LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 5/8 ts. 12-15
  • Go Sekisiwa le go Atlholwa ga “Moikeodi”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Sekisiwa le go Atlholwa ga “Moikeodi”
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Sekisiwa le Auto-da-fé
  • Go Sekisiwa ga Morutimogolo
  • Go Bolawa ga Moithuti yo Mosha
  • Lebaka le Lengwe la go Nna le Molato o Mogolo
  • Go Sekisiwa ga Baikeodi Kwa Mexico—Go Nnile Teng Jang?
    Tsogang!—1994
  • Katlholo ya Modimo Kgatlhanong le “Monna oa Boleo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Kereke ya Katoliki ya Kwa Spain—E Dirisa Maatla ka Tsela E E Setlhogo
    Tsogang!—1990
  • Ba-Cathar—A e Ne e Le Baswelatumelo ba Bakeresete?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 5/8 ts. 12-15

Go Sekisiwa le go Atlholwa ga “Moikeodi”

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA ITALY

MO LETLHAKORENG le lengwe la kgotlatshekelo e e boifisang ke tafole ya baatlhodi ba maemo a a kwa godimo. Bonno jwa modulasetilo mo bogareng bo khurumeditswe ke letsela le lentsho, le le beilweng sefapaano se setona sa logong se se bonalang mo ntlong yotlhe. Gaufi le jone ke lefelo le mosekisiwa a nnang mo go lone.

Ke ka moo gantsi go tlhalosiwang ditsheko tse di setlhogo tsa Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Baikeodi ya Katoliki. Tatofatso e e tshosang e e neng e pegwa basekisiwa ba ba tlhokileng lesego e ne e le “boikeodi,” e leng lefoko le le dirang gore motho a akanye ka setshwantsho sa go bogisiwa le go atlholwa ka go fisiwa mo koteng. Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Baikeodi (ka Seesemane Inquisition, e leng lefoko le le tswang mo lediring la Selatine inquiro, le le rayang “go botsa ka ga”) e ne e le kgotlatshekelo e e kgethegileng e e neng e diretswe go fedisa boikeodi gotlhelele, ke gore dikgopolo kana dithuto tse di sa dumalaneng le thuto ya motheo ya Roma ya Katoliki.

Metswedi ya Katoliki e bolela gore e ne ya thewa go ya ka dikgato tse di rileng. Mopapa Lucius III o ne a tlhoma Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi kwa Lekgotleng la Verona ka 1184 mme mokgatlho wa teng le ditsela tsa yone tsa go dira dilo di ne tsa phepafadiwa—fa e le gore lefoko leo le ka dirisiwa go tlhalosa kgotlatshekelo e e setlhogo eo—ke bomopapa ba bangwe. Mo lekgolong la bo13 la dingwaga, Mopapa Gregory IX o ne a tlhoma dikgotlatshekelo tse di kgatlhanong le boikeodi mo dikarolong di le dintsi tsa Yuropa.

Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi ya Spain e e itsegeng ka dilo tse di maswe e ne ya tlhomiwa ka 1478 ka taolo ya ga Mopapa Sixtus IV e e neng e kopilwe ke Ferdinand le Isabella ba ba neng ba busa ka nako eo. E ne e theetswe go lwantsha Ba-Marrano, e bong Bajuta ba ba neng ba itira e kete ba sokologetse mo Bokatoliking gore ba tile go bogisiwa; le Ba-Morisco, balatedi ba Iselamo ba ba fetogetseng mo Bokatoliking ka lebaka le le tshwanang; le baikeodi ba kwa Spain. Ka ntlha ya go tlhagafala ga gagwe mo go feteletseng, moatlhodi wa ntlha yo mogolo kwa Spain e bong Tomás de Torquemada, moitlami wa Mo-Dominic, e ne ya nna ene motho yo itsegeng a le setlhogo go feta botlhe mo Kgotlatshekelong e e Kgatlhanong le Boikeodi.

Ka 1542, Mopapa Paul III o ne a tlhoma Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi ya Roma, e e neng e na le dithata tse di feletseng mo mafatsheng otlhe a a laolwang ke Katoliki. O ne a tlhoma lekgotla le legolo le le neng le dirilwe ka bakadinale ba le barataro ba go neng go twe ke Congregation of the Holy Roman and Universal Inquisition, e leng setlhopha sa baruti ba ba neng ba bopa “puso e e setlhogo e e neng ya tlatsa Roma yotlhe ka poifo.” (Dizionario Enciclopedico Italiano) Go atlholwa ga baikeodi go ne ga bogisa thata dinaga tse ditlhopha tsa baruti ba Katoliki di neng di laola mo go tsone.

