cathar—A e Ne e Le Baswelatumelo ba Bakeresete?
“BA BOLAYENG botlhe; Modimo o tla lemoga ba One.” Ka letsatsi leo la selemo ka 1209, baagi ba kwa Béziers, kwa borwa jwa Fora, ba ne ba ganyaolwa. Arnold Amalric wa moitlami, yo o neng a tlhomilwe go nna moemedi wa bomopapa gore a etelele pele batlhabanelatumelo ba Katoliki, o ne a se na kutlwelobotlhoko. Fa banna ba a ba eteletseng pele ba ne ba botsa gore ba ne ba tla tlhaola jang baikeodi mo gare ga Bakatoliki, go begiwa gore o ne a neela karabo e e swabisang e e nopotsweng fa godimo. Borahisitori ba Bakatoliki ba dira gore e utlwale e le motlhofo ba re o ne a re: “Lo se ka lwa tshwenyega. Ke dumela gore go tla sokologa ba se kae fela.” Go sa kgathalesege gore totatota o arabile a reng, go ne ga felela ka gore go ganyaolwe banna, basadi le bana ba ka feta 20 000 ba bolawa ke batlhabanelatumelo ba ka nna 300 000, ba eteletswe pele ke boramaemo ba Kereke ya Katoliki.
Go ganyaolwa jalo go bakilwe ke eng? E ne e le tshimologo fela ya Botlhabanelatumelo jwa Ba-Albiga jo Mopapa Innocent III a neng a bo simolotse kgatlhanong le batho ba go neng go twe ke baikeodi mo kgaolong ya Languedoc, kwa borwabogare jwa Fora. Fa bo tla go fela mo e ka nnang dingwaga di le 20 moragonyana, batho ba ka nna milione—Ba-Cathar, Ba-Waldo, le e leng Bakatoliki ba le bantsi—ba ne ba sule.
Kganetso ya Bodumedi Kwa Yuropa wa Metlha ya Bogare
Go gola ga papadi ka bofefo mo lekgolong la bo11 la dingwaga C.E. go ne ga tlisa diphetogo tse dikgolo mo ditsamaisong tsa mokgatlho wa batho le tsa ikonomi kwa Yuropa wa metlha ya bogare. Ditoropo di ne tsa runya ka bofefo ka ntlha ya dipalo tse di golang tsa badiri le barekisi. Seno se ne sa fa sebaka sa go ka nna le megopolo e mesha. Kganetso ya bodumedi e ne ya itsetsepela kwa Languedoc, koo go neng go na le setšhaba se se amogelang dilo tse di farologaneng e bile se gatetse pele go feta tse dingwe tsotlhe mo Yuropa. Toropo ya Toulouse kwa Languedoc e ne e le yone toropokgolo ya boraro mo go tse di humileng thata tsa Yuropa. E ne e le naga e go neng go tumile dipina tsa poko mo go yone, mme mafoko a dingwe tsa tsone a ne a ama dikgang tsa bopolotiki le tsa bodumedi.
Revue d’histoire et de philosophie religieuses e tlhalosa boemo jwa bodumedi jwa lekgolo la bo11 le la bo12 jaana: “Mo lekgolong la bo12 la dingwaga, fela jaaka mo go la pele ga leo, batho ba ne ba tswelela pele ba ngongoregela maitsholo a baruti, khumo ya bone, go berekela madi ga bone le maitsholo a bone a a seng mantle, mme go ne go kgalwa segolobogolo khumo ya bone le maatla a bone, go dirisana ga bone mo sephiring le babusi ba lefatshe, le se ba neng ba se fitlhelela ka tirelo ya bone.”
Bareri ba ba Tsamayang
Tota le Mopapa Innocent III o ne a lemoga gore ditiro tsa tshokamo tse di neng di atile mo teng ga kereke e ne e le tsone di bakang koketsego ya batho ba ba ganetsang ba ba tsamayang ba rera mo Yuropa, bogolo jang kwa borwa jwa Fora le kwa bokone jwa Italy. Bontsi jwa bone e ne e le Ba-Cathar kana Ba-Waldo. O ne a kgalemela baruti ka gonne ba sa rute batho, a re: “Bana ba batla senkgwe se lona lo sa batleng go se ba ngathela.” Lefa go ntse jalo, go na le gore a rotloetse gore batho ba rutiwe Baebele, Innocent o ne a bolela gore “Dikwalo tsa Modimo di boteng mo e leng gore ga se batho fela le ba ba sa rutegang fela ba ba sa kgoneng go di tlhaloganya, tota le batho ba ba botlhale le ba ba rutegileng.” Batho botlhe ba ne ba thibelwa go bala Baebele, e balwa fela ke baruti, le gone e letlelelwa go nna teng ka Selatine fela.