Go Sekisiwa le Auto-da-fé

Hisitori e bolela gore baatlhodi ba ne ba teketa batho ba ba latofalediwang boikeodi e le go ba pateletsa go dumela gore ke baikeodi. Ka maiteko a go tlhofofatsa molato wa Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi, babueledi ba Katoliki ba ne ba kwala gore mo nakong eo, go tlhokofatsa go ne go tlwaelegile le mo dikgotlatshekelong tsa puso. Le fa go ntse jalo, a seno se dira gore tiragalo eo e e neng e dirwa ke baruti ba ba neng ba ipolela gore ke baemedi ba ga Keresete e se ka ya nna bosula? A ba ne ba sa tshwanela go bontsha kutlwelobotlhoko e Keresete a e bontshitseng baba ba gagwe? Go leba seno ka tsela e e tshwanetseng, re ka nna ra akanya ka potso eno: A Keresete Jesu o ne a ka tlhokofatsa batho ba ba rutang dithuto tse di farologaneng le tsa gagwe? Jesu o ne a re: “Tswelelang lo rata baba ba lona, lo direle ba ba lo tlhoileng molemo.”—Luke 6:27.

Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi e ne e se ke e atlhola balatofadiwa ka tshiamo. Totatota, moatlhodi o ne a na le dithata tse di feletseng. “Dipelaelo, ditatofatso le eleng magatwe e ne e le mabaka a a utlwalang a gore moatlhodi a laele motho go tla fa pele ga gagwe.” (Enciclopedia Cattolica) Italo Mereu mokwalahisitori wa tsa molao o ne a tlhomamisa gore ke setlhopha sa baruti ba Katoliki ka bosone se se neng se itlhomela le go latela thulaganyo ya sone ya go atlhola, ba tlogela thulaganyo e e neng e dirisiwa bogologolo fa go ne go bonwa motho molato e e simolotsweng ke Baroma. Molao wa Roma o ne o tlhoka gore mosekisi a supe tatofatso ya gagwe. Fa go ne go na le pelaelo epe fela, go ne go le botoka go mo golola go na le gore ba ipeye mo kotsing ya go atlhola motho yo o se nang molato. Setlhopha sa baruti ba Katoliki se ne sa emisetsa molao ono wa motheo ka kgopolo ya gore go belaela motho go akantsha gore o molato, mme e ne e le mosekisiwa yo o neng a tshwanetse go bontsha gore ga a na molato. Maina a basupi ba mosekisi (ba ba tlaleileng) a ne a bolokwa e le sephiri, mme mmueledi wa molatofadiwa fa e le gore o teng, o ne a ipaya mo kotsing ya go itshenya leina le go latlhegelwa ke tiro ya gagwe fa a ne a ka buelela motho yo o akanyediwang go nna moikeodi ka katlego. Ka ntlha ya seo, Enciclopedia Cattolica e dumalana ka gore, “balatofadiwa totatota ba ne ba se na yo o ba thusang. Se mmueledi a neng a ka se dira fela e ne e le go akantsha gore yo o molato a ipobole!”

Go sekisiwa gono go ne go felela ka auto-da-fé, lefoko la Sepotokisi le le kayang “tiro ya tumelo.” E ne e le eng? Ditshwantsho tsa nako e e fetileng di bontsha gore basekisiwa ba ba tlhokileng lesego ba ba latofalediwang boikeodi ba ne ba bogelwa fa ba dirwa dilo tse di boifisang. Dizionario Ecclesiastico e tlhalosa auto-da-fé e le “kgato ya phatlalatsa ya go letlanya batho e e neng e dirwa ke baikeodi ba ba atlhotsweng le ba ba sokologileng” morago ga gore go balwe dilo tse ba leng molato mo go tsone.

Go bonwa molato le go atlholwa ga baikeodi go ne go busediwa morago e le gore baikeodi ba le mmalwa ba tle ba kopanngwe go bogelwa botlhe fa ba bolawa ka tsela e e tsitsibanyang mmele gabedi mo ngwageng kana go feta. Mokoloko o moleele wa baikeodi o ne o tsamaisiwa fa pele ga batho ba ba neng ba bogetse, ba ba neng ba nna le seabe ka maikutlo a poifo a a kopaneng le go kgatlhegela bosetlhogo joo. Ba ba bonweng molato ba ne ba pegiwa mo seraleng se se beilweng mo makopanelong a magolo a ditsela, mme go ne go balelwa dikatlholo tsa bone kwa godimo. Ba ba neng ba itatola, ke gore, ba ba neng ba tlogela ditumelo tsa boikeodi, go ne go diegisiwa go kgaolwa ga bone mme ba newe dikatlholo tse di farologaneng tse di akaretsang go tswalelwa kwa kgolegelong botshelo jotlhe. Ba ba neng ba sa itatole mme kwa bofelong ba ipobole mo moruting ba ne ba isiwa kwa dipusong tse dikgolo gore ba kgamiwe, ba kalediwe kana ba kgaolwe tlhogo mme ba fisiwe morago ga moo. Ba ba neng ba sa sokologe ba ne ba fisiwa ba ntse ba tshela. Katlholo ka boyone e ne e dirwa moragonyana mme batho ba tle go bogela gape phatlalatsa.

Ditiro tsa Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi ya Roma di ne di bolokilwe e le sephiri se segolo. Le e leng gompieno, bakanoki ga ba a letlelelwa go bona tshedimosetso mo bobolokelong jwa yone jwa dibuka. Le fa go ntse jalo, patlisiso e e dirilweng ka bopelotelele e bipolotse dikwalo tse dintsi tsa ditshekiso tse di dirilweng mo dikgotlatshekelong tsa Roma. Di senola eng?

Go Sekisiwa ga Morutimogolo

Pietro Carnesecchi yo o tsaletsweng kwa Florence mo masimologong a lekgolo la bo16 la dingwaga, o ne a dira kgatelopele ka bonako mo tirong ya gagwe ya go nna moruti mo kgotlatshekelong ya ga Mopapa Clement VII, yo o neng a mo tlhoma go nna mokwaledi wa gagwe. Le fa go ntse jalo, tiro ya ga Carnesecchi e ne ya khutla ka tshoganyetso fa mopapa a tlhokafala. Moragonyana o ne a tlwaelana le motho mongwe wa maemo a a kwa godimo e bile e le moruti, yo jaaka ene a neng a amogetse dithuto di le dintsi tse di neng di rutiwa ke batho ba Phetogo e Kgolo ya Boporotesetanta. Ka ntlha ya seo o ne a sekisiwa ka makgetlho a le mararo. Fa a sena go atlholelwa loso, o ne a kgaolwa tlhogo mme mmele wa gagwe wa fisiwa.

Baakgedi bangwe ba tlhalosa fa go tsenngwa mo kgolegelong ga ga Carnesecchi go ne go tshwana fela le botshelo jwa motho a sule a ntse a tshela. Go mo dira gore a ipobole, o ne a tlhokofadiwa le go timiwa dijo. Ka September 21, 1567, auto-da-fé ya gagwe e e utlwisang botlhoko e ne ya dirwa mo pele ga bakadinale botlhe ba Roma. Carnesecchi o ne a balelwa katlholo ya gagwe mo seraleng mo pele ga matshwititshwiti. Go ne ga konelwa ka mafoko a teng a a tlwaelegileng le go rapela maloko a kgotlatshekelo ya puso e moikeodi a neng a tla isiwa kwa go yone go ‘tlhofofatsa katlholo ya gagwe le gore a se mo atlholele loso kana go mo tlhokofatsa mo go feteletseng.’ A seno e ne e se boitimokanyi jo bo feteletseng? Baatlhodi ba ne ba batla go nyeletsa baikeodi mme mo godimo ga moo ba itira e kete ba kopa gore balaodi ba puso ba bontshe kutlwelobotlhoko ka go dira jalo ba tila go senyega leina e bile ba itshutlha molato wa madi. Morago ga gore katlholo ya ga Carnesecchi e balwe, o ne a apesiwa sanbenito—seaparo se se serolwana sa letsela la kgetsi se se pentilweng difapaano tse di khibidu mo go ba ba ileng ba ipobola kana tse di pentilweng ka bontsho jo bo nang le malakabe le bodiabolo mo go ba ba ganneng go ipobola. Katlholo e ne ya diragadiwa malatsi a le lesome morago ga moo.