Go lwantsha thero ya baganetsi ba ba tsamayang ba rera, mopapa o ne a dumela gore go tlhongwe Lekgotla la Baitlami ba Bareri kana Ba-Dominic. Go fapaana le baruti ba ba humileng ba Katoliki, baitlami bano ba ne ba tla nna bareri ba ba tsamayang ba rera, ba rometswe go ya go sireletsa dithuto tsa motheo tsa Katoliki mo “baikeoding” kwa borwa jwa Fora. Gape mopapa o ne a romela baemedi ba mopapa gore ba ye go buisana le Ba-Cathar ba leke go ba busetsa mo letsomaneng la Katoliki. E re ka maiteko ano a ne a sa atlege, e bile mongwe wa baemedi ba gagwe a ne a bolawa, go twe o bolailwe ke moikeodi, Innocent III o ne a laola gore go nne le Botlhabanelatumelo jwa Ba-Albiga ka 1209. Albi e ne e le nngwe ya ditoropo tse Ba-Cathar ba neng ba atile thata mo go tsone, ka jalo bakwadi ba kereke ba ne ba bitsa Ba-Cathar ba re Ba-Albiga (Sefora, Albigeois) ba bo ba dirisa lefoko leo go bitsa “baikeodi” botlhe mo lefelong leo, go akaretsa Ba-Waldo. (Bona lebokose le le fa tlase fano.)
Ba-Cathar E ne E le Bomang?
Lefoko “cathar” le tswa mo lefokong la Segerika ka·tha·rosʹ, le le kayang “go itsheka.” Go tloga ka lekgolo la bo11 go ya kwa go la bo14 la dingwaga, Bo-Cathar bo ne jwa anama bogolosegolo kwa Lombardy, kwa bokone jwa Italy, le kwa Languedoc. Ditumelo tsa Ba-Cathar e ne e le motswako wa tumelo ya kwa Botlhaba e e gabedi mmogo le tumelo ya Bokenosetiki, e gongwe e tlileng ka barekisi ba ba tswang kwantle le barongwa. The Encyclopedia of Religion e tlhalosa tumelo e e gabedi ya Bo-Cathar e le go dumela mo “melaometheong e mebedi: o mongwe o le molemo, o laola dilo tsotlhe tsa semoya, o mongwe o le bosula, e le one o laolang dilo tse di bonalang, go akaretsa mmele wa motho.” Ba-Cathar ba ne ba dumela gore Satane o bopile lefatshe la dilo tse di bonalang, le le neng le atlholetswe go senngwa e bile go sena poelomorago ka katlholo eo. Ba ne ba solofetse go tswa mo lefatsheng le le bosula, la dilo tse di bonalang.
Ba-Cathar ba ne ba na le ditlhopha tse pedi, sa baitekanedi le sa badumedi. Baitekanedi ba ne ba tlhomiwa ka tirelo ya kolobetso ya semoya, e e bidiwang consolamentum. Yone e ne e dirwa ka go baya diatla, morago ga go tlhatlhojwa ka lobaka lwa ngwaga. Go ne go akanngwa gore tirelo eno e ne e tlosa motho yono mo taolong ya ga Satane, e mo itshekisa boleo jotlhe, le go mo naya moya o o boitshepo. Seno se ne sa baka gore batho ba sekae fela ba ba tlhophilweng ba bidiwe “baitekanedi,” e le ba ba neng ba ntse jaaka badiredi mo badumeding. Baitekanedi ba ne ba ikana gore ga ba je dijo dingwe, ga ba tlhakanele dikobo, le gore ba a humanega. Fa a ne a nyetse, motho yono o ne a tshwanetse go tlogela mogatse, ka gonne Ba-Cathar ba ne ba dumela gore go tlhakanela dikobo e ne e le jone boleo jwa kwa tshimologong.
Badumedi e ne e le bao ba amogelang dithuto tsa Bo-Cathar, lefa ba sa tshele botshelo jwa boitlami. Modumedi o ne a kopa gore a itshwarelwe le gore a segofadiwe ka go khubamela moitekanedi mo tirelong e e bidiwang melioramentum. Gore ba tle ba kgone go tshela matshelo a a tlwaelegileng, badumedi ba ne ba dira convenenza, kana tumalano le moitekanedi, e e tla dirang gore ba tle ba kolobediwe ka kolobetso ya semoya, kana consolamentum fa ba setse ba le gaufi le go swa.
Tsela e ba Lebang Baebele ka Yone
Lefa Ba-Cathar ba ne ba nopola Baebele kgapetsakgapetsa, ba ne ba e leba thata jaaka buka ya ditlhamane le dikinane. Ba ne ba dumela gore bontsi jwa Dikwalo tsa Sehebera di ne di tswa kwa go Diabolo. Ba ne ba dirisa dikarolo dingwe tsa Dikwalo tsa Segerika, tse di jaaka ditemana tse di bontshang pharologano fa gare ga nama le moya, go nonotsha filosofi ya bone ya bogabedi. Mo Thapelong ya Morena, ba ne ba rapelela “senkgwe sa rona se e seng sa nama” (ke gore “senkgwe sa semoya”) mo boemong jwa “senkgwe sa rona sa letsatsi” ka gonne senkgwe sa senama ba ne ba se leba jaaka sengwe se se tlhokegang lefa se le bosula.
Dithuto di le dintsi tsa Ba-Cathar di ne di ganetsana tota le Baebele. Ka sekai, ba ne ba dumela gore moya ga o swe le gore motho o tsalwa gape ka mmele o mongwe. (Bapisa Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4, 20.) Gape ba ne ba thaya ditumelo tsa bone mo dikwalong tse go sa tlhomamisiweng gore di boammaaruri. Lefa go ntse jalo, fela jaaka Ba-Cathar ba ne ba ranolela dikarolo tsa Dikwalo mo puong ya lefelo leo, gone ba ne ba dira Baebele gore e nne buka e e itsiweng thata mo Metlheng ya Bogare ka selekanyo se se rileng.
Ga se Bakeresete
Baitekanedi ba ne ba ipona e le bone ba tshwanetseng go tlhatlhama baaposetoloi, ka jalo ba ipitsa “Bakeresete,” ba gatelela seo ka go oketsa ka “ba boammaaruri” kana “ba ba molemo.” Lefa go ntse jalo, totatota ditumelo di le dintsi tsa Ba-Cathar e ne e se tsa Bokeresete. Lefa Ba-Cathar ba ne ba dumela gore Jesu ke Morwa Modimo, ba ne ba ganetsa gore o kile a tla ka nama le gore o ne a ntsha setlhabelo se se rekololang. Ba ne ba leba dilo tsotlhe tse di bonalang di tswa mo bosuleng, ka gonne ba ne ba sokamisa tsela e Baebele e kgalang nama le lefatshe ka yone. Ka jalo ba ne ba bolela gore Jesu o ne a ka tla fela ka mmele wa semoya le gore fa a ne a le mo lefatsheng o ne a lebega fela jaaka e kete o na le mmele wa senama. Jaaka batenegi ba lekgolo la ntlha la dingwaga, Ba-Cathar e ne e le “bone ba ba sa ipoleleng fa Jesu Keresete a tsile mo nameng.”—2 Johane 7.
Mo bukeng ya gagwe ya Medieval Heresy, M. D. Lambert o kwala gore Bo-Cathar “bo ne bo emisetsa boitsholo jwa Mokeresete ka go pateletsa batho go tshela botshelo jwa boitlami, . . . bo ne bo kgaphela thekololo kwa thoko ka go gana go dumela gore [loso lwa ga Keresete] lo na le maatla a go boloka.” O dumela gore “ditsala tsa boammaaruri tsa baitekanedi e ne e le barutisi ba ba itimang dilo dingwe mo botshelong ba kwa Botlhaba, baitlami le badiradikgakgamatso ba kwa China kana kwa India, baitseanape ba masaitseweng a ga Orpheus, kana barutisi ba Bokenosetiki.” Mo tumelong ya Ba-Cathar, go bolokwa go ne go sa ikaega ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete, mme go ne go ikaegile ka consolamentum, kana go kolobediwa mo moyeng o o boitshepo. Loso lo ne lo tla golola batho ba ba itshekisitsweng jalo lo ba golola mo bonameng.
Botlhabanelatumelo Jo bo Boikepo
Batho ba ba tlwaelegileng ba ne ba gogelwa ke tsela e Ba-Cathar ba neng ba tshela ka yone, e re ka ba ne ba lapisitswe ke dilo tse di feteletseng tse baruti ba neng ba di batla mo go bone le tsela e ba neng ba ntse ba nnela bosula kwa pele ka yone. Baitekanedi ba ne ba amanya Kereke ya Katoliki le baruti ba yone le “phuthego ya ga Satane” le “mma diaka” wa Tshenolo 3:9 le 17:5. Bo-Cathar bo ne bo atlega e bile bo tseela Kereke sebaka kwa borwa jwa Fora. Mopapa Innocent III o ne a tsaya kgato ka go simolola le go tshegetsa ka madi se go neng go twe ke Botlhabanelatumelo jwa Ba-Albiga, e le jone botlhabanelatumelo jwa ntlha jo bo neng jwa rulaganngwa mo go Labokeresete kgatlhanong le batho ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete.
Mopapa o ne a dirisa dikwalo le barongwa go tlhotlheletsa dikgosi tsa Katoliki, dikgosana, di-duke le di-knight tsa kwa Yuropa. O ne a solofetsa mongwe le mongwe yo o neng a ka lwa “ka tsela epe fela” go fedisa boikeodi gore o tla mo naya menate le dikhumo tsa kwa Languedoc. Mafoko a gagwe a ne a utlwiwa. Setlhopha sa batlhabanelatumelo ba apere mebalabala ba ne ba tsamaya ba eteletswe pele ke boramaemo le baitlami ba Bakatoliki go tswa kwa bokone jwa Fora, kwa Flanders, le kwa Jeremane mme ba ya kwa borwa ba raletse Mokgatšha wa Rhône.
Go senngwa ga Béziers go ne ga simolola ntwa ya go batla go fenya e e neng ya laila Languedoc ka tlhakatlhakano ya dipolao le go senngwa ka molelo. Albi, Carcassonne, Castres, Foix, Narbonne, Termes, le Toulouse tsotlhe di ne tsa fenngwa ke batlhabanelatumelo ba ba neng ba ganyaolaka batho. Kwa mafelong a Bo-Cathar bo neng bo itsetsepetse kwa go one a a tshwanang le Cassès, Minerve le Lavaur, baitekanedi ba le makgolokgolo ba ne ba fisediwa mo koteng. Go ya ka mokwadi mongwe wa moitlami e bong Pierre des Vaux-de-Cernay, batlhabanelatumelo ba ne ba ‘fisa baitekanedi ba ntse ba tshela, ba dira jalo ka boitumelo.’ Ka 1229, morago ga mathata le tshenyego ya dingwaga tse 20, Languedoc o ne a simolola go laolwa ke Puso ya Fora. Mme lefa go ntse jalo dipolao di ne di ise di fele.
Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi e Bolaela Ruri
Ka 1231, Mopapa Gregory IX o ne a tlhoma Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi ya mopapa gore e tshegetse ntwa.a La ntlha tsamaiso ya kgotlatshekelo e ne e pega batho melato le go ba gatelela fela, mme moragonyana ya ba bogisa ka tlhamalalo. Maikaelelo a yone e ne e le go gogola se se neng se tlogetswe ke tšhaka. Baatlhodi ba Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi—bontsi jwa bone e le baitlami ba Ba-Dominic le Ba-Francis—ba ne ba ikarabela go mopapa fela. Go bolaya ka go fisa ka molelo e ne e le yone katlholo e e kafa molaong ya boikeodi. Baatlhodi ba kgotlatshekelo ba ne ba feteletsa dilo e bile ba le setlhogo mo e leng gore batho ba ne ba tsuologa, jaaka kwa Albi le kwa Toulouse. Kwa Avignonet, maloko otlhe a boatlhodi jwa Kgotlatshekelo a ne a bolawa setlhogo.
Ka 1244 fa baitekanedi ba kwa botshabelong jo bo mo thabeng kwa Montségur ba ne ba ineela, e ne ya nna go fela ga Bo-Cathar, ka gonne e ne e le jone botshabelo jwa bofelo jwa baitekanedi ba le bantsi. Banna le basadi ba ka tshwara 200 ba ne ba swa ka go fisediwa mo dikoteng ba le bantsi ka nako e le nngwe fela. Fa dingwaga di ntse di feta, Kgotlatshekelo e ne ya senka Ba-Cathar ba ba setseng. Go begwa gore Mo-Cathar wa bofelo o ne a fisediwa mo koteng kwa Languedoc ka 1330. Buka ya Medieval Heresy e bolela jaana: “Go fela ga Bo-Cathar e ne ya nna phenyo e kgolo ya Kgotlatshekelo.”
Ba-Cathar e ne e se Bakeresete ba boammaaruri le e seng. Mme lefa go ntse jalo a go nyatsa Kereke ya Katoliki ga bone go ne ga dira gore ba tshwanelwe ke go ganyaolwa ke batho ba go tweng ke Bakeresete? Babogisi le babolai ba bone ba Katoliki ba ne ba tlontlolola Modimo le Keresete e bile ba fa Bokeresete jwa boammaaruri leina le e seng lone fa ba ntse ba bogisa le go bolaya baganetsi bao ba ba diketekete.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona dintlha tse di oketsegileng ka ga Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi, bona “Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi e e Boifisang” mo go Tsogang! ya April 22, 1986, (ka Seesemane) e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, ditsebe 20-3.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
BA-WALDO
Go ya kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo12 la dingwaga C.E., Pierre Valdès, kana Peter Waldo, modiri yo o humileng wa kwa Lyons, o ne a thusa ka madi gore go ranolwe e le la ntlha dikarolo dingwe tsa Baebele di ranolelwa mo ditemeng tse di farologaneng tsa lefelo leo tsa Provençal, e leng puo e e buiwang kwa borwa le kwa borwabotlhaba jwa Fora. E re ka e ne e le Mokatoliki yo o peloephepa, o ne a tlogela kgwebo ya gagwe mme a ineela mo go rereng Efangele. Bakatoliki ba bangwe ba le bantsi ba ne ba mo latela ba bo ba nna bareri ba ba tsamayang ka gonne ba ne ba tenwa ke baruti ba ba dirang ditiro tse di bosula.
Go ise go ye kae Waldo o ne a tlhoiwa ke baruti ba lefelo leo, ba tlhotlheletsa mopapa gore a thibele tiro ya gagwe ya go neela bosupi phatlalatsa. Go begwa gore o ne a araba jaana: “Re tshwanetse go utlwa Modimo go na le batho.” (Bapisa Ditiro 5:29.) Waldo o ne a ntshiwa mo phuthegong ka gonne a ne a sa kgaotse go rera. Balatedi ba gagwe, ba ba neng ba bidiwa Ba-Waldo, kana Bahumanegi ba kwa Lyons, ba ne ba leka ka tlhoafalo go latela sekao sa gagwe, ba rera ka bobedi ka bobedi mo magaeng a batho. Seno se ne sa felela ka gore dithuto tsa bone di aname ka bofefo mo dikarolong tse di kwa borwa, kwa botlhaba le tse dingwe tse di kwa bokone jwa Fora, mmogo le kwa bokone jwa Italy.
Kgankgolo ya bone e ne e le gore batho ba boele kwa ditumelong le kwa mekgweng ya Bokeresete jwa bogologolo. Ba ne ba ganetsa dithuto tse di jaaka pakatori, go rapela baswi, go obamela Marea, go rapela “baitshepi,” go tlotla sefapaano, go itshwarelwa, Selalelo, kolobetso ya masea, mmogo le tse dingwe.b
Dithuto tsa Ba-Waldo di ne di sa tshwane gotlhelele le dithuto tse di nang le dikarolo tse pedi tsa Ba-Cathar ba e seng Bakeresete, bao gantsi ba fapaanngwang le bone. Go fapaangwa jalo go bakilwe thata ke baganetsi ba Bakatoliki ba ba neng ba leka ka bomo go tshwantsha thero ya Ba-Waldo le dithuto tsa Ba-Albiga, kana Ba-Cathar.
[Ntlha e e kwa tlase]
b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng kaga Ba-Waldo, bona setlhogo se se reng “Ba-Waldo—A e Ne e Le Baikeodi Kana Ba ne Ba Batla Boammaaruri?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 1, 1981, ditsebe 12-15 (ka Seesemane).
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Batho ba le 7 000 ba ne ba swa kwa Kerekeng ya St. Mary Magdalene kwa Béziers, koo batlhabanelatumelo ba neng ba ganyaola banna, basadi, le bana ba le 20 000 teng