Ke ka ntlha yang fa monna yono yo o neng a kile a nna mokwaledi wa ga mopapa a ile a latofalediwa boikeodi? Dintlha tsa tsheko ya gagwe, tse di bonweng mo bofelong jwa lekgolo le le fetileng la dingwaga, di senola gore o ne a bonwa molato mo ditatofatsong di le 34 tse di amanang le dithuto tse a neng a di ganetsa. Gareng ga tsone ke dithuto tsa pakatori, go sa tsene mo lenyalong ga baruti le baitlami ba basadi, tumelo ya gore senkgwe le beine di fetogela ka kgakgamatso mo mmeleng le mo mading a ga Keresete, go tlhomamisiwa, go ipobola maleo, go ikitsa go ja, maitshwarelo le go rapela “baitshepi.” Tatofatso ya borobedi ke yone e e kgatlhang tota. (Bona lebokose la tsebe 15.) Ka go atlholela loso ba ba amogelang fela “lefoko la Modimo le le tswang mo Dikwalong tse di Boitshepo” e le motheo wa tumelo ya bone, Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi e ne ya bontsha ka phepafalo gore Kereke ya Katoliki ga e tseye Baebele e e Boitshepo e le one fela motswedi o o tlhotlheleditsweng. Ka jalo ga go gakgamatse go bo dithuto tse dintsi tsa kereke di sa theiwa mo Dikwalong mme di theilwe mo ngwaong ya kereke.

Go Bolawa ga Moithuti yo Mosha

Kgang e khutshwane le e e amang maikutlo ya botshelo jwa ga Pomponio Algieri, yo o tsaletsweng gaufi le Naples ka 1531, ga e itsege thata mme le fa go ntse jalo e ne ya bonala go tswa mo lobakeng lo lo sa itsiweng, ka thuso ya bakanoki ba le mmalwa ba ba neng ba sekaseka ditiragalo tsa hisitori ka botswerere. Ka go kopana ga gagwe le barutisi le baithuti go tswa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa Yuropa fa a ne a ntse a ithuta kwa Yunibesithing ya Padua, Algieri o ne a rakana le batho ba go tweng ke baikeodi le dithuto tsa batho ba Phetogo e Kgolo ya Boporotesetanta. O ne a simolola go kgatlhegela Dikwalo thata.

O ne a simolola go dumela gore Baebele ke yone fela e e tlhotlheleditsweng mme ka ntlha ya seo, a gana dithuto di le dintsi tsa Katoliki tse di jaaka go ipobola, go tlhomamisiwa, pakatori, tumelo ya gore senkgwe le beine di fetogela ka kgakgamatso mo mmeleng le mo mading a ga Keresete le go rapela “baitshepi” mmogo le thuto ya gore mopapa ke moemedi wa ga Keresete.

Algieri o ne a tshwarwa le go sekisiwa ke Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi ya kwa Padua. O ne a bolelela baatlhodi ba gagwe jaana: “Ke boela kwa kgolegelong ka go rata, gongwe le kwa losong lwa me fa e le gore Modimo o a rata. Ka botlhale jwa gagwe, Modimo o tla sedifatsa mongwe le mongwe mo go oketsegileng. Ke tla itshokela pogiso nngwe le nngwe ka boitumelo ka gonne Keresete, Mogomotsi yo o itekanetseng wa meya e e hutsafetseng, yo e leng lesedi le lobone lwa me lwa boammaaruri, o kgona go fedisa lefifi lotlhe.” Moragonyana, Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi ya Roma e ne ya mo neelwa mme ya mo atlholela loso.

Algieri o ne a na le dingwaga di le 25 fa a swa. Ka letsatsi le a neng a bolawa ka lone kwa Roma, o ne a gana go ipobola kgotsa go amogela Selalelo. Selo se a bolailweng ka sone se ne se le setlhogo go feta se se tlwaelegileng. Ga a ka a fesiwa ka ngata ya dikgong. Go na le moo, ketlele e e tona e e tletseng ka dilo tse di tukang—oli, sekontere le monokane—di ne di beilwe mo seraleng mo batho ba neng ba ka kgona go di bona teng. Lekau leno le ne la folosediwa kwa tlase mo teng ga ketlele eno le bofilwe mme dilo tse di mo teng tsa jewa ka molelo. O ne a fisiwa ka iketlo a ntse a tshela.

Lebaka le Lengwe la go Nna le Molato o Mogolo

Carnesecchi, Algieri le ba bangwe ba ba neng ba bolawa ke Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi ba ne ba tlhaloganya Dikwalo go sekae fela. Kitso e e oketsegileng e ne e sa ntse e tlile go “totafala” mo “motlheng wa bokhutlo” jwa tsamaiso eno ya dilo. Mme le fa go ntse jalo, ba ne ba ikemiseditse go swela selekanonyana seo sa “kitso ya boammaaruri” se ba neng ba kgonne go iponela sone mo Lefokong la Modimo.—Daniele 12:4.

Le bone Baporotesetanta, go akaretsa le bangwe ba Balweladiphetogo ba bone, ba ne ba fedisa baganetsi ba bone ka go ba fisetsa mo koteng kana ba dira gore Bakatoliki ba bolawe ba thusiwa ke puso. Ka sekai, Calvin le fa tota a ne a rata fa ba bangwe ba kgaolwa ditlhogo, o ne a dira gore Michael Servetus a fisiwe a ntse a tshela ka gonne e ne e le moikeodi yo o kgatlhanong le thuto ya Tharonngwe.

Kgang ya gore go bogisiwa le go bolawa ga baikeodi go ne go tlwaelegile mo Bakatoliking le mo Baporotesetanteng e le ruri ga e dire gore ditiro tseo di se ka tsa nna molato. Mme le fa go ntse jalo ditlhopha tsa baruti di rwele molato o mogolo thata wa boikarabelo—ka go buelela dipolao tseo ka Dikwalo le go dira jaaka e kete Modimo ka boene o laotse gore go dirwe dilo tseno. A seno ga se dire gore leina la Modimo le senyege thata? Bakanoki ba le bantsi ba tlhomamisa gore Augustine, “Rara wa Kereke” ya Katoliki yo o itsegeng thata, ke ene motho wa ntlha wa go ema nokeng molaomotheo wa kgatelelo mo “bodumeding,” ke gore, go dirisa dikgoka go tlhabana le boikeodi. Mo maitekong a gagwe a go dirisa Baebele go buelela mokgwa ono, o ne a umaka mafoko a ga Jesu mo setshwantshong se se mo go Luke 14:16-24: “Ba patelele go tsena.” Go phepafetse gore mafoko ano a Augustine a neng a a sokamisa, a amana le go amogela baeng ka seatla se se bulegileng, e seng go dirisa dikgoka ka bosetlhogo.

Go a lemotshega gore tota le ka nako ya fa Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi e ne e ntse e tsweletse, batho ba ba neng ba buelela go itshokelana mo go tsa bodumedi ba ne ba le kgatlhanong le go bogisiwa ga baikeodi, ba umaka setshwantsho sa korong le mofero. (Mathaio 13:24-30, 36-43) Mongwe wa bone e ne e le Desiderius Erasmus, wa kwa Rotterdam, yo o neng a bolela gore Modimo, e leng Mong wa tshimo, o ne a batla gore baikeodi, e bong mofero, ba tlogelwe fela. Mo letlhakoreng le lengwe Martin Luther, o ne a tlhotlheletsa tirisodikgoka kgatlhanong le batho ba maemo a a kwa tlase ba ba neng ba le kgatlhanong le bone mme ba ka nna 100-000 ba bone ba ne ba bolawa.

E re ka re lemoga boikarabelo jo bo masisi jwa bodumedi jwa Labokeresete jo bo rotloeditseng go bogisiwa ga ba ba bidiwang baikeodi, ke eng seo re tlhotlheletsegang go se dira? Ruri re tshwanetse ra senka kitso ya boammaaruri ya Lefoko la Modimo. Jesu o rile letshwao la Mokeresete wa boammaaruri e tshwanetse go nna lorato lwa gagwe mo Modimong le go moagelani—lorato lo ka phepafalo lo se kitlang lo letla tirisodikgoka.—Mathaio 22:37-40; Johane 13:34, 35; 17:3.

[Lebokoso mo go tsebe 15]

Dingwe Tsa Ditatofatso Tse Carnesecchi a Neng a Bonwa Molato mo go Tsone

8. “[O bolela] gore ke lefoko la Modimo fela le le tswang mo Dikwalong tse di Boitshepo le le tshwanetseng go dumelwa.”

12. “[O dumetse] gore go ipobola ka sakaramente ga se de jure Divino [tumalanong le molao wa Modimo], gore ga go a thewa ke Keresete le fa e le go supiwa ke Dikwalo, kana gore ga go tlhokege mofuta o mongwe wa go ipobola fa e se go Modimo ka boene.”

15. “O na le pelaelo ka pakatori.”

16. “O tsere buka ya Makabise, e e buang ka go rapelela baswi e le e go sa tlhomamisiwang gore a e boammaaruri.”

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 12]

The Complete Encyclopedia of Illustration/J. G. Heck

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela